Samuele wa Bobedi
15 Morago ga dilo tseno tsotlhe, Abesalome o ne a ipatlela kara le dipitse le banna ba le 50 gore ba siane fa pele ga gagwe.+ 2 Abesalome o ne a tle a tsoge phakela thata a bo a ema fa thoko ga tsela e e yang kwa kgorong ya motse.+ Nako le nako fa mongwe a na le kgang e e neng e tshwanetse go ya kwa kgosing gore e atlholwe,+ Abesalome o ne a mmitsa a bo a re: “O tswa kwa motseng ofe?” mme ene o ne a re: “Nna motlhanka wa gago ke tswa kwa lotsong longwe lwa Iseraele.” 3 Abesalome o ne a mo raya a re: “Bona, se o se kopang se siame e bile se a tshwanela, mme ga go na ope yo o tswang kwa kgosing yo o ka reetsang kgetsi ya gago.” 4 Abesalome o ne a re: “E kete nkabo ke tlhomilwe go nna moatlhodi mo lefatsheng leno! Foo motho mongwe le mongwe yo o nang le kgang kgotsa ngongorego o ne a tla tla kwa go nna, mme ke ne ke tla tlhomamisa gore o direlwa tshiamiso.”
5 Mme fa motho a ne a atamela gore a mo ikobele, Abesalome o ne a tle a ntshe seatla sa gagwe a bo a mo tshwara a mo suna.+ 6 Abesalome o ne a tle a dire jalo ka Baiseraele botlhe ba ba neng ba tsena kwa kgosing gore dikgetsi tsa bone di atlholwe; ka jalo, Abesalome o ne a nna a utswa dipelo tsa batho ba Iseraele.+
7 Kwa bokhutlong jwa dingwaga di le nnê,* Abesalome o ne a raya kgosi a re: “Tsweetswee, mma ke ye kwa Heberone+ ke ye go duela maikano a me a ke a diretseng Jehofa. 8 Gonne nna motlhanka wa gago ke ne ka dira maikano ano a a masisi+ fa ke ne ke nna kwa Geshure+ kwa Siria: ‘Fa Jehofa a ka mpusetsa kwa Jerusalema, ke tla ntshetsa* Jehofa setlhabelo.’” 9 Ka jalo, kgosi e ne ya mo raya ya re: “Tsamaya ka kagiso.” Foo o ne a tsamaya mme a ya kwa Heberone.
10 Jaanong Abesalome o ne a romela ditlhola kwa ditsong tsotlhe tsa Iseraele, a re: “Fela fa lo utlwa modumo wa lonaka, lo re, ‘Jaanong Abesalome ke kgosi kwa Heberone!’”+ 11 Jaanong banna ba le 200 go tswa kwa Jerusalema ba ne ba tsamaya le Abesalome; ba ne ba laleditswe mme ba tsamaya fela ba sa itse sepe, ba sa lemoge se se neng se direga. 12 Mo godimo ga moo, fa Abesalome a ne a ntsha ditlhabelo, o ile a laela gore go bidiwe Ahitofele+ wa Mogilo, mogakolodi wa ga Dafide,+ go tswa kwa motseng wa gagabo wa Gilo.+ Mme leano la boferefere le ne la nna la gola, e bile batho ba ba neng ba ema Abesalome nôkeng ba ne ba oketsega ka palo.+
13 Fa nako e ntse e tsamaya, mongwe yo o tlisang dikgang o ne a tla kwa go Dafide, a mmegela jaana: “Pelo ya banna ba Iseraele e setse e retologetse kwa go Abesalome.” 14 Ka yone nako eo, Dafide o ne a raya batlhanka botlhe ba gagwe ba ba nang le ene mo Jerusalema a re: “Tlang, a re tshabeng,+ ka gonne ga go na ope wa rona yo o tla falolang Abesalome! Itlhaganeleng, ka gonne a ka nna a re tshwara mme a re tlisetsa masetlapelo a bo a kgemetha motse ka tšhaka!”+ 15 Batlhanka ba kgosi ba ne ba araba kgosi ba re: “Sepe fela se morena wa rona kgosi a swetsang go se dira, batlhanka ba gago ba ikemiseditse go se dira.”+ 16 Ka jalo, kgosi e ne ya tswa ya tsamaya batho botlhe ba lelapa la yone ba e setse morago, le fa go ntse jalo kgosi e ne ya tlogela bagadingwana ba le lesome+ gore ba tlhokomele ntlo.* 17 Mme kgosi e ne ya tsamaya e setswe morago ke batho botlhe, mme ba ne ba ema kwa Bethe-merehake.
18 Batlhanka botlhe ba gagwe ba ba tsamayang le ene* le Bakeretha, Bapelethe+ le Bagathe+ botlhe, banna ba le 600 ba ba neng ba mo setse morago go tswa kwa Gathe,+ ba ne ba feta fa pele ga kgosi e ntse e ba tlhatlhoba.* 19 Foo kgosi e ne ya raya Itai+ wa Mogathe ya re: “Goreng le wena o tshwanetse go tsamaya le rona? Boa mme o ye go nna le kgosi e ntšha, ka gonne o motswakwa e bile o motshabi go tswa kwa lefelong la gaeno. 20 O sa tswa go goroga, jaanong goreng gompieno ke tshwanetse go dira gore o tsamaye le nna gongwe le gongwe kwa ke yang teng? Boa mme o tsamaye le banna ba gago, mme e kete Jehofa a ka go bontsha lorato lo lo sa kgaotseng le boikanyegi!”+ 21 Le fa go ntse jalo, Itai o ne a araba kgosi a re: “Ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang le ka wena morena wa me kgosi, gongwe le gongwe kwa o tla bong o le gone morena wa me kgosi, e ka ne o a swa kgotsa o a tshela, nna motlhanka wa gago ke tla nna gone koo!”+ 22 Foo Dafide o ne a raya Itai+ a re: “Tsamaya mme o kgabaganye.” Ka jalo, Itai wa Mogathe o ne a kgabaganya a na le banna botlhe ba gagwe le bana.
23 Mongwe le mongwe mo lefatsheng leo o ne a goa a lela fa batho bano botlhe ba ne ba kgabaganya, mme kgosi e ne e eme fa Mokgatšheng wa Kiderone;+ batho botlhe ba ne ba kgabaganyetsa mo tseleng e e yang kwa nageng. 24 Sadoke+ le ene o ne a le koo mme Balefi+ botlhe ba ne ba na le ene ba tshotse letlole+ la kgolagano ya Modimo wa boammaaruri;+ mme ba ne ba baya Letlole la Modimo wa boammaaruri fa fatshe; mme Abiathare+ le ene o ne a ya koo, fa batho botlhe ba ntse ba feleletsa go kgabaganya mokgatšha ba tswa mo motseng. 25 Mme kgosi e ne ya raya Sadoke ya re: “Busetsa Letlole la Modimo wa boammaaruri kwa motseng.+ Fa e le gore Jehofa o a nkamogela, o tla mpusetsa kwano gape a bo a dira gore ke bone Letlole leno le lefelo le le nnang mo go lone.+ 26 Le fa go ntse jalo, fa a ka re, ‘Ga ke go itumelele,’ foo a a ntire sepe fela se a bonang se le molemo mo matlhong a gagwe.” 27 Kgosi e ne ya raya moperesiti Sadoke ya re: “A ga o mmoni?*+ Wena le Abiathare boelang kwa motseng ka kagiso, mme lo tsamaye le bomorwaalona ba babedi, morwao e bong Ahimaase le Jonathane+ morwa Abiathare. 28 Bonang, ke tla leta gaufi le karolo ya naga e batho ba kgabaganyang Joredane mo go yone go fitlha lo nthomelela molaetsa lo mpolelela se se diregang kwa motseng.”+ 29 Ka jalo, Sadoke le Abiathare ba ne ba busetsa Letlole la Modimo wa boammaaruri kwa Jerusalema, mme ba ne ba tswelela ba le koo.
30 Fa Dafide a tlhatlogela kwa Thabeng* ya Lotlhware,+ o ne a tsamaya a ntse a lela; a ikhurumeditswe tlhogo, e bile o ne a tsamaya a sa rwala sepe mo dinaong. Batho botlhe ba ba nang le ene le bone ba ne ba ikhurumeditse ditlhogo, mme ba ne ba tsamaya ba ntse ba lela. 31 Foo Dafide o ne a bolelelwa jaana: “Ahitofele ke mongwe wa ba ba logang leano la boferefere+ le Abesalome.”+ Ka yone nako eo, Dafide o ne a re: “Tsweetswee tlhe Jehofa,+ fetola kgakololo ya ga Ahitofele gore e nne kgakololo ya boeleele!”+
32 E rile Dafide a fitlha kwa setlhoeng sa thaba kwa batho ba neng ba tle ba ikobele Modimo gone, Hushai+ wa Moareka+ o ne a le koo a tlile go mo kgatlhantsha, seaparo sa gagwe se seleele se gagogantswe e bile a le lerole mo tlhogong. 33 Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a mo raya a re: “Fa o kgabaganya le nna, o tla nna morwalo mo go nna. 34 Mme fa o boela kwa motseng o bo o raya Abesalome o re, ‘Ke motlhanka wa gago, wena Kgosi. Mo nakong e e fetileng ke ne ke le motlhanka wa ga rrago, mme jaanong ke motlhanka wa gago,’+ foo o ka nthusa mme wa kgoreletsa kgakololo ya ga Ahitofele.+ 35 A ga o na le moperesiti Sadoke le moperesiti Abiathare koo? O tshwanetse go bolelela Sadoke le Abiathare ba e leng baperesiti sengwe le sengwe se o se utlwang mo lelapeng la kgosi.+ 36 Ba na le bomorwaabone ba babedi teng koo, Ahimaase+ morwa Sadoke le Jonathane+ morwa Abiathare, mme lo ba romele gore ba tle go nkitsise sengwe le sengwe se lo se utlwang.” 37 Ka jalo Hushai, tsala* ya ga Dafide,+ o ne a ya kwa motseng fa Abesalome ene a ne a tsena mo Jerusalema.