LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • 2 Ditiragalo 3
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

Dintlha Tsa 2 Ditiragalo

      • Solomone o simolola go aga tempele (1-7)

      • Phaposi ya Boitshepo Jwa Maitshepo (8-14)

      • Dipilara tse pedi tsa kopore (15-17)

2 Ditiragalo 3:1

Ditshupiso

  • +1Dk 6:1, 37
  • +Ge 22:2, 14
  • +2Sa 24:25; 1Dt 21:18
  • +2Sa 24:18; 1Dt 21:22

2 Ditiragalo 3:3

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “dikubita di le 60.” Bona Dintlha B14.

  • *

    Seheb., “dikubita di le 20.”

  • *

    Kubita e lekana le 44,5 cm, mme gone bangwe ba akanya gore “selekanyo sa pele” se kaya kubita e telele e e lekanang le 51,8 cm. Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +1Dk 6:2

2 Ditiragalo 3:4

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “dikubita di le 20 go kgabaganya bophara jwa ntlo.”

  • *

    Mekwalo mengwe ya seatla ya bogologolo e a re “120” mme e mengwe le dithanolo dingwe di a re “dikubita di le 20.”

Ditshupiso

  • +1Dk 6:3

2 Ditiragalo 3:5

Ditshupiso

  • +1Dk 6:15, 22
  • +1Dk 6:29
  • +1Dk 6:21

2 Ditiragalo 3:6

Ditshupiso

  • +1Dt 29:2, 8
  • +1Dt 29:3, 4

2 Ditiragalo 3:7

Ditshupiso

  • +Ek 26:29
  • +Ek 26:1; 1Dk 6:29

2 Ditiragalo 3:8

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ntlo.”

  • *

    Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.

Ditshupiso

  • +Ek 26:33; 1Dk 8:6; Bah 9:24
  • +1Dk 6:20

2 Ditiragalo 3:9

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.

2 Ditiragalo 3:10

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Seheb., “ntlong.”

Ditshupiso

  • +1Dk 6:23-28

2 Ditiragalo 3:11

Ditshupiso

  • +1Dk 8:6; 1Dt 28:18

2 Ditiragalo 3:13

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Go tewa go ela kwa phaposing ya Boitshepo.

2 Ditiragalo 3:14

Ditshupiso

  • +Mat 27:51; Bah 10:19, 20
  • +Ek 26:31, 33

2 Ditiragalo 3:15

Ditshupiso

  • +2Dk 25:13
  • +1Dk 7:15-22; 2Dk 25:17; 2Dt 4:11-13; Jer 52:22, 23

2 Ditiragalo 3:17

Dintlha Tse di Kwa Tlase

  • *

    Kgotsa “borwa.”

  • *

    Kgotsa “bokone.”

  • *

    Mo go kayang “E Kete a [go tewa Jehofa] ka Tlhomamisa Thata.”

  • *

    Gongwe go kaya “Ka Maatla.”

Ditemana Tse dingwe

2 Ditir. 3:11Dk 6:1, 37
2 Ditir. 3:1Ge 22:2, 14
2 Ditir. 3:12Sa 24:25; 1Dt 21:18
2 Ditir. 3:12Sa 24:18; 1Dt 21:22
2 Ditir. 3:31Dk 6:2
2 Ditir. 3:41Dk 6:3
2 Ditir. 3:51Dk 6:15, 22
2 Ditir. 3:51Dk 6:29
2 Ditir. 3:51Dk 6:21
2 Ditir. 3:61Dt 29:2, 8
2 Ditir. 3:61Dt 29:3, 4
2 Ditir. 3:7Ek 26:29
2 Ditir. 3:7Ek 26:1; 1Dk 6:29
2 Ditir. 3:8Ek 26:33; 1Dk 8:6; Bah 9:24
2 Ditir. 3:81Dk 6:20
2 Ditir. 3:101Dk 6:23-28
2 Ditir. 3:111Dk 8:6; 1Dt 28:18
2 Ditir. 3:14Mat 27:51; Bah 10:19, 20
2 Ditir. 3:14Ek 26:31, 33
2 Ditir. 3:152Dk 25:13
2 Ditir. 3:151Dk 7:15-22; 2Dk 25:17; 2Dt 4:11-13; Jer 52:22, 23
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • 1
  • 2
  • 3
  • 4
  • 5
  • 6
  • 7
  • 8
  • 9
  • 10
  • 11
  • 12
  • 13
  • 14
  • 15
  • 16
  • 17
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
2 Ditiragalo 3:1-17

Ditiragalo wa Bobedi

3 Go tswa foo, Solomone o ne a simolola go aga ntlo ya ga Jehofa+ kwa Jerusalema mo Thabeng ya Moria,+ kwa Jehofa a neng a iponaditse mo go Dafide rraagwe Solomone gone,+ mo lefelong le Dafide a neng a le baakantse mo seboaneng sa ga Orenane+ wa Mojebuse. 2 O ne a simolola go aga mo letsatsing la bobedi la kgwedi ya bobedi, mo ngwageng wa bonê wa puso ya gagwe. 3 Mme motheo o Solomone a neng a o thaya wa go aga ntlo ya Modimo wa boammaaruri, o ne o le boleele jwa dimetara di ka nna 27* le bophara jwa dimetara di le 9,*+ go ya ka selekanyo sa pele.* 4 Mathudi a a fa pele a ne a le boleele jwa dimetara di le 9, a lekana le bophara jwa ntlo* mme bogodimo jwa one e le dimetara di le 9;* mme a a manega ka fa teng ka gauta e e sa tswakanngwang.+ 5 O ne a manega ntlo e kgolo ka logong lwa mofira, morago ga moo a bo a e manega gauta e e sa tswakanngwang,+ go tswa foo o ne a e kgabisa ka ditshwantsho tsa ditlhare tsa mokolane+ le dikeetane.+ 6 Mo godimo ga moo, o ne a manega ntlo ka maje a mantle a a tlhwatlhwakgolo;+ mme gauta+ e a neng a e dirisa e ne e tswa kwa Parafaime. 7 O ne a manega ntlo, ditlhomeso, dipota tsa yone le mabati a yone ka gauta;+ mme o ne a gaba ditšheruba mo dipoteng.+

8 Jaanong o ne a dira phaposi* ya Boitshepo Jwa Maitshepo;+ boleele jwa yone bo ne bo lekana le bophara jwa ntlo, e le dimetara di le 9 mme bophara jwa yone e ne e le dimetara di le 9. O ne a e manega ka gauta e e sa tswakanngwang ya ditalenta* di le 600.+ 9 Dipekere di ne di le bokete jwa dishekele* tsa gauta di le 50; mme o ne a manega matlwana a a kwa borulelong ka gauta.

10 Go tswa foo, o ne a dira ditshwantsho tsa ditšheruba tse pedi mo phaposing* ya Boitshepo Jwa Maitshepo, mme o ne a di manega gauta.+ 11 Diphuka tsa ditšheruba di ne di le boleele+ jwa dimetara di le 9; lefuka le le lengwe la tšheruba ya ntlha le ne le le boleele jwa disentimetara di ka nna 223 mme le ne le kgoma lobota lwa ntlo, mme lefuka le lengwe la yone le ne le le boleele jwa disentimetara di ka nna 223 mme le ne le kgoma lefuka la tšheruba e nngwe. 12 Mme lefuka la tšheruba e nngwe le ne le le boleele jwa disentimetara di ka nna 223 mme le ne le kgoma lobota lo longwe lwa ntlo, le lefuka le lengwe la yone le ne le le boleele jwa disentimetara di ka nna 223 e bile le ne le kgoma lefuka la tšheruba e nngwe. 13 Diphuka tsa ditšheruba tseno di ne di tsharolotswe dimetara di le 9; mme ditšheruba tseno di ne di eme ka dinao, difatlhego tsa tsone di lebile ka fa teng.*

14 Gape o ne a dira sesiro+ ka tlhale e e botala jwa loapi, wulu e e phepole, tlhale e e bohibidu jo bo tseneletseng le letsela le le boleta, mme o ne a se kgabisa ka go loga ditshwantsho tsa ditšheruba mo go sone.+

15 Go tswa foo, o ne a dira dipilara tse pedi+ fa pele ga ntlo, di le boleele jwa dimetara di le 16, mme tlhogo ya pilara e e neng e le mo godimo ga pilara nngwe le nngwe e ne e le disentimetara di le 178.+ 16 Mme o ne a dira dikeetane tse di tshwanang le dibaga, mme o ne a di baya mo godimo ga dipilara, a dira digaranata di le 100 a bo a di tsenya mo dikeetaneng tseo. 17 O ne a tlhoma dipilara fa pele ga tempele, e nngwe ka fa mojeng* mme e nngwe ka fa molemeng;* e e ka fa mojeng o ne a e bitsa Jakine* mme e e ka fa molemeng a e bitsa Boase.*

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela