LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • nwt Genesise 1:1-50:26
  • Genesise

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Genesise
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Genesise

GENESISE

1 Kwa tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.+

2 Jaanong lefatshe le ne le se na sepe e bile le ne le sa nniwe, go le lefifi mo godimo ga metsi a mantsintsi a a boteng,*+ mme moya wa Modimo*+ o ne wa ya kwa le kwa mo godimo ga metsi.+

3 Mme Modimo o ne a re: “A go nne lesedi.” Mme go ne ga nna lesedi.+ 4 Morago ga moo, Modimo o ne a bona gore lesedi le ne le le molemo, mme Modimo a simolola go kgaoganya lesedi le lefifi. 5 Modimo o ne a bitsa lesedi Motshegare, lefifi lone a le bitsa Bosigo.+ Mme go ne ga nna maitseboa ga bo ga nna moso, letsatsi la ntlha.

6 Go tswa foo, Modimo o ne a re: “A go nne le loapi+ fa gare ga metsi mme a metsi a kgaogane le metsi.”+ 7 Mme Modimo o ne a dira loapi a bo a kgaoganya metsi a a kwa tlase ga loapi le metsi a a kwa godimo ga loapi.+ Mme go ne ga nna jalo. 8 Modimo o ne a bitsa loapi Legodimo. Mme go ne ga nna maitseboa ga bo ga nna moso, letsatsi la bobedi.

9 Go tswa foo, Modimo o ne a re: “A metsi a a mo lefatsheng a phuthegele mo lefelong le le lengwe mme a go nne le mmu o o omileng.”+ Mme go ne ga nna jalo. 10 Modimo o ne a bitsa mmu o o omileng Lefatshe,+ mme metsi a a phuthegileng a a bitsa Mawatle.+ Mme Modimo o ne a bona gore se a se dirileng se molemo.+ 11 Go tswa foo, Modimo o ne a re: “A lefatshe le tlhogise bojang, dimela tse di ntshang peo le mefuta yotlhe ya ditlhare tse di ntshang maungo a a nang le peo.” Mme go ne ga nna jalo. 12 Mme lefatshe le ne la simolola go tlhogisa bojang, dimela tse di ntshang peo+ le mefuta yotlhe ya ditlhare tse di ntshang maungo a a nang le peo. Ka jalo, Modimo o ne a bona gore se a se dirileng se molemo. 13 Mme go ne ga nna maitseboa ga bo ga nna moso, letsatsi la boraro.

14 Go tswa foo, Modimo o ne a re: “A go nne le letsatsi, ngwedi le dinaledi+ mo loaping gore di kgaoganye motshegare le bosigo,+ mme di tla nna sesupo sa dipaka, malatsi le dingwaga.+ 15 Di tla phatsima mo loaping gore di bonese mo lefatsheng.” Mme go ne ga nna jalo. 16 Mme Modimo o ne a dira letsatsi le ngwedi, a dira gore letsatsi le bonese* motshegare+ mme ngwedi e bonese bosigo, gape o ne a dira le dinaledi.+ 17 Ka jalo, Modimo o ne a di baya mo loaping gore di phatsime mo lefatsheng 18 le gore di bonese motshegare le bosigo di bo di kgaoganye lesedi le lefifi.+ Mme Modimo o ne a bona gore se a se dirileng se molemo. 19 Mme go ne ga nna maitseboa ga bo ga nna moso, letsatsi la bonê.

20 Go tswa foo, Modimo o ne a re: “A metsi a nne le ditshedi* tse dintsintsi mme a ditshedi tse di fofang* di fofe fa godimo ga lefatshe kwa loaping.”+ 21 Mme Modimo o ne a bopa mefuta yotlhe ya ditshedi tse dikgolo tsa lewatle le ditshedi* tsotlhe tse dinnye tse di nnang ka ditlhopha mo metsing, le mofuta mongwe le mongwe wa setshedi se se fofang. Mme Modimo o ne a bona gore se a se dirileng se molemo. 22 Foo Modimo o ne a di segofatsa, a re: “Atang lo nne bantsi lo tlale mo metsing a lewatle,+ mme a ditshedi tse di fofang di nne dintsi mo lefatsheng.” 23 Mme go ne ga nna maitseboa ga bo ga nna moso, letsatsi la botlhano.

24 Go tswa foo, Modimo o ne a re: “A lefatshe le ntshe mefuta yotlhe ya ditshedi:* mefuta yotlhe ya diruiwa le ya diphologolo tse di gagabang* le ya diphologolo tsa naga.”+ Mme go ne ga nna jalo. 25 Mme Modimo o ne a dira mefuta yotlhe ya diphologolo tsa naga le mefuta yotlhe ya diruiwa le mefuta yotlhe ya diphologolo tse di gagabang. Mme Modimo o ne a bona gore se a se dirileng se molemo.

26 Go tswa foo, Modimo o ne a re: “A re+ dire motho mo setshwanong sa rona,+ gore a tshwane le rona, mme a a laole ditlhapi tsa lewatle le ditshedi tse di fofang le diruiwa le lefatshe lotlhe le phologolo nngwe le nngwe e e gagabang.”+ 27 Mme Modimo o ne a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, a mmopa mo setshwanong sa Modimo; o ne a bopa monna le mosadi.+ 28 Mo godimo ga moo, Modimo o ne a ba segofatsa mme a ba raya a re: “Atang lo nne bantsi lo tlatse lefatshe+ lo bo lo nne beng ba lone,+ e bile lo laole+ ditlhapi tsa lewatle le ditshedi tse di fofang mo loaping le setshedi sengwe le sengwe se se tsamayang mo lefatsheng.”

29 Go tswa foo, Modimo o ne a re: “Ke lo neile semela sengwe le sengwe se se ntshang peo se se mo lefatsheng lotlhe le setlhare sengwe le sengwe sa maungo a a nang le peo. A e nne dijo tsa lona.+ 30 Mme phologolo nngwe le nngwe ya naga le setshedi sengwe le sengwe se se fofang le sengwe le sengwe se se tsamayang mo lefatsheng se se nang le botshelo,* ke se neile dimela tsotlhe tse ditala gore e nne dijo tsa sone.”+ Mme go ne ga nna jalo.

31 Morago ga moo, Modimo o ne a bona gore sengwe le sengwe se a neng a se dirile se ne se le molemo tota.+ Mme go ne ga nna maitseboa ga bo ga nna moso, letsatsi la borataro.

2 Ka jalo, magodimo le lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go tsone* di ne tsa wediwa.+ 2 Mme ka letsatsi la bosupa, Modimo o ne a weditse tiro e a neng a e dirile, mme o ne a simolola go ikhutsa ka letsatsi la bosupa mo tirong yotlhe ya gagwe e a neng a e dirile.+ 3 Mme Modimo o ne a segofatsa letsatsi la bosupa a bo a le dira boitshepo, ka gonne mo go lone o ne a ikhuditse mo tirong yotlhe ya gagwe ya go bopa. Modimo o ne a bopile dilo tsotlhe tse a neng a ikaeletse go di dira.

4 Eno ke pego ya magodimo le lefatshe ka nako ya fa di ne di bopiwa, mo letsatsing le Jehofa* Modimo a neng a dira lefatshe le legodimo ka lone.+

5 Go ne go ise go nne le setlhatshana sepe sa naga mo lefatsheng e bile dimela tsa naga di ne di ise di simolole go tlhoga, ka gonne Jehofa Modimo o ne a ise a nese pula mo lefatsheng e bile go ne go se na motho ope yo o ka lemang mmu. 6 Mme mouwane o ne o nna o tlhatloga mo lefatsheng o bo o nosetsa lefatshe lotlhe.

7 Jehofa Modimo o ne a bopa monna ka lorole+ lo lo tswang mo mmung a bo a budulela mohemo wa botshelo+ mo teng ga maroba a dinko tsa gagwe, mme monna yono o ne a nna motho* yo o tshelang.+ 8 Mo godimo ga moo, Jehofa Modimo o ne a jala tshingwana mo Edene,+ go ela kwa botlhaba; mme o ne a baya monna yo a mmopileng mo go yone.+ 9 Ka jalo, Jehofa Modimo o ne a dira gore mmu o tlhogise setlhare sengwe le sengwe se se neng se kgatlha fa se lebilwe e bile se le molemo go ka jewa, gape o ne a dira gore mmu o tlhogise le setlhare sa botshelo+ mo gare ga tshingwana le setlhare sa kitso ya molemo le bosula.+

10 Jaanong go ne go na le noka e e elelang e tswa mo Edene e nosetsa tshingwana, mme fa e tswa moo e ne e kgaogana go nna dinoka di le nnê.* 11 Leina la ya ntlha ke Pishone; ke yone e e dikologang lefatshe lotlhe la Hafila, kwa go nang le gauta gone. 12 Gauta ya lefatshe leo ke ya boleng jo bo kwa godimo. Gape go na le borekhu jwa beteleuma le leje la onikise. 13 Leina la noka ya bobedi ke Gihone; ke yone e e dikologang lefatshe lotlhe la Kushe. 14 Leina la noka ya boraro ke Hidekele;*+ ke yone e e yang kwa botlhaba jwa Asiria.+ Mme noka ya bonê ke Euferatese.+

15 Jehofa Modimo o ne a tsaya monna a mmaya mo tshingwaneng ya Edene gore a e leme a bo a e tlhokomele.+ 16 Gape Jehofa Modimo o ne a naya monna taelo eno: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale.+ 17 Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone, o se ka wa ja leungo la sone, gonne ka letsatsi le o le jang ruri o tla swa.”+

18 Go tswa foo, Jehofa Modimo o ne a re: “Ga go molemo gore monna a nne a le nosi. Ke tlile go mo direla mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.”+ 19 Jehofa Modimo o ne a bopile phologolo nngwe le nngwe ya naga le setshedi sengwe le sengwe se se fofang mo loaping ka mmu, mme o ne a simolola go di isa kwa monneng gore a bone gore nngwe le nngwe ya tsone a ka e naya leina lefe; mme leina lepe fela le a neng a le naya setshedi* sengwe le sengwe, e ne e nna leina la sone.+ 20 Ka jalo, monna o ne a naya diruiwa tsotlhe le ditshedi tsotlhe tse di fofang mo loaping le diphologolo tsotlhe tsa naga maina, mme monna ene o ne a se na mothusi ope yo e tla nnang motlatsi wa gagwe. 21 Ka jalo, Jehofa Modimo o ne a dira gore monna a robale boroko jo bogolo mme fa a ntse a robetse, a ntsha longwe lwa dikgopo tsa gagwe mme a tswala ka nama mo lo neng lo le gone. 22 Mme Jehofa Modimo o ne a dira mosadi ka logopo lo a lo tsereng mo monneng a bo a mo tlisa kwa monneng.+

23 Foo monna o ne a re:

“Yono ke lerapo la marapo a me

Le nama ya nama ya me.

Yono o tla bidiwa Mosadi,

Ka gonne o ntshitswe mo monneng.”+

24 Ke gone ka moo monna a tla tlogelang rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela* mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.+ 25 Mme boobabedi ba ne ba nna ba sa apara,+ monna le mosadi wa gagwe, le fa go ntse jalo ba ne ba sa tlhabiwe ke ditlhong.

3 Jaanong noga+ e ne e le botlhajana* thata mo diphologolong tsotlhe tsa naga tse Jehofa Modimo a di dirileng. Ka jalo, e ne ya raya mosadi ya re: “A tota Modimo o rile lo se ka lwa ja leungo la setlhare sengwe le sengwe se se mo tshingwaneng?”+ 2 Foo mosadi o ne a raya noga a re: “Re ka nna ra ja maungo a ditlhare tse di mo tshingwaneng.+ 3 Mme gone, Modimo o buile jaana ka setlhare se se mo gare ga tshingwana:+ ‘Lo se ka lwa ja leungo la sone e bile lo se ka lwa se kgoma gore lo se ka lwa swa.’” 4 Foo noga e ne ya raya mosadi ya re: “Ruri ga lo kitla lo swa.+ 5 Gonne Modimo o a itse gore mo letsatsing le lo jang leungo la setlhare seo ka lone, matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.”+

6 Kgabagare mosadi o ne a bona fa setlhare se le molemo go ka jewa le gore e ne e le selo se se eletsegang mo matlhong, tota setlhare seo se ne se kgatlha fa se lebilwe. Ka jalo, o ne a tsaya leungo la sone mme a le ja.+ Morago ga moo, o ne a le naya le monna wa gagwe fa a ne a na le ene mme a le ja.+ 7 Foo matlho a bone boobabedi a ne a bulega mme ba ne ba lemoga gore ga ba a apara. Ka jalo, ba ne ba rokaganya matlhare a difeige ba bo ba itirela se ba ka se aparang mo dinôkeng.+

8 Moragonyana ba ne ba utlwa lentswe la ga Jehofa Modimo fa a ntse a tsamaya mo tshingwaneng mo e ka nnang maitseboa,* mme monna le mosadi wa gagwe ba ne ba iphitlhela sefatlhego sa ga Jehofa Modimo mo gare ga ditlhare tsa tshingwana. 9 Jehofa Modimo o ne a nna a bitsa monna a bo a mo raya a re: “O fa kae?” 10 Kgabagare o ne a re: “Ke ne ka utlwa lentswe la gago mo tshingwaneng, mme ka boifa ka gonne ke sa apara, ka jalo ke ne ka iphitlha.” 11 Foo o ne a re: “Ke mang yo o go reileng a re ga o a apara?+ A o jele leungo la setlhare se ke go laetseng gore o se ka wa le ja?”+ 12 Mme monna o ne a re: “Mosadi yo o mo nneileng gore a nne le nna, o ne a nnaya leungo le le tswang mo setlhareng seo mme ka le ja.” 13 Go tswa foo, Jehofa Modimo o ne a raya mosadi a re: “O dirile eng?” Mosadi o ne a mo araba a re: “Noga e ntsieditse, ka jalo ke ne ka ja.”+

14 Go tswa foo, Jehofa Modimo o ne a raya noga+ a re: “Ka gonne o dirile seno, o hutsegile mo diruiweng tsotlhe le mo diphologolong tsotlhe tsa naga. O tla gopa ka mpa mme o tla ja lorole malatsi otlhe a botshelo jwa gago. 15 Mme ke tla tsenya bobaba*+ fa gare ga gago+ le mosadi+ le fa gare ga losika lwa gago+ le losika lwa gagwe.+ O tla go tšhwetla* tlhogo+ mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.”+

16 O ne a raya mosadi a re: “Ke tla oketsa ditlhabi tsa gago thata fa o imile; o tla tshola bana ka ditlhabi, mme o tla eletsa go nna o na le monna wa gago, mme ene o tla go laola.”

17 Mme o ne a raya Adame* a re: “E re ka o reeditse lentswe la mosadi wa gago mme wa ja leungo la setlhare se ke neng ka go raya ka re,+ ‘O se ka wa ja leungo la sone,’ mmu o hutsegile ka ntlha ya gago.+ O tla bereka ka thata malatsi otlhe a botshelo jwa gago gore o je se se tlhogang mo go one.+ 18 O tla go tlhogisetsa mmitlwa le mefero, mme o tla tshwanelwa ke go ja dimela tsa naga. 19 O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlha o boela mo mmung ka gonne o ntshitswe mo go one.+ O tla boela mo loroleng ka gonne o lorole.”+

20 Morago ga moo, Adame o ne a bitsa mosadi wa gagwe a re Efa,* ka gonne o ne a tla nna mmê wa batho botlhe ba ba tshelang.+ 21 Mme Jehofa Modimo o ne a direla Adame le mosadi wa gagwe diaparo tse ditelele tsa letlalo a bo a ba apesa.+ 22 Go tswa foo, Jehofa Modimo o ne a re: “Motho o tshwana le rona o itse molemo le bosula.+ Jaanong, ke tshwanetse go dira sengwe gore a se ka a kgetla leungo mo setlhareng sa botshelo+ a bo a le ja mme a tshelela ruri.”* 23 Foo Jehofa Modimo o ne a mo koba mo tshingwaneng ya Edene+ gore a ye go lema mmu o a ntshitsweng mo go one.+ 24 Ka jalo, o ne a kobela motho kwa ntle a bo a baya ditšheruba+ kwa botlhaba jwa tshingwana ya Edene le tšhaka e e tswang kgabo ya molelo, e e neng e dikologa e sa kgaotse gore e dise tsela e e yang kwa setlhareng sa botshelo.

4 Jaanong Adame o ne a tlhakanela dikobo le mosadi wa gagwe e bong Efa mme a ima.+ Fa a tshola Kaine+ o ne a re: “Ke tshotse ngwana wa mosimane ka thuso ya ga Jehofa.” 2 Moragonyana o ne a tshola ngwana yo mongwe gape, mme a mmitsa Abele.+

Abele o ne a nna modisa wa letsomane, mme Kaine a nna molemi. 3 Fa nako e ntse e tsamaya, Kaine o ne a ntshetsa Jehofa setlhabelo ka mangwe a maungo a a a lemileng. 4 Mme Abele ene o ne a ntsha setlhabelo ka mangwe a maitibolo a letsomane la gagwe,+ go akaretsa le mafura a one. Jehofa o ne a amogela Abele le setlhabelo sa gagwe,+ 5 mme ga a ka a amogela Kaine le setlhabelo sa gagwe. Ka jalo, Kaine o ne a galefa fela thata, mme o ne a se ka a itumela.* 6 Foo Jehofa o ne a raya Kaine a re: “Ke ka ntlha yang fa o galefile e bile o sa itumela? 7 Fa o simolola go dira molemo, a ga o kitla o amogelwa?* Mme fa o sa dire molemo, boleo bo iphitlhile fa kgorong e bile bo batla go go laola; a o tla bo fenya?”

8 Morago ga moo, Kaine o ne a raya monnawe e bong Abele a re: “A re ye kwa nageng.” Ka jalo fa ba le kwa nageng, Kaine o ne a tlhasela Abele a bo a mmolaya.+ 9 Moragonyana Jehofa o ne a raya Kaine a re: “Monnao Abele o kae?” mme o ne a re: “Ga ke itse. A ke modisa wa ga nnake?” 10 Foo Modimo o ne a mo raya a re: “O dirile eng? Utlwa! Madi a ga monnao a goela kwa go nna go tswa mo mmung.+ 11 Mme jaanong o hutsitswe ka go lelekwa mo mmung o o butseng molomo wa one, gore o monye madi a ga monnao, a seatla sa gago se a tsholotseng.+ 12 Fa o lema, mmu ga o kitla o go tlhogisetsa sepe.* O tla nna mokgarakgatshegi le motshabi mo lefatsheng.” 13 Foo Kaine o ne a raya Jehofa a re: “Kotlhao ya phoso ya me e kgolo thata gore nka e itshokela. 14 Gompieno o nteleka mo lefatsheng,* mme nka se tlhole ke kgona go bona sefatlhego sa gago; e bile ke tla nna mokgarakgatshegi le motshabi mo lefatsheng mme ruri mongwe le mongwe yo o mponang o tla mpolaya.” 15 Ka jalo, Jehofa o ne a mo raya a re: “Ka lebaka leo, ope fela yo o bolayang Kaine o tla otlhaiwa makgetlo a le supa.”

Ka jalo, Jehofa o ne a direla* Kaine sesupo* gore ope yo o mmonang a se ka a mmolaya. 16 Go tswa foo, Kaine o ne a tswa fa pele ga ga Jehofa mme o ne a aga mo lefatsheng la Node* go ela kwa botlhaba jwa Edene.+

17 Morago ga moo, Kaine o ne a tlhakanela dikobo le mosadi wa gagwe+ mme a ima a bo a tshola Enoke. Go tswa foo, Kaine o ne a aga motse mme a o bitsa ka leina la ga morwawe e bong Enoke. 18 Moragonyana Enoke o ne a tsholelwa Irade. Mme Irade o ne a nna rraagwe Mehujaele, Mehujaele o ne a nna rraagwe Methushaele, Methushaele o ne a nna rraagwe Lameke.

19 Lameke o ne a nyala basadi ba babedi. Leina la mosadi wa ntlha e ne e le Ada mme leina la mosadi wa bobedi e le Sila. 20 Ada o ne a tshola Jabale. Jabale o ne a nna motho wa ntlha go nna mo dintenteng le go nna le diruiwa. 21 Leina la ga monnawe e ne e le Jubale. E ne ya nna motho wa ntlha go tshameka harepa le phala ya lotlhaka.* 22 Sila le ene o ne a tshola Tubale-kaine, yo o neng a dira didirisiwa tsa mofuta mongwe le mongwe tsa kopore le tsa tshipi. Mme kgaitsadie Tubale-kaine e ne e le Naama. 23 Go tswa foo, Lameke o ne a raya basadi ba gagwe, Ada le Sila, a re:

“Utlwang lentswe la me, lona basadi ba ga Lameke;

Reetsang lefoko la me:

Ke bolaile monna ka gonne a ne a nkgobaditse,

Ruri ke bolaile lekawana ka gonne le ne le nkiteile.

24 Fa motho yo o bolayang Kaine a tshwanetse go otlhaiwa makgetlo a le 7,+

Motho yo o bolayang Lameke ene o tla otlhaiwa makgetlo a le 77.”

25 Adame o ne a tlhakanela dikobo le mosadi wa gagwe gape mme o ne a tshola ngwana wa mosimane. Efa o ne a mo naya leina a re Sethe*+ ka gonne o ne a re, “Modimo o ntlhometse ngwana* yo mongwe mo boemong jwa ga Abele, ka gonne Kaine o ne a mmolaya.”+ 26 Sethe le ene o ne a tsholelwa ngwana wa mosimane mme a mo naya leina a re Enoshe.+ Ka nako eo, batho ba ne ba simolola go bitsa leina la ga Jehofa.

5 Eno ke buka ya pego ya botshelo jwa ga Adame. Mo letsatsing le Modimo a neng a bopa Adame ka lone, o ne a mo dira gore a tshwane le ene.+ 2 O ne a ba bopa e le monna le mosadi.+ Mo letsatsing le a neng a ba bopa ka lone,+ o ne a ba segofatsa mme a ba bitsa Batho.*

3 Fa Adame a na le dingwaga di le 130, o ne a nna le ngwana wa mosimane yo o tshwanang le ene a bo a mmitsa Sethe.+ 4 Fa Adame a sena go nna rraagwe Sethe, o ne a tshela dingwaga di le 800. Mme o ne a na le bana ba bangwe ba basimane le ba basetsana. 5 Ka jalo, Adame o ne a tshela dingwaga di le 930 a bo a swa.+

6 Fa Sethe a na le dingwaga di le 105, o ne a nna rraagwe Enoshe.+ 7 Fa Sethe a sena go nna rraagwe Enoshe, o ne a tshela dingwaga di le 807. Mme o ne a na le bana ba bangwe ba basimane le ba basetsana. 8 Ka jalo, Sethe o ne a tshela dingwaga di le 912 a bo a swa.

9 Fa Enoshe a na le dingwaga di le 90, o ne a nna rraagwe Kenane. 10 Fa Enoshe a sena go nna rraagwe Kenane, o ne a tshela dingwaga di le 815. Mme o ne a na le bana ba bangwe ba basimane le ba basetsana. 11 Ka jalo, Enoshe o ne a tshela dingwaga di le 905 a bo a swa.

12 Fa Kenane a na le dingwaga di le 70, o ne a nna rraagwe Mahalalele.+ 13 Fa Kenane a sena go nna rraagwe Mahalalele, o ne a tshela dingwaga di le 840. Mme o ne a na le bana ba bangwe ba basimane le ba basetsana. 14 Ka jalo, Kenane o ne a tshela dingwaga di le 910 a bo a swa.

15 Fa Mahalalele a na le dingwaga di le 65, o ne a nna rraagwe Jarede.+ 16 Fa Mahalalele a sena go nna rraagwe Jarede, o ne a tshela dingwaga di le 830. Mme o ne a na le bana ba bangwe ba basimane le ba basetsana. 17 Ka jalo, Mahalalele o ne a tshela dingwaga di le 895 a bo a swa.

18 Fa Jarede a na le dingwaga di le 162, o ne a nna rraagwe Enoke.+ 19 Fa Jarede a sena go nna rraagwe Enoke, o ne a tshela dingwaga di le 800. Mme o ne a na le bana ba bangwe ba basimane le ba basetsana. 20 Ka jalo, Jarede o ne a tshela dingwaga di le 962 a bo a swa.

21 Fa Enoke a na le dingwaga di le 65, o ne a nna rraagwe Methusela.+ 22 Fa Enoke a sena go nna rraagwe Methusela, o ne a tswelela a tsamaya le Modimo wa boammaaruri* dingwaga di le 300. Mme o ne a na le bana ba bangwe ba basimane le ba basetsana. 23 Ka jalo, Enoke o ne a tshela dingwaga di le 365. 24 Enoke o ne a nna a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.+ Morago ga moo o ne a sa tlhole a le gone ka gonne Modimo o ne a mo tsaya.+

25 Fa Methusela a na le dingwaga di le 187, o ne a nna rraagwe Lameke.+ 26 Fa Methusela a sena go nna rraagwe Lameke, o ne a tshela dingwaga di le 782. Mme o ne a na le bana ba bangwe ba basimane le ba basetsana. 27 Ka jalo, Methusela o ne a tshela dingwaga di le 969 a bo a swa.

28 Fa Lameke a na le dingwaga di le 182, o ne a nna le ngwana wa mosimane. 29 O ne a mmitsa Noa,*+ a re: “Yono o tla re tlisetsa kgomotso* mo tirong ya diatla tsa rona le mo botlhokong jwa go dira ka natla mo mmung o Jehofa a o hutsitseng.”+ 30 Fa Lameke a sena go nna rraagwe Noa, o ne a tshela dingwaga di le 595. Mme o ne a na le bana ba bangwe ba basimane le ba basetsana. 31 Ka jalo, Lameke o ne a tshela dingwaga di le 777 a bo a swa.

32 Fa Noa a sena go nna dingwaga di le 500, o ne a nna rraagwe Sheme,+ Hame+ le Jafethe.+

6 Jaanong fa batho ba ne ba simolola go oketsega mo lefatsheng e bile ba tshola bana ba basetsana, 2 bomorwa Modimo wa boammaaruri*+ ba ne ba bona gore bomorwadia batho ba ne ba le bantle. Ka jalo, ba ne ba itlhophela basadi mo go bone. 3 Go tswa foo, Jehofa o ne a re: “Ga nkitla ke itshokela motho ka bosakhutleng+ ka gonne o na le boleo.* Ka jalo, malatsi a gagwe e tla nna dingwaga di le 120.”+

4 Go ne go na le diganka* mo lefatsheng mo metlheng eo le morago ga moo. Ka nako eo, bomorwa Modimo wa boammaaruri ba ne ba tlhakanela dikobo le bomorwadia batho mme basadi bao ba ne ba tshola bana ba basimane. Bana bao e ne e le diganka, banna ba ba tumileng.

5 Ka jalo, Jehofa o ne a bona gore bosula jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng le gore dikakanyo le dikeletso tsa pelo ya gagwe di ne di le bosula ka dinako tsotlhe.+ 6 Jehofa o ne a ikwatlhaela* go bo a dirile batho mo lefatsheng, mme pelo ya gagwe e ne ya utlwa botlhoko.+ 7 Ka jalo, Jehofa o ne a re: “Ke tlile go nyeletsa batho ba ke ba bopileng ke ba tlosa mo lefatsheng, batho mmogo le diruiwa, diphologolo tse di gagabang le ditshedi tse di fofang* ka gonne ke ikwatlhaela go bo ke di dirile.” 8 Mme Noa ene o ne a itumedisa Jehofa.

9 Eno ke pego ya botshelo jwa ga Noa.

Noa e ne e le monna yo o siameng.+ Fa a bapisiwa le batho ba a neng a tshela le bone,* o ne a se na molato. Noa o ne a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.+ 10 Fa nako e ntse e tsamaya, Noa o ne a nna le bana ba le bararo ba basimane, Sheme, Hame le Jafethe.+ 11 Mme Modimo wa boammaaruri o ne a bona gore lefatshe le ne le senyegile e bile le tletse bosetlhogo. 12 Modimo o ne a leba lefatshe, mme le ne le senyegile;+ batho botlhe ba ne ba dira dilo tse di bosula thata mo lefatsheng.+

13 Morago ga moo, Modimo o ne a raya Noa a re: “Ke dirile tshwetso ya gore ke fedise batho ka gonne lefatshe le tletse bosetlhogo ka ntlha ya bone, ka jalo ke a ba fedisa mmogo le lefatshe.+ 14 Itirele araka* ka logong lo lo ntshang borekhu.+ O dire diphaposana mo arakeng, mme o e tshase sekgomaretsi se se tshwanang le sekontere*+ ka fa teng le ka fa ntle. 15 O e dire ka tsela eno: Araka eno e nne boleele jwa dimetara di le 134,* bophara jwa dimetara di le 22* le bogodimo jwa dimetara di le 13.* 16 O direle araka fensetere gore e tsenye lesedi,* e nne disentimetara di le 45* go tswa kwa godimo. O direle araka kgoro ka fa letlhakoreng la yone+ mme o e dire e na le matlhatlaganyane a le mararo.

17 “Ke tlile go tlisa morwalela+ mo lefatsheng gore ke fedise sengwe le sengwe se se tshelang* se se mo lefatsheng. Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng se tla swa.+ 18 Mme ke dira kgolagano le wena, o tshwanetse go tsena mo arakeng, wena, bomorwao, mosadi wa gago le basadi ba bomorwao.+ 19 Mme o tsenye diphologolo di le pedi tsa mofuta mongwe le mongwe mo arakeng+ gore di tswelele di tshela mmogo le wena, e le e tonanyana le e namagadi;+ 20 mefuta yotlhe ya ditshedi tse di fofang, mefuta yotlhe ya diruiwa le mefuta yotlhe ya diphologolo tse di gagabang, di le pedi tsa mofuta mongwe le mongwe wa tsone di tla tsena mo arakeng kwa go wena gore di tswelele di tshela.+ 21 Mme wena o phuthe o bo o itseele dijo tsa mofuta mongwe le mongwe,+ gore e nne dijo tsa gago le tsa diphologolo.”

22 Noa o ne a dira sotlhe se Modimo a neng a se mo laetse. O ne a dira fela jalo.+

7 Morago ga moo, Jehofa o ne a raya Noa a re: “Tsena mo arakeng le botlhe ba lelapa la gago, ka gonne ke wena yo ke boneng o siame fa pele ga me mo gare ga kokomana eno.+ 2 O tseye mofuta mongwe le mongwe wa diphologolo tse di phepa di le supa,*+ e tonanyana le e namagadi; mme mo mofuteng mongwe le mongwe wa diphologolo tse di seng phepa o tseye di le pedi, e tonanyana le e namagadi; 3 gape mo mofuteng mongwe le mongwe wa ditshedi tse di fofang mo loaping o tseye di le supa,* e tonanyana le e namagadi, gore o boloke losika lwa tsone lo tshela mo lefatsheng lotlhe.+ 4 Gonne mo malatsing a le supa fela, ke tla nesa pula+ mo lefatsheng malatsi a le 40 le masigo a le 40,+ mme ke tla fedisa sengwe le sengwe se se tshelang se ke se dirileng, ke se tlosa mo lefatsheng.”+ 5 Mme Noa o ne a dira sengwe le sengwe se Jehofa a neng a se mo laetse.

6 Noa o ne a na le dingwaga di le 600 fa go ne go nna le morwalela mo lefatsheng.+ 7 Ka jalo, Noa o ne a tsena mo arakeng le bomorwawe, mosadi wa gagwe le basadi ba bomorwawe pele ga morwalela.+ 8 Phologolo nngwe le nngwe e e phepa le phologolo nngwe le nngwe e e seng phepa le ditshedi tse di fofang le sengwe le sengwe se se tsamayang mo lefatsheng,+ 9 di ne tsa tsena mo arakeng kwa Noa a neng a le teng, di tsena ka bobedi le bobedi, e tonanyana le e namagadi, fela jaaka Modimo a ne a laetse Noa. 10 Mme morago ga malatsi a le supa, morwalela o ne wa tla mo lefatsheng.

11 Mo ngwageng wa bo600 wa botshelo jwa ga Noa, ka letsatsi la bo17 la kgwedi ya bobedi, mo letsatsing leo, metsi otlhe a a kwa legodimong* a ne a phunyega le dikgoro tsotlhe tsa metsi di ne tsa bulega.+ 12 Mme pula e kgolo e ne ya tshologa mo lefatsheng malatsi a le 40 le masigo a le 40. 13 Ka lone letsatsi leo, Noa o ne a tsena mo arakeng le bomorwawe e bong Sheme, Hame le Jafethe,+ le mosadi wa gagwe le basadi ba bararo ba bomorwawe.+ 14 Ba ne ba tsena le mefuta yotlhe ya diphologolo tsa naga, le mefuta yotlhe ya diruiwa, le mefuta yotlhe ya diphologolo tse di gagabang, le mefuta yotlhe ya ditshedi tse di fofang, nonyane nngwe le nngwe, setshedi sengwe le sengwe se se diphuka. 15 Di ne tsa nna tsa tsena mo arakeng kwa Noa a neng a le teng, ka bobedi le bobedi, tsa mofuta mongwe le mongwe tse di nang le mohemo wa botshelo.* 16 Ka jalo, di ne tsa tsena mo arakeng, e tonanyana le e namagadi ya mofuta mongwe le mongwe, fela jaaka Modimo a ne a mo laetse. Morago ga moo, Jehofa o ne a tswala kgoro.

17 Morwalela o ne wa tswelela* ka malatsi a le 40 mo lefatsheng, metsi a ne a nna a oketsega a bo a simolola go tsholetsa araka go fitlha e kokobala e katoga lefatshe. 18 Metsi a ne a nna mantsi thata e bile a ne a nna a oketsega mo lefatsheng, mme araka e ne ya kokobala mo godimo ga metsi. 19 Metsi a ne a khurumetsa lefatshe lotlhe mo e leng gore dithaba tsotlhe tse di kwa godimo thata tse di neng di le mo lefatsheng lotlhe di ne di sa bonale.+ 20 Metsi a ne a oketsega mme a feta dithaba ka dimetara di ka nna thataro le halofo.*

21 Ka jalo, ditshedi tsotlhe* tse di neng di tsamaya mo lefatsheng di ne tsa swa:+ ditshedi tse di fofang, diruiwa, diphologolo tsa naga, ditshedi tse di tsamayang di le setlhopha le batho botlhe.+ 22 Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng se se nang le mohemo wa botshelo* mo marobeng a dinko tsa sone, se ne sa swa.+ 23 Ka jalo, Modimo o ne a fedisa sengwe le sengwe se se tshelang mo lefatsheng, go akaretsa batho, diphologolo, diphologolo tse di gagabang le ditshedi tse di fofang mo loaping. Di ne tsa fedisiwa tsotlhe mo lefatsheng;+ Noa le ba ba neng ba na le ene mo arakeng, ke bone fela ba ba neng ba falola.+ 24 Mme metsi a ne a tswelela a khurumeditse lefatshe malatsi a le 150.+

8 Modimo o ne a gakologelwa Noa le diphologolo tsotlhe tsa naga le diruiwa tse di neng di na le ene mo arakeng,+ mme Modimo o ne a dira gore phefo e foke mo lefatsheng, mme metsi a ne a simolola go fokotsega. 2 Metsi otlhe a a mo loaping le dikgoro tsotlhe tsa metsi tse di kwa magodimong di ne tsa tswalwa, ka jalo pula e e tswang kwa magodimong e ne ya kgaotsa.*+ 3 Metsi a ne a simolola go fokotsega ka bonya ka bonya mo lefatsheng. Kwa bowelong jwa malatsi a le 150, metsi a ne a fokotsegile. 4 Mo letsatsing la bo17 la kgwedi ya bosupa, araka e ne ya nna mo dithabeng tsa Ararata. 5 Mme metsi a ne a nna a fokotsega ka iketlo go fitlha ka kgwedi ya bolesome. Mo letsatsing la ntlha la kgwedi ya bolesome, ditlhoa tsa dithaba di ne tsa bonala.+

6 Ka jalo, kwa bokhutlong jwa malatsi a le 40, Noa o ne a bula fensetere+ ya araka e a neng a e dirile 7 a bo a romela legakabe kwa ntle; le ne la nna le fofela kwa ntle le bo le boa, go fitlha metsi a kgala mo lefatsheng.

8 Moragonyana o ne a romela leeba kwa ntle go bona gore a metsi a ne a fokotsegile mo lefatsheng. 9 Leeba ga le a ka la bona mo le ka kotamang* gone, ka jalo le ne la boela kwa go ene mo arakeng ka gonne metsi a ne a sa ntse a khurumeditse lefatshe lotlhe.+ Foo o ne a ntsha seatla a le tsenya mo arakeng. 10 O ne a leta malatsi a mangwe gape a le supa a bo a romela leeba gape gore le ye kwa ntle ga araka. 11 Fa leeba le tla kwa go ene e ne e tloga e nna maitseboa, o ne a bona letlhare la motlhware le le sa tswang go kgetlwa mo molomong wa lone! Ka jalo, Noa o ne a lemoga gore metsi a ne a fokotsegile mo lefatsheng.+ 12 O ne a leta malatsi a mangwe a le supa. Morago ga moo, o ne a romela leeba gape mme la se ka la tlhola le boela kwa go ene.

13 Jaanong mo ngwageng wa bo601,+ mo letsatsing la ntlha la kgwedi ya ntlha, metsi a ne a kgadile mo lefatsheng; Noa o ne a tlosa karolo nngwe ya borulelo jwa* araka, mme o ne a bona gore lefatshe le ne le oma. 14 Mo letsatsing la bo27 la kgwedi ya bobedi, lefatshe le ne le setse le omile.

15 Jaanong Modimo o ne a raya Noa a re: 16 “Tswa mo arakeng, wena, mosadi wa gago, bomorwao le basadi ba bomorwao.+ 17 O ntshe ditshedi tsotlhe tsa mofuta mongwe le mongwe,+ ditshedi tse di fofang, diphologolo le diphologolo tsotlhe tse di gagabang, gore di oketsege* mo lefatsheng di bo di ate di nne dintsi mo lefatsheng.”+

18 Ka jalo Noa o ne a tswa mo arakeng, a na le bomorwawe,+ mosadi wa gagwe le basadi ba bomorwawe. 19 Setshedi sengwe le sengwe, phologolo nngwe le nngwe e e gagabang le setshedi sengwe le sengwe se se fofang, sengwe le sengwe se se tsamayang mo lefatsheng, di ne tsa tswa mo arakeng ka fa losikeng lwa tsone.+ 20 Go tswa foo, Noa o ne a agela Jehofa sebeso+ mme a tsaya dingwe tsa diphologolo tsotlhe tse di phepa le dingwe tsa ditshedi tsotlhe tse di fofang+ tse di phepa a bo a ntsha ditlhabelo tse di fisiwang mo sebesong.+ 21 Mme Jehofa o ne a simolola go dupa lonko lo lo itumedisang.* Ka jalo, Jehofa o ne a bua jaana mo pelong: “Nka se tlhole ke hutsa mmu+ gape ka ntlha ya motho ka gonne dikakanyo le dikeletso tsa pelo ya gagwe di bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele;+ e bile nka se tlhole ke senya sengwe le sengwe se se tshelang jaaka ke dirile.+ 22 Go tloga jaanong, lefatshe le tla nna le na le nako ya go jala le nako ya go roba, e bile le tla nna le na le serame le mogote, selemo le mariga le motshegare le bosigo.”+

9 Modimo o ne a segofatsa Noa le bomorwawe a bo a ba raya a re: “Atang lo nne bantsi lo tlatse lefatshe.+ 2 Setshedi sengwe le sengwe sa mo lefatsheng le setshedi sengwe le sengwe se se fofang sa magodimo, le sengwe le sengwe se se tsamayang mo lefatsheng le ditlhapi tsotlhe tsa lewatle, di tla lo boifa e bile di tla lo tshaba. Jaanong di tsentswe mo seatleng sa lona.*+ 3 Lo ka nna lwa ja phologolo nngwe le nngwe e e tshelang.+ Fela jaaka ke lo neile dimela tse ditala, diphologolo tsotlhe le tsone ke a lo di naya gore e nne dijo tsa lona.+ 4 Nama e e nang le botshelo* jwa yone, e leng madi a yone,+ ke yone fela e lo sa tshwanelang go e ja.+ 5 Mo godimo ga moo, setshedi sengwe le sengwe se se tshololang madi a lona ke tla se bona molato. Fa motho a tsholola madi a motho yo mongwe, ke tla mmona molato ka gonne ke morwarraagwe.+ 6 Ope fela yo o bolayang motho,* le ene o tla bolawa ke motho,+ ka gonne Modimo o dirile motho mo setshwanong sa gagwe.+ 7 Fa e le lona, atang lo nne bantsi mme lo oketsege thata mo lefatsheng.”+

8 Go tswa foo, Modimo o ne a raya Noa le bomorwawe a re: 9 “Jaanong ke dira kgolagano le lona+ le bana ba lona 10 le setshedi* sengwe le sengwe se se nang le lona, dinonyane, diphologolo le ditshedi tsotlhe tse di mo lefatsheng tse di nang le lona, tsotlhe tse di neng tsa tswa mo arakeng, e leng ditshedi tsotlhe tse di mo lefatsheng.+ 11 Ruri ke dira kgolagano le lona: Ga nkitla ke tlhola ke fedisa ditshedi tsotlhe ka morwalela e bile ga nkitla ke tlhola ke senya lefatshe ka morwalela.”+

12 Mme Modimo o ne a oketsa a re: “Seno ke sesupo sa kgolagano e ke e dirang le lona le setshedi* sengwe le sengwe se se nang le lona, e e tla tswelelang go fitlha mo dikokomaneng tse di latelang. 13 Ke baya motshe wa godimo mo lerung, mme e tla nna sesupo sa kgolagano fa gare ga me le lefatshe. 14 Nako nngwe le nngwe fa ke tlisa leru mo godimo ga lefatshe, foo motshe wa godimo o tla bonala mo lerung. 15 Ruri ke tla gakologelwa kgolagano ya me e ke e dirileng le lona le setshedi* sengwe le sengwe sa mofuta mongwe le mongwe; e bile metsi ga a kitla a tlhola a nna morwalela gore a fedise ditshedi tsotlhe.+ 16 Mme motshe wa godimo o tla bonala mo lerung, mme ke tla o bona ke bo ke gakologelwa kgolagano e e nnetseng ruri e e fa gare ga me le ditshedi* tsotlhe tsa mofuta mongwe le mongwe tse di mo lefatsheng.”

17 Modimo o ne a boeletsa se a se boleletseng Noa a re: “Seno ke sesupo sa kgolagano e ke e dirang le setshedi sengwe le sengwe se se mo lefatsheng.”+

18 Bomorwa Noa ba ba neng ba tswa mo arakeng e ne e le Sheme, Hame le Jafethe.+ Moragonyana Hame o ne a nna rraagwe Kanana.+ 19 Ba bararo bano e ne e le bomorwa Noa, mme batho botlhe ba ba nnang mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe ba tswa mo go bone.+

20 Jaanong Noa o ne a simolola go lema mme a jala tshimo ya morara.* 21 Fa a sena go nwa beine a bo a tlhapelwa, o ne a ikapola a le mo tenteng ya gagwe. 22 Hame, rraagwe Kanana, o ne a bona rraagwe a sa apara mme a bolelela Sheme le Jafethe kwa ntle. 23 Ka jalo, Sheme le Jafethe ba ne ba tsaya seaparo ba se baya mo magetleng a bone ba bo ba tsena ba tsamaya ka sammamorago. Ba ne ba apesa rraabone ba ntse ba lebile go sele, mme ga ba a ka ba bona rraabone a sa apara.

24 Fa Noa a sena go tlhapogelwa mme a utlwa se morwawe yo mmotlana a se dirileng, 25 o ne a re:

“A Kanana+ a hutsege.

A a nne motlhanka* wa bomorwarraagwe.”+

26 Mme o ne a oketsa jaana:

“A go bakwe Jehofa, Modimo wa ga Sheme,

Mme a Kanana a nne motlhanka wa gagwe.+

27 A Modimo a neye Jafethe naga e kgolo,

Mme a a age mo ditenteng tsa ga Sheme.

A le ene, Kanana a nne motlhanka wa gagwe.”

28 Morago ga Morwalela, Noa o ne a tswelela a tshela dingwaga di le 350.+ 29 Ka jalo, dingwaga tsotlhe tse Noa a di tshetseng di ne di le 950, go tswa foo o ne a swa.

10 Eno ke pego ya botshelo jwa bomorwa Noa e bong Sheme,+ Hame le Jafethe.

Ba ne ba tsholelwa bana ba basimane morago ga Morwalela.+ 2 Bomorwa Jafethe e ne e le Gomere,+ Magogo,+ Madai, Jafane, Tubale,+ Mesheke+ le Tirase.+

3 Bomorwa Gomere e ne e le Ashekenase,+ Rifathe le Togarema.+

4 Bomorwa Jafane e ne e le Elishahe,+ Tareshishe,+ Kitime+ le Dodanime.

5 Go tswa mo go bano, batho botlhe ba ba nnang kwa ditlhaketlhakeng ba ne ba anamela kwa mafatsheng a bone go ya ka dipuo tsa bone, malapa a bone le ditšhaba tsa bone.

6 Bomorwa Hame e ne e le Kushe, Miseraime,+ Pute+ le Kanana.+

7 Bomorwa Kushe e ne e le Seba,+ Hafila, Sabatahe, Raama+ le Sabateka.

Bomorwa Raama e ne e le Sheba le Dedane.

8 Kushe o ne a nna rraagwe Nimerode. Nimerode o ne a nna motho wa ntlha go nna le maatla mo lefatsheng. 9 O ne a nna motsomi yo o maatla yo o ganetsanang le Jehofa. Ke gone ka moo go nang le polelo e e reng: “Fela jaaka Nimerode, motsomi yo o maatla yo o ganetsanang le Jehofa.” 10 Bogosi jwa gagwe bo simologile bo akaretsa* Babele,+ Ereke,+ Akade le Kalene, mo lefatsheng la Shinare.+ 11 Fa a tswa mo lefatsheng leo, o ne a ya kwa Asiria+ a bo a aga Ninife,+ Rehobothe-Ire, Kala 12 le Resene, e e fa gare ga Ninife le Kala: Metse eno yotlhe fa e kopane ke motse o mogolo.*

13 Miseraime o ne a nna rraagwe Ludime,+ Anamime, Lehabime, Nafetuhime,+ 14 Paterusime,+ Kaseluhime (yo Bafilisitia+ ba neng ba tswa mo go ene) le Kafetorime.+

15 Kanana o ne a nna rraagwe Sidona,+ leitibolo la gagwe, le Hethe.+ 16 O ne a nna rremogolo wa Bajebuse,+ Baamore,+ Bagiregashe, 17 Bahife,+ Baarika, Basine, 18 Baarefade,+ Basemare le Bahamathe.+ Morago ga moo, malapa a Bakanana a ne a anama. 19 Ka jalo, molelwane wa Bakanana o ne o simologa kwa Sidona go fitlha kwa Gerare+ gaufi le Gasa,+ le go ya kwa Sodoma, Gomora,+ Adema le Seboima+ gaufi le Lasha. 20 Bano e ne e le bomorwa Hame go ya ka malapa a bone, dipuo tsa bone, mafatshe a bone le ditšhaba tsa bone.

21 Sheme yo bomorwa Ebere+ botlhe ba tswang mo go ene e bile e le morwarraagwe Jafethe yo mogolo,* le ene o ne a tsholelwa bana. 22 Bomorwa Sheme e ne e le Elama,+ Aseshure,+ Arepakeshade,+ Lude le Arame.+

23 Bomorwa Arame e ne e le Use, Hule, Gethere le Mashe.

24 Arepakeshade o ne a nna rraagwe Shela,+ mme Shela o ne a nna rraagwe Ebere.

25 Ebere o ne a tsholelwa bana ba babedi ba basimane. Leina la yo mongwe e ne e le Pelege,*+ ka gonne ka nako ya fa a ne a tshela, lefatshe le ne le* kgaogane. Leina la ga morwarraagwe e ne e le Joketane.+

26 Joketane o ne a nna rraagwe Alemodade, Shelefe, Hasaremafethe, Jera,+ 27 Hadorame, Usale, Dikela, 28 Obale, Abimaele, Sheba, 29 Ofire,+ Hafila le Jobabe; bano botlhe e ne e le bomorwa Joketane.

30 Naga e ba neng ba nna mo go yone e ne e simologa kwa Mesha go ya go fitlha kwa Sefare, kgaolo e e dithaba ya Botlhaba.

31 Bano e ne e le bomorwa Sheme go ya ka malapa a bone, dipuo tsa bone, mafatshe a bone le ditšhaba tsa bone.+

32 Ano e ne e le malapa a bomorwa Noa go ya ka masika a bone le ka ditšhaba tsa bone. Morago ga Morwalela, ditšhaba di ne tsa anamela mo lefatsheng di tswa mo go bone.+

11 Jaanong batho botlhe mo lefatsheng ba ne ba bua puo e le nngwe fela le mafoko a le mangwe fela. 2 Fa ba ntse ba ya ntlheng ya botlhaba, ba ne ba bona lebala mo lefatsheng la Shinare+ mme ba aga mo go lone. 3 Go tswa foo, ba ne ba raana ba re: “Tlang! A re direng ditena mme re di bese ka molelo.” Ka jalo, ba ne ba dirisa ditena mo boemong jwa leje e bile ba dirisa bitumena e le seretse. 4 Jaanong ba ne ba re: “Tlang! A re ikageleng motse le tora e setlhoa sa yone se fitlhang kwa magodimong, mme re itirele leina le le tumileng gore re se ka ra anamela mo lefatsheng lotlhe.”+

5 Ka jalo, Jehofa o ne a fologa a ya go bona motse le tora e bomorwa batho ba neng ba e agile. 6 Go tswa foo, Jehofa o ne a re: “Ke setšhaba se le sengwe fela se se buang puo e le nngwe,+ mme seno ke se ba simolotseng go se dira. Jaanong ga go na sepe se ba ka tswang ba akanya go se dira se ba ka se kang ba se kgona. 7 A re+ fologeng mme re ye go tlhakatlhakanya puo ya bone gore yo mongwe a se ka a tlhaloganya puo ya yo mongwe.” 8 Ka jalo, Jehofa o ne a ba gasamisetsa mo lefatsheng lotlhe+ mme ba tlogela go aga motse. 9 Ke gone ka moo o neng wa bidiwa Babele,*+ ka gonne ke kwa Jehofa a neng a tlhakatlhakanya puo ya lefatshe lotlhe gone, e bile ke gone kwa ba neng ba le gone fa Jehofa a ne a ba gasamisetsa mo lefatsheng lotlhe.

10 Eno ke pego ya botshelo jwa ga Sheme.+

Sheme o ne a na le dingwaga di le 100 fa a nna rraagwe Arepakeshade,+ dingwaga di le pedi morago ga Morwalela. 11 Fa Sheme a sena go nna rraagwe Arepakeshade, o ne a tshela dingwaga di le 500. Mme o ne a nna le bana ba basimane le ba basetsana.+

12 Arepakeshade o ne a tshela dingwaga di le 35 mme a nna rraagwe Shela.+ 13 Fa Arepakeshade a sena go nna rraagwe Shela, o ne a tshela dingwaga di le 403. Mme o ne a nna le bana ba basimane le ba basetsana.

14 Shela o ne a tshela dingwaga di le 30 mme a nna rraagwe Ebere.+ 15 Fa Shela a sena go nna rraagwe Ebere, o ne a tshela dingwaga di le 403. Mme o ne a nna le bana ba basimane le ba basetsana.

16 Ebere o ne a tshela dingwaga di le 34 mme a nna rraagwe Pelege.+ 17 Fa Ebere a sena go nna rraagwe Pelege, o ne a tshela dingwaga di le 430. Mme o ne a nna le bana ba basimane le ba basetsana.

18 Pelege o ne a tshela dingwaga di le 30 mme a nna rraagwe Reu.+ 19 Fa Pelege a sena go nna rraagwe Reu, o ne a tshela dingwaga di le 209. Mme o ne a nna le bana ba basimane le ba basetsana.

20 Reu o ne a tshela dingwaga di le 32 mme a nna rraagwe Seruge. 21 Fa Reu a sena go nna rraagwe Seruge, o ne a tshela dingwaga di le 207. Mme o ne a nna le bana ba basimane le ba basetsana.

22 Seruge o ne a tshela dingwaga di le 30 mme a nna rraagwe Nahore. 23 Fa Seruge a sena go nna rraagwe Nahore, o ne a tshela dingwaga di le 200. Mme o ne a nna le bana ba basimane le ba basetsana.

24 Nahore o ne a tshela dingwaga di le 29 mme a nna rraagwe Tera.+ 25 Fa Nahore a sena go nna rraagwe Tera, o ne a tshela dingwaga di le 119. Mme o ne a nna le bana ba basimane le ba basetsana.

26 Tera o ne a tshela dingwaga di le 70, mme morago ga moo a nna rraagwe Aberame,+ Nahore+ le Harana.

27 Eno ke pego ya botshelo jwa ga Tera.

Tera o ne a nna rraagwe Aberame, Nahore le Harana; mme Harana a nna rraagwe Lote.+ 28 Fa rraagwe Harana e bong Tera a sa ntse a tshela, Harana o ne a swela kwa nageng e a tsholetsweng kwa go yone, kwa Ure+ wa Bakaladia.+ 29 Aberame le Nahore ba ne ba nyala. Leina la mosadi wa ga Aberame e ne e le Sarai+ mme la mosadi wa ga Nahore e ne e le Mileka,+ morwadia Harana, rraagwe Mileka le Iseka. 30 Sarai o ne a le moopa;+ o ne a se na ngwana.

31 Go tswa foo, Tera o ne a tsaya morwawe e bong Aberame le setlogolo sa gagwe e bong Lote,+ morwa Harana, le Sarai ngwetsi ya gagwe, mosadi wa ga Aberame, mme ba tswa le ene mo Ure wa Bakaladia gore ba ye kwa lefatsheng la Kanana.+ Fa nako e ntse e tsamaya, ba ne ba goroga kwa Harana+ mme ba simolola go nna gone. 32 Tera o ne a tshela dingwaga di le 205. Morago ga moo, o ne a swela mo Harana.

12 Mme Jehofa o ne a raya Aberame a re: “Tswa mo lefatsheng la gaeno le mo go ba masika a gago le mo ntlong ya ga rrago o ye kwa lefatsheng le ke tla le go bontshang.+ 2 Ke tla go dira setšhaba se segolo e bile ke tla go segofatsa, ke tla dira gore leina la gago le nne legolo mme batho ba bangwe ba tla segofadiwa ka wena.+ 3 Ke tla segofatsa ba ba go segofatsang e bile ke tla hutsa ba ba go hutsang,+ mme malapa otlhe a a mo lefatsheng ruri a tla segofadiwa* ka ntlha ya gago.”+

4 Ka jalo Aberame o ne a tsamaya, fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse, mme Lote o ne a tsamaya le ene. Aberame o ne a na le dingwaga di le 75 fa a ne a tswa mo Harana.+ 5 Aberame o ne a tsaya mosadi wa gagwe e bong Sarai+ le Lote morwa wa ga morwarraagwe+ le dithoto tsotlhe tse ba neng ba di kokoantse+ le batlhanka ba ba neng ba nna le bone mo Harana, mme ba tswa ba ya kwa lefatsheng la Kanana.+ Fa ba goroga mo lefatsheng la Kanana, 6 Aberame o ne a ralala lefatshe leo go ya go fitlha kwa kgaolong ya Shekema,+ gaufi le ditlhare tse dikgolo tsa More.+ Ka nako eo, Bakanana ba ne ba nna mo lefatsheng leo. 7 Jehofa o ne a iponatsa kwa go Aberame a bo a mo raya a re: “Ke tlile go naya losika lwa gago+ lefatshe leno.”+ Ka jalo, o ne a aga sebeso teng koo, a se agela Jehofa yo a neng a iponaditse kwa go ene. 8 Moragonyana o ne a fudugela kwa kgaolong e e dithaba kwa botlhaba jwa Bethele+ mme a tlhoma tente ya gagwe teng, Bethele e le ka fa bophirima mme Ai+ e le ka fa botlhaba. O ne a agela Jehofa sebeso gone+ mme a simolola go bitsa leina la ga Jehofa.+ 9 Morago ga moo, Aberame o ne a fuduga mme a ya ntlheng ya Negebe,+ a tsamaya a nna mo mafelong a a farologaneng.

10 Jaanong go ne ga nna leuba mo lefatsheng, mme Aberame o ne a ya kwa Egepeto go ya go aga gone ka nakwana*+ ka gonne leuba leo le ne le le legolo mo lefatsheng.+ 11 Fa a le gaufi le go tsena mo Egepeto, o ne a raya Sarai mosadi wa gagwe a re: “Tsweetswee ntheetse! Ke a itse gore o mosadi yo montle thata.+ 12 Ka jalo, fa Baegepeto ba go bona ba tla re, ‘Yono ke mosadi wa gagwe.’ Mme ba tla mpolaya ba bo ba go tlogela o tshela. 13 Tsweetswee o re o kgaitsadiake, gore dilo di tle di ntsamaele sentle ka ntlha ya gago, mme ga ba ka ke ba mpolaya.”+

14 Fela fa Aberame a tsena mo Egepeto, Baegepeto ba ne ba bona gore mosadi wa gagwe o ne a le montle thata. 15 Dikgosana tsa ga Faro le tsone di ne tsa mmona mme tsa simolola go bolelela Faro ka ene, mo e leng gore Sarai o ne a isiwa kwa ntlong ya ga Faro. 16 Faro o ne a tshwara Aberame sentle ka ntlha ya ga Sarai, a bo a mo naya dinku, dikgomo, ditonki tse ditonanyana le tse dinamagadi, batlhanka le malata le dikamela.+ 17 Jehofa o ne a itaya Faro le ba lelapa la gagwe le batlhanka ba gagwe ka dipetso tse di botlhoko ka ntlha ya ga Sarai, mosadi wa ga Aberame.+ 18 Ka jalo, Faro o ne a bitsa Aberame mme a mo raya a re: “Goreng o ntirile jaana? Ke ka ntlha yang fa o ne o sa mpolelele gore ke mosadi wa gago? 19 Ke ka ntlha yang fa o ne o re, ‘Ke kgaitsadiake,’+ mo ke batlileng ke mo tsaya gore e nne mosadi wa me? Mosadi wa gago ke yo. Mo tseye o tsamaye!” 20 Ka jalo, Faro o ne a naya banna ba gagwe ditaelo ka ga Aberame, mme ba ne ba mo laela gore a tsamaye le mosadi wa gagwe le tsotlhe tse a neng a na le tsone.+

13 Go tswa foo, Aberame o ne a tswa mo Egepeto a ya Negebe,+ ene le mosadi wa gagwe le tsotlhe tse a neng a na le tsone, mmogo le Lote. 2 Aberame o ne a na le diruiwa tse dintsi, selefera le gauta.+ 3 Go tswa kwa Negebe go ya kwa Bethele, o ne a ntse a fuduga a tswa mo lefelong le lengwe a ya kwa go le lengwe, go fitlha a goroga kwa lefelong le tente ya gagwe e neng e le gone fa gare ga Bethele le Ai,+ 4 kwa lefelong le mo nakong e e fetileng a neng a agile sebeso kwa go lone. Aberame o ne a bitsa leina la ga Jehofa gone.

5 Jaanong Lote, yo o neng a tsamaya le Aberame, le ene o ne a na le dinku, dikgomo le ditente. 6 Ka jalo, lefatshe le ne le sa lekana gore botlhe ba nne mo lefelong le le lengwe; dithoto tsa bone di ne di le dintsi thata mo ba neng ba sa tlhole ba kgona go nna mmogo. 7 Seo se ne sa dira gore badisa ba diruiwa tsa ga Aberame le badisa ba diruiwa tsa ga Lote ba omane. (Ka nako eo, Bakanana le Baperise ba ne ba nna mo lefatsheng leo.)+ 8 Ka jalo, Aberame o ne a raya Lote+ a re: “Tsweetswee, a go se nne le kgotlhang epe fa gare ga me le wena le fa gare ga badisa ba me le badisa ba gago, ka gonne re bana ba motho. 9 A lefatshe lotlhe ga le mo taolong ya gago? Tsweetswee, a re kgaogane. Fa o ya kwa molemeng, nna ke tla ya kwa mojeng; mme fa o ya kwa mojeng, nna ke tla ya kwa molemeng.” 10 Ka jalo, Lote o ne a tsholetsa matlho mme a bona gore kgaolo yotlhe ya Joredane+ e ne e na le metsi a mantsi (pele ga Jehofa a senya Sodoma le Gomora), e tshwana le tshingwana ya ga Jehofa,+ gape e tshwana le lefatshe la Egepeto go ya go fitlha kwa Soare.+ 11 Foo Lote o ne a itlhophela kgaolo yotlhe ya Joredane a bo a fudugela kwa botlhaba. Mme ba ne ba kgaogana. 12 Aberame o ne a nna mo lefatsheng la Kanana, mme Lote ene a nna mo metseng ya kgaolo ya Joredane.+ La bofelo o ne a tlhoma tente ya gagwe gaufi le Sodoma. 13 Jaanong banna ba Sodoma ba ne ba le bosula e bile ba leofela Jehofa ka go dira maleo a a masisi.+

14 Fa Lote a sena go kgaogana le Aberame, Jehofa o ne a raya Aberame a re: “Tsweetswee, leba kwa bokone le kwa borwa, kwa botlhaba le kwa bophirima, 15 ka gonne lefatshe leno lotlhe le o le lebileng, ke tlile go le naya wena le losika lwa gago gore e nne la lona ka bosakhutleng.+ 16 Mme ke tla dira gore losika lwa gago lo nne jaaka lorole lwa lefatshe, mo e leng gore fa mongwe a ka kgona go bala lorole lwa lefatshe, foo losika lwa gago lo ka kgona go balwa.+ 17 Ema mme o ralale boleele le bophara jwa lefatshe leno ka gonne ke tlile go le go naya.” 18 Ka jalo, Aberame o ne a tswelela a nna mo ditenteng. Moragonyana o ne a tla go aga mo gare ga ditlhare tse dikgolo tsa Mamere,+ tse di leng mo Heberone,+ mme o ne a agela Jehofa sebeso gone.+

14 Mo metlheng eo, Amerafele kgosi ya Shinare,+ Arioke kgosi ya Elasare, Kedorelaomere+ kgosi ya Elama+ le Tidale kgosi ya Goime, 2 ba ne ba lwantsha Bera kgosi ya Sodoma,+ Biresha kgosi ya Gomora,+ Shinabe kgosi ya Adema, Shemebere kgosi ya Seboima+ le kgosi ya Bela, motse o gape o bidiwang Soare. 3 Bano botlhe ba ne ba kopanya masole a bone kwa Mokgatšheng* wa Sidima,+ e leng Lewatle la Letswai.*+

4 Ba ne ba diretse Kedorelaomere dingwaga di le 12, mme ka ngwaga wa bo13 ba ne ba mo tlhanogela. 5 Mo ngwageng wa bo14, Kedorelaomere le dikgosi tse di neng di na le ene di ne tsa tla mme tsa fenya Barefaime mo Asheterothe-karenaime, Basusime mo Hame, Baemime+ mo Shafe-kiriathaime 6 le Bahore+ mo thabeng ya bone ya Seire,+ go fitlha kwa Ele-parane, e e kwa nageng. 7 Morago ga moo, ba ne ba boa ba tla mo Ene-mishepate, e leng Kadeshe,+ mme ba fenya kgaolo yotlhe ya Baamaleke+ le Baamore+ ba ba neng ba nna mo Hasasone-tamare.+

8 Mo nakong eno, kgosi ya Sodoma e ne ya gwanta, le kgosi ya Gomora, kgosi ya Adema, kgosi ya Seboima le kgosi ya Bela, motse o gape o bidiwang Soare, mme ba ne ba tlhomagana ba ya go lwa le bone mo Mokgatšheng* wa Sidima, 9 ba ne ba lwa le Kedorelaomere kgosi ya Elama, Tidale kgosi ya Goime, Amerafele kgosi ya Shinare le Arioke kgosi ya Elasare:+ dikgosi di le nnê di lwa le tse tlhano. 10 Jaanong Mokgatšha* wa Sidima o ne o tletse dikhuti tsa bitumena, mme dikgosi tsa Sodoma le Gomora di ne tsa leka go tshaba mme tsa wela mo go tsone, ba ba neng ba setse ba ne ba tshabela kwa kgaolong e e dithaba. 11 Bafenyi ba ne ba tsaya dithoto tsotlhe tsa Sodoma le Gomora le dijo tsotlhe tsa bone mme ba tsamaya.+ 12 Ba tsaya le Lote, morwa wa ga morwarraagwe Aberame yo a neng a nna kwa Sodoma+ mmogo le dithoto tsa gagwe mme ba ne ba tswa ba tsamaya.

13 Morago ga moo, monna mongwe yo o neng a falotse o ne a tla go bolelela Aberame wa Mohebera ka gone. Ka nako eo, o ne a agile* mo gare ga ditlhare tse dikgolo tsa ga Mamere wa Moamore,+ morwarraagwe Eshekole le Anere.+ Banna bano ba ne ba dirile tumalano le Aberame. 14 Ka jalo, Aberame o ne a utlwa gore setlogolo sa gagwe*+ se ne se isitswe botshwarwa. Foo o ne a phutha banna ba gagwe ba ba katisitsweng, batlhanka ba le 318 ba ba tsholetsweng mo ntlong ya gagwe, mme ba ba latela go ya go fitlha kwa Dana.+ 15 Fa go nna bosigo, o ne a kgaoganya mephato ya gagwe mme ene le batlhanka ba gagwe ba ba tlhasela ba bo ba ba fenya. O ne a ba latela go ya go fitlha kwa Hoba, e e kwa bokone jwa Damaseko. 16 O ne a golola dithoto tsotlhe a bo a golola le setlogolo sa gagwe e bong Lote, dithoto tsa gagwe, basadi le batho ba bangwe.

17 Fa Aberame a boa a sena go fenya Kedorelaomere le dikgosi tse di neng di na le ene, kgosi ya Sodoma e ne ya ya go kgatlhantsha Aberame kwa Mokgatšheng* wa Shafe, e leng Mokgatšha wa Kgosi.+ 18 Mme Melekisedeke+ kgosi ya Salema+ o ne a ntsha senkgwe le beine; e ne e le moperesiti wa Modimo Mogodimodimo.+

19 Foo o ne a mo segofatsa a re:

“A Modimo Mogodimodimo, Modiri wa legodimo le lefatshe,

A segofatse Aberame;

20 Mme a go bakwe Modimo Mogodimodimo,

Yo o dirileng gore o fenye bagateledi ba gago!”

Foo Aberame o ne a mo naya karolo* ya sengwe le sengwe.+

21 Morago ga moo, kgosi ya Sodoma e ne ya raya Aberame ya re: “Nneye batho, mme o itseele dithoto.” 22 Foo Aberame o ne a raya kgosi ya Sodoma a re: “Ke tsholetsa seatla sa me ke ikana fa pele ga ga Jehofa, Modimo yo o Kwa Godimodimo, Modiri wa legodimo le lefatshe, 23 gore ga nkitla ke tsaya sepe se e leng sa gago, go simolola ka tlhale go fitlha ka kgole ya setlhako,* gore o se ka wa re, ‘Ke humisitse Aberame.’ 24 Ga nkitla ke tsaya sepe ntle le se makawana a setseng a se jele. Mme banna ba ba neng ba tsamaile le nna e bong Anere, Eshekole le Mamere,+ a ba tseye kabelo ya bone.”

15 Morago ga seno, Jehofa o ne a raya Aberame mo ponatshegelong a re: “O se ka wa boifa,+ Aberame. Ke nna thebe ya gago.+ Tuelo ya gago e tla nna kgolo thata.”+ 2 Aberame o ne a mo raya a re: “Morena Molaodimogolo Jehofa, o tla nnaya eng ka gonne ga ke na ngwana e bile motho yo o tla ruang boswa jwa me ke monna wa Damaseko, e leng Eliesere?”+ 3 Aberame o ne a oketsa ka go re: “Ga o a nnaya bana,*+ mme motlhanka* mongwe wa me, ke ene a ntlhatlhamang go nna moruaboswa.” 4 Mme Jehofa o ne a mo araba a re: “Monna yono ga a kitla a go tlhatlhama e le moruaboswa, mme morwao* ke ene a tla go tlhatlhamang e le moruaboswa.”+

5 Jaanong o ne a mo ntshetsa kwa ntle mme a mo raya a re: “Tsweetswee, lebelela kwa magodimong mme o bale dinaledi, fa e le gore o ka kgona go di bala.” Go tswa foo, o ne a mo raya a re: “Losika lwa gago lo tla nna lontsi.”+ 6 Aberame o ne a dumela mo go Jehofa,+ mme a tsewa e le motho yo o siameng* ka ntlha ya tumelo ya gagwe.+ 7 Morago ga moo, o ne a oketsa jaana: “Ke nna Jehofa, yo ke go ntshitseng kwa Ure wa Bakaladia gore ke go neye lefatshe leno gore e nne la gago.”+ 8 Foo o ne a araba a re: “Morena Molaodimogolo Jehofa, ke tla itse jang gore e tla nna la me?” 9 Mme ene a mo raya a re: “Tsaya kgomo ya moroba* ya dingwaga di le tharo, podi e namagadi ya dingwaga di le tharo, phelefu ya dingwaga di le tharo, leeba le lephoi le lennye.” 10 Ka jalo, o ne a di tsaya tsotlhe mme a di kgaoganya ka bogare a bo a baya karolo nngwe le nngwe ya tsone go lebagana le e nngwe, mme dinonyane tsone a se ka a di kgaoganya. 11 Go tswa foo, dinonyane tse di jang nama di ne tsa simolola go fologela mo ditotong tseno, mme Aberame o ne a nna a di leleka.

12 Fa letsatsi le ne le tloga le phirima, Aberame o ne a tlelwa ke boroko jo bogolo a bo a welwa ke lefifi le legolo le le tshosang. 13 Mme Modimo o ne a raya Aberame a re: “Itse gore ruri ditlogolwana* tsa gago e tla nna batswakwa mo lefatsheng le e seng la bone, le gore batho ba lefatshe leo ba tla ba dira makgoba ba bo ba ba bogisa dingwaga di le 400.+ 14 Mme gone, ke tla atlhola setšhaba se ba tla se direlang,+ morago ga moo ba tla tswa ka dithoto di le dintsi.+ 15 Fa e le wena, o tla swa ka kagiso e bile o tsofetse thata; o tla fitlhwa fela jaaka borragomogolo ba fitlhilwe.+ 16 Mme mo kokomaneng ya bonê ditlogolwana tsa gago di tla boela fano,+ ka gonne nako ya gore Baamore ba otlhaelwe maleo a bone ga e ise e goroge.”+

17 Fa letsatsi le setse le phirimile e bile go le lefifi le lentshontsho, go ne ga nna le leubelo* le le kuang mosi, mme kgabo ya molelo e ne ya feta mo gare ga ditoto tse di kgaogantsweng ka dikarolo. 18 Mo letsatsing leo, Jehofa o ne a dira kgolagano le Aberame,+ a re: “Ke tla naya losika lwa gago lefatshe leno,+ go simologa kwa nokeng ya Egepeto go ya go fitlha kwa nokeng e kgolo, noka ya Euferatese:+ 19 lefatshe la Bakene,+ Bakenise, Bakademone, 20 Bahite,+ Baperise,+ Barefaime,+ 21 Baamore, Bakanana, Bagiregashe le Bajebuse.”+

16 Jaanong mosadi wa ga Aberame e bong Sarai, o ne a se na bana,+ mme Sarai o ne a na le lelata la Moegepeto yo leina la gagwe e neng e le Hagare.+ 2 Ka jalo, Sarai o ne a raya Aberame a re: “Tsweetswee, ntheetse! Jehofa o nthibetse gore ke se ka ka tshola bana. Tsweetswee, tlhakanela dikobo le lelata la me. Gongwe nka nna le bana ka ene.”+ Ka jalo, Aberame o ne a reetsa se Sarai a neng a se bua. 3 Fa Aberame a sena go nna dingwaga di le lesome mo lefatsheng la Kanana, mosadi wa gagwe e bong Sarai o ne a tsaya lelata la gagwe la Moegepeto e bong Hagare a bo a mo naya Aberame gore e nne mosadi wa gagwe. 4 Ka jalo, Aberame o ne a tlhakanela dikobo le Hagare mme a ima. E rile Hagare a lemoga gore o imile, o ne a simolola go nyatsa Sarai mong wa gagwe.

5 Foo Sarai o ne a raya Aberame a re: “Ke molato wa gago go bo ke utlwisitswe botlhoko thata jaana. Ke nna ke neng ka baya lelata la me mo diatleng tsa gago,* mme fa le lemoga gore le imile, le ne la simolola go nnyatsa. E kete Jehofa a ka atlhola fa gare ga me le wena.” 6 Ka jalo, Aberame o ne a raya Sarai a re: “Bona! Lelata la gago le mo taolong ya gago. Dira ka lone se o bonang se siame.” Foo Sarai o ne a dira gore le tlhabiwe ke ditlhong mme la tswa fa go ene la sia.

7 Moragonyana moengele wa ga Jehofa o ne a fitlhela Hagare fa motsweding wa metsi kwa nageng, motswedi o o mo tseleng e e yang Shure.+ 8 Mme o ne a mo raya a re: “Hagare, lelata la ga Sarai, o tswa kae mme o ya kae?” O ne a araba a re: “Ke tshabile Sarai mong wa me.” 9 Go tswa foo, moengele wa ga Jehofa o ne a mo raya a re: “Boela kwa go mong wa gago mme o dire se a reng o se dire.” 10 Gape moengele wa ga Jehofa o ne a mo raya a re: “Ke tla dira gore losika lwa gago lo nne lontsi thata, mo lo se kitlang lo balega ka ntlha ya bontsintsi jwa lone.”+ 11 Moengele wa ga Jehofa o ne a oketsa jaana: “O moimana, mme o tla belega ngwana wa mosimane mme o mmitse Ishemaele,* ka gonne Jehofa o bone* pogisego ya gago. 12 O tla tshwana le tonki ya naga.* O tla lwa le mongwe le mongwe e bile mongwe le mongwe o tla lwa le ene, mme o tla nna go bapa le bomorwarraagwe botlhe.”*

13 Foo Hagare o ne a bitsa leina la ga Jehofa, mme a mo raya a re: “O Modimo yo o bonang sengwe le sengwe,”*+ ka gonne Hagare o ne a re: “A go riana ke bone ene yo o mponang?” 14 Ke gone ka moo sediba seo se neng sa bidiwa Beere-lahai-roi.* (Se fa gare ga Kadeshe le Berede.) 15 Ka jalo, Hagare o ne a tsholela Aberame ngwana wa mosimane mme Aberame a bitsa morwawe, yo Hagare a mo tshotseng, a re Ishemaele.+ 16 Aberame o ne a na le dingwaga di le 86 fa Hagare a mo tsholela Ishemaele.

17 Fa Aberame a na le dingwaga di le 99, Jehofa o ne a iponatsa kwa go ene mme a mo raya a re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe. Tsamaya mo ditseleng tsa me mme o itshupe o se na molato. 2 Ke tla diragatsa kgolagano e ke e dirileng le wena,+ mme ke tla go ntsifatsa fela thata.”+

3 Foo Aberame o ne a khubama a bo a inama, mme Modimo a tswelela a bua le ene, a re: 4 “Bona, ke dirile kgolagano le wena,+ mme ruri o tla nna rre wa ditšhaba di le dintsi.+ 5 Leina la gago ga e kitla e tlhola e nna Aberame;* leina la gago e tla nna Aborahame* ka gonne ke tla go dira rre wa ditšhaba di le dintsi. 6 Ke tla dira gore o ate fela thata e bile ke tla dira gore o nne ditšhaba, mme go tla tswa dikgosi mo go wena.+

7 “Ke tla boloka kgolagano ya me fa gare ga me le wena+ le ditlogolwana* tse o tla nnang le tsone mo dikokomaneng tsotlhe tsa bone, gore e nne kgolagano e e tla nnelang ruri, gore ke nne Modimo wa gago le wa ditlogolwana* tse o tla nnang le tsone. 8 Mme wena le ditlogolwana* tse o tla nnang le tsone, ke tla lo naya lefatshe le o neng wa nna motswakwa mo go lone,+ e leng lefatshe lotlhe la Kanana, gore e nne la lona ka bosakhutleng, mme ke tla nna Modimo wa bone.”+

9 Modimo o ne a tswelela a raya Aborahame a re: “Fa e le wena, o tshwanetse go boloka kgolagano ya me, wena le ditlogolwana* tse o tla nnang le tsone mo dikokomaneng tsotlhe tsa bone. 10 Eno ke kgolagano e ke e dirileng le wena, e wena le ditlogolwana* tse o tla nnang le tsone lo tshwanetseng go e boloka: Banna botlhe ba lona ba tshwanetse go rupisiwa.+ 11 Mme lo tshwanetse go rupisiwa mo nameng ya matlalo a lona a bonna, mme seno e tla nna sesupo sa kgolagano fa gare ga me le lona.+ 12 Mo dikokomaneng tsotlhe tsa lona, monna mongwe le mongwe yo o nang le malatsi a le robedi o tshwanetse go rupisiwa,+ ope fela yo o tsholetsweng mo lelapeng la gago le ope fela yo e seng wa losika lwa gago le yo o rekilweng ka madi mo mothong wa motswakwa. 13 Monna mongwe le mongwe yo o tsholetsweng mo lelapeng la gago le monna mongwe le mongwe yo o rekilweng ka madi a gago, o tshwanetse go rupisiwa+ mme kgolagano ya me mo nameng ya lona, e tshwanetse go nna kgolagano e e nnelang ruri. 14 Fa monna yo o sa rupang a sa rupise nama ya letlalo la gagwe la bonna, motho yoo o tshwanetse go bolawa. O tlodile kgolagano ya me.”

15 Go tswa foo, Modimo o ne a raya Aborahame a re: “Mme mosadi wa gago e bong Sarai*+ ene, o se ka wa mmitsa Sarai, ka gonne leina la gagwe e tla nna Sara.* 16 Ke tla mo segofatsa e bile gape ke tla dira gore a go tsholele ngwana wa mosimane;+ ke tla mo segofatsa mme o tla nna ditšhaba; dikgosi tsa ditšhaba di tla tswa mo go ene.” 17 Foo Aborahame o ne a khubama a bo a inama mme a tshega a bo a bua jaana mo pelong ya gagwe:+ “A monna wa dingwaga di le 100 o tla tsholelwa ngwana, e bile Sara, mosadi wa dingwaga di le 90, a o tla tshola ngwana?”+

18 Foo Aborahame o ne a raya Modimo wa boammaaruri a re: “Ao tlhe, e kete Ishemaele a ka tshela fa pele ga gago!”+ 19 Mme Modimo o ne a mo raya a re: “Ruri Sara mosadi wa gago o tla go tsholela ngwana wa mosimane, mme o mmitse Isake.*+ Ke tla diragatsa kgolagano ya me le ene, gore e nne kgolagano e e tla nnelang ruri mo losikeng lwa gagwe lo lo tla tlang morago ga gagwe.+ 20 Mme gone, se o neng o se bua ka ga Ishemaele, ke se utlwile. Ke tla mo segofatsa e bile ke tla dira gore a ate ke bo ke mo ntsifatsa fela thata. O tla tshola dikgosana di le 12, mme ke tla dira gore a nne setšhaba se segolo.+ 21 Le fa go ntse jalo, ke tla diragatsa kgolagano ya me le Isake,+ yo Sara a tla go mo tsholelang mo nakong eno e e tlhomilweng, mo ngwageng o o tlang.”+

22 Fa Modimo a fetsa go bua le Aborahame, o ne a tswa fa go ene. 23 Morago ga moo, Aborahame o ne a tsaya Ishemaele morwawe le banna botlhe ba ba tsholetsweng mo lelapeng la gagwe le mongwe le mongwe yo a mo rekileng ka madi, monna mongwe le mongwe mo ntlong ya ga Aborahame, mme a rupisa nama ya matlalo a bone a bonna mo go lone letsatsi leo, fela jaaka Modimo a ne a mmoleletse.+ 24 Aborahame o ne a na le dingwaga di le 99 fa go ne go rupisiwa nama ya letlalo la gagwe la bonna.+ 25 Mme morwawe e bong Ishemaele o ne a na le dingwaga di le 13 fa go ne go rupisiwa nama ya letlalo la gagwe la bonna.+ 26 Aborahame o ne a rupisiwa mo go lone letsatsi leo, le Ishemaele morwawe. 27 Banna botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe, ope fela yo o tsholetsweng mo lelapeng la gagwe le ope fela yo o rekilweng ka madi mo mothong wa motswakwa, le bone ba ne ba rupisiwa le ene.

18 Morago ga moo, Jehofa+ o ne a iponatsa kwa go Aborahame mo gare ga ditlhare tse dikgolo tsa Mamere,+ fa a ne a ntse fa kgorong ya tente ka nako ya fa letsatsi le fisa thata. 2 O ne a tsholetsa matlho mme a bona banna ba le bararo ba eme kgakalanyana le ene.+ Fa a ba bona, o ne a taboga a tswa fa kgorong ya tente a ya go ba kgatlhantsha mme a inamela fa fatshe a ikoba. 3 Foo o ne a re: “Jehofa, fa e le gore o nkamogetse, tsweetswee o se ka wa feta motlhanka wa gago. 4 Tsweetswee, mma go tlisiwe metsinyana mme lo tlhapisiwe dinao;+ go tswa foo lo ikhutse ka fa tlase ga setlhare. 5 E re ka lo tlile mo motlhankeng wa lona, mma ke lo tlisetse thathana ya senkgwe gore lo itapolose.* Morago ga moo, lo ka tswelela ka loeto lwa lona.” Foo ba ne ba mo raya ba re: “Go siame. O ka nna wa dira jaaka o buile.”

6 Ka jalo, Aborahame o ne a itlhaganelela kwa tenteng kwa go Sara mme a mo raya a re: “Itlhaganele! Tsaya bupi jo bo boleta jwa dimmanki di le tharo,* o dube tlhama o bo o dira dinkgwe.” 7 Morago ga moo, Aborahame o ne a sianela kwa motlhapeng mme a tlhopha powana e e boruma e e siameng a bo a e naya motlhokomedi mme le ene a itlhaganela a ya go e tlhaba a bo a e apaya. 8 Go tswa foo, o ne a tsaya botoro le mashi le powana e a neng a e apeile mme a baya dijo fa pele ga bone. Foo o ne a tswelela a eme fa go bone ka fa tlase ga setlhare fa ba ntse ba ja.+

9 Ba ne ba mo raya ba re: “Sara+ mosadi wa gago o kae?” O ne a ba araba a re: “O mo tenteng!” 10 Ka jalo, mongwe wa bone o ne a mo raya a re: “Ruri ke tla boela mo go wena ngwaga o o tlang ka yone nako eno, mme Sara mosadi wa gago o tla nna le ngwana wa mosimane.”+ Jaanong Sara o ne a reeditse a le fa kgorong ya tente, e e neng e le ka fa morago ga monna yono. 11 Aborahame le Sara ba ne ba tsofetse, ba na le dingwaga di le dintsi.+ Sara o ne a setse a fetile dingwaga tsa go tshola bana.*+ 12 Ka jalo, Sara o ne a tshega a le nosi, a re: “Ke setse ke tsofetse jaana e bile morena wa me le ene a setse a tsofetse, a ruri ke tla itumelela seno?”+ 13 Foo Jehofa o ne a raya Aborahame a re: “Ke ka ntlha yang fa Sara a ne a tshega a bo a re: ‘A tota ke tla kgona go tshola ngwana ke setse ke tsofetse jaana?’ 14 A go na le sengwe se se ka palelang Jehofa?+ Ke tla boela mo go wena ngwaga o o tlang ka yone nako eno e e tlhomilweng, mme Sara o tla nna le ngwana wa mosimane.” 15 Mme Sara o ne a ganela a re: “Ga ke a tshega!” ka gonne o ne a tshogile. Foo o ne a mo raya a re: “Nnyaa! o tshegile.”

16 Fa banna bano ba ne ba emelela ba tsamaya mme ba ya ntlheng ya Sodoma,+ Aborahame o ne a tsamaya le bone a ba buledisa.* 17 Jehofa o ne a re: “A ke fitlhela Aborahame se ke tlileng go se dira?+ 18 Aitsane, ruri Aborahame o tlile go nna setšhaba se segolo le se se maatla, mme ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla segofadiwa* ka ntlha ya gagwe.+ 19 Ka gonne ke mo tlhophile* gore a tle a laele bomorwawe le ditlogolwana tsotlhe tsa gagwe gore ba boloke tsela ya ga Jehofa, ka go dira se se siameng le ka go diragatsa tshiamiso,+ gore Jehofa a tle a diragatse se a se solofeditseng Aborahame.”

20 Foo Jehofa o ne a re: “Go na le selelo se segolo ka ga Sodoma le Gomora,+ e bile boleo jwa bone bo a boitshega.+ 21 Ke tla ya teng gore ke bone gore a ba dira go ya ka fa selelong se ke se utlwileng. Mme fa go sa nna jalo, ke tla kgona go itse.”+

22 Go tswa foo, banna bano ba ne ba tswa koo ba ya Sodoma, mme Jehofa+ ene a sala le Aborahame. 23 Foo Aborahame o ne a mo atamela a bo a re: “A ruri o tla nyeletsa basiami le batho ba ba bosula?+ 24 A re tseye gore go na le batho ba ba siameng ba le 50 mo motseng. A o tla nyeletsa batho botlhe mo motseng oo? A ga o kitla o ba itshwarela ka ntlha ya ba ba siameng ba ba 50, ba ba mo go one? 25 Go ka se direge gore o dire jalo, o bolaye motho yo o siameng le yo o bosula gore motho yo o siameng le yo o bosula ba diragalelwe ke se se tshwanang!+ O ka se dire jalo.+ A Moatlhodi wa lefatshe lotlhe a ka se dire se se siameng?”+ 26 Foo Jehofa o ne a re: “Fa nka fitlhela batho ba ba siameng ba le 50 mo Sodoma, ke tla itshwarela motse otlhe ka ntlha ya bone.” 27 Mme gone Aborahame o ne a araba gape a re: “Tsweetswee Jehofa, ntetle gore ke tswelele ke bue, le fa gone ke le lorole le molora fela. 28 A re tseye gore mo go ba le 50 ba ba siameng go tlhaela ba le batlhano. A o tla senya motse otlhe ka ntlha ya batho bao ba batlhano?” O ne a mo raya a re: “Fa nka fitlhela ba le 45 mo go one ga nkitla ke o senya.”+

29 Le fa go ntse jalo, Aborahame o ne a bua le ene gape a re: “A re tseye gore go fitlhelwa ba le 40.” Modimo o ne a mo araba a re: “Ga nkitla ke dira jalo ka ntlha ya ba ba 40.” 30 Mme o ne a tswelela a re: “Tsweetswee Jehofa, o se ka wa nkgalefela,+ ntetle gore ke tswelele ke bue: A re tseye gore go fitlhelwa ba le 30.” O ne a mo araba a re: “Ga nkitla ke dira jalo fa ke fitlhela ba le 30.” 31 Mme o ne a tswelela a re: “Tsweetswee Jehofa, ntetle gore ke tswelele ke bua: A re tseye gore go fitlhelwa ba le 20.” Mme ene o ne a mo araba a re: “Ga nkitla ke o senya ka ntlha ya ba ba 20.” 32 La bofelo o ne a re: “Tsweetswee Jehofa, o se ka wa nkgalefela, mma ke bue la bofelo: A re tseye gore go fitlhelwa ba le lesome.” Mme ene o ne a mo araba a re: “Ga nkitla ke o senya ka ntlha ya ba ba lesome.” 33 Fa Jehofa a sena go bua le Aborahame o ne a tsamaya,+ mme Aborahame ene o ne a boela kwa legaeng la gagwe.

19 Baengele ba babedi ba ne ba goroga kwa Sodoma go le maitseboa, mme Lote o ne a ntse fa kgorong ya Sodoma. Fa Lote a ba bona, o ne a ema a ya go ba kgatlhantsha mme a ikoba, sefatlhego sa gagwe se lebile fa fatshe.+ 2 Mme o ne a ba raya a re: “Tsweetswee barena ba me, fapogelang mo ntlong ya motlhanka wa lona lo lale gone, mme a dinao tsa lona di tlhapisiwe. Mme lo ka nna lwa tsoga go sa le phakela lo bo lo tsamaya.” Ba ne ba mo raya ba re: “Nnyaa, re tla lala mo patlelong.” 3 Mme o ne a nna a ba kopa mo ba neng ba ya le ene kwa ntlong ya gagwe. Morago ga moo, o ne a ba direla dijo tse dintsi a bo a ba besetsa senkgwe se se se nang sebediso, mme ba ne ba ja.

4 Pele ga ba robala, banna ba motse, e leng banna ba Sodoma, ba ne ba kokoanela ntlo ba le segopa se le sengwe, go simolola ka mosimane go fitlha ka monnamogolo. 5 Mme ba ne ba nna ba goa Lote ba re: “Banna ba ba tlileng kwa go wena mo bosigong jono ba kae? Ba ntshetse kwa go rona gore re tlhakanele dikobo le bone.”+

6 Foo Lote o ne a tswela kwa go bone kwa kgorong a bo a tswala kgoro fa a sena go tswa. 7 Mme o ne a re: “Tsweetswee, bomorwarre, lo se ka lwa dira bosula. 8 Tsweetswee, ke na le bana ba babedi ba basetsana fano ba ba iseng ba tlhakanele dikobo le monna. Tsweetswee, mma ke ba ntshetseng kwa go lona gore lo ba dire se lo bonang se siame. Mme banna bano bone lo se ka lwa ba dira sepe ka gonne ba tlile mo ntlong ya me.”*+ 9 Foo ba ne ba re: “Thiboga foo!” Gape ba mo raya ba re: “Motswakwa yono o ne a tla go nna fano, mme o setse a batla go re atlhola! Jaanong re tlile go go dira se se bosula go feta se re tla se ba dirang.” Mme ba ne ba atamela Lote ba mo kokoanela* ba batla go thuba lebati. 10 Ka jalo, banna ba ba neng ba etetse Lote ba ne ba ntsha diatla mme ba mo gogela mo teng ga ntlo kwa go bone ba bo ba tswala kgoro. 11 Mme ba ne ba foufatsa banna ba ba neng ba le fa kgorong ya ntlo, go simolola ka yo monnye go fitlha ka yo mogolo, mo e leng gore ba ne ba itapisa fela ba leka go batla kgoro.

12 Foo banna bano ba ne ba raya Lote ba re: “A go na le mongwe gape wa gaeno fano? Bagwe, bomorwao, bomorwadio le batho ba gaeno botlhe mo motseng, ba ntshe mo lefelong leno! 13 Gonne re tlile go senya lefelo leno, ka ntlha ya gore ruri Jehofa o utlwile selelo se segolo* sa batho ba ba ngongoregang ka motse ono,+ mo e leng gore Jehofa o re romile go tla go o senya.” 14 Ka jalo, Lote o ne a tswela kwa ntle mme a bua le bagwe ba gagwe ba ba neng ba tshwanetse go nyala bomorwadie, mme o ne a nna a re: “Itlhaganeleng! Tswang mo lefelong leno ka gonne Jehofa o tlile go senya motse ono!” Mme bagwe ba gagwe ba ne ba bona e kete o dira motlae.+

15 E rile bo sa, baengele ba ne ba kurusa Lote, ba re: “Itlhaganele! Tsaya mosadi wa gago le bomorwadio ba babedi ba ba nang le wena, gore lo se ka lwa senngwa fa motse ono o senngwa ka ntlha ya bosula jwa one!”+ 16 Fa a nnela go diega, banna bano ba ne ba tshwara seatla sa gagwe le seatla sa mosadi wa gagwe le diatla tsa bomorwadie ba babedi mme ba mo ntsha ba mo emisa kwa ntle ga motse,+ ka gonne Jehofa o ne a mo tlhomogela pelo.+ 17 Fela fa ba sena go ba ntshetsa kwa ntle ga motse, mongwe wa bone o ne a mo raya a re: “Falotsa botshelo* jwa gago! O se ka wa leba kwa morago+ e bile o se ka wa ema mo karolong epe fela ya kgaolo eno!+ Tshabela kwa kgaolong e e dithaba gore o se ka wa senngwa!”

18 Foo Lote o ne a ba raya a re: “Tsweetswee Jehofa, e seng koo! 19 Tsweetswee, o amogetse motlhanka wa gago e bile o mpontsha bopelonomi jo bogolo* ka go mpoloka ke tshela,+ mme gone ga ke kgone go tshabela kwa kgaolong e e dithaba ka gonne ke tshaba gore nka nna ka welwa ke masetlapelo ke bo ke swa.+ 20 Tsweetswee, motse ono o gaufi mme nka tshabela kwa go one; ke lefelo le lennye fela. Tsweetswee, a nka tshabela kwa go one? Ke lefelo le lennye fela. Mme ke tla falola.” 21 Ka jalo, o ne a mo raya a re: “Go siame, ke tla go akanyetsa+ ka go sa senye motse o o buileng ka one.+ 22 Itlhaganele! Tshabela teng ka gonne ga ke kgone go dira sepe go fitlha o goroga koo!”+ Ke gone ka moo a neng a bitsa motse oo a re Soare.*+

23 Letsatsi le ne le setse le tlhabile fa Lote a goroga kwa Soare. 24 Foo Jehofa o ne a dira gore sulefera le molelo di nele Sodoma le Gomora mme di ne di tswa kwa go Jehofa kwa magodimong.+ 25 Ka jalo, o ne a senya metse eno, kgaolo yotlhe, go akaretsa baagi botlhe ba metse eo le dimela.+ 26 Mme mosadi wa ga Lote, yo a neng a le ka fa morago ga gagwe, o ne a leba kwa morago a bo a fetoga pilara ya letswai.+

27 Jaanong Aborahame o ne a tsoga go sa le phakela a bo a ya kwa lefelong le a neng a eme fa pele ga ga Jehofa+ kwa go lone. 28 Fa a leba kwa tlase kwa Sodoma le Gomora le lefatshe lotlhe la kgaolo eo, o ne a bona sengwe se se gakgamatsang. Mosi o montshontsho o ne o tlhatloga o tswa mo lefatsheng o tshwana le mosi o montshontsho wa bobesetso!+ 29 Ka jalo, fa Modimo a ne a senya metse ya kgaolo eo, o ne a nna a gopotse Aborahame mme a ntsha Lote mo metseng e a neng a e senya, metse e Lote a neng a nna mo go yone.+

30 Moragonyana Lote o ne a tswa kwa Soare le bomorwadie ba babedi mme a ya go nna kwa kgaolong e e dithaba+ ka gonne o ne a boifa go nna kwa Soare.+ Ka jalo, o ne a simolola go nna mo logageng le bomorwadie ba babedi. 31 Mme wa leitibolo a raya yo mmotlana a re: “Rraarona o tsofetse mme ga go na monna ope mo lefatsheng leno yo o ka re nyalang jaaka go tlwaelegile. 32 Tlaa, a re neye rraarona beine gore a nwe mme re tlhakanele dikobo le ene gore re boloke losika lwa ga rraarona.”

33 Ka jalo mo bosigong joo, ba ne ba nna ba naya rraabone beine gore a nwe; go tswa foo wa leitibolo o ne a tsena mme a tlhakanela dikobo le rraagwe, mme Lote o ne a se ka a lemoga fa morwadie a tsena a tla go tlhakanela dikobo le ene le fa a tswa. 34 Mo letsatsing le le latelang, wa leitibolo o ne a raya yo mmotlana a re: “Ke ne ka tlhakanela dikobo le rre mo bosigong jo bo fetileng. A re mo neye beine gape gore a nwe le mo bosigong jono. Go tswa foo, o tsene mme o tlhakanele dikobo le ene gore re boloke losika lwa ga rraarona.” 35 Gape le mo bosigong joo, ba ne ba naya rraabone beine kgapetsakgapetsa gore a nwe; go tswa foo yo mmotlana o ne a ya go tlhakanela dikobo le ene, mme Lote o ne a se ka a lemoga fa morwadie a tsena a tla go tlhakanela dikobo le ene le fa a tswa. 36 Ka jalo, bomorwadia Lote ka bobedi ba ne ba imisiwa ke rraabone. 37 Morwadie wa leitibolo o ne a tshola ngwana wa mosimane mme a mmitsa Moabe.+ Ke rraagwe Bamoabe ba gompieno.+ 38 Morwadie yo mmotlana le ene o ne a tshola ngwana wa mosimane mme a mmitsa Bene-ami. Ke rraagwe Baamone+ ba gompieno.

20 Jaanong Aborahame o ne a tswa koo+ a ya kwa lefatsheng la Negebe mme a aga fa gare ga Kadeshe+ le Shure.+ Fa Aborahame a ntse a agile* kwa Gerare,+ 2 o ne a bua jaana gape ka Sara mosadi wa gagwe: “Ke kgaitsadiake.”+ Ka jalo, Abimeleke kgosi ya Gerare o ne a laela gore Sara a ye go tsewa.+ 3 Morago ga moo, Modimo o ne a tla kwa go Abimeleke bosigo mo torong mme a mo raya a re: “Ruri o tla swa ka ntlha ya mosadi yo o mo tsereng+ ka gonne mosadi yono o nyetswe e bile ke wa monna yo mongwe.”+ 4 Le fa go ntse jalo, Abimeleke o ne a ise a mo atamele.* Ka jalo, o ne a re: “Jehofa, a o tla bolaya setšhaba se tota se se nang molato?* 5 A Aborahame ga a ka a nthaya a re, ‘Ke kgaitsadiake,’ mme a Sara le ene ga a ka a re, ‘Ke kgaitsadiake’? Ke dirile seno ka pelo e e ikanyegang le ka diatla tse di se nang molato.” 6 Foo Modimo wa boammaaruri o ne a mmolelela jaana mo torong: “Ke a itse gore o dirile seno ka pelo e e ikanyegang, ka jalo ke ne ka go thiba gore o se ka wa nteofela. Ke gone ka moo ke neng ka se ka ka go letla gore o mo ame. 7 Jaanong busa mosadi yono ka gonne monna wa gagwe ke moporofeti,+ o tla go rapelela+ mme o tla tswelela o tshela. Mme fa o sa mmuse, itse gore ruri o tla swa, wena le botlhe ba e leng ba gago.”

8 Abimeleke o ne a tsoga go sa le phakela mme a bitsa batlhanka botlhe ba gagwe a bo a ba bolelela dilo tseno tsotlhe, mme ba ne ba tshoga fela thata. 9 Morago ga moo, Abimeleke o ne a bitsa Aborahame a bo a mo raya a re: “O re dirile eng? Ke go diretse boleo bofe gore o tlisetse nna le bogosi jwa me boleo jono jo bogolo? Se o se ntirileng ga se a siama.” 10 Gape Abimeleke o ne a raya Aborahame a re: “O ne o ikaeletse eng fa o ne o dira selo seno?”+ 11 Aborahame o ne a mo raya a re: “Ke ne ka ipolelela jaana, ‘Ruri batho ba lefelo leno ga ba boife Modimo, mme ba tla mpolaya ka ntlha ya mosadi wa me.’+ 12 Mo godimo ga moo, tota ke kgaitsadiake, morwadiarre, mme gone ga se morwadiammê, mme ke ne ka mo nyala.+ 13 Ka jalo, fa Modimo a ne a dira gore ke kgarakgatshege ke tswe mo ntlong ya ga rre,+ ke ne ka raya Sara ka re: ‘Ke kopa gore o mpontshe lorato lo lo sa kgaotseng ka tsela eno: Gongwe le gongwe kwa re yang teng, o bue jaana ka nna: “Ke kgaitsadiake.”’”+

14 Go tswa foo, Abimeleke o ne a naya Aborahame dinku, dikgomo, batlhanka le malata a bo a mmusetsa mosadi wa gagwe e bong Sara. 15 Gape Abimeleke o ne a re: “Lefatshe la me ke leno fa pele ga gago. Nna gongwe le gongwe kwa o ratang go nna gone.” 16 Mme o ne a raya Sara a re: “Ke naya kgaitsadio dishekele tsa selefera di le 1 000.+ Seno ke sesupo* mo go botlhe ba ba nang le wena le mo go mongwe le mongwe gore ga o na molato, mme kgobo e tlositswe mo go wena.” 17 Mme Aborahame o ne a rapela Modimo a rapelela Abimeleke, mme Modimo o ne a fodisa Abimeleke le mosadi wa gagwe le malata a gagwe, mme ba simolola go tshola bana; 18 ka gonne Jehofa o ne a dirile gore basadi botlhe ba ntlo ya ga Abimeleke ba se ka ba tshola bana* ka ntlha ya ga Sara, mosadi wa ga Aborahame.+

21 Jehofa o ne a gakologelwa Sara fela jaaka a ne a buile, mme Jehofa o ne a direla Sara se a neng a se solofeditse.+ 2 Ka jalo, Sara o ne a ima+ a bo a tsholela Aborahame ngwana wa mosimane ka nako e e tlhomilweng e Modimo a neng a e solofeditse Aborahame, yo ka nako eo a neng a tsofetse.+ 3 Aborahame o ne a bitsa morwawe yo a sa tswang go mo tsholelwa ke Sara, a re ke Isake.+ 4 Fa Isake a na le malatsi a le robedi, Aborahame o ne a mo rupisa fela jaaka Modimo a ne a mo laetse.+ 5 Aborahame o ne a na le dingwaga di le 100 fa a ne a tsholelwa morwawe e bong Isake. 6 Foo Sara o ne a re: “Modimo o ntliseditse setshego; mongwe le mongwe yo o utlwang seno o tla tshega le nna.”* 7 O ne a bo a re: “Ke mang yo o neng a ka raya Aborahame a re, ‘Ruri Sara o tla anyisa bana’? Le fa go ntse jalo, ke mo tsholetse morwa mo botsofeng jwa gagwe.”

8 Jaanong ngwana o ne a gola a bo a kgwisiwa, mme Aborahame o ne a dira moletlo o mogolo mo letsatsing le Isake a kgwisitsweng ka lone. 9 Mme Sara o ne a lemoga gore morwa Hagare+ wa Moegepeto, yo a neng a mo tsholetse Aborahame, o ne a sotla Isake.+ 10 Ka jalo, Sara o ne a raya Aborahame a re: “Koba lelata leno le morwaalone ka gonne morwa lelata leno ga a ka ke a nna moruaboswa le morwaake Isake!”+ 11 Mme se a neng a se bua ka morwa yono se ne se sa itumedise Aborahame gotlhelele.+ 12 Foo Modimo o ne a raya Aborahame a re: “O se ka wa utlwisiwa botlhoko ke se Sara a go bolelelang sone ka mosimane le ka lelata la gago. Mo reetse* ka gonne se se tla bidiwang losika lwa gago se tla nna gone ka Isake.+ 13 Mme morwa yono wa lelata,+ le ene ke tla dira setšhaba go tswa mo go ene+ ka gonne ke ngwana wa gago.”*

14 Ka jalo, Aborahame o ne a tsoga phakela thata mme a tsaya senkgwe le modutwana* wa metsi a bo a o naya Hagare. O ne a baya dilo tseno mo legetleng la gagwe a bo a mo tsamaisa le mosimane.+ Ka jalo, Hagare o ne a tsamaya mme a kgarakgatshega mo nageng ya Beere-sheba.+ 15 La bofelo metsi a a mo modutwaneng a ne a fela, mme o ne a kgoromeletsa mosimane ka fa tlase ga setlhatshana sengwe. 16 Go tswa foo, o ne a tsamaya mme a nna a le esi mo e ka nnang sekgala se motswi o ka hulelwang gone ka gonne o ne a re: “Ga ke batle go bona fa mosimane a swa.” Ka jalo, o ne a nna fa fatshe a le kgakajana mme a goa a lela.

17 Foo Modimo o ne a utlwa lentswe la mosimane,+ mme moengele wa Modimo a bitsa Hagare go tswa kwa magodimong a mo raya a re:+ “Bothata ke eng Hagare? O se ka wa boifa ka gonne Modimo o utlwile lentswe la mosimane kwa a leng gone. 18 Ema, tsholetsa mosimane mme o mo tshware ka seatla ka gonne ke tla mo dira setšhaba se segolo.”+ 19 Go tswa foo, Modimo o ne a bula matlho a gagwe mme a bona sediba sa metsi, o ne a ya kwa go sone a tlatsa modutwana ka metsi a bo a nosa mosimane. 20 Mme Modimo o ne a nna le mosimane yoo+ fa a ntse a gola. Mosimane o ne a nna mo nageng mme a nna mohudi wa metswi. 21 O ne a aga mo nageng ya Parana+ mme mmaagwe o ne a mo tseela mosadi kwa lefatsheng la Egepeto.

22 Ka nako eo, Abimeleke a na le Fikole molaodi wa masole a gagwe, o ne a raya Aborahame a re: “Modimo o na le wena mo go sengwe le sengwe se o se dirang.+ 23 Jaanong inkanele ka Modimo gore ga o kitla o dirisana ka go sa ikanyege le nna, le bongwanake le ditlogolwana tsa me le gore o tla dirisana le nna le batho ba lefatshe le o ntseng o nna mo go lone ka lorato lo lo sa kgaotseng lo lo tshwanang le lo ke lo go bontshitseng.”+ 24 Ka jalo, Aborahame o ne a mo raya a re: “Ke a ikana.”

25 Le fa go ntse jalo, Aborahame o ne a ngongorega mo go Abimeleke ka sediba se batlhanka ba ga Abimeleke ba neng ba se tsere ka dikgoka.+ 26 Abimeleke o ne a mo raya a re: “Ga ke itse gore ke mang yo o dirileng seno; ga o a ka wa mpolelela e bile ke ntse ke sa itse sepe ka gone, ke gone ke utlwang gompieno.” 27 Foo Aborahame o ne a tsaya dinku le dikgomo mme a di naya Abimeleke, mme boobabedi ba dira kgolagano. 28 Fa Aborahame a ne a ntsha dikwanyana tse dinamagadi di le supa mo letsomaneng a di beela kwa thoko, 29 Abimeleke o ne a raya Aborahame a re: “Ke ka ntlha yang fa o beetse dikwanyana tse dinamagadi tseno tse supa kwa thoko?” 30 Foo o ne a mo raya a re: “O tshwanetse go amogela dikwanyana tse dinamagadi tseno tse supa go tswa mo seatleng sa me e le bosupi jwa gore ke epile sediba seno.” 31 Ke gone ka moo a neng a bitsa lefelo leo Beere-sheba,*+ ka gonne boobabedi ba ne ba dira maikano gone. 32 Ka jalo, ba ne ba dira kgolagano+ kwa Beere-sheba mme morago ga moo Abimeleke le Fikole molaodi wa masole a gagwe, ba boela kwa lefatsheng la Bafilisitia.+ 33 Morago ga moo, Aborahame o ne a jala setlhare sa motamariseka kwa Beere-sheba mme o ne a bitsa leina la ga Jehofa gone koo,+ Modimo yo o nnang ka bosakhutleng.+ 34 Mme Aborahame o ne a nna* mo lefatsheng la Bafilisitia lobaka lo loleele.*+

22 Jaanong morago ga seno Modimo wa boammaaruri o ne a leka Aborahame,+ a mo raya a re: “Aborahame!” mme ene a araba a re: “Ke fano!” 2 Go tswa foo, o ne a re: “Tsweetswee, tsaya morwao, morwao yo o esi yo o mo ratang thata,+ e bong Isake+ mme o ye kwa lefatsheng la Moria,+ mme fa o le koo o mo ntshe setlhabelo se se fisiwang mo go nngwe ya dithaba e ke tla go e bontshang.”

3 Ka jalo, Aborahame o ne a tsoga phakela thata, a belesa tonki ya gagwe a bo a tsaya batlhanka ba gagwe ba le babedi le Isake morwawe. O ne a phatsa dikgong tsa setlhabelo se se fisiwang mme morago ga moo a tsaya loeto a ya kwa lefelong le Modimo wa boammaaruri a neng a le mmontshitse. 4 Mo letsatsing la boraro, Aborahame o ne a tsholetsa matlho a bo a bona lefelo leo a le kgakajana. 5 Jaanong Aborahame o ne a raya batlhanka ba gagwe a re: “Lona salang fano le tonki, mme nna le mosimane re tla ya fale re ya go obamela Modimo re bo re boela mo go lona.”

6 Go tswa foo, Aborahame o ne a tsaya dikgong tsa setlhabelo se se fisiwang a bo a di naya Isake morwawe. O ne a tsaya molelo le thipa* ba bo ba tsamaya mmogo. 7 Foo Isake o ne a raya Aborahame rraagwe a re: “Rra!” Mme ene a re: “Ke reeditse, morwaaka!” Ka jalo, Isake o ne a tswelela a re: “Molelo le dikgong ke tseno, nku ya setlhabelo se se fisiwang yone e kae?” 8 Aborahame o ne a mo araba a re: “Modimo o tla re naya nku ya setlhabelo se se fisiwang,+ morwaaka.” Mme boobabedi ba ne ba tswelela ba tsamaya mmogo.

9 La bofelo ba ne ba fitlha mo lefelong le Modimo wa boammaaruri a neng a le mmontshitse, mme Aborahame o ne a aga sebeso gone a bo a rulaganya dikgong mo go sone. O ne a bofa Isake mabogo le dinao a bo a mmaya mo sebesong mo godimo ga dikgong.+ 10 Foo Aborahame o ne a ntsha seatla a tsaya thipa* gore a bolaye morwawe.+ 11 Mme moengele wa ga Jehofa o ne a mmitsa go tswa kwa magodimong a re: “Aborahame, Aborahame!” mme o ne a araba a re: “Ke fano!” 12 Go tswa foo, o ne a re: “O se ka wa bolaya mosimane e bile o se ka wa mo utlwisa botlhoko ka gonne jaanong ke a itse gore o boifa Modimo ka gore ga o a gana go nnaya morwao yo o esi fela.”+ 13 Foo Aborahame o ne a tsholetsa matlho mme fela fa morago ga gagwe go ne go na le phelefu, dinaka tsa yone di tshwerwe ke ditlhatshana tse di kitlaneng. Ka jalo, Aborahame o ne a ya go tsaya phelefu eo mme a e ntsha setlhabelo se se fisiwang mo boemong jwa ga morwawe. 14 Mme Aborahame o ne a bitsa lefelo leo Jehofa-jire.* Ke gone ka moo le gompieno go sa ntseng go twe: “Mo thabeng ya ga Jehofa re tla newa.”+

15 Moengele wa ga Jehofa o ne a bitsa Aborahame lekgetlo la bobedi go tswa kwa magodimong, 16 a re: “‘Ke ikana ka nna,’ go bua Jehofa,+ ‘ka gonne o dirile seno e bile ga o a gana ka morwao, morwao yo o esi fela,+ 17 ruri ke tla go segofatsa e bile ke tla dira gore losika lwa gago lo nne lontsi jaaka dinaledi tsa magodimo le jaaka motlhaba* o o fa losing lwa lewatle,+ mme losika lwa gago lo tla gapa metse* ya baba ba lone.+ 18 Mme ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla itshegofatsa ka losika lwa gago+ ka gonne o reeditse lentswe la me.’”+

19 Morago ga moo, Aborahame o ne a boela kwa batlhankeng ba gagwe, mme ba tsamaya mmogo ba boela kwa Beere-sheba;+ Aborahame o ne a tswelela a nna kwa Beere-sheba.

20 Morago ga seno Aborahame o ne a begelwa jaana: “Mileka le ene o tsholetse morwarrago, Nahore, bana ba basimane:+ 21 Wa leitibolo ke Use, bomonnawe ke Buse, Kemuele rraagwe Arame, 22 Kesede, Haso, Piledashe, Jidelafe le Bethuele.”+ 23 Bethuele o ne a nna rraagwe Rebeka.+ Mileka o ne a tsholela Nahore morwarraagwe Aborahame barwa bano ba le robedi. 24 Mogadingwana wa ga Nahore, yo leina la gagwe e neng e le Reuma, le ene o ne a tshola barwa: Teba, Gahame, Tahashe le Maaka.

23 Mme Sara o ne a na le dingwaga di le 127 fa a ne a swa.+ 2 Ka jalo, Sara o ne a swela kwa Kiriathe-areba+ e leng Heberone,+ mo lefatsheng la Kanana+ mme Aborahame o ne a simolola go hutsafalela Sara le go mo lelela. 3 Morago ga moo, Aborahame o ne a tswa fa pele ga mosadi wa gagwe yo o suleng mme a raya bomorwa Hethe+ a re: 4 “Ke motswakwa mme ke agile le lona.+ Nnayang lefelo mo gare ga lona le e tla nnang la go fitlhela gore ke ntshe moswi wa me mme ke mo fitlhe.” 5 Foo bomorwa Hethe ba ne ba araba Aborahame ba re: 6 “Re reetse morena wa me. O kgosana e e tlhophilweng ke Modimo* mo gare ga rona.+ O ka fitlha moswi wa gago mo lefelong la rona la go fitlhela le le a gaisang otlhe. Ga go na ope wa rona yo o tla ganang ka lefelo la gagwe la go fitlhela gore o se ka wa fitlha moswi wa gago.”

7 Ka jalo, Aborahame o ne a ema mme a ikoba fa pele ga batho ba lefatshe leo, bomorwa Hethe,+ 8 mme a ba raya a re: “Fa e le gore lo dumela gore ke ntshe moswi wa me mme ke mo fitlhe, ntheetsang mme lo rotloetse Eferone morwa Sohare 9 gore a nthekisetse logaga lwa gagwe lwa Makapela; lo kwa ntlheng ya tshimo ya gagwe. A a lo nthekisetse fa pele ga lona ka madi a selefera a a lekaneng go reka tshimo+ gore ke nne le lefelo la go fitlhela.”+

10 Jaanong Eferone o ne a ntse mo gare ga bomorwa Hethe. Ka jalo, Eferone wa Mohite o ne a araba Aborahame bomorwa Hethe ba reeditse le botlhe ba ba neng ba tsena ka kgoro ya motse wa gagwe,+ a re: 11 “Nnyaa morena wa me! Ntheetse. Ke go naya tshimo le logaga lo lo mo go yone. Ke go e naya fa pele ga bomorwa batho ba gaetsho. Fitlha moswi wa gago.” 12 Foo Aborahame o ne a ikoba fa pele ga batho ba lefatshe leo 13 mme a bua le Eferone batho ba mo reeditse, a re: “Tsweetswee ntheetse! Ke tla go naya madi a selefera a a lekaneng go reka tshimo. A tseye mo go nna gore ke tle ke fitlhe moswi wa me gone.”

14 Foo Eferone o ne a araba Aborahame, a re: 15 “Ntheetse morena wa me. Lefatshe leno le ja dishekele* tsa selefera di le 400, mme gone seo ga se botlhokwa. Ka jalo fitlha moswi wa gago.” 16 Aborahame o ne a reetsa Eferone, mme a kalela Eferone madi a selefera a a neng a buile ka one bomorwa Hethe ba reeditse, dishekele* tsa selefera di le 400 go ya ka selekanyabokete se se neng se amogelwa ke bagwebi.+ 17 Ka jalo, ba ne ba tlhomamisa gore tshimo ya ga Eferone e e kwa Makapela e e neng e le fa pele ga Mamere, tshimo le logaga lo lo mo go yone le ditlhare tsotlhe tse di mo melelwaneng ya tshimo eo, e ne e le 18 lefelo le Aborahame a le rekileng bomorwa Hethe ba le teng, fa pele ga botlhe ba ba tsenang ka kgoro ya motse wa gagwe. 19 Morago ga moo, Aborahame o ne a fitlha Sara mosadi wa gagwe mo logageng lo lo mo tshimong ya Makapela fa pele ga Mamere e leng Heberone, mo lefatsheng la Kanana. 20 Ka gone, bomorwa Hethe ba ne ba naya Aborahame tshimo le logaga lo lo neng lo le mo go yone gore e nne lefelo la gagwe la go fitlhela.+

24 Jaanong Aborahame o ne a tsofetse, a na le dingwaga di le dintsi, mme Jehofa o ne a mo segofaditse ka sengwe le sengwe.+ 2 Aborahame o ne a raya motlhanka wa gagwe yo mogolo mo go botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe, yo a neng a laola sengwe le sengwe se a nang le sone+ a re: “Tsweetswee, baya seatla sa gago ka fa tlase ga serope sa me,* 3 mme o ikane ka Jehofa, Modimo wa magodimo le Modimo wa lefatshe, gore ga o kitla o tseela morwaake mosadi mo go bomorwadia Bakanana ba ke nnang mo gare ga bone.+ 4 Go na le moo, o tshwanetse go ya kwa nageng ya gaetsho le kwa go ba losika lwa me+ mme o batlele Isake morwaake, mosadi teng.”

5 Le fa go ntse jalo, motlhanka o ne a mo raya a re: “Go tweng fa mosadi yoo a sa batle go tla le nna mo lefatsheng leno? A ke tshwanetse go isa morwao kwa lefatsheng le o neng wa tswa kwa go lone?”+ 6 Foo Aborahame o ne a mo raya a re: “O tlhomamise gore ga o kitla o isa morwaake koo.+ 7 Jehofa Modimo wa magodimo, yo o neng a ntsaya mo lelapeng la ga rre le mo lefatsheng la ba losika lwa me,+ yo o neng a bua le nna a bo a inkanela,+ a re: ‘Ke tlile go naya losika lwa gago+ lefatshe leno,’+ o tla romela moengele wa gagwe kwa pele ga gago,+ mme ruri wena o tla tseela morwaake mosadi gone.+ 8 Mme fa mosadi yoo a sa batle go tla le wena, o tla bo o gololesegile mo maikanong ano. Mme gone, ga o a tshwanela go isa morwaake koo.” 9 Foo motlhanka o ne a baya seatla sa gagwe ka fa tlase ga serope sa ga Aborahame mong wa gagwe a bo a ikana gore o tla dira fela jaaka a mo kopile.+

10 Ka jalo, motlhanka o ne a tsaya dikamela tsa mong wa gagwe di le lesome a bo a tsamaya, o ne a tsaya dilo tsotlhe tse dintle tse mong wa gagwe a mo neileng tsone. Go tswa foo, o ne a tsena mo tseleng a ya Mesopotamia, kwa motseng wa ga Nahore. 11 O ne a khubamisa dikamela fa fatshe fa sedibeng kwa ntle ga motse. E ne e ka nna maitseboa, ka nako ya fa basadi ba ya go ga metsi. 12 Go tswa foo, o ne a re: “Jehofa, Modimo wa ga Aborahame mong wa me, tsweetswee, dira gore ke atlege mo letsatsing leno o bo o bontshe Aborahame mong wa me lorato lo lo sa kgaotseng. 13 Ke eme fano fa motsweding wa metsi, mme bomorwadia batho ba motse ba a tswa ba tla go ga metsi. 14 E kete go ka direga gore lekgarebe le ke le rayang ke re, ‘Tsweetswee, isa nkgo ya gago ya metsi kwa tlase gore ke nwe,’ le bo le araba le re, ‘Tsaya o nwe, e bile ke tla gela le dikamela tsa gago metsi,’ e ka nna lone le o le tlhophelang motlhanka wa gago, e bong Isake; mme mma ke itse ka seno gore o bontshitse mong wa me lorato lo lo sa kgaotseng.”

15 Pele a fetsa go bua, Rebeka, yo e neng e le morwadia Bethuele+ morwa Mileka+ mosadi wa ga Nahore,+ morwarraagwe Aborahame, o ne a tla a beile nkgo ya gagwe ya metsi mo legetleng. 16 Jaanong lekgarebe leno le ne le le lentle thata; go ne go se na monna ope yo o kileng a tlhakanela dikobo le lone. O ne a fologela kwa motsweding mme a tlatsa nkgo ya gagwe ya metsi, morago ga moo a tlhatloga. 17 Ka yone nako eo, motlhanka o ne a siana a ya go mo kgatlhantsha mme a re: “Tsweetswee, ntshiele metsinyana mo nkgong ya gago.” 18 Mme ene a re: “Tsaya o nwe morena wa me.” Foo o ne a folosa nkgo ya gagwe mo legetleng a bo a e tshwara ka diatla fa motlhanka a ntse a nwa. 19 Fa a sena go mo siela, o ne a re: “Ke tla gela le dikamela tsa gago metsi go fitlha di fetsa go nwa.” 20 Ka jalo, ka bonako fela o ne a tshela metsi a a neng a le mo nkgong ya gagwe mo mokorong o diruiwa di nwelang metsi mo go one mme a taboga a boaboela kwa sedibeng go ya go ga metsi, mme o ne a nna a gela dikamela tsotlhe metsi. 21 Mo nakong eno yotlhe, monna yono o ne a mo tlhomile matlho a didimetse e bile a gakgametse, a ipotsa gore a Jehofa o ne a atlegisitse loeto lwa gagwe kgotsa nnyaa.

22 Fa dikamela di sena go nwa, monna yono o ne a tsaya lenyena la nko la gauta la bokete jwa halofo ya shekele* le maseka a mabedi a gauta a bokete jwa dishekele* di le lesome 23 a bo a mo raya a re: “Tsweetswee mpolelela, o morwadia mang? A go na le phaposi e re ka lalang mo go yone kwa ntlong ya ga rrago?” 24 Foo Rebeka o ne a mo raya a re: “Ke morwadia Bethuele+ morwa Mileka, yo Mileka a neng a mo tsholela Nahore.”+ 25 Gape o ne a mo raya a re: “Re na le lotlhaka le furu e ntsi e bile go na le lefelo le lo ka lalang mo go lone.” 26 Foo monna yono o ne a inama, a ikoba fa pele ga ga Jehofa 27 a bo a re: “A Jehofa a bakwe, Modimo wa ga Aborahame mong wa me ka gonne ga a kgaotsa go bontsha mong wa me lorato lo lo sa kgaotseng e bile ka metlha o diragatsa ditsholofetso tse a di mo solofetsang. Jehofa o ne a nkaela gore ke tle mo ntlong ya bomorwarraagwe mong wa me.”

28 Mme Rebeka o ne a siana a ya go bolelela mmaagwe le ba bangwe dilo tseno. 29 Jaanong Rebeka o ne a na le kgaitsadie yo o neng a bidiwa Labane.+ Ka jalo, Labane o ne a sianela kwa monneng yoo, yo o neng a le kwa ntle kwa motsweding. 30 Fa a bona lenyena la nko le maseka mo diatleng tsa ga kgaitsadie e bile a utlwa mafoko a kgaitsadie e bong Rebeka a neng a a bua a re, “Seno ke se monna yono a se mpoleletseng,” Labane o ne a tla go kgatlhantsha monna yoo, yo o neng a sa ntse a eme fa thoko ga dikamela fa motsweding. 31 Foo o ne a raya monna yono a re: “A re ye, wena yo o segofaditsweng ke Jehofa. Ke ka ntlha yang fa o eme fa ntle fano? Ke baakantse ntlo e bile ke baakantse le lefelo la dikamela.” 32 Foo monna yono o ne a tsena mo ntlong, a* golola dikamela a bo a di naya lotlhaka le furu, mme o ne a tlisa metsi gore a tlhapise dinao tsa gagwe le dinao tsa banna ba ba neng ba na le ene. 33 Le fa go ntse jalo, e rile go bewa dijo fa pele ga gagwe, a re: “Ga nkitla ke ja go fitlha ke go bolelela se ke tshwanetseng go se go bolelela.” Ka jalo, Labane o ne a mo raya a re: “Bua!”

34 Go tswa foo, o ne a re: “Ke motlhanka wa ga Aborahame.+ 35 Mme Jehofa o segofaditse mong wa me fela thata e bile o mo humisitse thata ka go mo naya dinku le dikgomo, selefera le gauta, batlhanka le malata, le dikamela le ditonki.+ 36 Mo godimo ga moo, fa Sara mosadi wa mong wa me a sena go tsofala,+ o ne a tsholela mong wa me ngwana wa mosimane, mme o tla mo naya sengwe le sengwe se a nang le sone.+ 37 Ka jalo, mong wa me o ne a dira gore ke ikane, a re: ‘O se ka wa batlela morwaake mosadi mo go bomorwadia Bakanana, ba ke nnang mo lefatsheng la bone.+ 38 Mme o tla ya kwa ntlong ya ga rre le kwa go ba lelapa la gaetsho+ mme o tseele morwaake mosadi gone.’+ 39 Foo ke ne ka raya mong wa me ka re: ‘Go tweng fa mosadi yoo a sa batle go tla le nna?’+ 40 O ne a nthaya a re: ‘Jehofa, yo ke tsamaileng fa pele ga gagwe,+ o tla romela moengele wa gagwe+ gore a nne le wena mme ruri o tla dira gore loeto lwa gago lo atlege, mme o tshwanetse go tseela morwaake mosadi mo go ba lelapa la gaetsho le mo ntlong ya ga rre.+ 41 Fa o ya kwa go ba lelapa la gaetsho ba bo ba sa go mo neye, o tla bo o gololesegile mo maikanong a o a ntiretseng. Seno se tla go golola mo maikanong a gago.’+

42 “Gompieno fa ke tsena kwa motsweding ke ne ka re: ‘Jehofa, Modimo wa ga Aborahame mong wa me, fa e le gore o tla dira gore loeto lwa me lo atlege, 43 ke nna yono ke eme fa motsweding wa metsi. A go diragale gore lekgarebe+ le le tlang go ga metsi, le ke tla le rayang ke re, “Tsweetswee, ntshiele metsinyana mo nkgong ya gago,” 44 mme lone le ntheye le re, “O ka nwa e bile ke tla gela le dikamela tsa gago metsi.” Mosadi yoo a e nne ene yo Jehofa a mo tlhophetseng morwa mong wa me.’+

45 “Pele ga ke fetsa go bua seno mo pelong, Rebeka o ne a tla a beile nkgo ya gagwe mo legetleng, a fologela kwa motsweding mme a simolola go ga metsi. Foo ke ne ka mo raya ka re: ‘Tsweetswee, ntshiele metsi.’+ 46 Ka jalo, o ne a folosa nkgo ya gagwe mo legetleng ka bonako a bo a re: ‘Tsaya o nwe,+ e bile ke tla gela le dikamela tsa gago metsi.’ Ke ne ka nwa a bo a gela le dikamela metsi. 47 Morago ga moo, ke ne ka mmotsa jaana, ‘O morwadia mang?’ mme o ne a re, ‘Ke morwadia Bethuele morwa Nahore, yo Mileka a neng a mo tsholela Nahore.’ Ka jalo, ke ne ka tsenya lenyena mo nkong ya gagwe ka bo ka mo rwesa maseka mo diatleng.+ 48 Mme ke ne ka inama ka bo ka ikoba fa pele ga ga Jehofa mme ka baka Jehofa, Modimo wa ga Aborahame+ mong wa me, yo a neng a nkaela mo tseleng e e siameng gore ke tle go tsaya morwadia morwarraagwe Aborahame mong wa me gore a nne mosadi wa ga morwawe. 49 Mme jaanong mpoleleleng fa e le gore lo tla bontsha mong wa me lorato lo lo sa kgaotseng e bile lo tla diragatsa se lo se solofeditseng; mme fa go sa nna jalo, mpoleleleng gore ke tle ke bone gore ke tsaya tsela efe.”*+

50 Foo Labane le Bethuele ba ne ba araba ba re: “Seno se tswa kwa go Jehofa. Ga re kgone go dumela kgotsa go gana.* 51 Rebeka ke yono fa pele ga gago. Mo tseye o tsamaye, mme a a nne mosadi wa ga morwa mong wa gago, fela jaaka Jehofa a buile.” 52 Fa motlhanka wa ga Aborahame a utlwa mafoko a bone, ka yone nako eo, o ne a obama fa fatshe fa pele ga ga Jehofa. 53 Mme o ne a ntsha dilwana tsa selefera le tsa gauta le diaparo a di naya Rebeka a bo a naya kgaitsadie le mmaagwe dilo tse di tlhwatlhwakgolo. 54 Morago ga moo, ene le banna ba ba neng ba na le ene ba ne ba ja ba bo ba nwa, mme ba lala gone.

Fa a tsoga mo mosong, o ne a re: “Nneyeng tsela ke ye kwa go mong wa me.” 55 Foo kgaitsadie le mmaagwe ba ne ba re: “A lekgarebe le nne le rona malatsi a ka nna lesome. Go tswa foo, a ka nna a tsamaya.” 56 Mme o ne a ba raya a re: “Lo se ka lwa nthibela ka gonne Jehofa o dirile gore loeto lwa me lo atlege. Nneyeng tsela, gore ke ye kwa go mong wa me.” 57 Ka jalo, ba ne ba re: “A re bitse lekgarebe mme re utlwe gore lone la reng.” 58 Ba ne ba bitsa Rebeka mme ba mo raya ba re: “A o tla tsamaya le monna yono?” O ne a araba a re: “Ke ikemiseditse go tsamaya.”

59 Ka jalo, ba ne ba letla Rebeka kgaitsadiabone+ le motlhokomedi*+ wa gagwe le motlhanka wa ga Aborahame le banna ba gagwe go tsamaya. 60 Mme ba ne ba segofatsa Rebeka ba mo raya ba re: “Kgaitsadiarona, e kete ditlogolwana tsa gago di ka nna dikete di le dintsi, mme a losika lwa gago lo gape metse* ya ba ba lo tlhoileng.”+ 61 Go tswa foo, Rebeka le batlhokomedi ba gagwe ba basadi ba ne ba ema, ba palama dikamela ba bo ba sala monna yono morago. Ka jalo, motlhanka wa ga Aborahame o ne a tsaya Rebeka a tsamaya.

62 Jaanong Isake o ne a tswa ntlheng ya Beere-lahai-roi+ ka gonne o ne a nna mo lefatsheng la Negebe.+ 63 Mme Isake o ne a dule a tsamayatsamaya mo nageng fa go tloga go nna maitseboa gore a akanyetse kwa teng.+ E rile a tsholetsa matlho, o ne a bona dikamela di tla! 64 Fa Rebeka a tsholetsa matlho, o ne a bona Isake mme ka yone nako eo a photsha mo kameleng. 65 Foo o ne a botsa motlhanka a re: “Monna yole yo o tsamayang mo nageng yo o tlang go re kgatlhantsha ke mang?” Mme motlhanka o ne a mo araba a re: “Ke mong wa me.” Ka jalo, o ne a tsaya letsela la gagwe a ikhurumetsa tlhogo. 66 Mme motlhanka o ne a bolelela Isake dilo tsotlhe tse a neng a di dirile. 67 Morago ga moo, Isake o ne a tlisa Rebeka mo tenteng ya ga Sara mmaagwe.+ Ka jalo, o ne a mo tsaya gore a nne mosadi wa gagwe; Isake o ne a mo rata+ mme a gomotsega ka gonne a ne a swetswe ke mmaagwe.+

25 Jaanong Aborahame o ne a nyala gape, mme leina la mosadi yono e ne e le Ketura. 2 Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a mo tsholela Simerane, Jokeshane, Medane, Midiana,+ Ishebake le Shuahe.+

3 Jokeshane o ne a nna rraagwe Sheba le Dedane.

Bomorwa Dedane e ne e le Ashurime, Letushime le Leumime.

4 Bomorwa Midiana e ne e le Efahe, Efere, Hanoke, Abida le Eledaa.

Bano botlhe e ne e le bomorwa Ketura.

5 Moragonyana Aborahame o ne a naya Isake sengwe le sengwe se a nang le sone,+ 6 mme bomorwawe ba a neng a ba tsholelwa ke bagadingwana ba gagwe, bone o ne a ba naya dimpho. Mme fa a sa ntse a tshela, o ne a ba ntsha mo go morwawe e bong Isake+ a ba laela gore ba ye kwa ntlheng ya botlhaba kwa lefatsheng la Botlhaba. 7 Aborahame o ne a tshela dingwaga di le 175. 8 Mme Aborahame o ne a hema la bofelo a bo a swa a tsofetse thata, a godile e bile a kgotsofetse, mme o ne a phuthelwa kwa bathong ba gagabo.* 9 Bomorwawe e bong Isake le Ishemaele ba ne ba mo fitlha mo logageng lwa Makapela mo tshimong ya ga Eferone morwa Sohare wa Mohite e e fa pele ga Mamere,+ 10 tshimo e Aborahame a neng a e rekile mo go bomorwa Hethe. Aborahame o ne a fitlhelwa gone, le Sara mosadi wa gagwe.+ 11 Morago ga loso lwa ga Aborahame, Modimo o ne a nna a segofatsa Isake,+ mme Isake o ne a nna gaufi le Beere-lahai-roi.+

12 Eno ke pego ya botshelo jwa ga Ishemaele+ morwa Aborahame yo Hagare+ wa Moegepeto, lelata la ga Sara, a neng a mo tsholela Aborahame.

13 Jaanong ano ke maina a bomorwa Ishemaele, ka maina a bone go ya ka fa malapeng a bone: Leitibolo la ga Ishemaele ke Nebaiothe,+ go bo go latela Kedare,+ Adebeele, Mibesame,+ 14 Mishema, Duma, Masa, 15 Hadade, Tema, Jeture, Nafishe le Kedema. 16 Bano ke bomorwa Ishemaele, mme ano ke maina a bone go ya ka metsana ya bone le dikampa tsa bone tse di ageletsweng ka dipota, dikgosana di le 12 go ya ka dikgotla tsa bone.+ 17 Ishemaele o ne a tshela dingwaga di le 137. Go tswa foo, o ne a hema la bofelo a bo a swa mme o ne a phuthelwa kwa bathong ba gagabo.* 18 Mme ba ne ba aga go tloga kwa Hafila+ gaufi le Shure,+ e e bapileng le Egepeto, go ya go fitlha kwa Asiria. O ne a aga go bapa le bomorwarraagwe botlhe.*+

19 Jaanong eno ke pego ya botshelo jwa ga Isake morwa Aborahame.+

Aborahame o ne a nna rraagwe Isake. 20 Isake o ne a le dingwaga di le 40 fa a nyala Rebeka, morwadia Bethuele+ wa Moaramaika wa kwa Padana-arama, kgaitsadie Labane wa Moaramaika. 21 Mme Isake o ne a nna a rapela Jehofa ka ntlha ya mosadi wa gagwe ka gonne a ne a sa tshole; ka jalo Jehofa o ne a araba thapelo ya gagwe mme Rebeka mosadi wa gagwe a ima. 22 Bana ba basimane ba ba mo teng ga gagwe ba ne ba simolola go lwa,+ mo a neng a re: “Fa e le gore go tla nna jaana, goreng ke tshwanetse go tswelela ke tshela?” Ka jalo, o ne a rapela Jehofa a batla go itse gore ke eng fa seno se direga. 23 Mme Jehofa o ne a mo raya a re: “Ditšhaba di le pedi di mo popelong ya gago,+ e bile ditšhaba di le pedi di tla kgaogana mo teng ga gago;+ setšhaba se sengwe se tla nonofa go gaisa se sengwe,+ mme yo mogolo o tla direla yo mmotlana.”+

24 Fa nako ya gore a tshole e goroga, go ne go na le mawelana mo popelong ya gagwe. 25 Mme ngwana wa ntlha o ne a tswa a le mohibidu gotlhe fela a tshwana le seaparo sa boboa,+ mme ba ne ba mmitsa Esau.*+ 26 Morago ga moo, morwarraagwe o ne a belegwa, seatla sa gagwe se tshwere serethe sa ga Esau,+ ka jalo Isake o ne a mmitsa Jakobe.*+ Isake o ne a na le dingwaga di le 60 fa Rebeka a ne a ba tshola.

27 Fa basimane bano ba ntse ba gola, Esau o ne a nna motsomi yo o setswerere,+ monna wa naga, mme Jakobe ene e ne e le monna yo o se nang molato, a nna mo ditenteng.+ 28 Isake o ne a rata Esau ka gonne o ne a tle a mo tlisetse nama ya diphologolo, mme Rebeka ene o ne a rata Jakobe.+ 29 Nako nngwe fa Esau a tswa kwa nageng a lapile, o ne a fitlhela Jakobe a apeile dikgobe. 30 Ka jalo, Esau o ne a raya Jakobe a re: “Tsweetswee, itlhaganele, ntabolele* dikgobe tse dikhibidu tse o di apeileng* ka gonne ke lapile!”* Ke gone ka moo a neng a bidiwa Edoma.*+ 31 Foo Jakobe o ne a mo raya a re: “Nthekisetse pele tshwanelo ya gago ya go nna leitibolo!”+ 32 Esau o ne a mo raya a re: “Ke tloga ke swa! Tshwanelo ya go tsalwa pele e na le mosola ofe mo go nna?” 33 Mme Jakobe ene a mo raya a re: “Inkanele pele!” Ka jalo, o ne a ikanela Jakobe mme a mo rekisetsa tshwanelo ya gagwe ya go nna leitibolo.+ 34 Go tswa foo, Jakobe o ne a naya Esau senkgwe le dikgobe tsa letlhodi, mme a ja a bo a nwa, morago ga moo o ne a ema a tsamaya. Ka jalo, Esau o ne a nyatsa tshwanelo ya go nna leitibolo.

26 Jaanong go ne ga nna leuba mo lefatsheng, kwantle ga la ntlha le le neng la nna teng mo motlheng wa ga Aborahame,+ mo e leng gore Isake o ne a ya kwa go Abimeleke kgosi ya Bafilisitia, kwa Gerare. 2 Foo Jehofa o ne a iponatsa kwa go ene mme a mo raya a re: “O se ka wa ya kwa Egepeto. Nna mo lefatsheng le ke le go bontshang. 3 Aga o le motswakwa mo lefatsheng leno,+ mme ke tla nna le wena e bile ke tla go segofatsa, ka gonne wena le losika lwa gago ke tla lo naya mafatshe ano otlhe,+ mme ke tla diragatsa maikano a ke neng ka a ikanela Aborahame+ rrago ke re: 4 ‘Ke tla dira gore losika lwa gago lo nne lontsi jaaka dinaledi tsa magodimo;+ e bile ke tla naya losika lwa gago mafatshe ano otlhe;+ mme ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla itshegofatsa ka losika lwa gago,’+ 5 ka gonne Aborahame o ne a reetsa lentswe la me mme a diragatsa se ke se mo laelang, a boloka ditaelo tsa me, melawana ya me le melao ya me.”+ 6 Ka jalo, Isake o ne a tswelela a nna kwa Gerare.+

7 Fa banna ba lefelo leo ba ne ba nna ba mmotsa ka ga mosadi wa gagwe, o ne a tle a ba reye a re: “Ke kgaitsadiake.”+ O ne a tshaba go ba raya a re, “Ke mosadi wa me” ka gonne o ne a re, “Banna ba lefelo leno ba ka nna ba mpolaya ka ntlha ya ga Rebeka,” ka gonne o ne a le montle.+ 8 Nako nngwe moragonyana, Abimeleke kgosi ya Bafilisitia o ne a lebile kwa ntle ka fensetere, mme o ne a bona Isake a bontsha Rebeka mosadi wa gagwe lorato.*+ 9 Ka yone nako eo, Abimeleke o ne a bitsa Isake mme a mo raya a re: “Motho yono ke mosadi wa gago! Goreng o ne o re, ‘Ke kgaitsadiake’?” Foo Isake o ne a mo raya a re: “Ke buile jalo ka gonne ke ne ke boifa gore ke tla swa ka ntlha ya gagwe.”+ 10 Mme Abimeleke o ne a mo raya a re: “O re dirile eng?+ Mongwe wa batho ba me o ne a ka nna a tlhakanela dikobo le mosadi wa gago, mme o ne o tla bo o dirile gore re nne molato!”+ 11 Foo Abimeleke o ne a laela batho botlhe, a re: “Ope fela yo o kgomang monna yono le mosadi wa gagwe ruri o tla bolawa!”

12 Isake o ne a simolola go jala peo mo lefatsheng leo, mme mo ngwageng oo, o ne a roba selekanyo se a se jadileng se oketsegile ga 100 ka gonne Jehofa o ne a mo segofatsa.+ 13 Monna yono o ne a huma mme a nna a atlega go fitlha a huma thata. 14 O ne a nna le matsomane a dinku, metlhape ya dikgomo le setlhopha se segolo sa batlhanka,+ mme Bafilisitia ba ne ba simolola go mo fufegela.

15 Ka jalo, Bafilisitia ba ne ba tsaya mmu mme ba katela didiba tsotlhe tse batlhanka ba ga rraagwe ba neng ba di epile mo motlheng wa ga Aborahame.+ 16 Morago ga moo, Abimeleke o ne a raya Isake a re: “Tswa mo gare ga rona ka gonne o nonofile thata go re feta.” 17 Ka jalo, Isake o ne a fuduga mme a ya go nna mo mokgatšheng* wa Gerare.+ 18 Mme Isake o ne a boa a epa didiba tse di neng di epilwe mo motlheng wa ga rraagwe e bong Aborahame, tse Bafilisitia ba neng ba di katetse morago ga loso lwa ga Aborahame,+ mme o ne a di bitsa ka maina a rraagwe a neng a di bitsa ka one.+

19 Fa batlhanka ba ga Isake ba ne ba epa mo mokgatšheng,* ba ne ba phunya sediba sa metsi a a phepa. 20 Mme badisa ba Gerare ba ne ba simolola go omana le badisa ba ga Isake, ba re: “Metsi ano ke a rona!” Ka jalo, o ne a bitsa sediba seo Eseke,* ka gonne ba ne ba omana le ene. 21 Mme ba ne ba simolola go epa sediba se sengwe gape, le sone ba se omanela. Ka jalo, o ne a se bitsa Sitena.* 22 Moragonyana o ne a fuduga koo a bo a epa sediba se sengwe, mme sone ba se ka ba se omanela. Ka jalo, o ne a se bitsa Rehobothe* mme a re: “Ke ka gonne jaanong Jehofa o re neile lefelo le legolo e bile o dirile gore re ate mo lefatsheng.”+

23 Morago ga moo, o ne a fuduga koo mme a ya kwa Beere-sheba.+ 24 Mo bosigong joo, Jehofa o ne a iponatsa kwa go ene a bo a re: “Ke nna Modimo wa ga Aborahame rrago.+ O se ka wa boifa+ ka gonne ke na le wena, mme ke tla go segofatsa ke bo ke dira gore losika lwa gago lo nne lontsi ka ntlha ya ga Aborahame motlhanka wa me.”+ 25 Ka jalo, o ne a aga sebeso gone mme a bitsa leina la ga Jehofa.+ Isake o ne a tlhoma tente ya gagwe gone,+ mme batlhanka ba gagwe ba ne ba epa sediba gone.

26 Moragonyana Abimeleke o ne a tla kwa go ene a tswa Gerare a na le Ahusathe mogakolodi wa gagwe le Fikole molaodi wa masole a gagwe.+ 27 Foo Isake o ne a ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo tlile mo go nna, ka gonne lo ne lo ntlhoile e bile lo ne lwa nkoba mo gare ga lona?” 28 Foo ba ne ba mo raya ba re: “Ruri re bone gore Jehofa o ntse a na le wena.+ Ka jalo re ne ra re, ‘Tsweetswee, a go nne le maikano fa gare ga rona le wena a a re tlamang, mme a re dire kgolagano le wena+ 29 ya gore ga o kitla o re dira sepe se se bosula fela jaaka re ile ra se ka ra go utlwisa botlhoko, mme re ile ra go direla molemo ka go go tsamaisa ka kagiso. Jaanong Jehofa o go segofaditse.’” 30 Foo o ne a ba direla moletlo mme ba ja ba bo ba nwa. 31 Mo mosong ba ne ba tsoga phakela thata mme ba ikanelana.+ Morago ga moo, Isake o ne a ba naya tsela mme ba tsamaya ka kagiso.

32 Mo letsatsing leo batlhanka ba ga Isake ba ne ba tla go mmegela ka sediba se ba neng ba se epile,+ ba ne ba mo raya ba re: “Re bone metsi!” 33 Ka jalo, o ne a se bitsa Shiba. Ke gone ka moo leina la motse oo e leng Beere-sheba+ go tla go fitlha mo letsatsing leno.

34 Fa Esau a na le dingwaga di le 40, o ne a nyala Judithe morwadia Beeri wa Mohite le Basemathe morwadia Elone wa Mohite.+ 35 Ba ne ba utlwisa* Isake le Rebeka botlhoko thata.+

27 Jaanong fa Isake a ne a tsofetse le matlho a gagwe a le bokoa thata go ka bona, o ne a bitsa Esau+ morwawe yo mogolo mme a mo raya a re: “Morwaaka!” Mme ene a re: “Ke fano!” 2 Mme Isake o ne a tswelela a re: “Jaanong ke tsofetse. Ga ke itse letsatsi le ke tla swang ka lone. 3 Ka jalo mo nakong eno, tsweetswee tsaya dibetsa tsa gago, mokotlopo* wa gago le bora jwa gago, mme o ye kwa nageng o ye go ntsomela phologolo.+ 4 Go tswa foo, o apeye dijo tse di monate tse ke di ratang o bo o di tlisa kwa go nna. Mme ke tla di ja gore ke tle ke go segofatse pele ga ke swa.”

5 Le fa go ntse jalo, Rebeka o ne a reeditse fa Isake a ntse a bua le Esau morwawe. Mme Esau o ne a ya kwa nageng a ya go tsoma phologolo gore a tle ka yone.+ 6 Rebeka o ne a raya Jakobe morwawe+ a re: “Ke sa tswa go utlwa rrago a bua le morwarrago Esau a re, 7 ‘Ntlisetse phologolo o bo o nkapeele dijo tse di monate. Go tswa foo, ke tla ja gore ke tle ke go segofatse fa pele ga ga Jehofa ke ise ke swe.’+ 8 Jaanong morwaaka, reetsa ka kelotlhoko o bo o dire se ke se go laelang.+ 9 Tsweetswee, ya kwa motlhapeng mme o ntlele dipotsane tse pedi tse di di gaisang tsotlhe, gore ke di apeele rrago e le dijo tse di monate tse a di ratang. 10 Go tswa foo o di ise kwa go rrago a je, gore a tle a go segofatse a ise a swe.”

11 Jakobe o ne a raya Rebeka mmaagwe a re: “Esau morwarre ke motho yo o boboa+ mme nna ke na le letlalo le le borethe. 12 Go tweng fa rre a ka nkapaapa?+ Ruri go tla nna jaaka e kete ke a mo sotla, mme ke tla itlisetsa phutso e seng tshegofatso.” 13 Foo mmaagwe o ne a mo raya a re: “A phutso e e go lebaneng e tle mo go nna morwaaka. Dira fela jaaka ke go laela mme o ye, o ntlele ka tsone.”+ 14 Ka jalo, o ne a ya a di tsaya a di tlisa mo go mmaagwe, mme mmaagwe o ne a apaya dijo tse di monate ka tsela e rraagwe a neng a di rata ka yone. 15 Morago ga moo, Rebeka o ne a tsaya diaparo tse dintle tsa ga morwawe yo mogolo e bong Esau, tse Rebeka a neng a na le tsone mo ntlong, mme a di apesa Jakobe morwawe yo mmotlana.+ 16 Gape o ne a baya matlalo a dipotsane mo diatleng tsa gagwe le mo karolong ya molala wa gagwe e e se nang boboa.+ 17 Morago ga moo, o ne a naya Jakobe morwawe dijo tse di monate le senkgwe se a neng a se apeile.+

18 Ka jalo, o ne a ya kwa go rraagwe mme a mo raya a re: “Rra!” mme ene a re: “Ke fano! O mang morwaaka?” 19 Jakobe o ne a raya rraagwe a re: “Ke nna Esau leitibolo la gago.+ Ke dirile fela jaaka o ntaetse. Tsweetswee tsoga, mme o je nama ya phologolo e ke e tsomileng, gore o tle o ntshegofatse.”+ 20 Foo Isake o ne a raya morwawe a re: “Go tla jang gore o bo o e bone ka bonako jaana, morwaaka?” Mme ene o ne a re: “Ka gonne Jehofa, Modimo wa gago o e tlisitse kwa go nna.” 21 Mme Isake o ne a raya Jakobe a re: “Tsweetswee atamela kwano, gore ke go apaape morwaaka, gore ke tle ke itse gore a ruri o morwaake Esau kgotsa nnyaa.”+ 22 Ka jalo, Jakobe o ne a atamela kwa go Isake rraagwe mme a mo apaapa, morago ga moo rraagwe o ne a re: “Lentswe ke lentswe la ga Jakobe, mme diatla tsone ke diatla tsa ga Esau.”+ 23 O ne a se ka a mo lemoga ka gonne diatla tsa gagwe di ne di le boboa jaaka diatla tsa ga Esau morwarraagwe. Ka jalo, o ne a mo segofatsa.+

24 Morago ga moo, o ne a mmotsa jaana: “A tota o morwaake Esau?” mme ene a araba a re: “Ke ene.” 25 Ka jalo, o ne a mo raya a re: “Tlisa nama ya phologolo kwa go nna ke je morwaaka, go tswa foo ke tla go segofatsa.” Foo o ne a e tlisa fa go ene mme a ja, a mo tlisetsa beine mme a nwa. 26 Foo Isake rraagwe o ne a mo raya a re: “Tsweetswee, atamela kwano morwaaka mme o ntshune.”+ 27 O ne a atamela rraagwe a bo a mo suna, mme o ne a kgona go dupa lonko lwa diaparo tsa gagwe.+ Go tswa foo, o ne a mo segofatsa a bo a mo raya a re:

“A ko o bone, lonko lwa ga morwaake lo tshwana le lonko lwa naga e Jehofa a e segofaditseng. 28 E kete Modimo wa boammaaruri a ka go naya monyo wa magodimo+ le mmu o o nonneng wa lefatshe+ le dijo tsa ditlhaka di le dintsi le beine e ntšha.+ 29 A batho ba go direle mme a ditšhaba di go ikobele. O nne mong wa bomorwarrago, mme a bomorwammago ba go ikobele.+ A mongwe le mongwe yo o go hutsang a hutsege, mme a mongwe le mongwe yo o go segofatsang a segofale.”+

30 Jaanong fela fa Isake a sena go segofatsa Jakobe e bile Jakobe a sena go tswa fa go Isake rraagwe, Esau morwarraagwe o ne a goroga a tswa go tsoma.+ 31 Le ene o ne a apaya dijo tse di monate a di tlisa kwa go rraagwe a bo a mo raya a re: “A rre a tsoge mme a je nama ya phologolo e morwawe a e tsomileng, gore o tle o ntshegofatse.” 32 Foo Isake rraagwe o ne a mo raya a re: “O mang?” mme ene a re: “Ke nna morwao, leitibolo la gago, Esau.”+ 33 Mme Isake a roroma fela thata, ka jalo a re: “Jaanong e ne e le mang yo o neng a tsoma phologolo mme a e tlisa kwa go nna? Ke setse ke e jele pele ga o tsena e bile ke mo segofaditse mme ruri o tla segofala!”

34 E rile Esau a utlwa mafoko a ga rraagwe a simolola go lelela kwa godimo thata ka tsela e e botlhoko a bo a raya rraagwe a re: “Rra, le nna ntshegofatse!”+ 35 Mme ene o ne a mo raya a re: “Morwarrago o ne a tla mme a ntsietsa gore a bone masego a a neng a go lebane.” 36 Foo o ne a re: “Go a utlwala go bo a bidiwa Jakobe.* Ke lekgetlo la bobedi a tshola se ke neng ke tshwanetse go se amogela.+ O setse a tshotse tshwanelo ya me ya go nna motsalwapele,+ mme jaanong o tshotse masego a me!”+ Mme gape o ne a re: “A ga o a ntshadisetsa masego ape?” 37 Mme Isake o ne a araba Esau a re: “Ke mo tlhomile go nna mong wa gago+ e bile ke mo neile bomorwarraagwe botlhe gore e nne batlhanka ba gagwe, ke mo neile dijo tsa ditlhaka le beine e ntšha gore di mo otle.+ Mme ke eng se se setseng se nka se go direlang, morwaaka?”

38 Esau o ne a raya rraagwe a re: “Rra, a ga go na tshegofatso e le nngwe fela e e setseng? Rra, le nna ntshegofatse!” Foo Esau o ne a goa mme a thubega ka selelo.+ 39 Ka jalo, Isake rraagwe o ne a mo araba a re:

“Bona, o tla aga kgakala le mmu o o nonneng wa lefatshe e bile o tla nna kgakala le monyo wa magodimo.+ 40 O tla tshela ka tšhaka ya gago+ e bile o tla direla morwarrago.+ Mme fa o sa tlhole o kgona go mo itshokela, ruri o tla roba jokwe ya gagwe mo molaleng wa gago.”+

41 Le fa go ntse jalo, Esau o ne a tlhoa Jakobe ka gonne rraagwe a ne a mo segofaditse+ mme Esau o ne a nna a ipolelela jaana mo pelong: “Malatsi a go hutsafalela rre a a atamela.+ Morago ga moo, ke tlile go bolaya Jakobe morwarre.” 42 Fa Rebeka a bolelelwa mafoko a ga Esau morwawe, o ne a potlaka mme a roma gore morwawe e bong Jakobe a bidiwe mme a mo raya a re: “Bona, Esau morwarrago o batla go ipusolosetsa ka go go bolaya.* 43 Jaanong morwaaka, dira jaaka ke go laela. Itlhaganele mme o tshabele kwa Harana kwa go kgaitsadiake Labane.+ 44 Dula le ene ka lobakanyana go fitlha bogale jwa ga morwarrago bo kokobela, 45 go fitlha bogale jwa ga morwarrago bo fokotsega a bo a lebala se o se mo dirileng. Morago ga moo, ke tla roma mongwe gore a go bitse. Ke ka ntlha yang fa loobabedi lo tshwanetse go ntatlhegela mo letsatsing le le lengwe fela?”

46 Morago ga moo, Rebeka o ne a nna a raya Isake a re: “Ke ila botshelo jwa me ka ntlha ya bomorwadia Hethe.+ Fa go ka direga gore Jakobe a nyale mosadi mo go bomorwadia Hethe, ba ba tshwanang le bomorwadia lefatshe leno, botshelo jwa me bo na le molemo wa eng?”+

28 Ka jalo, Isake o ne a bitsa Jakobe a bo a mo segofatsa mme a mo laela a re: “O se ka wa tsaya mosadi mo go bomorwadia Kanana.+ 2 Tsamaya o ye kwa Padana-arama kwa lelapeng la ga Bethuele rraagwe mmago mme o itseele mosadi gone mo go bomorwadia Labane+ kgaitsadie mmago. 3 Modimo Mothatayotlhe o tla go segofatsa, o tla go atisa a bo a go ntsifatsa, mme ruri o tla nna boidiidi jwa ditšhaba.+ 4 Mme o tla go naya tshegofatso ya ga Aborahame,+ wena le losika lwa gago, gore o tle o rue lefatshe le o neng o nna kwa go lone o le motswakwa, le Modimo a le neileng Aborahame.”+

5 Ka jalo, Isake o ne a naya Jakobe tsela, a tsamaya a ya Padana-arama kwa go Labane morwa Bethuele wa Moaramaika,+ kgaitsadie Rebeka,+ mmaagwe Jakobe le Esau.

6 Esau o ne a bona gore Isake o segofaditse Jakobe mme o mo tsamaisitse go ya Padana-arama gore a ye go batla mosadi gone, e bile fa a mo segofatsa o ile a mo laela a re: “O se ka wa tsaya mosadi mo go bomorwadia Kanana,”+ 7 gape Esau o ne a bona gore Jakobe o ne a utlwa rraagwe le mmaagwe a bo a tsamaya a ya Padana-arama.+ 8 Foo Esau o ne a lemoga gore bomorwadia Kanana ba ne ba sa itumedise Isake rraagwe,+ 9 ka jalo o ne a ya kwa go Ishemaele mme a nyala Mahalathe morwadia Ishemaele morwa Aborahame, kgaitsadie Nebaiothe, mo godimo ga basadi ba a neng a setse a na le bone.+

10 Jakobe o ne a tswa mo Beere-sheba mme a ya ntlheng ya Harana.+ 11 Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a goroga mo lefelong lengwe mme a ipaakanyetsa go robala gone ka gonne letsatsi le ne le phirimile. Ka jalo, o ne a tsaya leje mo majeng a lefelo leo gore a le same mme a robala foo.+ 12 O ne a lora, mme mo torong eo go ne go na le ditepisi* di tlhomilwe mo lefatsheng, bogodimo jwa tsone bo fitlha kwa magodimong; mme go ne go na le baengele ba Modimo ba palama e bile ba fologa mo go tsone.+ 13 Jehofa o ne a eme kwa godimo ga tsone mme a re:

“Ke nna Jehofa, Modimo wa ga Aborahame rrago le Modimo wa ga Isake.+ Wena le losika lwa gago, ke tlile go lo naya lefatshe leno le o letseng mo go lone.+ 14 Mme losika lwa gago ruri lo tla nna jaaka lorole lwa lefatshe,+ mme o tla anamela kgakala kwa bophirima le kwa botlhaba le kwa bokone le kwa borwa, mme malapa otlhe a lefatshe a tla segofadiwa* ka wena le ka losika lwa gago.+ 15 Ke na le wena mme ke tla go sireletsa gongwe le gongwe kwa o yang teng mme ke tla go busetsa mo lefatsheng leno.+ Ga nkitla ke go tlogela go fitlha ke diragaditse se ke go solofeditseng sone.”+

16 Foo Jakobe o ne a tsoga mo borokong a bo a re: “Ruri Jehofa o mo lefelong leno mme ke ne ke sa itse.” 17 O ne a boifa a bo a re: “Ruri lefelo leno le a gakgamatsa! E tshwanetse ya bo e le ntlo ya Modimo+ mme eno ke kgoro ya magodimo.”+ 18 Ka jalo, Jakobe o ne a tsoga phakela thata mme a tsaya leje le a neng a le samile a le tlhoma jaaka pilara mme a tshela leokwane mo godimo ga lone.+ 19 O ne a bitsa lefelo leo Bethele,* mme motse oo pele o ne o bidiwa Luse.+

20 Go tswa foo, Jakobe o ne a dira maikano, a re: “Fa e le gore Modimo o tla nna le nna e bile o tla ntshireletsa mo loetong lwa me a bo a nnaya senkgwe gore ke je, le diaparo gore ke apare 21 ke bo ke boela ka kagiso kwa lelapeng la ga rre, ruri Jehofa o tla bo a itshupile gore ke Modimo wa me. 22 Mme leje leno le ke le tlhomileng jaaka pilara e tla nna ntlo ya Modimo,+ mme ruri ke tla go ntshetsa karolo* ya sengwe le sengwe se o se nnayang.”

29 Morago ga moo, Jakobe o ne a tswelela ka loeto lwa gagwe a ya kwa lefatsheng la batho ba Botlhaba. 2 Jaanong o ne a bona sediba mo nageng mme matsomane a dinku a le mararo a ne a rapame go bapa le sone ka gonne gantsi batho ba koo ba ne ba nosa matsomane mo sedibeng seo. Go ne go na le leje le legolo mo molomong wa sediba. 3 Fa matsomane otlhe a ne a setse a phuthegile, badisa ba ne ba pitikolola leje ba le ntsha mo molomong wa sediba ba bo ba nosa matsomane, morago ga moo ba ne ba busetsa leje leno mo le tshwanetseng go nna gone mo molomong wa sediba.

4 Ka jalo, Jakobe o ne a ba raya a re: “Bagaetsho, lo tswa kwa lefelong lefe?” mme ba ne ba araba ba re: “Re tswa kwa Harana.”+ 5 O ne a ba raya a re: “A lo itse Labane+ morwa ngwana wa ga Nahore?”+ mme ba ne ba araba ba re: “Re a mo itse.” 6 Foo o ne a ba raya a re: “A o a tsoga?” Bone ba ne ba araba ba re: “Ee, o tsoga sentle. E bile Ragele+ morwadie ke yole o tla le dinku!” 7 Go tswa foo, o ne a ba raya a re: “Go sa ntse go le motshegare. Ga se nako ya go phutha metlhape. Nosang dinku mme morago ga moo lo ye go di fudisa.” 8 Foo ba ne ba mo raya ba re: “Ga re letlelelwe go dira jalo go fitlha matsomane otlhe a phuthilwe, morago ga moo re ka pitokolola leje mo molomong wa sediba. Go tswa foo, ke gone re ka nosang dinku.”

9 Fa a sa ntse a bua le bone, Ragele o ne a tla le dinku tsa ga rraagwe ka gonne e ne e le modisa wa mosadi. 10 Fa Jakobe a bona Ragele, morwadia Labane kgaitsadie mmaagwe le dinku tsa ga Labane, Jakobe o ne a itlhaganela mme a pitikolola leje a le ntsha mo molomong wa sediba, a nosa dinku tsa ga Labane kgaitsadie mmaagwe. 11 Morago ga moo, Jakobe o ne a suna Ragele a bo a tsholetsa lentswe a thubega ka selelo. 12 Mme Jakobe o ne a bolelela Ragele gore ke wa losika lwa ga* rraagwe le gore ke morwa Rebeka. Ragele o ne a siana a ya go bolelela rraagwe.

13 Fela fa Labane+ a begelwa ka Jakobe morwa kgaitsadie, o ne a siana a ya go mo kgatlhantsha. O ne a mo tlamparela, a mo suna a bo a mo tlisa mo ntlong ya gagwe. Mme o ne a simolola go bolelela Labane dilo tseno tsotlhe. 14 Labane o ne a mo raya a re: “Ruri o lerapo la me le nama ya me.”* Ka jalo, o ne a nna le ene lobaka lwa kgwedi.

15 Go tswa foo, Labane o ne a raya Jakobe a re: “A o tshwanetse go ntirela lefela, fela ka gonne o le wa losika lwa me?*+ Mpolelela, ke go duele ka eng?”+ 16 Jaanong Labane o ne a na le bana ba babedi ba basetsana. Leina la yo mogolo e ne e le Lea mme la yo mmotlana e le Ragele.+ 17 Matlho a ga Lea a ne a se mantle, mme Ragele ene e ne e le mosadi yo o kgatlhang thata e bile a le montle. 18 Jakobe o ne a rata Ragele, ka jalo a raya Labane a re: “Ke ikemiseditse go go direla dingwaga di le supa ka ntlha ya ga Ragele morwadio yo mmotlana.”+ 19 Foo Labane o ne a mo raya a re: “Go botoka gore ke mo neye wena go na le go mo naya monna yo mongwe. Tswelela o nne le nna.” 20 Jakobe o ne a mo direla dingwaga di le supa ka ntlha ya ga Ragele,+ mme mo go ene di ne di ntse jaaka malatsi a le mmalwa fela ka gonne o ne a mo rata.

21 Foo Jakobe o ne a raya Labane a re: “Nneye mosadi wa me ka gonne malatsi a me a go go direla a wetse, mme mma ke tlhakanele dikobo le ene.” 22 Foo Labane o ne a phutha batho botlhe ba lefelo leo mme a dira moletlo. 23 Mme e rile go le maitseboa, a tsaya Lea morwadie a mo tlisa kwa go Jakobe gore a tlhakanele dikobo le ene. 24 Gape Labane o ne a tsaya lelata la gagwe e bong Silepa mme a mo naya Lea morwadie go nna lelata la gagwe.+ 25 Mo mosong Jakobe o ne a lemoga gore o ne a neilwe Lea! Ka jalo, o ne a raya Labane a re: “Goreng o ntirile jaana? A ga ke a ka ka go direla ke direla Ragele? Ke ka ntlha yang fa o ntsieditse?”+ 26 Foo Labane o ne a mo raya a re: “Ga go a tlwaelega mono gore mosadi yo mmotlana a ntshiwe pele ga wa leitibolo. 27 Fetsa beke yotlhe le mosadi yono. Morago ga moo, o tla newa le mosadi yono yo mongwe mme o tla ntirela dingwaga tse dingwe tse supa.”+ 28 Jakobe o ne a dira jalo mme a fetsa beke yotlhe le mosadi yono, mme morago ga moo Labane o ne a mo naya Ragele morwadie go nna mosadi wa gagwe. 29 Mo godimo ga moo, Labane o ne a tsaya lelata la gagwe e bong Bileha+ a mo naya Ragele morwadie go nna lelata la gagwe.+

30 Foo Jakobe o ne a tlhakanela dikobo le Ragele, mme o ne a rata Ragele go feta Lea, mme o ne a direla Labane dingwaga tse dingwe tse supa.+ 31 Fa Jehofa a bona gore Lea o ne a sa ratiwe,* o ne a dira gore a ime,*+ mme Ragele ene o ne a le moopa.+ 32 Ka jalo, Lea o ne a ima, a tshola ngwana wa mosimane a bo a mmitsa Rubene*+ ka gonne o ne a re: “Ke ka gonne Jehofa o bone pogisego ya me,+ mme jaanong monna wa me o tla simolola go nthata.” 33 O ne a ima gape a bo a tshola ngwana wa mosimane, go tswa foo o ne a re: “Ke ka gonne Jehofa o ne a reeditse, ka gonne ke ne ke sa ratiwe, ka jalo a nnaya le yono.” O ne a mmitsa Simeone.*+ 34 O ne a ima gape a bo a tshola ngwana wa mosimane, go tswa foo o ne a re: “Jaanong mo nakong eno monna wa me o tla atamalana thata le nna ka gonne ke mo tsholetse bana ba basimane ba le bararo.” Ka jalo o ne a bidiwa Lefi.*+ 35 O ne a ima gape a bo a tshola ngwana wa mosimane, go tswa foo o ne a re: “Jaanong ke tla baka Jehofa.” Ka jalo, o ne a mmitsa Juda.*+ Morago ga moo, o ne a se ka a tlhola a kgona go tshola bana.

30 Fa Ragele a bona gore o ne a sa tsholela Jakobe bana, o ne a fufegela mogolowe mme a raya Jakobe a re: “Nnaya bana go seng jalo ke tla swa.” 2 Foo Jakobe o ne a galefela Ragele mme a mo raya a re: “Ga ke Modimo. Ke ene yo o go thibetseng gore o se ka wa tshola bana.”* 3 Ka jalo, Ragele o ne a mo raya a re: “Bileha+ lelata la me ke yo. Tlhakanela dikobo le ene gore a tle a ntsholele bana,* gore le nna ke tle ke nne le bana ka ene.” 4 Foo o ne a naya Jakobe lelata la gagwe e bong Bileha gore a nne mosadi wa gagwe mme a tlhakanela dikobo le ene.+ 5 Bileha o ne a ima mme fa nako e ntse e tsamaya a tsholela Jakobe ngwana wa mosimane. 6 Foo Ragele o ne a re: “Modimo o ile a nna moatlhodi wa me a bo a reetsa lentswe la me, mo a neng a nnaya ngwana wa mosimane.” Ke gone ka moo a neng a mmitsa Dana.*+ 7 Bileha, lelata la ga Ragele, o ne a ima gape mme fa nako e ntse e tsamaya a tsholela Jakobe ngwana wa bobedi wa mosimane. 8 Foo Ragele o ne a re: “Ke sokasokane le nkgonne fela thata. Mme ke kgonne go fenya!” Ka jalo, o ne a mmitsa Nafetali.*+

9 Fa Lea a bona gore o ne a sa tlhole a kgona go tshola bana, o ne a tsaya Silepa lelata la gagwe a mo naya Jakobe go nna mosadi wa gagwe.+ 10 Mme Silepa, lelata la ga Lea, o ne a tsholela Jakobe ngwana wa mosimane. 11 Foo Lea o ne a re: “A lesego le legolo!” Ka jalo, o ne a mmitsa Gada.*+ 12 Morago ga moo Silepa, lelata la ga Lea, o ne a tsholela Jakobe ngwana wa bobedi wa mosimane. 13 Foo Lea o ne a re: “Ruri ke itumetse! Gonne ruri bana ba basetsana ba tla mpolela ke le yo o itumetseng.”+ Ka jalo, o ne a mmitsa Ashera.*+

14 Jaanong ka nako ya fa go ne go rojwa korong, Rubene+ o ne a ntse a tsamaya mo nageng mme a bona maungo a dimandereiki.* Ka jalo, o ne a a tlisa kwa go Lea mmaagwe. Foo Ragele o ne a raya Lea a re: “Tsweetswee, nnaya mangwe a maungo a dimandereiki a ga morwao.” 15 Mme Lea o ne a mo raya a re: “A ga go a lekana go bo o tsere monna wa me?+ A jaanong o tla tsaya le maungo a dimandereiki a ga morwaake?” Ka jalo, Ragele o ne a re: “Go siame. Jakobe o tla tlhakanela dikobo le wena mo bosigong jono ka gonne o nneile maungo a dimandereiki a ga morwao.”

16 Maitseboa fa Jakobe a tla a tswa kwa madisong, Lea o ne a ya go mo kgatlhantsha mme a mo raya a re: “O tlile go tlhakanela dikobo le nna ka gonne ke go thapile ka maungo a dimandereiki a ga morwaake.” Ka jalo, o ne a tlhakanela dikobo le ene mo bosigong joo. 17 Modimo o ne a utlwa Lea a bo a mo araba mme a ima, fa nako e ntse e tsamaya a tsholela Jakobe ngwana wa mosimane wa botlhano. 18 Foo Lea o ne a re: “Modimo o nneile tuelo ya me* ka gonne ke neile monna wa me lelata la me.” Ka jalo, o ne a mmitsa Isakare.*+ 19 Lea o ne a ima gape mme fa nako e ntse e tsamaya a tsholela Jakobe ngwana wa mosimane wa borataro.+ 20 Foo Lea o ne a re: “Modimo o nneile mpho e e molemo. Jaanong monna wa me o tla nkamogela+ ka gonne ke mo tsholetse bana ba basimane ba le barataro.”+ Ka jalo, o ne a mmitsa Sebulone.*+ 21 Morago ga moo, o ne a tshola ngwana wa mosetsana mme a mmitsa Dina.+

22 La bofelo Modimo o ne a gakologelwa Ragele, mme Modimo a mo utlwa a bo a mo araba ka go dira gore a ime.*+ 23 O ne a ima a bo a tshola ngwana wa mosimane. Go tswa foo, o ne a re: “Modimo o tlositse kgobo ya me!”+ 24 Ka jalo, o ne a mmitsa Josefa,*+ a re: “Jehofa o nkokeletsa ka ngwana yo mongwe wa mosimane.”

25 Fa Ragele a sena go tshola Josefa, ka yone nako eo Jakobe o ne a raya Labane a re: “Nnaya tsela gore ke ye kwa lefelong la gaetsho le kwa lefatsheng la gaetsho.+ 26 Nnaya basadi ba me le bongwanake, ba ke go diretseng ka ntlha ya bone, gore ke tle ke tsamaye ka gonne o itse sentle se ke se go diretseng.”+ 27 Foo Labane o ne a mo raya a re: “Tsweetswee ke a go kopa, dula le nna. Gonne ke lemogile ka ditshupo* gore Jehofa o a ntshegofatsa ka ntlha ya gago.” 28 Mme o ne a oketsa a re: “Mpolelele tuelo ya gago e e tlhomameng, mme ke tla go e naya.”+ 29 Ka jalo, Jakobe o ne a mo raya a re: “O itse kafa ke go diretseng ka gone le kafa motlhape wa gago o neng wa ata ka gone ka ntlha ya me;+ 30 o ne o na le go le gonnye pele ga ke tla, mme jaanong motlhape wa gago o oketsegile wa bo wa ata e bile fa e sa le ke goroga, Jehofa o go segofaditse. Mme lelapa la me lone ke tla le direla leng?”+

31 Foo Labane o ne a re: “Ke go neye eng?” Mme Jakobe a mo raya a re: “O se ka wa nnaya sepe gotlhelele! Fa o ka ntirela selo seno fela, ke tla simolola go disa letsomane la gago gape e bile ke tla le sireletsa.+ 32 Ke tla feta mo gare ga letsomane lotlhe la gago gompieno. O beele kwa thoko nku nngwe le nngwe e e marontho le e e mmala o o dibata, mme mo diphelefung tse dipotlana o beele kwa thoko nku nngwe le nngwe e e borokwa jo bo tseneletseng mme mo dipoding tse dinamagadi o beele kwa thoko tsa mmala o o dibata le o o marontho. Go tloga jaanong go ya pele, tseno e tla nna tuelo ya me.+ 33 Mme tshiamo* ya me e tla mpuelela mo nakong e e tlang fa ka letsatsi lengwe o tla go leba tuelo ya me; podi nngwe le nngwe e namagadi e e seng marontho le e e se nang mmala o o dibata, le phelefu nngwe le nngwe e potlana e e seng borokwa jo bo tseneletseng, e tla nna sengwe se se utswilweng fa e fitlhelwa mo go nna.”

34 Foo Labane o ne a mo raya a re: “Go siame! A go nne jaaka o buile.”+ 35 Mo go lone letsatsi leo, Labane o ne a beela kwa thoko diphoko tse di methalo le tse di mmala o o dibata le dipodi tsotlhe tse dinamagadi tse di marontho le tsa mmala o o dibata, le diphelefu tsotlhe tse di potlana tse di nang le bosweu le tse di borokwa jo bo tseneletseng, mme a di naya bomorwawe gore ba di tlhokomele. 36 Morago ga moo, o ne a ya kwa lefelong le le neng le le sekgala sa malatsi a le mararo go tswa fa go Jakobe, mme Jakobe o ne a disa matsomane a ga Labane a a neng a setse.

37 Go tswa foo, Jakobe o ne a tsaya dithupa tse di sa tswang go kgetlwa tsa setlhare sa setorakisi, sa thamane le sa mopolane mme a obola dibata tse ditshweu mo go tsone ka go dira gore logong lo losweu lwa dithupa tseno lo bonale. 38 O ne a baya dithupa tse a neng a di obotse fa pele ga letsomane, mo meseleng, mo mekorong e di nwelang mo go yone, kwa matsomane a neng a tla go nwa gone gore fa a tla go nwa a nne le keletso ya go gwela fa pele ga tsone.

39 Ka jalo, matsomane a ne a tle a nne le keletso ya go gwela fa pele ga dithupa, mme matsomane a ne a tsala tse di methalo, tse di marontho le tse di mmala o o dibata. 40 Go tswa foo, Jakobe o ne a kgaoganya diphelefu tse di potlana a bo a lebisa matsomane kwa go tse di methalo le tsotlhe tse di borokwa jo bo tseneletseng tse di mo matsomaneng a ga Labane. Morago ga moo, o ne a tlhaola matsomane a gagwe mme a se ka a a kopanya le a ga Labane. 41 Mme ka metlha fa diphologolo tse di nonofileng di ne di nna le keletso ya go gwela, Jakobe o ne a baya dithupa mo meseleng fa pele ga matlho a matsomane, gore di nne le keletso ya go gwela di le fa pele ga dithupa. 42 Mme fa diphologolo di ne di le bokoa, o ne a sa beye dithupa mo meseleng. Ka jalo, ka metlha tsa ga Labane e ne e nna tsone tse di bokoa, mme tsa ga Jakobe e ne e nna tsone tse di nonofileng.+

43 Monna yono o ne a nna a atlega mme a nna le matsomane a mantsi le malata le batlhanka le dikamela le ditonki.+

31 Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a utlwa se bomorwa Labane ba neng ba se bua ba re: “Jakobe o tsere sengwe le sengwe se e neng e le sa ga rraarona, o ikokoanyeditse khumo eno yotlhe ka se e neng e le sa ga rraarona.”+ 2 Fa Jakobe a ne a leba sefatlhego sa ga Labane, o ne a lemoga gore ga a tlhole a le botsalano mo go ene jaaka pele.+ 3 La bofelo Jehofa o ne a raya Jakobe a re: “Boela kwa lefatsheng la borrago le kwa go ba losika lwa gaeno,+ mme ke tla nna le wena.” 4 Foo Jakobe o ne a romela molaetsa kwa go Ragele le Lea gore ba tle kwa go ene kwa madisong kwa letsomaneng la gagwe, 5 mme o ne a ba raya a re:

“Ke lemogile gore rraalona ga a tlhole a le botsalano mo go nna,+ mme gone Modimo wa ga rre o ntse a na le nna.+ 6 Lo itse sentle gore ke diretse rraalona ka maatla otlhe a me.+ 7 Mme rraalona o ne a leka go ntsietsa e bile o fetotse tuelo ya me makgetlo a le lesome; mme Modimo ga a ka a mo letla gore a nkutlwise botlhoko. 8 Fa a ne a re, ‘Tse di marontho e tla nna tuelo ya gago,’ letsomane lotlhe le ne le tsala tse di marontho; mme fa a ne a re, ‘Tse di methalo e tla nna tuelo ya gago,’ letsomane lotlhe le ne le tsala tse di methalo.+ 9 Ka jalo, Modimo o ne a nna a tsaya diruiwa tsa ga rraalona mo go ene mme a di nnaya. 10 Fa letsomane le ne le nna le keletso ya go gwela, ke ne ka tsholetsa matlho mme ka bona mo torong gore diphoko tse di neng di gwela letsomane di ne di le methalo, di le marontho e bile di le mmala o o dibata.+ 11 Go tswa foo, moengele wa Modimo wa boammaaruri o ne a nthaya mo torong a re, ‘Jakobe!’ mme ka re, ‘Ke fano.’ 12 Mme gape o ne a nthaya a re, ‘Tsweetswee bona, diphoko tsotlhe tse di gwelang letsomane di methalo, di marontho e bile di mmala o o dibata, ka gonne ke bone sotlhe se Labane a se go dirang.+ 13 Ke nna Modimo wa boammaaruri wa Bethele,+ kwa o neng wa tlotsa pilara gone le kwa o neng wa inkanela gone.+ Jaanong ema, tswa mo lefatsheng leno mme o boele kwa lefatsheng le o tsholetsweng kwa go lone.’”+

14 Foo Ragele le Lea ba ne ba mo araba ba re: “A go sa ntse go na le boswa bope jo bo re saletseng mo ntlong ya ga rraarona? 15 A ga a re tseye jaaka batswakwa, e re ka a re rekisitse e bile a ntse a dirisa madi a re a ntsheditsweng?+ 16 Dikhumo tsotlhe tse Modimo a di tsereng mo go rraarona ke tsa rona le bana ba rona.+ Ka jalo, dira sengwe le sengwe se Modimo a go laetseng gore o se dire.”+

17 Foo Jakobe o ne a ema mme a pega bana ba gagwe le basadi ba gagwe mo dikameleng+ 18 a bo a tsaya motlhape otlhe wa gagwe le dithoto tsotlhe tse a neng a di kokoantse,+ diruiwa tsa gagwe tse a neng a di kokoantse mo Padana-arama, a ya kwa go Isake rraagwe kwa lefatsheng la Kanana.+

19 Jaanong Labane o ne a ile go beola dinku tsa gagwe mme Ragele a utswa difikantswe tsa terafime*+ tse e neng e le tsa ga rraagwe.+ 20 Ka jalo, Jakobe o ne a tsieditse Labane wa Moaramaika ka gonne o ne a sa mmolelela gore o a tshaba. 21 Mme o ne a tshaba a kgabaganya Noka,*+ ene le sotlhe se a neng a na le sone. Go tswa foo, o ne a ya kwa ntlheng ya kgaolo e e dithaba ya Gileade.+ 22 Mo letsatsing la boraro, Labane o ne a bolelelwa gore Jakobe o tshabile. 23 Foo o ne a tsaya bomorwarraagwe* a bo a mo lelekisa sekgala sa loeto lwa malatsi a le supa mme a mo tshwara kwa kgaolong e e dithaba ya Gileade. 24 Foo Modimo o ne a iponatsa kwa go Labane wa Moaramaika+ mo torong bosigo+ a mo raya a re: “O nne kelotlhoko ka se o se bolelelang Jakobe, se ka tswa se le molemo kgotsa se le bosula.”*+

25 Ka jalo, Labane o ne a goroga kwa go Jakobe, fa Jakobe a ne a tlhomile tente ya gagwe mo thabeng, mme Labane ene o ne a nna le bomorwarraagwe mo kgaolong e e dithaba ya Gileade. 26 Foo Labane o ne a raya Jakobe a re: “O dirile eng? Goreng o ntsieditse o bo o tsaya bomorwadiake jaaka e kete ke batshwarwa ba ba gapilweng ka tšhaka? 27 Ke ka ntlha yang fa o ne wa ngwega mme wa se ka wa mpolelela? Fa o ka bo o mpoleletse, nkabo ke go tsamaisitse ke itumetse, re go opelela e bile re go leletsa moropana le harepa. 28 Mme ga o a ka wa nnaya tshono ya go suna ditlogolo tsa me* le bomorwadiake. O dirile bomatla. 29 Go mo maatleng a me gore ke lo utlwise botlhoko, mme Modimo wa borragomogolo o buile le nna mo bosigong jo bo fetileng a re, ‘O nne kelotlhoko ka se o se bolelelang Jakobe, se ka tswa se le molemo kgotsa se le bosula.’+ 30 Jaanong o tsamaile, ka gonne o ne o tlhologeletswe go boela kwa ntlong ya ga rrago, mme gone ke ka ntlha yang fa o utswile medimo ya me?”+

31 Jakobe o ne a araba Labane a re: “Ke ka gonne ke ne ke boifa mme ka ipolelela gore, ‘O ka tloga wa tsaya bomorwadio mo go nna ka dikgoka.’ 32 Ope fela yo o fitlhelang medimo ya gago mo go ene, a a se ka a tshela. Batla mo dilong tse ke nang le tsone fa pele ga bomorwarraarona, mme o tseye se e leng sa gago.” Mme Jakobe o ne a sa itse gore Ragele o ne a e utswile. 33 Ka jalo, Labane o ne a tsena mo tenteng ya ga Jakobe le mo tenteng ya ga Lea le mo tenteng ya malata a mabedi,+ mme a se ka a e bona. Go tswa foo, o ne a tswa mo tenteng ya ga Lea mme a tsena mo tenteng ya ga Ragele. 34 Ragele o ne a tsere difikantswe tsa terafime a bo a di baya mo saleng ya basadi ya kamela, mme o ne a ntse mo godimo ga tsone. Ka jalo, Labane o ne a phuruphutsha mo tenteng yotlhe mme a se ka a di bona. 35 Foo Ragele o ne a raya rraagwe a re: “O se ka wa nkgalefela morena wa me ka gonne ga ke kgone go ema fa pele ga gago, ka gore ke diragalelwa ke mokgwa wa gale wa basadi.”+ Ka jalo, o ne a nna a batla ka kelotlhoko mme a se ka a bona difikantswe tsa terafime.+

36 Foo Jakobe o ne a galefa a bo a simolola go latofatsa Labane. Go tswa foo, Jakobe o ne a raya Labane a re: “Ke go diretse phoso efe, ke go leofetse ka eng go bo o ntateletse o galefile jaana? 37 E re ka jaanong o phuruphuditse mo dithotong tsa me tsotlhe, a o fitlhetse sengwe sa lelapa la gago? Se beye fano fa pele ga bomorwarre le bomorwarrago mme a ba dire tshwetso fa gare ga rona ka bobedi. 38 Mo dingwageng tseno tse 20 tse ke ntseng ke na le wena, dinku tsa gago le dipodi tsa gago ga di a ka tsa folotsa,+ e bile ga ke ise ke tsamaye ke je diphelefu tsa letsomane la gago. 39 Ga ke a tlisa kwa go wena phologolo epe e e gagogantsweng ke dibatana.+ Ke ne ke tla tshwanelwa ke go e emisetsa ka e nngwe. Le fa phologolo e ne e ka utswiwa motshegare kgotsa bosigo, o ne o tla mpateletsa gore ke e duele. 40 Motshegare ke ne ke babolwa ke letsatsi mme bosigo ke bolawa ke serame e bile ke ne ke felelwa ke boroko.+ 41 Ke na le dingwaga di le 20 ke le mo ntlong ya gago. Ke go diretse dingwaga di le 14 ka ntlha ya bomorwadio ba babedi le dingwaga di le 6 ke tlhokometse letsomane la gago, mme o ne wa nna wa fetola tuelo ya me makgetlo a le lesome.+ 42 Fa Modimo wa ga rre,+ Modimo wa ga Aborahame le Yo Isake a mmoifang,*+ a ne a se ka fa letlhakoreng la me, gone jaanong o ka bo o ntsamaisitse ke iphotlhere fela. Modimo o bone pogisego ya me le tiro ya diatla tsa me, mme ke gone ka moo a neng a go kgalemela mo bosigong jo bo fetileng.”+

43 Foo Labane o ne a araba Jakobe a re: “Basetsana bano ke bomorwadiake le bana bano ke bongwanake le letsomane leno ke letsomane la me, mme sengwe le sengwe se o se lebileng ke sa me le sa bomorwadiake. Go ka tla jang gore ke ba gobatse kgotsa ke gobatse bana ba bone? 44 Jaanong tla re dire kgolagano, nna le wena, mme e tla nna bosupi fa gare ga rona.” 45 Ka jalo, Jakobe o ne a tsaya leje mme a le tlhoma jaaka pilara.+ 46 Go tswa foo, Jakobe o ne a raya bomorwarraagwe a re: “Selang maje!” Mme ba tsaya maje ba bo ba a dira mokoa. Morago ga moo, ba ne ba jela mo godimo ga mokoa oo wa maje. 47 Mme Labane o ne a o bitsa Jegare-sahadutha,* Jakobe ene a o bitsa Galeede.*

48 Go tswa foo, Labane o ne a re: “Mokoa ono wa maje ke bosupi fa gare ga me le wena gompieno.” Ke gone ka moo a neng a o bitsa Galeede+ 49 le Tora ya go Lebelela ka gonne o ne a re: “A Jehofa a nne a lebeletse fa gare ga me le wena fa re sa bonane. 50 Fa o sa tshware bomorwadiake sentle o bo o nyala basadi ba bangwe kwantle ga bomorwadiake, le fa gone go se na ope yo o nang le rona, gopola gore Modimo o tla nna mosupi fa gare ga me le wena.” 51 Gape Labane o ne a raya Jakobe a re: “Mokoa wa maje ke ono, pilara e ke e tlhomileng fa gare ga me le wena le yone ke eno. 52 Mokoa ono wa maje ke bosupi, mme pilara eno ke sengwe se se neelang bosupi+ jwa gore ga nkitla ke feta mokoa ono wa maje ke tla go go utlwisa botlhoko le gore ga o kitla o feta mokoa ono wa maje le pilara eno o tla go nkutlwisa botlhoko. 53 A Modimo wa ga Aborahame+ le Modimo wa ga Nahore, Modimo wa ga rraabone a atlhole fa gare ga rona.” Mme Jakobe o ne a ikana ka Modimo yo Isake rraagwe a mmoifang.*+

54 Morago ga moo, Jakobe o ne a ntsha setlhabelo mo thabeng mme a laletsa bomorwarraagwe go tla go ja senkgwe. Ka jalo, ba ja mme ba lala mo thabeng eno. 55 Le fa go ntse jalo, Labane o ne a tsoga phakela thata mme a suna ditlogolo tsa gagwe*+ le bomorwadie mme a ba segofatsa.+ Go tswa foo, Labane o ne a tsamaya a boela gae.+

32 Jakobe o ne a tswelela ka loeto lwa gagwe, mme baengele ba Modimo ba ne ba kopana le ene. 2 Fela fa Jakobe a ba bona, o ne a re: “Kampa eno ke ya masole a Modimo!” Ka jalo o ne a bitsa lefelo leo Mahanaime.*

3 Foo Jakobe o ne a romela barongwa kwa pele ga gagwe kwa go Esau morwarraagwe kwa lefatsheng la Seire,+ kgaolo* ya Edoma,+ 4 mme o ne a ba laela a re: “Seno ke se lo tla se bolelelang morena wa me Esau, ‘Jakobe motlhanka wa gago a re: “Ke agile* le Labane lobaka lo loleele go fitlha jaanong.+ 5 Ke na le dipoo, ditonki, dinku, batlhanka le malata+ mme ke romela molaetsa ono kwa go wena morena wa me, gore o tle o nkamogele.”’”

6 Fa nako e ntse e tsamaya, barongwa ba ne ba boela kwa go Jakobe, ba re: “Re kopane le Esau morwarrago, mme gone jaanong o mo tseleng o tla go go kgatlhantsha, mme o na le banna ba le 400.”+ 7 Mme Jakobe o ne a boifa thata a bo a tlhobaela.+ Ka jalo, o ne a kgaoganya batho ba ba neng ba na le ene, mmogo le matsomane, dikgomo le dikamela go nna mephato e mebedi. 8 O ne a re: “Fa Esau a ka tlhasela mophato o mongwe, mophato o mongwe o tla kgona go falola.”

9 Morago ga moo, Jakobe o ne a re: “Ao tlhe Modimo wa ga rre e bong Aborahame le Modimo wa ga rre e bong Isake, Ao tlhe Jehofa, wena yo o nthayang o re, ‘Boela kwa lefatsheng la gaeno le kwa go ba losika lwa gaeno mme ke tla dirisana sentle le wena,’+ 10 ga ke tshwanelwe ke lorato lo lo sa kgaotseng le bopelonomi tse o di bontshitseng nna motlhanka wa gago+ ka gonne ke ne ka kgabaganya Joredane eno ke tshotse thobane ya me fela mme jaanong ke fetogile mephato e mebedi.+ 11 Ke a go rapela, nkgolole+ mo seatleng sa ga morwarre e bong Esau, ka gonne ke boifa gore a ka nna a tla mme a ntlhasela+ mmogo le bana le bommaabone. 12 Mme wena o ne wa re: ‘Ruri ke tla dirisana sentle le wena mme ke tla dira gore losika lwa gago lo nne jaaka motlhaba* wa lewatle, o o ka se kang wa balwa ka gonne o le montsi.’”+

13 Mme o ne a lala foo bosigo joo. Go tswa foo, o ne a tsaya dithoto dingwe tsa gagwe go nna mpho e a tla e nayang Esau morwarraagwe:+ 14 dipodi tse dinamagadi di le 200, diphoko di le 20, dinku tse dinamagadi di le 200, diphelefu di le 20, 15 dikamela tse di anyisang di le 30, dikgomo di le 40, dipoo di le 10, ditonki tse dinamagadi di le 20 le ditonki tse ditonanyana tse di godileng di le 10.+

16 O ne a di naya batlhanka ba gagwe, metlhape ka go latelana, mme a ba raya a re: “Kgabaganyetsang kwa pele ga me, mme lo dire gore go nne le sekgala fa gare ga metlhape eno.” 17 Gape o ne a laela motlhanka wa ntlha a re: “Fa go ka direga gore Esau morwarre a kopane le wena a bo a go botsa, a re, ‘O motlhanka wa ga mang, o ya kae, mme diruiwa tseno ke tsa ga mang?’ 18 o mo reye o re, ‘Ke tsa ga Jakobe motlhanka wa gago. Ke mpho e e rometsweng kwa go morena wa me, kwa go Esau+ e bile le ene o etla kwa morago ga rona.’” 19 Mme o ne a laela motlhanka wa bobedi, wa boraro le botlhe ba ba setseng metlhape morago, a re: “Fa lo kopana le Esau lo mmolelele mafoko ano. 20 Mme gape lo mo reye lo re, ‘Motlhanka wa gago Jakobe o tla kwa morago ga rona.’ ” Gonne o ne a ipolelela a re: ‘Fa nka fokotsa bogale jwa gagwe ka go romela mpho kwa pele ga me,+ mme morago ga moo fa ke mmona, a ka nna a nkamogela ka bopelonomi.’ 21 Ka jalo, batlhanka ba gagwe ba ne ba tsamaela kwa pele ga gagwe ka dimpho, mme ene o ne a lala mo kampeng mo bosigong joo.

22 Moragonyana mo bosigong joo, o ne a tsoga a tsaya basadi ba gagwe ba babedi+ le malata a gagwe a mabedi+ le bomorwawe ba babotlana ba ba 11 mme a kgabaganya molapo wa Jaboke.+ 23 O ne a ba tsaya mme a ba thusa go kgabaganya molapo, morago ga moo a tlodisa dilo tse dingwe tsotlhe tse a neng a na le tsone.

24 La bofelo Jakobe o ne a sala a le nosi. Foo monna mongwe o ne a simolola go sokasokana le ene go fitlha ka masa.+ 25 E rile a bona gore ga a mo fenye, o ne a tshwara malokololo a nôka ya ga Jakobe; mme nôka ya gagwe ya tswa mo lefelong la yone fa a ntse a sokasokana le ene.+ 26 Morago ga moo, monna yono o ne a raya Jakobe a re: “Ntlogele ke tsamaye ka gonne bo sele.” Foo ene a re: “Nka se go tlogele o tsamaya go fitlha o ntshegofatsa.”+ 27 Ka jalo, o ne a mo raya a re: “Leina la gago ke mang?” mme ene a araba a re: “Jakobe.” 28 Foo o ne a re: “Leina la gago e ka se tlhole e nna Jakobe mme e tla nna Iseraele*+ ka gonne o lole le Modimo+ le batho mme kwa bofelong o ne wa fenya.” 29 Jakobe le ene o ne a mo raya a re: “Tsweetswee, mpolelela leina la gago.” Le fa go ntse jalo, monna yono o ne a re: “Ke ka ntlha yang fa o batla go itse leina la me?”+ Mme o ne a mo segofatsa teng foo. 30 Ka jalo, Jakobe o ne a bitsa lefelo leo Peniele*+ ka gonne o ne a re, “Ke bone Modimo re lebane difatlhego, le fa go ntse jalo botshelo* jwa me bo ne jwa bolokwa.”+

31 Fela fa a feta Penuele* letsatsi le ne la tlhaba, mme o ne a tlhotsa ka gonne a ne a gobetse mo nôkeng.+ 32 Ke gone ka moo go tla go fitlha mo letsatsing leno, bomorwa Iseraele ba sa jeng mosifa wa serope,* o o mo malokololong a nôka ka gonne monna yono o ne a tshwara malokololo a nôka ya ga Jakobe ka mosifa wa serope.

33 Jaanong Jakobe o ne a tsholetsa matlho mme a bona Esau a tla le banna ba le 400.+ Ka jalo, o ne a kgaoganya bana a ba naya Lea, Ragele le malata a mabedi.+ 2 O ne a baya malata le bana ba one kwa pele,+ go bo go latela Lea le bana ba gagwe+ mme a baya Ragele+ le Josefa kwa morago ga bone. 3 Go tswa foo, o ne a ya kwa pele ga bone mme a ikobela fa fatshe makgetlo a le supa fa a ntse a atamela kwa go morwarraagwe.

4 Mme Esau o ne a siana a ya go mo kgatlhantsha, a mo tlamparela, a mo suna mme ba thubega ka selelo. 5 Fa a tsholetsa matlho mme a bona basadi le bana, o ne a re: “Ke bomang bano ba ba nang le wena?” mme Jakobe o ne a re: “Ke bana ba Modimo a segofaditseng motlhanka wa gago ka bone.”+ 6 Foo malata a ne a atamela le bana ba one mme ba ikoba, 7 Lea le ene a atamela le bana ba gagwe, ba ikoba. Go tswa foo, Josefa o ne a atamela le Ragele, le bone ba ikoba.+

8 Esau o ne a re: “Mophato ono otlhe wa batsamai o ke kopaneng le one o kaya eng?”+ O ne a mo araba a re: “Gore morena wa me a nkamogele.”+ 9 Foo Esau o ne a re: “Ke na le dithoto tse dintsi thata morwarra.+ A tseo di tswelele e le tsa gago.” 10 Le fa go ntse jalo, Jakobe o ne a mo raya a re: “Nnyaa, tsweetswee. Fa e le gore o nkamogetse, o tshwanetse go tsaya mpho e ke go e nayang ka gonne ke e tlisitse gore ke tle ke bone sefatlhego sa gago. Mme ke bone sefatlhego sa gago jaaka e kete ke bone sefatlhego sa Modimo ka gonne o nkamogetse ka boitumelo.+ 11 Tsweetswee, tsaya mpho e e neng ya tlisiwa kwa go wena, e ka yone ke go eleletsang tse di molemo+ ka gonne Modimo o ntshegofaditse e bile ke na le sengwe le sengwe se ke se tlhokang.”+ Mme o ne a nna a mo emelela go fitlha a e tsaya.

12 Moragonyana Esau o ne a mo raya a re: “A re bolole re tsamaye, mme mma ke tsamaye kwa pele ga gago.” 13 Mme ene o ne a mo raya a re: “Morena wa me o a lemoga gore bana ba sa ntse ba le bannye+ e bile ke tlhokometse dinku le dikgomo tse di anyisang. Fa di ka tsamaisiwa ka bonako mo letsatsing le le lengwe, letsomane lotlhe le tla swa. 14 Tsweetswee, a morena wa me a tsamaele kwa pele ga motlhanka wa gagwe, mme nna ke tla tswelela ka loeto ke iketlile go ya ka mosepele wa diruiwa le wa bana go fitlha ke goroga kwa go morena wa me kwa Seire.”+ 15 Foo Esau o ne a re: “Tsweetswee, mma ke tlogele bangwe ba batho ba me le wena.” Foo ene o ne a re: “Goreng o tshwanetse go dira jalo? Ke tlhoka fela gore morena wa me a nkamogele.” 16 Ka jalo, mo letsatsing leo Esau o ne a boela morago a ya Seire.

17 Mme Jakobe o ne a ya kwa Sukothe,+ mme a ikagela ntlo a bo a agela motlhape wa gagwe mafelo a a sireletsegileng gone. Ke gone ka moo a neng a bitsa lefelo leo Sukothe.*

18 Fa Jakobe a ne a tswa kwa Padana-arama,+ o ne a goroga a sireletsegile kwa motseng wa Shekema,+ mo lefatsheng la Kanana,+ mme a kampa gaufi le motse oo. 19 Mme o ne a reka karolo ya naga mo go bomorwa Hamore, rraagwe Shekema, ka madi a selefera a le 100. O ne a tlhoma tente ya gagwe mo karolong eo.+ 20 O ne a aga sebeso gone mme a se bitsa Modimo, Modimo wa Iseraele.+

34 Jaanong Dina, morwadia Jakobe yo a mo tsholetsweng ke Lea,+ o ne a tle a tswe a ye go fetsa nako le* makgarebe a lefatshe leo.+ 2 Fa Shekema, morwa Hamore wa Mohife,+ kgosana ya lefatshe leo a mmona, o ne a mo tsaya a bo a mmetelela. 3 Mme o ne a kgatlhegela Dina morwadia Jakobe fela thata, o ne a rata lekgarebe leno a bo a bua le lone ka bonolo gore a gape pelo ya lone.* 4 La bofelo Shekema a raya Hamore+ rraagwe a re: “Ntseele lekgarebe leno gore e nne mosadi wa me.”

5 Fa Jakobe a ne a utlwa gore Shekema o leswafaditse morwadie e bong Dina, bomorwawe ba ne ba le kwa nageng ba na le motlhape wa gagwe. Ka jalo, Jakobe o ne a se ka a bolelela ope ka kgang eno go fitlha ba boa. 6 Moragonyana Hamore, rraagwe Shekema, o ne a ya go bua le Jakobe. 7 Mme bomorwa Jakobe ba ne ba utlwa ka gone mme ka yone nako eo ba boa kwa nageng. Ba ne ba kgopisegile e bile ba galefile thata ka gonne o ne a tlhabisitse Iseraele ditlhong ka go tlhakanela dikobo le morwadia Jakobe,+ e leng selo se se neng se sa tshwanela go dirwa.+

8 Hamore o ne a bua le bone, a re: “Morwaake Shekema o kgatlhegela morwadialona. Tsweetswee, mo mo neyeng gore a nne mosadi wa gagwe, 9 mme lo dire kgolagano ya lenyalo* le rona. Re neyeng bomorwadialona, mme lo itseele bomorwadiarona.+ 10 Lo ka nna lwa aga le rona, mme lefatshe le tla lo bulegela. Nnang mo go lone mme lo dire kgwebo lo bo lo age mo go lone.” 11 Foo Shekema o ne a raya rraagwe Dina le bokgaitsadie a re: “Ke kopa gore lo nkamogele, mme ke tla lo naya sepe fela se lo se batlang. 12 Lo ka nna lwa batla bogadi jo bo kwa godimo thata le mpho.+ Ke ikemiseditse go ntsha sepe fela se lo tla se batlang. Ke kopa fela gore lo nneye lekgarebe leno gore e nne mosadi wa me.”

13 Mme bomorwa Jakobe ba ne ba araba Shekema le rraagwe e bong Hamore ka boferefere ka gonne a ne a leswafaditse Dina kgaitsadiabone. 14 Ba ne ba ba raya ba re: “Ga re ka ke ra dira selo se se ntseng jalo, ra naya monna yo o sa rupang* kgaitsadiarona+ ka gonne seo ke matlhabisaditlhong mo go rona. 15 Re ka dumalana le lona fela fa lo ka dira seno: fa lo ka tshwana le rona mme lwa rupisa banna botlhe ba lona.+ 16 Foo re tla lo naya bomorwadiarona e bile re tla itseela bomorwadialona, mme re tla aga le lona re bo re nna batho ba le bangwe fela. 17 Mme fa lo sa re reetse lo sa batle go rupa, re tla tsaya morwadiarona re bo re tsamaya.”

18 Se ba neng ba se bua se ne sa itumedisa Hamore+ le Shekema, morwa Hamore.+ 19 Lekau leno ga le a ka la diega go dira se ba se kopileng+ ka gonne le ne le kgatlhegela morwadia Jakobe e bile le ne le tlotlega thata mo go botlhe ba lelapa la ga rraalone.

20 Ka jalo, Hamore le morwawe e bong Shekema ba ne ba ya kwa kgorong ya motse mme ba bua le banna ba motse wa bone,+ ba re: 21 “Banna bano ba batla go nna le rona ka kagiso. A re ba letleng gore ba nne mo lefatsheng leno ba bo ba dire kgwebo mo go lone, ka gonne lefatshe le legolo thata mo ba ka agang mo go lone. Re ka nna ra nyala bomorwadiabone le bone ba ka nna ba nyala bomorwadiarona.+ 22 Banna bano ba tla dumela go nna le rona gore re nne batho ba le bangwe fa fela re ka dira seno: fa monna mongwe le mongwe mo gare ga rona a ka rupa fela jaaka ba rupile.+ 23 Mme dithoto tsa bone, khumo ya bone le diruiwa tsotlhe tsa bone, a ga e kitla e nna tsa rona? Ka jalo, a re dumalaneng le bone gore ba tle ba nne le rona.” 24 Botlhe ba ba neng ba tswa ka kgoro ya motse wa gagwe ba ne ba reetsa Hamore le Shekema morwawe, mme banna botlhe ba rupisiwa, botlhe ba ba neng ba tswa ka kgoro ya motse.

25 Le fa go ntse jalo, mo letsatsing la boraro, fa ba ne ba sa ntse ba le mo ditlhabing, bomorwa Jakobe ba babedi, Simeone le Lefi, bokgaitsadie Dina,+ mongwe le mongwe wa bone o ne a tsaya tšhaka ya gagwe mme ba tsena mo motseng ono go se ope yo o ba belaelang mme ba bolaya monna mongwe le mongwe.+ 26 Ba ne ba bolaya Hamore le Shekema morwawe ka tšhaka, go tswa foo ba ne ba tsaya Dina mo ntlong ya ga Shekema mme ba tsamaya. 27 Bomorwa Jakobe ba bangwe ba ne ba tla mo banneng ba ba bolailweng mme ba tsaya sengwe le sengwe mo motseng ka gonne ba ne ba leswafaditse kgaitsadiabone.+ 28 Ba ne ba tsaya matsomane a bone, metlhape ya bone, ditonki tsa bone le sepe fela se se neng se le mo motseng le kwa masimong. 29 Gape ba ne ba tsaya dithoto tsa bone, ba gapa bana ba bone ba bannye le basadi ba bone mme ba tsaya sengwe le sengwe mo matlong.

30 Foo Jakobe o ne a raya Simeone le Lefi+ a re: “Lo mpaketse bothata jo bogolo* ka go ntira sebodu mo banning ba lefatshe leno, mo Bakananeng le mo Baperiseng. Ke monnye ka palo, ruri ba tla ikopanya ba bo ba ntlhasela mme ke tla nyelediwa, nna le ba lelapa la me.” 31 Mme ba ne ba mo raya ba re: “A go na le motho yo o tshwanetseng go tshwara kgaitsadiarona jaaka motho yo o gwebang ka mmele?”

35 Morago ga moo, Modimo o ne a raya Jakobe a re: “Ema, o ye kwa Bethele+ mme o age gone, mme o agele Modimo wa boammaaruri sebeso gone, yo o neng a iponatsa kwa go wena fa o ne o tshaba Esau morwarrago.”+

2 Foo Jakobe o ne a raya ba ba mo ntlong ya gagwe le botlhe ba ba neng ba na le ene a re: “Latlhang medimo e sele e e mo gare ga lona+ mme lo iphepafatse lo bo lo apare diaparo tse dingwe, 3 mme a re tsweng fano re yeng kwa Bethele. Ke tla agela Modimo wa boammaaruri sebeso gone, yo o neng a nkaraba mo motlheng wa fa ke ne ke le mo matshwenyegong le yo o neng a nna le nna gongwe le gongwe* kwa ke neng ke ya gone.”+ 4 Ka jalo, ba ne ba naya Jakobe medimo yotlhe e sele e ba neng ba na le yone le manyena a a neng a le mo ditsebeng tsa bone, mme Jakobe a di epela* ka fa tlase ga setlhare se segolo se se neng se le gaufi le Shekema.

5 Fa ba ntse ba le mo loetong lwa bone, Modimo o ne a dira gore batho ba metse e e ba dikologileng ba boife, ka jalo ga ba a ka ba lelekisa bomorwa Jakobe. 6 Kwa bofelong Jakobe le batho botlhe ba ba neng ba na le ene ba ne ba tla mo Luse,+ e leng Bethele, mo lefatsheng la Kanana. 7 O ne a aga sebeso koo mme a bitsa lefelo leo Ele-bethele* ka gonne ke kwa Modimo wa boammaaruri a neng a mo itshenolela gone fa a ne a tshaba morwarraagwe.+ 8 Moragonyana, motlhokomedi wa ga Rebeka e bong Debora+ o ne a swa mme a fitlhwa gaufi le Bethele ka fa tlase ga setlhare sa moakere.* Ka jalo, o ne a se bitsa Alone-bakuthe.*

9 Modimo o ne a iponatsa gape kwa go Jakobe fa a ne a tswa kwa Padana-arama mme a mo segofatsa. 10 Modimo o ne a mo raya a re: “Leina la gago ke Jakobe.+ Ga o kitla o tlhola o bidiwa Jakobe, mme leina la gago e tla nna Iseraele.” Mme o ne a simolola go mmitsa Iseraele.+ 11 Gape Modimo o ne a mo raya a re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe.+ Ata mme o ntsifale. Mo go wena go tla tswa ditšhaba le phuthego ya ditšhaba,+ le dikgosi di tla tswa mo go wena.*+ 12 Mme lefatshe le ke le neileng Aborahame le Isake, ke tla le go naya e bile ke tla naya ditlogolwana* tsa gago lefatshe leo.”+ 13 Go tswa foo, Modimo o ne a tswa fa go ene kwa lefelong le a neng a buile le ene kwa go lone.

14 Ka jalo, Jakobe o ne a tlhoma pilara mo lefelong le Modimo a neng a buile le ene mo go lone, pilara ya leje, mme a tshela setlhabelo sa senô mo go yone a bo a tshela leokwane mo go yone.+ 15 Mme Jakobe o ne a nna a bitsa lefelo leno le Modimo a neng a buile le ene mo go lone Bethele.+

16 Morago ga moo, ba ne ba tswa mo Bethele. Mme e rile ba sa ntse ba le sekgalanyana pele ga ba fitlha kwa Eferatha, Ragele o ne a simolola go belega, mme a belega ka thata. 17 Fa a ne a ntse a kgaratlha gore a belege, mmelegisi o ne a mo raya a re: “O se ka wa boifa ka gonne ngwana yono wa mosimane le ene o tla mo tshola.”+ 18 Fela fa botshelo jwa gagwe bo ne bo fela (ka gonne o ne a swa), o ne a mmitsa Bene-oni,* mme rraagwe ene a mmitsa Benjamine.*+ 19 Ka jalo, Ragele o ne a swa mme a fitlhwa mo tseleng e e yang Eferatha, e leng Bethelehema.+ 20 Jakobe o ne a tlhoma pilara mo godimo ga lebitla la gagwe; ke pilara ya lebitla la ga Ragele go fitlha mo letsatsing leno.

21 Morago ga moo, Iseraele o ne a fuduga mme a tlhoma tente ya gagwe sekgalanyana go tloga mo toreng ya Edere. 22 Nako nngwe fa Iseraele a ntse a nna mo lefatsheng leo, Rubene o ne a ya go tlhakanela dikobo le Bileha mogadingwana wa ga rraagwe, mme Iseraele o ne a utlwela ka gone.+

Ka jalo, bomorwa Jakobe ba ne ba le 12. 23 Barwa ba Jakobe a ba tsholetsweng ke Lea e ne e le leitibolo la gagwe e bong Rubene,+ go bo go latela Simeone, Lefi, Juda, Isakare le Sebulone. 24 Barwa ba a ba tsholetsweng ke Ragele e ne e le Josefa le Benjamine. 25 Mme barwa ba a ba tsholetsweng ke Bileha, lelata la ga Ragele, e ne e le Dana le Nafetali. 26 Mme barwa ba a ba tsholetsweng ke Silepa, lelata la ga Lea, e ne e le Gada le Ashera. Bano ke bomorwa Jakobe, ba a neng a ba tsholelwa kwa Padana-arama.

27 La bofelo Jakobe o ne a goroga kwa Isake rraagwe a neng a le gone kwa Mamere,+ kwa Kiriathe-areba, e leng Heberone, kwa Aborahame le Isake ba neng ba agile gone e le batswakwa.+ 28 Isake o ne a tshela go fitlha a nna le dingwaga di le 180.+ 29 Go tswa foo, Isake o ne a hema la bofelo a bo a swa mme a phuthelwa kwa bathong ba gagabo,* morago ga go tshela botshelo jo boleele jo bo kgotsofatsang;* mme bomorwawe e bong Esau le Jakobe ba ne ba mo fitlha.+

36 Eno ke pego ya botshelo jwa ga Esau, e bong Edoma.+

2 Esau o ne a nyala bomorwadia Kanana: Ada+ morwadia Elone wa Mohite;+ le Oholibama+ morwadia Anahe, morwadia ngwana wa ga Sibeone wa Mohife; 3 le Basemathe,+ morwadia Ishemaele, kgaitsadia Nebaiothe.+

4 Mme Ada o ne a tsholela Esau Elifase, mme Basemathe ene a tshola Reuele,

5 mme Oholibama o ne a tshola Jeushe, Jalame le Kora.+

Bano ke bomorwa Esau ba a neng a ba tsholelwa mo lefatsheng la Kanana. 6 Morago ga moo, Esau o ne a tsaya basadi ba gagwe, bomorwawe, bomorwadie, batho botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe, motlhape le diphologolo tse dingwe tsotlhe tsa gagwe le khumo yotlhe ya gagwe e a neng a e kokoantse+ mo lefatsheng la Kanana, mme a ya kwa lefatsheng le lengwe le le kgakala le Jakobe morwarraagwe.+ 7 Gonne dithoto tsa bone di ne di le dintsi thata gore ba ka nna mmogo e bile lefatshe le ba neng ba nna mo go lone* le ne le sa ba lekane ka ntlha ya metlhape ya bone. 8 Ka jalo, Esau o ne a ya go nna mo kgaolong e e dithaba ya Seire.+ Esau ke Edoma.+

9 Mme eno ke pego ya botshelo jwa ga Esau rraagwe Baedoma mo kgaolong e e dithaba ya Seire.+

10 Ano ke maina a bomorwa Esau: Elifase morwa Ada, mosadi wa ga Esau; Reuele morwa Basemathe, mosadi wa ga Esau.+

11 Bomorwa Elifase e ne e le Temane,+ Omare, Sefo, Gatame le Kenase.+ 12 Timena o ne a nna mogadingwana wa ga Elifase, morwa Esau. Fa nako e ntse e tsamaya o ne a tsholela Elifase, Amaleke.+ Bano ke bomorwa Ada, mosadi wa ga Esau.

13 Bano ke bomorwa Reuele: Nahathe, Sera, Shammahe le Misa. Bano e ne e le bomorwa Basemathe,+ mosadi wa ga Esau.

14 Bano e ne e le bomorwa Oholibama mosadi wa ga Esau, morwadia Anahe, morwadia ngwana wa ga Sibeone, ba a neng a ba tsholela Esau: Jeushe, Jalame le Kora.

15 Bano ke dikgosana* tsa bomorwa Esau:+ Bomorwa Elifase, leitibolo la ga Esau: Kgosana Temane, Kgosana Omare, Kgosana Sefo, Kgosana Kenase,+ 16 Kgosana Kora, Kgosana Gatame le Kgosana Amaleke. Tseno ke dikgosana tsa ga Elifase+ mo lefatsheng la Edoma. Bano ke barwa ba ba neng ba tsholwa ke Ada.

17 Bano ke bomorwa Reuele, morwa Esau: Kgosana Nahathe, Kgosana Sera, Kgosana Shammahe le Kgosana Misa. Tseno ke dikgosana tsa ga Reuele mo lefatsheng la Edoma.+ Bano ke barwa ba ba neng ba tsholwa ke Basemathe, mosadi wa ga Esau.

18 Kwa bofelong, bano ke bomorwa Oholibama, mosadi wa ga Esau: Kgosana Jeushe, Kgosana Jalame le Kgosana Kora. Tseno ke dikgosana tsa ga Oholibama morwadia Anahe, mosadi wa ga Esau.

19 Bano ke bomorwa Esau, mme tseno ke dikgosana tsa bone. Esau ke ene Edoma.+

20 Bano ke bomorwa Seire wa Mohore, banni ba lefatshe leo:+ Lotane, Shobale, Sibeone, Anahe,+ 21 Dishone, Esere le Dishane.+ Tseno ke dikgosana tsa Bahore, bomorwa Seire mo lefatsheng la Edoma.

22 Bomorwa Lotane e ne e le Hori le Hemame, mme kgaitsadia Lotane e ne e le Timena.+

23 Bano ke bomorwa Shobale: Alefane, Manahathe, Ebale, Shefo le Oname.

24 Bano ke bomorwa Sibeone:+ Aia le Anahe. Yono ke Anahe yo o neng a bona metswedi ya metsi a a fisang mo nageng fa a ne a disitse ditonki tsa ga rraagwe e bong Sibeone.

25 Bano ke bana ba ga Anahe: Dishone le Oholibama morwadia Anahe.

26 Bano ke bomorwa Dishone: Hemedane, Eshebane, Itherane le Kerane.+

27 Bano ke bomorwa Esere: Bilehane, Saafane le Akane.

28 Bano ke bomorwa Dishane: Use le Arane.+

29 Tseno ke dikgosana tsa Bahore: Kgosana Lotane, Kgosana Shobale, Kgosana Sibeone, Kgosana Anahe, 30 Kgosana Dishone, Kgosana Esere le Kgosana Dishane.+ Tseno ke dikgosana tsa Bahore ka fa dikgosaneng tsa bone mo lefatsheng la Seire.

31 Jaanong tseno ke dikgosi tse di neng di busa mo lefatsheng la Edoma+ pele ga kgosi epe e busa Baiseraele.*+ 32 Bela morwa Beore o ne a busa mo Edoma, mme leina la motse wa gagwe e ne e le Dinehaba. 33 Fa Bela a swa, Jobabe morwa Sera yo o tswang kwa Bosera o ne a simolola go busa mo boemong jwa gagwe. 34 Fa Jobabe a swa, Hushame yo o tswang kwa lefatsheng la Batemane o ne a simolola go busa mo boemong jwa gagwe. 35 Fa Hushame a swa, Hadade morwa Bedade, yo o neng a fenya Bamidiana+ mo kgaolong* ya Moabe, o ne a simolola go busa mo boemong jwa gagwe, mme leina la motse wa gagwe e ne e le Afithe. 36 Fa Hadade a swa, Samela yo o tswang kwa Masereka o ne a simolola go busa mo boemong jwa gagwe. 37 Fa Samela a swa, Shaulo yo o tswang kwa Rehobothe fa thoko ga Noka, o ne a simolola go busa mo boemong jwa gagwe. 38 Fa Shaulo a swa, Baale-hanane morwa Akabore o ne a simolola go busa mo boemong jwa gagwe. 39 Fa Baale-hanane morwa Akabore a swa, Hadare o ne a simolola go busa mo boemong jwa gagwe. Leina la motse wa gagwe e ne e le Pau, mme leina la mosadi wa gagwe e ne e le Mehetabele morwadia Materede morwadia Mesahabe.

40 Ka jalo, ano ke maina a dikgosana tsa ga Esau go ya ka malapa a tsone, go ya ka mafelo a tsone le ka maina a tsone: Kgosana Timena, Kgosana Alefa, Kgosana Jethethe,+ 41 Kgosana Oholibama, Kgosana Ela, Kgosana Pinone, 42 Kgosana Kenase, Kgosana Temane, Kgosana Mibesare, 43 Kgosana Magediele le Kgosana Irame. Tseno ke dikgosana tsa Edoma go ya ka tsela e di neng di nna ka yone mo nageng ya tsone.+ Tseno ke ditlogolwana tsa ga Esau rraagwe Baedoma.+

37 Jakobe o ne a tswelela a nna mo lefatsheng la Kanana, kwa rraagwe a kileng a nna gone e le motswakwa.+

2 Eno ke pego ya botshelo jwa ga Jakobe.

Fa Josefa+ a ne a na le dingwaga di le 17, lekawana leno le ne le disitse dinku+ le na le bomorwa Bileha+ le bomorwa Silepa+ e leng basadi ba ga rraagwe. Mme Josefa o ne a tlisa pego e e bosula ka bone kwa go rraabone. 3 Jaanong Iseraele o ne a rata Josefa go feta bomorwawe ba bangwe botlhe,+ ka gonne e ne e le morwa yo a mo tsholetsweng a setse a tsofetse, mme o ne a tsaya seaparo* se setelele se se kgethegileng a bo a se naya Josefa. 4 E rile bomogolowe ba bona gore rraabone o mo rata go ba feta botlhe, ba ne ba simolola go mo tlhoa e bile ba ne ba sa nke ba bua le ene sentle.

5 Moragonyana Josefa o ne a lora mme a bolelela bomogolowe toro eo,+ mme ba nna le lebaka le lengwe la go mo tlhoa. 6 O ne a ba raya a re: “Tsweetswee, reetsang toro eno e ke e lorileng. 7 Re ne re bofa dingata tsa dijo tsa ditlhaka mo gare ga tshimo fa ngata ya me e ne e ema e bo e tlhamalala mme dingata tsa lona di ne tsa ema go e dikologa di bo di e ikobela.”+ 8 Bomogolowe ba ne ba mo raya ba re: “A ruri o tlile go itira kgosi ya rona e bile o tlile go re laola?”+ Ka jalo, ba ne ba nna le lebaka le lengwe gape la go mo tlhoa ka ntlha ya ditoro tsa gagwe le se a neng a se bua.

9 Morago ga moo, o ne a lora toro e nngwe, mme a e bolelela bomogolowe a re: “Ke lorile toro e nngwe. Mo lekgetlong leno, letsatsi le ngwedi le dinaledi di le 11 di ne di inkobela.”+ 10 Foo o ne a e bolelela rraagwe le bomogolowe, mme rraagwe a mo kgalema a bo a mo raya a re: “Toro eno e o e lorileng e kaya eng? A ruri nna le mmago le bomogoloo le monnao re tlile go tla re bo re ikoba fa fatshe fa pele ga gago?” 11 Bomogolowe ba ne ba mo fufegela,+ mme rraagwe ene o ne a nna a bolokile lefoko leno mo mogopolong wa gagwe.

12 Jaanong bomogolowe ba ne ba ya go fudisa letsomane la ga rraabone gaufi le Shekema.+ 13 Moragonyana Iseraele o ne a raya Josefa a re: “Bomogoloo ba disitse matsomane gaufi le Shekema, gakere? Mma ke go rome kwa go bone.” Foo o ne a mo raya a re: “Ke tla tsamaya!” 14 Ka jalo, o ne a mo raya a re: “Tsweetswee, tsamaya mme o ye go bona gore a bomogoloo ba tsogile sentle. O bone gore a letsomane le siame mme o tle go mpegela.” Foo o ne a tswa fa mokgatšheng* wa Heberone,+ mme a tsamaela ntlheng ya Shekema. 15 Moragonyana monna mongwe o ne a mmona a ntse a kgarakgatshega mo nageng. Monna yoo o ne a mmotsa a re: “O batla eng?” 16 O ne a mo araba a re: “Ke batla bonkgonne. A o itse gore ba disitse matsomane kae?” 17 Monna yoo o ne a mo raya a re: “Ba tlogile fano, ka gonne ke ba utlwile ba re, ‘A re yeng kwa Dothane.’” Ka jalo, Josefa o ne a latela bomogolowe mme a ba fitlhela kwa Dothane.

18 Jaanong ba ne ba mmona a le kgakajana, mme pele ga a goroga kwa go bone, ba ne ba simolola go mo logela leano la go mmolaya. 19 Ka jalo, ba ne ba raana ba re: “Bonang! Raditoro ke yole o etla.+ 20 Jaanong tlang, a re mmolayeng re bo re mo latlhela mo sedibeng sengwe, mme re tla re o jelwe ke phologolo nngwe ya naga. Mme re tla bona gore go tla diragala eng ka ditoro tsa gagwe.” 21 Fa Rubene+ a utlwa seno o ne a leka go mo falotsa mo go bone. Ka jalo, o ne a ba raya a re: “A re se ka ra mmolaya.”+ 22 Rubene o ne a ba raya a re: “Lo se ka lwa mmolaya.+ Mo latlheleng mo sedibeng seno mo nageng mme lo se ka lwa mo gobatsa.”*+ Boikaelelo jwa gagwe e ne e le go mo falotsa mo go bone gore a tle a mmusetse kwa go rraagwe.

23 Ka jalo, e rile fela fa Josefa a goroga mo go bomogolowe, ba ne ba mo apola seaparo, seaparo sa gagwe se setelele se se kgethegileng se a neng a se apara,+ 24 mme ba mo tsaya ba bo ba mo latlhela mo sedibeng. Ka nako eo sediba seo se ne se se na sepe; go ne go se na metsi mo go sone.

25 Morago ga moo, ba ne ba nna fa fatshe ba ja. E rile ba tsholetsa matlho, ba bona setlhopha sa Baishemaele+ se tswa kwa Gileade. Dikamela tsa bone di ne di belesitse labedanume,* balema le lekwati la setlhare se se ntshang borekhu,+ mme ba ne ba ya Egepeto. 26 Foo Juda o ne a raya bomorwarraagwe a re: “Re ka bo re boetswe ke eng fa re ka bo re bolaile monnaarona re bo re katela madi a gagwe?+ 27 Tlang, a re mo rekisetseng+ Baishemaele mme a re se ka ra mo tsholeletsa seatla. Kana ke monnaarona, nama ya rona.” Ka jalo, ba ne ba reetsa morwarraabone. 28 Mme fa bagwebi ba Bamidiana+ ba feta foo, bomogolowe Josefa ba ne ba mo goga ba mo ntsha mo sedibeng mme ba mo rekisetsa Baishemaele ka dishekele tsa selefera di le 20.+ Banna bano ba ne ba isa Josefa kwa Egepeto.

29 Moragonyana fa Rubene a boela kwa sedibeng mme a bona gore Josefa o ne a seyo mo sedibeng seo, o ne a gagoganya diaparo tsa gagwe. 30 Fa a boela kwa go bomonnawe, o ne a goa a re: “Ngwana ga a yo! Tota ke tlile go bona ke rileng?”

31 Ka jalo, ba ne ba tsaya seaparo se setelele sa ga Josefa mme ba tlhaba phoko ba bo ba se ina mo mading. 32 Morago ga moo, ba ne ba romela seaparo seo se se kgethegileng kwa go rraabone mme ba mo raya ba re: “Re bone seaparo seno. Tsweetswee, se sekaseke o bone gore a e ka tswa e le seaparo sa ga morwao kgotsa nnyaa.”+ 33 O ne a se sekaseka mme a goa a re: “Ke seaparo sa ga morwaake! O tshwanetse a bo a jelwe ke phologolo e e bogale ya naga! Ruri Josefa o gagogantswe!” 34 Foo Jakobe o ne a gagoganya diaparo tsa gagwe mme a ipofa ka letsela la kgetsi mo lothekeng mme a hutsafalela morwawe malatsi a le mantsi. 35 Mme bomorwawe botlhe le bomorwadie botlhe ba ne ba nna ba leka go mo gomotsa, mme o ne a nna a gana go gomodiwa, a re: “Ke tla fologela mo Lebitleng*+ ke hutsafaletse morwaake!” Mme rraagwe o ne a tswelela a mo lelela.

36 Jaanong Bamidiana ba ne ba mo rekisa kwa Egepeto ba mo rekisetsa Potifaro,+ modiredimogolo wa ntlo ya ga Faro e bile e le molaodi wa batlhokomedi.+

38 Mo e ka nnang ka nako eo, Juda o ne a tlogela bomorwarraagwe, mme a tlhoma tente ya gagwe gaufi le monna mongwe wa Moadulama yo o neng a bidiwa Hira. 2 Fa Juda a le koo, o ne a bona morwadia Mokanana+ mongwe yo o neng a bidiwa Shua. Ka jalo, o ne a mo nyala mme a tlhakanela dikobo le ene 3 a bo a ima. Moragonyana o ne a tshola ngwana wa mosimane mme Juda a mmitsa Ere.+ 4 O ne a ima gape mme a tshola ngwana wa mosimane a bo a mmitsa Onane. 5 O ne a tshola ngwana yo mongwe gape wa mosimane mme a mmitsa Shela. Juda o ne a le kwa Akesibe+ fa ngwana yono a tsholwa.

6 Fa nako e ntse e tsamaya, Juda o ne a batlela leitibolo la gagwe e bong Ere mosadi, mme leina la gagwe e ne e le Tamare.+ 7 Mme Ere, leitibolo la ga Juda, o ne a sa itumedise Jehofa; ka jalo Jehofa o ne a mmolaya. 8 Ka ntlha ya seo Juda o ne a raya Onane a re: “Tlhakanela dikobo le mosadi wa ga mogoloo, o mo nyale seyantlo mme o mo tsholele bana.”+ 9 Mme Onane o ne a itse gore bana bao ba ne ba se kitla ba tsewa e le ba gagwe.+ Ka jalo, fa a ne a tlhakanela dikobo le mosadi wa ga mogolowe, o ne a tshololela peo ya gagwe fa fatshe gore a se ka a tsholela mogolowe bana.+ 10 Se a neng a se dira se ne se le bosula mo matlhong a ga Jehofa, ka jalo le ene o ne a mmolaya.+ 11 Juda o ne a raya Tamare ngwetsi ya gagwe a re: “Tsamaya o ye go nna kwa ntlong ya ga rrago mme o se ka wa nyalwa gape go fitlha Shela morwaake a gola” ka gonne o ne a ipolelela a re: ‘Le ene a ka nna a swa jaaka bomogolowe.’+ Ka jalo, Tamare o ne a tsamaya mme a nna kwa ntlong ya ga rraagwe.

12 Go ne ga feta nako, mme mosadi wa ga Juda, morwadia Shua,+ o ne a swa. Juda o ne a wetsa lobaka lwa go hutsafala, morago ga moo a ya kwa babeoding ba dinku tsa gagwe kwa Timena+ a na le tsala ya gagwe ya Moadulama e bong Hira.+ 13 Tamare o ne a bolelelwa jaana: “Ratsalaago o ya kwa Timena o ya go beola dinku tsa gagwe.” 14 E rile a utlwa seo o ne a apola diaparo tsa gagwe tsa botlholagadi, a ikhurumetsa ka lesire le ka tšale a bo a nna fa kgorong ya Enaime, e e mo tseleng e e yang kwa Timena ka gonne o ne a bona gore Shela o setse a godile, mme gone o ne a ise a mo newe gore a mo nyale.+

15 Fa Juda a mmona, o ne a tsaya gore ke motho yo o gwebang ka mmele ka gonne o ne a ikhurumeditse sefatlhego. 16 Ka jalo, Juda o ne a fapogela kwa go ene fa thoko ga tsela mme a mo raya a re: “Tsweetswee, ntetle gore ke tlhakanele dikobo le wena,” ka gonne o ne a sa itse gore ke ngwetsi ya gagwe.+ Le fa go ntse jalo, ene a re: “O tla nnaya eng gore o tlhakanele dikobo le nna?” 17 Foo o ne a re: “Ke tla go romelela potsane go tswa mo motlhapeng wa me.” Mme ene o ne a mo raya a re: “A o tla nnaya peeletso go fitlha o e romela?” 18 Gape Juda o ne a mo raya a re: “Ke beeletse ka eng?” mme ene a re: “Ka palamonwana ya gago e e tshwayang+ le mogala wa gago le thobane ya gago e o e tshotseng.” Foo o ne a di mo naya, a tlhakanela dikobo le ene mme a mo imisa. 19 Morago ga moo, o ne a ema a tsamaya mme a tlosa tšale ya gagwe mme a apara diaparo tsa gagwe tsa botlholagadi.

20 Juda o ne a roma tsala ya gagwe ya Moadulama+ gore a ise potsane kwa mosading yole gore a busediwe peeletso ya gagwe, mme ga a ka a mmona. 21 O ne a botsa banna ba lefelo leo, a re: “Mogwebakammele yole wa tempele wa kwa Enaime yo o nnang fa thoko ga tsela o kae?” Mme ba ne ba mo raya ba re: “Ga go ise go ke go nne le mogwebakammele wa tempele mo lefelong leno.” 22 O ne a boela kwa go Juda mme a re: “Ga ke a mo fitlhela e bile mo godimo ga moo, banna ba lefelo leo ba ne ba nthaya ba re, ‘Ga go ise go ke go nne le mogwebakammele wa tempele mo lefelong leno.’” 23 Ka jalo, Juda o ne a re: “A a di itseele, gore re tle re se ka ra nyadiwa. Le gone ke rometse potsane eno, mme ga o a mo fitlhela.”

24 Le fa go ntse jalo, morago ga dikgwedi di ka nna tharo, Juda o ne a bolelelwa jaana: “Tamare ngwetsi ya gago o itirile motho yo o gwebang ka mmele e bile o imile ka ntlha ya boaka jwa gagwe.” Foo Juda o ne a re: “Mo ntshetseng kwa ntle mme a fisiwe.”+ 25 Fa a ntshediwa kwa ntle, o ne a romela molaetsa kwa go ratsalaagwe, a re: “Ke imisitswe ke monna yo dilo tseno e leng tsa gagwe.” Go tswa foo, o ne a bo a re: “Tsweetswee, di sekaseke o bone gore ke tsa ga mang, palamonwana e e tshwayang le mogala le thobane.”+ 26 Foo Juda o ne a di sekaseka mme a re: “O siame thata go mpheta ka gonne ga ke a ka ka mo naya Shela morwaake.”+ Mme morago ga moo, ga a ka a tlhakanela dikobo le ene gape.

27 Ka nako ya fa a belega, go ne go na le mawelana mo popelong ya gagwe. 28 Fa a ne a belega, ngwana yo mongwe o ne a ntsha seatla, mme ka yone nako eo mmelegisi a tsaya tlhale e khibidu a e bofelela mo seatleng sa gagwe, a re: “Yono o dule pele.” 29 Mme fela fa a busa seatla, morwarraagwe a tswa mme mmelegisi a buela kwa godimo a re: “Ruri o ikokeleditse phatlha!” Ka jalo, o ne a bidiwa Perese.*+ 30 Morago ga moo, morwarraagwe yo a neng a bofeletswe tlhale e khibidu mo seatleng, o ne a tswa mme a bidiwa Sera.+

39 Jaanong Josefa o ne a isiwa kwa Egepeto,+ mme Moegepeto yo o bidiwang Potifaro,+ modiredimogolo wa ntlo ya ga Faro e bile e le molaodi wa batlhokomedi, o ne a mo reka mo Baishemaeleng+ ba ba neng ba mo tlisitse koo. 2 Jehofa o ne a na le Josefa.+ Ka ntlha ya seo, o ne a atlega a bo a tlhomiwa go okamela ntlo ya mong wa gagwe wa Moegepeto. 3 Mme mong wa gagwe o ne a bona gore Jehofa o na le Josefa le gore Jehofa o ne a dira gore sengwe le sengwe se a se dirang se atlege.

4 Josefa o ne a itumedisa mong wa gagwe, mme a nna motlhokomedi wa mong wa gagwe. Ka jalo, o ne a mo tlhoma gore a okamele ntlo ya gagwe a bo a mo tlhoma gore a tlhokomele dilo tsotlhe tse a nang le tsone. 5 Go tloga ka nako e a neng a mo tlhoma gore a okamele ntlo ya gagwe le gore a tlhokomele dilo tsotlhe tse a nang le tsone, Jehofa o ne a nna a segofatsa ntlo ya Moegepeto yono ka ntlha ya ga Josefa, mme Jehofa a segofatsa sotlhe se a nang le sone mo ntlong le kwa tshimong.+ 6 La bofelo o ne a tlogelela sengwe le sengwe sa gagwe mo go Josefa gore a se tlhokomele, mme o ne a sa tshwenyege ka sepe fa e se dijo tse a di jang fela. Mo godimo ga moo, Josefa o ne a gola a nna monna yo o bopegileng sentle e bile a le montle.

7 Jaanong morago ga dilo tseno, mosadi wa mong wa gagwe o ne a simolola go kgatlhegela Josefa a bo a re: “Tlhakanela dikobo le nna.” 8 Mme o ne a gana a bo a raya mosadi wa mong wa gagwe a re: “Mong wa me ga a tshwenyege ka dilo tse ke nang le tsone mo ntlong e bile o ntlhomile gore ke tlhokomele sengwe le sengwe se a nang le sone. 9 Ga go na ope mo ntlong eno yo o mphetang ka maemo, mme o beile sengwe le sengwe mo taolong ya me kwantle ga gago, ka gonne o mosadi wa gagwe. Ka jalo, nka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?”+

10 Mme letsatsi le letsatsi o ne a leka go raela Josefa gore a tlhakanele dikobo le ene, le fa go ntse jalo ga a ise a ko a dumele go dira jalo kgotsa go nna le ene. 11 Letsatsi lengwe fa a tla mo ntlong go tla go dira tiro ya gagwe, go ne go se na ope wa batlhanka ba ba berekang mo ntlong. 12 Foo mosadi yono o ne a mo phamola ka seaparo a bo a re: “Tlhakanela dikobo le nna!” Mme Josefa o ne a tlogela seaparo sa gagwe mo seatleng sa mosadi yono mme a tshabela kwa ntle. 13 Fela fa mosadi a bona gore Josefa o tlogetse seaparo mo seatleng sa gagwe le gore o tshabetse kwa ntle, 14 o ne a simolola go goela kwa batlhankeng ba ba berekang mo ntlong ya gagwe mme a ba raya a re: “Bonang! O re tliseditse monna yono wa Mohebera gore re jewe ditshego. O ne a tlile kwa go nna a batla go tlhakanela dikobo le nna, mme ke ne ka goa ka lentswe le le kwa godimo. 15 Fela fa a utlwa ke goela kwa godimo, o ne a tlogela seaparo sa gagwe fa thoko ga me mme a tshabela kwa ntle.” 16 Morago ga moo, mosadi yono o ne a baya seaparo sa ga Josefa fa thoko ga gagwe go fitlha mong wa ga Josefa a tla mo ntlong ya gagwe.

17 Go tswa foo, o ne a mmolelela se se tshwanang a re: “Motlhanka wa Mohebera yo o mo tlisitseng mo go rona o ne a tla kwa go nna a dira gore ke jewe ditshego. 18 Mme fela fa ke tsholetsa lentswe ke simolola go goa, o ne a tlogela seaparo sa gagwe fa thoko ga me mme a tshabela kwa ntle.” 19 Ka yone nako eo, fa mong wa gagwe a utlwa mafoko a mosadi wa gagwe a neng a a bua a re: “Motlhanka wa gago o ntirile jaana le jaana,” o ne a galefa thata. 20 Ka jalo, mong wa ga Josefa o ne a mo tsaya a bo a mo tsenya mo kgolegelong, e leng lefelo le magolegwa a kgosi a neng a tsenngwa mo go lone fa a tshwerwe, mme o ne a tswelela a le mo kgolegelong.+

21 Mme Jehofa o ne a nna a na le Josefa e bile o ne a tswelela a mmontsha lorato lo lo sa kgaotseng a bo a dira gore modiredimogolo wa kgolegelo a mo amogele.+ 22 Ka jalo, modiredimogolo wa kgolegelo o ne a tlhoma Josefa gore a okamele magolegwa otlhe a a mo kgolegelong, mme sengwe le sengwe se magolegwa a neng a se dira moo, ke ene a neng a laela gore se dirwe.+ 23 Modiredimogolo wa kgolegelo o ne a sa tshwenyege ka dilo tse Josefa a neng a di tlhokometse, ka gonne Jehofa o ne a na le Josefa e bile Jehofa o ne a dira gore sengwe le sengwe se a se dirang se atlege.+

40 Morago ga dilo tseno, motho yo o sielang kgosi ya Egepeto dinô+ le mmesi wa senkgwe ba ne ba leofela morena wa bone, kgosi ya Egepeto. 2 Ka jalo, Faro o ne a galefela badiredibagolo bano ba gagwe ba babedi,+ 3 a bo a ba tsenya mo kgolegelong e e neng e okametswe ke molaodi wa batlhokomedi,+ mo lefelong le Josefa a neng a le legolegwa mo go lone.+ 4 Foo molaodi wa batlhokomedi o ne a laela Josefa gore a nne le bone le gore a ba tlhokomele,+ mme ba ne ba nna mo kgolegelong ka nakwana.*

5 Motho yo o sielang kgosi ya Egepeto dinô le mmesi wa senkgwe, ba ba neng ba tsentswe mo kgolegelong, ba ne ba lora mo bosigong bo le bongwe, mme toro ya mongwe le mongwe wa bone e ne e na le tlhaloso ya yone. 6 Mo mosong wa letsatsi le le latelang, fa Josefa a ne a tla go ba tlhola, ba ne ba lebega ba hutsafetse. 7 Ka jalo, o ne a botsa badiredibagolo bano ba ga Faro, ba ba neng ba tshwerwe ba bo ba tsenngwa mmogo le ene mo ntlong ya mong wa gagwe a re: “Ke ka ntlha yang fa gompieno difatlhego tsa lona di tlhontse?” 8 Foo ba ne ba mo raya ba re: “Mongwe le mongwe wa rona o lorile toro mme ga go na yo o ka di tlhalosang.” Josefa o ne a ba raya a re: “A ditlhaloso ga se tsa Modimo?+ Tsweetswee, mpoleleleng ditoro tseo.”

9 Ka jalo, motho yo o sielang kgosi dinô o ne a bolelela Josefa toro ya gagwe a re: “Mo torong ya me, go ne go na le setlhare sa morara* fa pele ga me. 10 Mme mo setlhareng seno, go ne go na le dikalana di le tharo, mme fa se ntse se ntsha matlhogela, se ne sa ntsha malômô* mme maungo a sone a morara a ne a butswa. 11 Ke ne ke tshwere kopi ya ga Faro ka seatla, mme ka tsaya morara ka o gamolela mo teng ga yone. Morago ga moo, ke ne ka naya Faro kopi eo.” 12 Foo Josefa o ne a mo raya a re: “Tlhaloso ya yone ke eno: Dikalana tse tharo ke malatsi a le mararo. 13 Malatsi a le mararo go tloga jaanong, Faro o tla go golola* a bo a go busetsa kwa tirong ya gago,+ mme o tla naya Faro kopi mo seatleng jaaka o ne o tle o dire fa o ne o le modiredi wa gagwe yo o mo sielang dinô.+ 14 Le fa go ntse jalo, fa dilo di go tsamaela sentle o nkgopole. Tsweetswee, o mpontshe lorato lo lo sa kgaotseng mme o bolelele Faro ka nna gore o nthuse go tswa mo lefelong leno. 15 Tota ke ne ka tsewa ka dikgoka kwa lefatsheng la Bahebera+ e bile ga ke a dira sepe fano se ba tshwanetseng go ntsenya mo kgolegelong* ka ntlha ya sone.”+

16 Fa mmesi wa senkgwe a bona gore Josefa o ne a tlhalositse sengwe se se molemo, o ne a mo raya a re: “Le nna ke ne ka lora, mme ke ne ke rwele dimmanki di le tharo tsa senkgwe se sesweu mo tlhogong, 17 mme mo mmanking o o kwa godimo go ne go na le dilo tsa mefuta yotlhe tse di beseditsweng Faro, mme dinonyane di ne di di ja mo mmanking ono mo tlhogong ya me.” 18 Foo Josefa o ne a mo araba a re, “Tlhaloso ya yone ke e: Dimmanki tse tharo ke malatsi a le mararo. 19 Malatsi a le mararo go tloga jaanong, Faro o tla go kgaola tlhogo* a bo a go kaletsa mo koteng, mme dinonyane di tla ja nama ya gago.”+

20 Jaanong letsatsi la boraro e ne e le letsatsi la botsalo jwa ga Faro,+ mme o ne a direla batlhanka botlhe ba gagwe moletlo a bo a ntshetsa* motho yo o sielang kgosi dinô le mmesi wa senkgwe kwa batlhankeng ba gagwe. 21 O ne a busetsa motho yo o sielang kgosi dinô kwa tirong ya gagwe ya go mo siela dinô, mme o ne a tswelela a naya Faro kopi gore a nwe. 22 Mme o ne a kaletsa mmesi wa senkgwe, fela jaaka Josefa a ne a ba tlhaloseditse.+ 23 Le fa go ntse jalo, motho yoo yo o sielang kgosi dinô o ne a se ka a gopola Josefa; o ne a nna a mo lebala.+

41 Kwa bokhutlong jwa dingwaga di le pedi tse di tletseng, Faro o ne a lora+ a eme fa Nokeng ya Nile. 2 Mme dikgomo di le supa tse dintle e bile di nonne di ne tsa tswa mo nokeng, mme di ne tsa fula mo bojannyeng jwa Nile.+ 3 Go ne go na le dikgomo tse dingwe gape di le supa tse di neng di le maswe e bile di otile, di tla kwa morago ga tsone di tswa mo Nile, mme di ne tsa ema fa thoko ga dikgomo tse di nonneng fa lotshitshing lwa Nile. 4 Foo dikgomo tse di maswe tse di otileng di ne tsa ja dikgomo tse supa tse dintle tse di nonneng. Mme Faro o ne a thanya.

5 O ne a robala gape mme a lora toro ya bobedi. Go ne go na le diako* di le supa di tswa mo lotlhakeng lo le longwe, di tletse e bile di le dintle.+ 6 Mme morago ga tsone go ne ga tlhoga diako di le supa tse di neng di le ditshesane e bile di fisitswe ke phefo ya botlhaba. 7 Mme diako tse ditshesane di ne tsa simolola go kometsa diako tse supa tse di tletseng tse dintle. Foo Faro o ne a thanya mme a lemoga gore o ne a lora.

8 Mme mo mosong, moya wa gagwe o ne wa fuduega. Ka jalo, o ne a laela gore go bidiwe baperesiti botlhe ba ba dirang maselamose le banna botlhe ba ba botlhale ba Egepeto. Faro o ne a ba bolelela ditoro tsa gagwe mme go ne go se na ope yo o neng a kgona go di mo tlhalosetsa.

9 Foo motho yo o sielang kgosi dinô o ne a raya Faro a re: “Gompieno ke ipolela maleo. 10 Faro o ne a galefetse batlhanka ba gagwe. Ka jalo, o ne a ntsenya mo kgolegelong e e neng e okametswe ke molaodi wa batlhokomedi, nna le mmesi wa senkgwe.+ 11 Morago ga moo, re ne ra lora mo bosigong bo le bongwe. Nna le ene re lorile ditoro tse di nang le ditlhaloso tsa tsone.+ 12 Mme re ne re na le lekawana lengwe la Mohebera koo, yo e neng e le motlhanka wa molaodi wa batlhokomedi.+ Fa re mmolelela ditoro tsa rona,+ o ne a re tlhalosetsa gore di kaya eng. 13 Go ne ga direga fela jaaka a ne a re tlhaloseditse. Nna ke ne ka busediwa kwa tirong ya me, mme monna yo mongwe ene o ne a kalediwa.”+

14 Ka jalo, Faro o ne a laela gore Josefa a bidiwe+ mme ba ne ba itlhaganela ba ya go mo ntsha mo kgolegelong.*+ O ne a ipeola a bo a apara diaparo tse dingwe mme a ya kwa go Faro. 15 Foo Faro o ne a raya Josefa a re: “Ke lorile mme ga go na ope yo o kgonang go ntlhalosetsa toro eo. Jaanong ke utlwile go twe o kgona go utlwa toro o bo o e tlhalosa.”+ 16 Josefa o ne a araba Faro a re: “Ga ke tlhoke go tlotlomadiwa! Modimo o tla bua se se tla diragalelang Faro.”+

17 Faro o ne a tswelela a raya Josefa a re: “Mo torong ya me, ke ne ke eme fa lotshitshing lwa Noka ya Nile. 18 Mme dikgomo di le supa tse dintle e bile di nonne di ne tsa tswa mo Nile, mme di ne tsa simolola go fula mo bojannyeng jwa Nile.+ 19 Go ne go na le dikgomo tse dingwe gape di le supa tse di neng di le bokoa, di le maswe e bile di otile, di tla kwa morago ga tsone. Ga ke ise ke bone dikgomo tse di maswe jaaka tsone mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. 20 Mme dikgomo tseo tse di otileng tse di maswe, di ne tsa simolola go ja dikgomo tsa ntlha tse supa tse di nonneng. 21 Mme le fa di sena go di ja, go ne go se ope yo o neng a ka lemoga gore di di jele ka gonne di ne di lebega di le maswe fela jaaka kwa tshimologong. Foo ke ne ka thanya.

22 “Morago ga moo, ke ne ka lora gape mme ka bona diako di le supa di tswa mo lotlhakeng lo le longwe, di tletse e bile di le dintle.+ 23 Mme morago ga tsone go ne ga tlhoga diako di le supa tse di swabileng, tse ditshesane e bile di fisitswe ke phefo ya botlhaba. 24 Mme diako tse ditshesane di ne tsa simolola go kometsa diako tse supa tse dintle. Ka jalo, ke ne ka bolelela baperesiti ba ba dirang maselamose+ toro eno, le fa go ntse jalo go ne go se na ope yo o neng a kgona go e ntlhalosetsa.”+

25 Josefa o ne a raya Faro a re: “Ditoro tsa ga Faro ke toro e le nngwe fela e bile di a tshwana. Modimo wa boammaaruri o boleletse Faro se a tla se dirang.+ 26 Dikgomo tse dintle tse supa ke dingwaga di le supa. Ka tsela e e tshwanang, diako tse dintle tse supa ke dingwaga di le supa. Ditoro tseno ke toro e le nngwe fela e bile di a tshwana. 27 Dikgomo tse supa tse di otileng tse di maswe tse di neng tsa tla morago ga tsone ke dingwaga di le supa, mme diako tse supa tse di se nang sepe tse di fisitsweng ke phefo ya botlhaba, e tla nna dingwaga di le supa tsa leuba. 28 Go ntse fela jaaka ke boleletse Faro: Modimo wa boammaaruri o boleletse Faro se a tla se dirang.

29 “Go tla nna le dingwaga di le supa tsa letlepu mo lefatsheng lotlhe la Egepeto. 30 Mme morago ga tsone go tla nna le dingwaga di le supa tsa leuba, mme letlepu lotlhe mo lefatsheng la Egepeto le tla lebalwa mme leuba le tla senya lefatshe.+ 31 Mme letlepu le le kileng la nna teng mo lefatsheng ga le kitla le gopolwa ka ntlha ya leuba le le tla nnang gone morago ga moo, ka gonne ruri le tla bo le le maswe thata. 32 Faro o ne a lora toro eno gabedi ka gonne Modimo wa boammaaruri o tlhomamisitse gore o tla dira dilo tseno tsotlhe, e bile go ise go ye kae Modimo wa boammaaruri o tla di diragatsa.

33 “Ka jalo, mma Faro a batle monna yo o nang le temogo le yo o botlhale mme a mo tlhome go okamela lefatshe la Egepeto. 34 Mma Faro a tlhome balebedi mo lefatsheng, mme mo dikgetsing dingwe le dingwe tse tlhano, ba tseye kgetsi e le nngwe ya dijo tse di tla nnang gone mo Egepeto ka nako ya dingwaga tse supa tsa letlepu.+ 35 Mme mma ba phuthe dijo tsotlhe tsa dingwaga tseno tse di molemo tse di tlang, mme a ba kokoanye dijo tsa ditlhaka go ya ka taelo ya ga Faro gore di tle di bewe mo metseng mme di bolokiwe.+ 36 Dijo tseno di tshwanetse go tlamela lefatshe mo dingwageng tse supa tsa leuba le le tla nnang gone mo lefatsheng la Egepeto, gore lefatshe le se ka la fedisiwa ke leuba.”+

37 Kakantsho eno e ne ya nna molemo mo go Faro le mo batlhankeng botlhe ba gagwe. 38 Ka jalo, Faro o ne a raya batlhanka ba gagwe a re: “A go na le monna yo mongwe yo o tshwanang le yono yo moya wa Modimo o leng mo go ene?” 39 Morago ga moo, Faro o ne a raya Josefa a re: “E re ka Modimo a dirile gore o itse dilo tseno tsotlhe, ga go na ope yo o nang le temogo le yo o botlhale jaaka wena. 40 O tla okamela ntlo ya me, mme batho ba me botlhe ba tla go ikobela ka botlalo.+ Ke nna fela ke tla go fetang ka maemo ka gonne ke le kgosi.”* 41 Gape Faro o ne a raya Josefa a re: “Bona, ke go tlhoma gore o okamele lefatshe lotlhe la Egepeto.”+ 42 Go tswa foo, Faro o ne a ntsha palamonwana ya gagwe e e tshwayang mo monwaneng wa gagwe a bo a e tsenya mo monwaneng wa ga Josefa mme a mo apesa diaparo tse dintle tsa maemo a bo a mo rwesa sebaga sa gauta mo molaleng. 43 Mo godimo ga moo, o ne a laela gore a palame kara ya gagwe ya maemo a bobedi mme ba goe fa pele ga gagwe ba re, “A·vrékh!”* Ka jalo, o ne a mo tlhoma gore a okamele lefatshe lotlhe la Egepeto.

44 Gape Faro o ne a raya Josefa a re: “Ke nna Faro, mme ga go na motho ope mo lefatsheng lotlhe la Egepeto yo o tla dirang sepe fela* fa e se ka taelo ya gago.”+ 45 Morago ga moo, Faro o ne a bitsa Josefa a re Safenathe-panea mme a mo naya Asenathe+ morwadia Potifera moperesiti wa kwa One* gore a nne mosadi wa gagwe. Mme Josefa o ne a simolola go okamela* lefatshe la Egepeto.+ 46 Josefa o ne a na le dingwaga di le 30+ fa a ne a ema fa pele ga* ga Faro kgosi ya Egepeto.

Go tswa foo, Josefa o ne a tswa fa pele ga ga Faro mme a tsamaya go ralala lefatshe lotlhe la Egepeto. 47 Mo dingwageng tse supa tsa letlepu, lefatshe le ne la ungwa thata.* 48 Mme o ne a nna a phutha dijo tsotlhe tsa dingwaga tse supa mo lefatsheng la Egepeto a bo a di kokoanya mo metseng. Mo motseng mongwe le mongwe, o ne a phutha dijo go tswa mo masimong a a neng a dikologile motse oo. 49 Josefa o ne a tswelela a kokoanya dijo tsa ditlhaka di le dintsi thata jaaka motlhaba* wa lewatle, go fitlha ba tlogela go di lekanya ka gonne di ne di sa kgone go lekanngwa.

50 Pele ga ngwaga wa leuba o goroga, Josefa o ne a tsholelwa bana ba basimane ba le babedi,+ ba a neng a ba tsholelwa ke Asenathe morwadia Potifera moperesiti wa kwa One.* 51 Josefa o ne a bitsa leitibolo la gagwe a re Manase*+ ka gonne o ne a re, “Modimo o dirile gore ke lebale matshwenyego a me otlhe le botlhe ba ba mo ntlong ya ga rre.” 52 Mme o ne a bitsa wa bobedi a re Eferaime*+ ka gonne o ne a re, “Modimo o dirile gore ke oketsege mo lefatsheng le ke neng ka boga mo go lone.”+

53 Mme dingwaga tse supa tsa letlepu mo lefatsheng la Egepeto di ne tsa khutla,+ 54 mme ga simologa dingwaga tse supa tsa leuba, fela jaaka Josefa a ne a buile.+ Leuba leo le ne le le mo mafatsheng otlhe, mme mo lefatsheng lotlhe la Egepeto go ne go na le dijo.+ 55 La bofelo lefatshe lotlhe la Egepeto le ne la boga ka ntlha ya leuba mme batho ba simolola go lelela kwa go Faro ba batla dijo.+ Mme Faro o ne a raya Baegepeto botlhe a re: “Yang kwa go Josefa, mme lo dire sengwe le sengwe se a reng lo se dire.”+ 56 Leuba le ne la tswelela le le gone mo lefatsheng lotlhe.+ Mme Josefa o ne a simolola go bula mabolokelo otlhe a dijo tsa ditlhaka a a neng a le mo gare ga bone a bo a rekisetsa Baegepeto,+ ka gonne leuba le ne le le maswe thata mo lefatsheng la Egepeto. 57 Mo godimo ga moo, batho ba lefatshe lotlhe ba ne ba tla mo Egepeto ba tla go reka dijo mo go Josefa, ka gonne leuba le ne le le maswe thata mo lefatsheng lotlhe.+

42 Fa Jakobe a ne a utlwalela gore go na le dijo tsa ditlhaka kwa Egepeto+ o ne a raya bomorwawe a re: “Goreng lo nnetse go lebana?” 2 Gape o ne a re: “Ke utlwile gore go na le dijo tsa ditlhaka kwa Egepeto. Tsamayang lo ye go re rekela, gore re se ka ra swa.”+ 3 Ka jalo, bomogolowe Josefa ba le lesome+ ba ne ba ya go reka dijo tsa ditlhaka kwa Egepeto. 4 Mme Jakobe o ne a se ka a letla Benjamine,+ monnawe Josefa, gore a tsamaye le bomogolowe ka gonne o ne a re: “Gongwe a ka tlhagelwa ke kotsi e e ka mmolayang.”+

5 Ka jalo, bomorwa Iseraele ba ne ba tsamaya le ba bangwe ba ba neng ba ya go reka, ka gonne leuba leo le ne le anametse kwa lefatsheng la Kanana.+ 6 Josefa ke ene a neng a laola mo lefatsheng la Egepeto+ e bile ke ene a neng a rekisetsa batho ba ba tswang mo lefatsheng lotlhe dijo tsa ditlhaka.+ Ka jalo, bomogolowe Josefa ba ne ba tla mme ba mo ikobela difatlhego tsa bone di lebile fa fatshe.+ 7 Fa Josefa a bona bomogolowe, o ne a ba lemoga ka bonako, le fa go ntse jalo o ne a dira gore ba se ka ba mo lemoga.+ Ka jalo, o ne a bua le bone ka bogale a re: “Lo tswa kae?” mme ba ne ba re: “Re tswa kwa lefatsheng la Kanana re tlile go reka dijo.”+

8 Josefa o ne a lemoga bomogolowe, mme bone ba ne ba sa mo lemoge. 9 Ka yone nako eo, Josefa o ne a gopola ditoro tse a kileng a di lora ka bone,+ mme a ba raya a re: “Lo ditlhola! Lo tlile go bona dikarolo tse di ka tlhaselwang motlhofo mo nageng eno!” 10 Foo ba ne ba mo raya ba re: “Nnyaa morena wa me, re tlile go reka dijo. 11 Rotlhe re bana ba motho. Re banna ba ba siameng. Ga re ditlhola, Morena wa me.” 12 Mme o ne a ba raya a re: “Ga lo bue boammaaruri! Lo tlile go bona dikarolo tse di ka tlhaselwang motlhofo mo nageng eno!” 13 Foo ba ne ba re: “Morena wa me, re bana ba motho re le 12.+ Re barwa ba monna a le mongwe+ kwa lefatsheng la Kanana, mme jaanong yo mmotlana o setse le rraarona,+ mme yo mongwe ene ga a tlhole a le gone.”+

14 Le fa go ntse jalo, Josefa o ne a ba raya a re: “Go ntse fela jaaka ke lo boleletse, ‘Lo ditlhola!’ 15 Lo tla lekwa ka seno: Ke ikana ka botshelo jwa ga Faro gore ga lo kitla lo tswa mo lefelong leno go fitlha monnaalona a tla fano.+ 16 Romang mongwe wa lona gore a ye go tla le monnaalona fa lona lo setse mono lo bofilwe. Ka tsela eno, mafoko a lona a tla lekwa go bona gore a lo bua boammaaruri. Mme ke ikana ka botshelo jwa ga Faro gore fa lo sa bue boammaaruri, lo ditlhola.” 17 Foo o ne a ba tsenya mmogo mo kgolegelong malatsi a le mararo.

18 Mo letsatsing la boraro Josefa o ne a ba raya a re: “Dirang jaana mme lo tshele ka gonne ke boifa Modimo. 19 Fa e le gore lo siame, a mongwe wa lona a sale a bofilwe mo ntlong ya kgolegelo e lo leng mo go yone, lona ba bangwe lotlhe lo ka tsamaya mme lo tseye dijo tsa ditlhaka gore lo ye go fokotsa leuba kwa matlong a lona.+ 20 Go tswa foo, lo tlise monnaalona kwa go nna, gore mafoko a lona a tle a itshupe a ikanyega, mme ga lo kitla lo swa.” Ba ne ba dira jalo.

21 Ba ne ba raana ba re: “Ruri re otlhaelwa se re se dirileng Josefa+ ka gonne re ne ra bona gore o tshwenyegile fa a ne a kopa gore re mo tlhomogele pelo, mme ga re a ka ra mo reetsa. Ke gone ka moo re tletsweng ke matshwenyego ano.” 22 Foo Rubene o ne a ba araba a re: “A ga ke a ka ka lo raya ka re, ‘Lo se ka lwa leofela ngwana,’ lo bo lo sa reetse?+ Jaanong ruri madi a gagwe a batliwa mo go rona.”+ 23 Mme ba ne ba sa itse gore Josefa o utlwa se ba se buang ka gonne go ne go na le moranodi. 24 Ka jalo, o ne a tswa fa go bone mme a simolola go lela.+ Fa a boa a bua le bone gape, o ne a tsaya Simeone+ mo go bone mme a mmofa ba ntse ba mo lebile.+ 25 Morago ga moo, Josefa o ne a laela gore go tladiwe dikgetsi tsa bone ka dijo tsa ditlhaka le gore madi a mongwe le mongwe wa bone a busediwe mo kgetsing ya gagwe ba bo ba newe mefago ya loeto. Ba ne ba direlwa jalo.

26 Ka jalo, ba ne ba pega dijo tsa bone tsa ditlhaka mo ditonking tsa bone mme ba tswa ba tsamaya. 27 E rile mongwe wa bone a bula kgetsi ya gagwe gore a neye tonki ya gagwe furu kwa lefelong le ba neng ba lala kwa go lone, o ne a bona madi a gagwe a le mo molomong wa kgetsi. 28 Foo o ne a raya bomorwarraagwe a re: “Madi a me a busitswe mme ke ano mo kgetsing ya me!” Dipelo tsa bone di ne tsa kotlomana, mme ba lebana ba ntse ba roroma ba bo ba re: “Goreng Modimo a re dirile jaana?”

29 Fa ba goroga kwa go Jakobe rraabone kwa lefatsheng la Kanana, ba ne ba mmolelela dilo tsotlhe tse di ba diragaletseng, ba re: 30 “Monna yo e leng morena mo nageng ele o ne a bua le rona ka bogale+ a bo a re latofatsa a re re tlile go tlhola naga. 31 Mme re ne ra mo raya ra re, ‘Re banna ba ba siameng. Ga re ditlhola.+ 32 Re bana ba motho re le 12,+ barwa ba ga rraarona. Yo mongwe ga a tlhole a le gone,+ mme jaanong yo mmotlana o setse le rraarona kwa lefatsheng la Kanana.’+ 33 Mme monna yo e leng morena wa naga o ne a re raya a re, ‘Ke tla itse ka seno gore lo siame: A mongwe wa lona a sale.+ Mme lo tseye sengwe gore lo ye go fokotsa leuba kwa matlong a lona.+ 34 Lo tlise monnaalona kwa go nna, gore ke tle ke itse gore ga lo ditlhola mme lo banna ba ba siameng. Morago ga moo, ke tla lo naya morwarraalona mme lo ka nna lwa tla go reka dijo tsa ditlhaka mo lefatsheng la rona.’”

35 Fa ba ntse ba ntsha se se mo dikgetsing tsa bone, mongwe le mongwe o ne a fitlhela kgetsana ya gagwe ya madi mo kgetsing ya gagwe. E rile bone le rraabone ba bona dikgetsana tsa bone tsa madi, ba ne ba boifa. 36 Jakobe rraabone o ne a goa a ba raya a re: “Lo nkamogile bana!+ Josefa ga a tlhole a le gone,+ Simeone le ene ga a tlhole a le gone,+ mme jaanong lo tlile go tsaya Benjamine! Dilo tseno tsotlhe di diragalela nna!” 37 Mme Rubene o ne a raya rraagwe a re: “Fa ke sa mmusetse kwa go wena, o ka nna wa bolaya bomorwaake ba babedi.+ Mo nneye ke tla mo tlhokomela e bile ke go solofetsa gore ke tla mmusetsa kwa go wena.”+ 38 Le fa go ntse jalo, o ne a re: “Morwaake ga a kitla a tsamaya le lona, ka gonne mogolowe o sule mme o setse a le esi.+ Fa a ka tlhagelwa ke kotsi e e ka mmolayang fa lo le mo loetong, ruri lo tla dira gore ke ye Lebitleng*+ ka meriri e mesweu ke hutsafetse.”+

43 Jaanong leuba le ne le le maswe thata mo lefatsheng.+ 2 Ka jalo, fa dijo tsa ditlhaka tse ba neng ba tlile le tsone kwa Egepeto di sena go fela,+ rraabone o ne a ba raya a re: “Tsamayang lo ye go re rekela dijonyana.” 3 Foo Juda o ne a mo raya a re: “Monna yole o ne a re tlhagisa ka tsela e e utlwalang a re, ‘Lo se ka lwa tla mo go nna gape fa lo sa tle le monnaalona.’+ 4 Fa o letla Benjamine a tsamaya le rona, re tla ya go go rekela dijo. 5 Mme fa o sa mo letle, ga re kitla re ya ka gonne monna yole o ne a re raya a re, ‘Lo se ka lwa tla mo go nna gape fa lo sa tle le monnaalona.’”+ 6 Mme Iseraele+ o ne a ba botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa lo ne lo nkutlwisa botlhoko ka go bolelela monna yoo gore lo na le monnaalona?” 7 Ba ne ba mo araba ba re: “Monna yole o ile a botsa ka tlhamalalo ka rona le ka ba losika lwa rona, a re, ‘A rraalona o sa ntse a tshela? A lo na le morwarraalona yo mongwe?’ mme re ne ra mmolelela dintlha tseno.+ Tota re ne re tla itse jang gore o tla re, ‘Tlang le monnaalona’?”+

8 Foo Juda o ne a rapela Iseraele rraagwe a re: “Letla mosimane a tsamaye le nna,+ re letle re tsamaye gore re tle re tshele mme re se ka ra swa,+ rona le wena le bana ba rona.+ 9 Ke tla tlhomamisa gore o a sireletsega.+ Fa a ka diragalelwa ke sengwe, o otlhaye nna. Fa nka se mmusetse mo go wena ke bo ke go mo naya, ke tla bo ke go leofetse ka bosakhutleng. 10 Mme fa re ka bo re sa nnela go diega, gone jaanong re ka bo re tsamaile ra bo ra boa makgetlo a le mabedi.”

11 Ka jalo, rraabone e bong Iseraele o ne a ba raya a re: “Fa e le gore go ntse jalo, dirang jaana: Tsayang dilo tse di di gaisang tsotlhe tsa lefatshe ka dikgetsi tsa lona lo di isetse monna yoo e le mpho:+ balema e nnye,+ tswina e nnye ya dinotshe, labedanume,* lekwati la setlhare se se ntshang borekhu,+ matonkomane a dipisitakio le a setlhare sa thamane. 12 Tsayang madi a a tlhokegang a menagane sebedi; mme gape lo tseye madi a a neng a buseditswe mo melomong ya dikgetsi tsa lona.+ Gongwe e ne e le phoso. 13 Tsayang Benjamine mme lo tsamaye, lo boele kwa monneng yole. 14 E kete Modimo Mothatayotlhe a ka dira gore monna yoo a lo utlwele botlhoko gore a lo gololele Simeone le Benjamine. Mme nna, fa e le gore ke tla tshwanelwa ke go latlhegelwa ke bana, a go nne jalo!”+

15 Ka jalo, banna bano ba ne ba tsaya mpho eno, ba tsaya madi a a tlhokegang a menagane sebedi ba bo ba tsaya le Benjamine. Foo ba ne ba tswa, ba tsamaya ba ya kwa Egepeto mme ba ya go ema gape fa pele ga ga Josefa.+ 16 Fa Josefa a bona Benjamine a na le bone, gone fela foo o ne a raya monna yo o okametseng ntlo ya gagwe a re: “Isa banna bano kwa ntlong mme o tlhabe diphologolo o baakanye dijo ka gonne banna bano ba tla ja le nna motshegare.” 17 Ka yone nako eo, monna yono o ne a dira fela jaaka Josefa a mmoleletse+ mme a ba isa kwa ntlong ya ga Josefa. 18 Fa banna bano ba ne ba isiwa kwa ntlong ya ga Josefa, ba ne ba boifa mme ba simolola go re: “Re isiwa teng ka ntlha ya madi a a neng a buseditswe mo dikgetsing tsa rona fa re ne re tlile fano lekgetlo la ntlha. Jaanong ba tla re tlhasela, ba re dira batlhanka ba bo ba tsaya ditonki tsa rona!”+

19 Ka jalo, ba ne ba atamela monna yo o neng a okametse ntlo ya ga Josefa ba bo ba bua le ene fa kgorong ya ntlo. 20 Ba ne ba re: “Re itshwarele morena wa me! Re kile ra tla go reka dijo kwano.+ 21 Mme fa re goroga kwa lefelong le re neng re letse kwa go lone re bo re simolola go bula dikgetsi tsa rona, re ne ra bona madi a mongwe le mongwe wa rona mo molomong wa kgetsi ya gagwe, madi a rona a a feletseng.+ Ka jalo, re ka rata go a busa. 22 Mme re tlile ka madi a mangwe gore re reke dijo. Ga re itse gore ke mang yo o neng a busetsa madi a rona mo dikgetsing tsa rona.”+ 23 Foo o ne a re: “Go siame. Lo se ka lwa boifa. Modimo wa lona le Modimo wa ga rraalona o ne a tsenya letlotlo mo dikgetsing tsa lona. Ke ne ka amogela madi a lona.” Morago ga moo, o ne a ntsha Simeone a mo tlisa kwa go bone.+

24 Foo monna yono o ne a tlisa banna bano mo ntlong ya ga Josefa mme a ba naya metsi gore ba tlhape dinao a bo a naya ditonki tsa bone furu. 25 Mme ba ne ba baakanya mpho+ gore ba tle ba e neye Josefa ka sethoboloko, ka gonne ba ne ba utlwile gore ba tlile go ja le ene.+ 26 Fa Josefa a tsena mo ntlong, ba ne ba tlisa mpho ya bone kwa go ene mo ntlong mme ba ikoba fa fatshe fa pele ga gagwe.+ 27 Morago ga moo, o ne a ba botsa matsogo mme a re: “Rraalona yo o tsofetseng yo lo mpoleletseng ka ene o ntse a tsoga jang? A o sa ntse a tshela?”+ 28 Ba ne ba mo raya ba re: “Motlhanka wa gago, rraarona, o tsoga sentle. O sa ntse a tshela.” Mme ba ne ba inama ba bo ba ikobela fa fatshe.+

29 Fa a tsholetsa matlho mme a bona monnawe e bong Benjamine, morwa mmaagwe,+ o ne a re: “A yono ke monnaalona yo lo mpoleletseng ka ene?”+ Gape o ne a re: “E kete Modimo a ka go utlwela botlhoko morwaaka.” 30 E re ka Josefa a ne a itumeletse go bona monnawe, o ne a itlhaganela a tswela kwa ntle gore ba se ka ba mmona fa a lela. Mme o ne a batla lefelo le a ka lelelang kwa go lone. Ka jalo, o ne a tsena mo phaposing e e se nang ope mme a lelela gone.+ 31 Morago ga moo, o ne a tlhapa sefatlhego mme a tswa ka gonne jaanong o ne a wetse maikutlo a bo a re: “Tsholang dijo.” 32 Ba ne ba mo tsholela a le nosi le bone ba itsholela ba le bosi, mme Baegepeto ba ba neng ba na le ene ba ne ba ja ba le bosi ka gonne Baegepeto ba ne ba ka se je le Bahebera, ka gonne seo ke selo se se makgapha mo Baegepetong.+

33 Bomorwarraagwe ba ne ba laelwa go nna fa pele ga gagwe go tloga ka wa leitibolo go ya ka tshwanelo ya gagwe ya go nna leitibolo+ go fitlha kwa go yo mmotlana, mme ba ne ba ntse ba lebana ba gakgametse. 34 O ne a nna a tsaya dijo mo tafoleng ya gagwe a di isa kwa tafoleng ya bone, mme o ne a oketsa dijo tsa ga Benjamine ga tlhano go feta dijo tsa ba bangwe botlhe.+ Ka jalo, ba ne ba tswelela ba ja e bile ba nwa le ene ba itumetse.

44 Moragonyana o ne a laela monna yo o neng a okametse ntlo ya gagwe, a re: “Tlatsa dikgetsi tsa banna bano ka dijo tse dintsi mo ba ka kgonang go di tsholetsa mme o tsenye madi a mongwe le mongwe wa bone mo kgetsing ya gagwe.*+ 2 O tsenye kopi ya me, kopi ya me ya selefera, mo kgetsing ya yo mmotlana le madi a dijo tsa gagwe tsa ditlhaka.” Ka jalo, o ne a dira jaaka Josefa a mo laetse.

3 Mo mosong fa go sena go nna lesedi, banna bano ba ne ba letlelelwa go tsamaya, mme ba ne ba tsaya ditonki tsa bone ba tsamaya. 4 Ba ne ba ise ba tsamaele kgakala le motse fa Josefa a raya monna yo o neng a okametse ntlo ya gagwe a re: “Itlhaganele! Lelekisa banna bale! Fa o ba tshwara o ba reye o re, ‘Ke ka ntlha yang fa lo diretse mong wa me bosula mme a lo diretse molemo? 5 A kopi eno ga se e mong wa me a nwang ka yone le e a balang ditshupo ka yone ka botswerere? Lo dirile selo se se bosula.’”

6 Ka jalo, o ne a ba tshwara mo tseleng a bo a ba bolelela mafoko ano. 7 Mme ba ne ba mo raya ba re: “Ke ka ntlha yang fa morena wa rona a bua jalo? Re ka se dire jalo. 8 Kana madi a re neng re a fitlhetse mo melomong ya dikgetsi tsa rona re ne ra a busetsa kwa go wena re tswa kwa lefatsheng la Kanana.+ Ka gone, re ka utswa jang selefera kgotsa gauta mo ntlong ya mong wa gago? 9 Fa e ka fitlhelwa mo go mongwe wa rona, a a bolawe, mme le rona rotlhe re tla nna batlhanka ba mong wa gago.” 10 Ka jalo, o ne a re: “A go nne jaaka lo bua: Yo e ka fitlhelwang mo go ene o tla nna motlhanka wa me, mme lona lotlhe lo tla bo lo se na molato.” 11 Fa a rialo, mongwe le mongwe wa bone o ne a folosetsa kgetsi ya gagwe fa fatshe ka bonako a bo a e bula. 12 O ne a batla ka kelotlhoko, a simolola ka kgetsi ya yo mogolo mme a feleletsa ka ya yo mmotlana. La bofelo kopi ya fitlhelwa mo kgetsing ya ga Benjamine.+

13 Foo ba ne ba gagoganya diaparo tsa bone mme mongwe le mongwe wa bone a pega morwalo wa gagwe gape mo tonking ya gagwe mme ba boela kwa motseng. 14 Fa Juda+ le bomorwarraagwe ba tsena mo ntlong ya ga Josefa, o ne a sa ntse a le gone; mme ba ne ba wela fa fatshe fa pele ga gagwe.+ 15 Josefa o ne a ba raya a re: “Goreng lo dirile selo seno? A lo ne lo sa itse gore monna yo o tshwanang le nna o kgona go bala ditshupo ka botswerere?”+ 16 Juda o ne a araba a re: “Re tla go raya re reng? Tota re tla bua eng? Mme re ka bontsha jang gore re batho ba ba siameng? Modimo wa boammaaruri o bone molato wa rona.+ Jaanong re batlhanka ba gago, mong wa me, rona le yo kopi e fitlhetsweng mo go ene!” 17 Le fa go ntse jalo, Josefa o ne a re: “Nnyaa, ga nkitla ke lo dira batlhanka ba me lotlhe! Monna yo kopi e fitlhetsweng mo go ene ke ene yo o tla nnang motlhanka wa me.+ Mme lona ba bangwe, yang kwa go rraalona ka kagiso.”

18 Jaanong Juda o ne a mo atamela a bo a re: “Ke a go kopa mong wa me, tsweetswee mma ke bue le wena, mme o se ka wa nkgalefela ka gonne wena o ntse fela jaaka Faro.+ 19 Mong wa me, o ne wa re botsa go re, ‘A lo na le rre kgotsa morwarraalona?’ 20 Ka jalo mong wa me, re ne ra go raya ra re, ‘Re na le rre yo o tsofetseng le ngwana yo a mo tsholetsweng a setse a tsofetse, monnaarona.+ Mme mogolowe o sule,+ ka jalo ke ene fela morwa wa ga mmaagwe yo o setseng+ e bile rraagwe o a mo rata.’ 21 Morago ga moo, o ne wa re raya wa re, ‘Lo mo tlise kwa go nna gore ke mmone.’+ 22 Mme mong wa me, re ne ra go raya ra re, ‘Mosimane yoo ga a kgone go kgaogana le rraagwe. Fa a ka kgaogana le ene, ruri rraagwe o tla swa.’+ 23 Go tswa foo, o ne wa re raya wa re, ‘Lo se ka lwa tla mo go nna gape fa lo sa tle le monnaalona.’+

24 “Ka jalo, re ne ra ya kwa go rre mme ra mmolelela mafoko a gago, mong wa me. 25 Moragonyana rraarona o ne a re, ‘Tsamayang lo ye go re rekela dijonyana.’+ 26 Re ne ra mo raya ra re, ‘Re ka se kgone go ya. Mme fa monnaarona a na le rona re tla ya, ka gonne ga re ka ke ra boela kwa monneng yole fa re sa tsamaye le ene.’+ 27 Foo rre o ne a re raya a re, ‘Lo itse sentle gore mosadi wa me o ne a ntsholela bana ba babedi ba basimane.+ 28 Yo mongwe wa bone o ne a ntlogela mme ke ne ka re: “Ruri o tshwanetse a bo a gagogantswe!”+ mme ga ke ise ke mmone go tla go fitlha jaanong. 29 Fa lo ka tsaya le yono mo go nna a bo a tlhagelwa ke kotsi e e ka mmolayang, ruri lo tla dira gore ke ye kwa Lebitleng*+ ka meriri e mesweu ke hutsafetse.’+

30 “Jaanong fa nka boela kwa go rre, mosimane a se na le rona, e re ka a rata mosimane yono thata,* 31 fa a bona gore mosimane ga a yo, o tla swa, mme ruri re tla dira gore rraarona a ye kwa Lebitleng* ka meriri e mesweu a hutsafetse. 32 Ke ne ka solofetsa rre gore ke tla tlhokomela mosimane yono, ke ne ka re, ‘Fa nka se mmusetse kwa go wena, ke tla bo ke go leofetse ka bosakhutleng.’+ 33 Jaanong tsweetswee, mma go sale nna mo boemong jwa mosimane gore ke nne motlhanka wa gago, gore mosimane a tle a tsamaye le bomogolowe. 34 Ke tla ya jang kwa go rre mosimane a seyo? Nka se kgone go itshokela go bona rre a welwa ke masetlapelo ano!”

45 Josefa o ne a sa tlhole a kgona go itshwara fa pele ga batlhokomedi botlhe ba gagwe.+ Foo o ne a goa a re: “Ntshang mongwe le mongwe fa go nna!” Ka jalo, ga go ope yo o neng a sala le Josefa fa a ikitsise bomorwarraagwe.+

2 Mme o ne a simolola go lelela kwa godimo mo e leng gore Baegepeto ba ne ba mo utlwa le ba ba mo ntlong ya ga Faro ba ne ba mo utlwa. 3 La bofelo Josefa o ne a raya bomorwarraagwe a re: “Ke nna Josefa. A rre o sa ntse a tshela?” Mme bomorwarraagwe ba ne ba sa kgone go mo araba gotlhelele ka gonne ba ne ba mo gakgamaletse. 4 Ka jalo, Josefa o ne a raya bomorwarraagwe a re: “Tsweetswee nkatamelang.” Mme ba ne ba mo atamela.

Go tswa foo, o ne a re: “Ke nna Josefa morwarraalona, yo lo neng lwa mo rekisa mme a tlisiwa mo Egepeto.+ 5 Mme jaanong lo se ka lwa hutsafala e bile lo se ka lwa galefelana ka go bo lo nthekisitse ke bo ke tla kwano; ka gonne Modimo o nthometse kwa pele ga lona gore ke boloke botshelo.+ 6 Ono ke ngwaga wa bobedi wa leuba mo lefatsheng,+ mme go sa ntse go na le dingwaga di le tlhano tse go tla bong go sa lemiwe e bile go sa robiwe mo go tsone. 7 Ka gone, Modimo o nthometse kwa pele ga lona gore ke boloke ditlogolwana* tsa lona+ mo lefatsheng le gore lo tswelele lo tshela ka gonne lo golotswe ka tsela e e gakgamatsang. 8 Ka jalo, ga se lona lo neng lwa nthomela fano, Modimo wa boammaaruri ke ene a nthometseng kwano gore a ntlhome go nna mogakolodi yo mogolo* wa ga Faro le mookamedi wa ntlo yotlhe ya gagwe le molaodi wa lefatshe lotlhe la Egepeto.+

9 “Boelang kwa go rre ka bonako mme lo mo reye lo re, ‘Josefa morwao o buile jaana: “Modimo o ntlhomile gore ke nne morena mo Egepeto yotlhe.+ Tla kwa go nna. O se ka wa diega.+ 10 O tla nna mo nageng ya Goshene+ kwa o tla bong o le gaufi le nna gone: wena, bomorwao, barwa ba bomorwao, matsomane a gago, metlhape ya gago le sengwe le sengwe se o nang le sone. 11 Ke tla go tlamela ka dijo o le koo, ka gonne go sa ntse go na le dingwaga di le tlhano tsa leuba.+ Go seng jalo, wena le ba ba mo ntlong ya gago lo tla humanega e bile sengwe le sengwe se o nang le sone se tla nyelela.”’ 12 Jaanong lona le nnake Benjamine, lo kgona go iponela ka matlho a lona gore ke nna yono yo ke buang le lona.+ 13 Ka jalo, lo bolelele rre ka kgalalelo yotlhe e ke nang le yone mo Egepeto le sengwe le sengwe se lo se boneng. Jaanong itlhaganeleng lo tlise rre fano.”

14 Foo o ne a tlamparela* Benjamine mme a lela, Benjamine le ene o ne a lela a beile mabogo a gagwe mo molaleng wa ga Josefa.+ 15 Mme o ne a suna bomorwarraagwe botlhe a bo a lelela mo melaleng ya bone, morago ga moo bomorwarraagwe ba ne ba bua le ene.

16 Dikgang tseno di ne tsa goroga kwa ntlong ya ga Faro: “Bomorwarraagwe Josefa ba tlile!” Mme seno se ne sa itumedisa Faro le batlhanka ba gagwe. 17 Ka jalo, Faro o ne a raya Josefa a re: “Raya bomorwarrago o re, ‘Pegang dijo mo ditonking* tsa lona mme lo tsamaye lo ye kwa lefatsheng la Kanana, 18 lo ye go tsaya rraalona le ba matlo a lona mme lo tle kwano mo go nna. Ke tla lo naya dilo tse di molemo tsa lefatshe la Egepeto, mme lo tla ja* karolo e e humileng* thata ya lefatshe.’+ 19 Gape ke go laela gore o ba reye o re:+ ‘Tsayang dikara+ mo lefatsheng la Egepeto lo ye go pega bana ba lona le basadi ba lona lo bo lo pege rraalona mo go nngwe ya tsone mme lo tle kwano.+ 20 Lo se ka lwa tshwenyega ka dithoto tsa lona+ ka gonne karolo e e di gaisang tsotlhe mo lefatsheng la Egepeto ke ya lona.’”

21 Bomorwa Iseraele ba ne ba dira jalo, mme Josefa a ba naya dikara jaaka Faro a ne a mo laetse a bo a ba naya mefago ya loeto. 22 O ne a naya mongwe le mongwe wa bone seaparo se a tla se aparang fa a apola se a se apereng, mme Benjamine ene a mo naya dishekele tsa selefera di le 300 le diaparo di le tlhano.+ 23 Mme o ne a romelela rraagwe dilo tse di latelang: ditonki di le lesome di rwele dilo tse di molemo tsa Egepeto le ditonki tse dinamagadi di le lesome di rwele dijo tsa ditlhaka le senkgwe le mefago ya ga rraagwe ya loeto. 24 Ka jalo, o ne a naya bomorwarraagwe tsela, mme fa ba tsamaya o ne a ba raya a re: “Lo se ka lwa galefelana mo tseleng.”+

25 Ba ne ba tswa mo Egepeto mme ba ya kwa lefatsheng la Kanana kwa go Jakobe rraabone. 26 Foo ba ne ba mmegela ba re: “Josefa o sa ntse a tshela e bile ke molaodi wa lefatshe lotlhe la Egepeto!”+ Mme o ne a garoga pelo ka gonne o ne a sa ba dumele.+ 27 E rile ba mmolelela mafoko otlhe a Josefa a neng a a buile le bone e bile a bona dikara tse Josefa a neng a di rometse go tla go mo tsaya, Jakobe rraabone o ne a simolola go itumela.* 28 Iseraele o ne a goa a re: “Go lekane! Morwaake Josefa o sa ntse a tshela! Ke tshwanetse go ya go mmona pele ke swa!”+

46 Ka jalo, Iseraele o ne a tsaya sengwe le sengwe se a neng a na le sone* a bo a tsamaya. Fa a goroga kwa Beere-sheba,+ o ne a ntshetsa Modimo wa ga rraagwe e bong Isake+ ditlhabelo. 2 Go tswa foo, Modimo o ne a bua le Iseraele bosigo mo ponatshegelong a re: “Jakobe, Jakobe!” mme ene a re: “Ke fano!” 3 O ne a mo raya a re: “Ke nna Modimo wa boammaaruri, Modimo wa ga rrago.+ O se ka wa tshaba go ya kwa Egepeto ka gonne fa o le koo ke tla go dira setšhaba se segolo.+ 4 Nna ka bonna ke tla ya le wena kwa Egepeto e bile ke nna ke tla boang ke go ntsha teng+ mme Josefa o tla baya seatla sa gagwe mo matlhong a gago.”*+

5 Morago ga moo, Jakobe o ne a tswa mo Beere-sheba mme bomorwa Iseraele ba tsamaisa Jakobe rraabone le bana ba bone le basadi ba bone ka dikara tse Faro a neng a di rometse gore di ye go mo tsaya. 6 Ba ne ba tsamaya le metlhape ya bone le dithoto tsa bone tse ba neng ba di kokoantse mo lefatsheng la Kanana. Ka jalo, Jakobe le bana botlhe ba gagwe ba ne ba goroga mo Egepeto. 7 O ne a tla mo Egepeto le bomorwawe le ditlogolo tsa gagwe tsa basimane, bomorwadie le ditlogolo tsa gagwe tsa basetsana, e leng bana botlhe ba gagwe.

8 Jaanong ano ke maina a bomorwa Iseraele ba ba neng ba tla mo Egepeto,+ Jakobe le bomorwawe: Leitibolo la ga Jakobe e ne e le Rubene.+

9 Bomorwa Rubene e ne e le Hanoke, Palu, Heserone le Karami.+

10 Bomorwa Simeone+ e ne e le Jemuele, Jamine, Ohade, Jakine, Sohare le Shaulo+ morwa mosadi wa Mokanana.

11 Bomorwa Lefi+ e ne e le Gereshone, Kohathe le Merari.+

12 Bomorwa Juda+ e ne e le Ere, Onane, Shela,+ Perese+ le Sera.+ Le fa go ntse jalo, Ere le Onane ba ne ba swela kwa lefatsheng la Kanana.+

Bomorwa Perese e ne ya nna Heserone le Hamule.+

13 Bomorwa Isakare e ne e le Tola, Pufa, Iobe le Shimerone.+

14 Bomorwa Sebulone+ e ne e le Serede, Elone le Jahaleele.+

15 Bano ke bomorwa Lea, ba a neng a ba tsholela Jakobe kwa Padana-arama, mmogo le morwadie e bong Dina.+ Bomorwawe botlhe le bomorwadie ba ne ba le 33.

16 Bomorwa Gada+ e ne e le Sifione, Hagi, Shuni, Esebone, Eri, Arodi le Areli.+

17 Bomorwa Ashera+ e ne e le Imina, Ishefa, Ishefi le Beria mme kgaitsadiabone e ne e le Sera.

Bomorwa Beria e ne e le Hebere le Malekiele.+

18 Bano ke bomorwa Silepa,+ yo Labane a neng a mo naya Lea morwadie. O ne a tsholela Jakobe bana bano: botlhe ba ne ba le 16.

19 Bomorwa Ragele, mosadi wa ga Jakobe, e ne e le Josefa+ le Benjamine.+

20 Josefa o ne a tsholelwa Manase+ le Eferaime+ mo lefatsheng la Egepeto, a ba tsholelwa ke Asenathe+ morwadia Potifera moperesiti wa kwa One.*

21 Bomorwa Benjamine+ e ne e le Bela, Bekere, Ashebele, Gera,+ Naamane, Ehi, Roshe, Mupime, Hupime+ le Arede.+

22 Bano ke bomorwa Ragele ba a neng a ba tsholela Jakobe: botlhe ba ne ba le 14.

23 Morwa* Dana+ e ne e le Hushime.+

24 Bomorwa Nafetali+ e ne e le Jahaseele, Guni, Jesere le Shileme.+

25 Bano ke bomorwa Bileha, yo Labane a neng a mo naya Ragele morwadie. O ne a tsholela Jakobe bana bano: botlhe ba ne ba le supa.

26 Botlhe ba ba neng ba tswa mo go Jakobe ba ba neng ba ya kwa Egepeto le ene, kwantle ga basadi ba bomorwa Jakobe, e ne e le batho ba le 66.+ 27 Bomorwa Josefa ba a neng a ba tsholelwa kwa Egepeto ba ne ba le babedi. Batho botlhe ba lelapa* la ga Jakobe ba ba neng ba tla mo Egepeto ba ne ba le 70.+

28 Jakobe o ne a romela Juda+ kwa pele gore a ye go bolelela Josefa gore o mo tseleng o ya kwa Goshene. Fa ba goroga mo nageng ya Goshene,+ 29 Josefa o ne a laela gore kara ya gagwe e baakanyediwe tsela gore a ye go kopana le Iseraele rraagwe kwa Goshene. E rile a mmona, ka yone nako eo o ne a mo tlamparela* a bo a lela ka lobaka lo loleele.* 30 Go tswa foo, Iseraele o ne a raya Josefa a re: “Jaanong nka nna ka swa; ke bone sefatlhego sa gago e bile ke a itse gore o sa ntse o tshela.”

31 Josefa o ne a raya bomorwarraagwe le ba lelapa la ga rraagwe a re: “Mma ke ye kwa go Faro+ mme ke mmegele gore, ‘Bomorwarre le ba lelapa la ga rre ba ba neng ba le kwa lefatsheng la Kanana ba tlile kwano mo go nna.+ 32 Banna bano ke badisa,+ ba na le leruo+ e bile ba tlile le matsomane a bone le metlhape ya bone le tsotlhe tse ba nang le tsone.’+ 33 Fa Faro a lo bitsa a bo a lo botsa gore, ‘Tiro ya lona ke eng?’ 34 lo mo reye lo re, ‘Batlhanka ba gago e ntse e le barui go tloga bosheng go fitlha jaanong, rona le borraaronamogolo,’+ e le gore lo tle lo nne mo nageng ya Goshene+ ka gonne Baegepeto ba tlhoile badisa ba dinku.”+

47 Ka jalo, Josefa o ne a ya kwa go Faro mme a mmegela jaana:+ “Rre le bomorwarre ba tlile, ba tswa kwa lefatsheng la Kanana le matsomane a bone le metlhape ya bone le tsotlhe tse ba nang le tsone, mme ba mo nageng ya Goshene.”+ 2 O ne a tsaya bomorwarraagwe ba le batlhano mme a ba isa kwa go Faro.+

3 Faro o ne a botsa bomorwarraagwe Josefa a re: “Tiro ya lona ke eng?” Ba ne ba mo araba ba re: “Batlhanka ba gago ke badisa ba dinku, rona le borraaronamogolo.”+ 4 Go tswa foo, ba ne ba raya Faro ba re: “Re tlile go aga re le batswakwa mo lefatsheng leno+ ka gonne letsomane la batlhanka ba gago ga le na mafulo, gonne leuba le maswe thata kwa lefatsheng la Kanana.+ Tsweetswee, letla batlhanka ba gago gore ba nne mo nageng ya Goshene.”+ 5 Foo Faro o ne a raya Josefa a re: “Rrago le bomorwarrago ba tlile kwano mo go wena. 6 Lefatshe la Egepeto le laolwa ke wena. Baya rrago le bomorwarrago mo karolong e e di gaisang tsotlhe ya lefatshe leno.+ A ba nne mo nageng ya Goshene, mme fa go na le banna bangwe mo go bone ba ba nang le bokgoni, ba tlhome gore ba tlhokomele leruo la me.”

7 Foo Josefa a tla le Jakobe rraagwe a bo a mo itsise Faro, mme Jakobe a segofatsa Faro. 8 Faro o ne a botsa Jakobe jaana: “O na le dingwaga di le kae?” 9 Jakobe o ne a raya Faro a re: “Ke na le dingwaga di le 130 ke ntse ke nna mo mafelong a a farologaneng.* Dingwaga tsa me di mmalwa e bile di tletse matshwenyego+ mme ga di dintsi jaaka dingwaga tse borremogolo ba di tshetseng fa ba ntse ba nna mo mafelong a a farologaneng.”*+ 10 Morago ga moo, Jakobe a segofatsa Faro mme a tswa fa go ene.

11 Ka jalo, Josefa o ne a baya rraagwe le bomorwarraagwe mo karolong e e di gaisang tsotlhe ya lefatshe la Egepeto, mo nageng ya Ramesese+ mme a ba naya thuo ya lone fela jaaka Faro a ne a laetse. 12 Josefa o ne a nna a tlamela rraagwe le bomorwarraagwe le botlhe ba lelapa la ga rraagwe ka dijo,* go ya ka palo ya bana ba bone.

13 Jaanong go ne go se na dijo* mo lefatsheng lotlhe ka gonne leuba le ne le le maswe thata, mme lefatshe la Egepeto le lefatshe la Kanana le ne la omelela ka ntlha ya leuba.+ 14 Josefa o ne a kokoanya madi otlhe a a neng a fitlhelwa mo lefatsheng la Egepeto le mo lefatsheng la Kanana, a batho ba neng ba reka dijo tsa ditlhaka ka one+ mme Josefa o ne a nna a tlisa madi ano mo ntlong ya ga Faro. 15 Fa nako e ntse e tsamaya, madi a a tswang mo lefatsheng la Egepeto le kwa lefatsheng la Kanana a ne a fela, mme Baegepeto botlhe ba ne ba simolola go tla kwa go Josefa, ba re: “Re neye dijo! Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go swela fa pele ga gago ka gonne madi a rona a fedile?” 16 Foo Josefa o ne a ba raya a re: “Fa e le gore madi a lona a fedile, nneyeng diruiwa tsa lona mme nna ke tla lo naya dijo.” 17 Ka jalo, ba ne ba tlisa diruiwa tsa bone kwa go Josefa, mme Josefa a nna a ba naya dijo fa ba mo naya dipitse, matsomane, metlhape le ditonki tsa bone, mme mo ngwageng oo o ne a nna a ba naya dijo fa bone ba ne ba mo naya diruiwa tsotlhe tsa bone.

18 Fa ngwaga oo o fela, ba ne ba ya kwa go ene mo ngwageng o o latelang ba bo ba mo raya ba re: “Morena wa me, ga re kitla re go fitlhela gore re setse re go neile madi le diruiwa tsa rona. Ga re a sala ka sepe se re ka se go nayang, morena wa me, fa e se mebele ya rona le masimo a rona fela. 19 Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go swela fa pele ga gago, rona le masimo a rona? Re reke le masimo a rona mme o re neye dijo, mme rona mmogo le masimo a rona re tla nna batlhanka ba ga Faro. Re neye peo gore re tle re tshele mme re se ka ra swa le gore masimo a rona a se ka a nna naga fela.” 20 Ka jalo, Josefa o ne a rekela Faro lefatshe lotlhe la Baegepeto, ka gonne Moegepeto mongwe le mongwe o ne a rekisa tshimo ya gagwe e re ka leuba le ne le le maswe thata; mme lefatshe le ne la nna la ga Faro.

21 Go tswa foo, o ne a fudusetsa batho mo metseng, go tswa ntlheng e nngwe ya naga ya Egepeto go ya ntlheng e nngwe ya yone.+ 22 Masimo a baperesiti ke one fela a a neng a se ka a a reka,+ ka gonne dijo tsa baperesiti di ne di tswa kwa go Faro mme ba ne ba tshela ka dijo tse Faro a neng a di ba naya. Ke gone ka moo ba neng ba se ka ba rekisa masimo a bone. 23 Foo Josefa o ne a raya batho a re: “Bonang, lona le masimo a lona ke lo rekile gore lo nne ba ga Faro gompieno. Peo ya lona ke eno, lo e jale mo lefatsheng. 24 Ka nako ya thobo, lo neye Faro kgetsi e le nngwe mo dikgetsing dingwe le dingwe tse tlhano tsa thobo ya lona.+ Mme dikgetsi tse nnê tse di setseng e tla nna tsa lona gore e nne peo ya tshimo e bile e nne dijo tsa lona le tsa ba malapa a lona le bana ba lona gore ba je.” 25 Ka jalo, ba ne ba re: “O bolokile matshelo a rona.+ E kete morena wa me a ka re utlwela botlhoko mme re tla nna batlhanka ba ga Faro.”+ 26 Go tswa foo, Josefa o ne a tlhoma molao o o sa ntseng o dira go tla go fitlha gompieno mo lefatsheng la Egepeto wa gore mo dikgetsing dingwe le dingwe tse tlhano, kgetsi e le nngwe ke ya ga Faro. Lefatshe la baperesiti ke lone fela le le neng la se ka la nna la ga Faro.+

27 Ba lelapa la ga Iseraele ba ne ba tswelela ba nna mo lefatsheng la Egepeto, mo nageng ya Goshene,+ mme ba ne ba aga mo go lone ba ata ba bo ba nna bantsi thata.+ 28 Jakobe o ne a nna mo lefatsheng la Egepeto dingwaga di le 17, mme Jakobe o ne a tshela dingwaga di le 147.+

29 Nako ya gore Iseraele a swe e ne e atamela,+ ka jalo o ne a bitsa morwawe e bong Josefa a bo a mo raya a re: “Jaanong, fa e le gore o batla go nna pelonomi mo go nna, tsweetswee baya seatla sa gago ka fa tlase ga serope sa me, mme o mpontshe lorato lo lo sa kgaotseng o bo o dire ka boikanyegi. Tsweetswee, o se ka wa mphitlha mo Egepeto.+ 30 Fa ke swa,* o ntlose mo Egepeto mme o ye go mphitlha kwa mabitleng a borremogolo.”+ Ka jalo, Josefa o ne a re: “Ke tla dira fela jaaka o bua.” 31 Go tswa foo, o ne a mo raya a re: “Inkanele.” Ka jalo, o ne a mo ikanela.+ Foo Iseraele o ne a obama mo tlhogong ya bolao jwa gagwe.+

48 Morago ga dilo tseno Josefa o ne a bolelelwa jaana: “Rrago o nna bokoa.” Foo o ne a tsaya bomorwawe ba babedi e bong Manase le Eferaime a tsamaya le bone kwa go ene.+ 2 Jakobe o ne a bolelelwa jaana: “Morwao Josefa ke yono o tlile kwa go wena.” Ka jalo, Iseraele o ne a iteka a tsoga a bo a nna mo bolaong. 3 Mme Jakobe o ne a raya Josefa a re:

“Modimo Mothatayotlhe o ne a iponatsa mo go nna kwa Luse kwa lefatsheng la Kanana mme a ntshegofatsa.+ 4 O ne a nthaya a re, ‘Ke dira gore o ate, mme ke tla go ntsifatsa ke bo ke dira gore o nne phuthego ya ditšhaba+ e bile ke tla naya losika lwa gago lefatshe leno gore e nne la bone ka bosakhutleng.’+ 5 Jaanong bomorwao ba babedi ba o neng wa ba tsholelwa mo lefatsheng la Egepeto pele ga ke tla mo go wena mo Egepeto, ke ba me.+ Eferaime le Manase e tla nna ba me fela jaaka Rubene le Simeone e le ba me.+ 6 Mme bana ba o tla ba tsholelwang morago ga bone e tla nna ba gago. Ba tla bidiwa ka leina la bomorwarraabone go ya ka boswa jwa bone.+ 7 Mme nna, fa ke ne ke tswa kwa Padana, Ragele o ne a swela+ fa thoko ga me kwa lefatsheng la Kanana, sekgala se seleele thata pele re goroga mo Eferatha.+ Ka jalo, ke ne ka mo fitlhela gone mo tseleng e e yang kwa Eferatha e leng Bethelehema.”+

8 Foo Iseraele o ne a bona bomorwa Josefa mme a botsa jaana: “Ke bomang bano?” 9 Ka jalo, Josefa o ne a raya rraagwe a re: “Ke bomorwaake ba Modimo a ba nneileng mo lefelong leno.”+ Foo o ne a re: “Tsweetswee, ba tlise fano gore ke ba segofatse.”+ 10 Jaanong matlho a ga Iseraele a ne a le letobo ka ntlha ya botsofe e bile o ne a sa kgone go bona sentle. Ka jalo, Josefa o ne a ba atametsa kwa go rraagwe mme rraagwe a ba suna a bo a ba tlamparela. 11 Iseraele o ne a raya Josefa a re: “Ke ne ke sa akanye gore ke tla bona sefatlhego sa gago,+ mme Modimo o ntetlile gore ke bone le bana* ba gago.” 12 Morago ga moo, Josefa o ne a ba tlosa gaufi le mangole a ga Iseraele mme a ikoba sefatlhego sa gagwe se lebile fa fatshe.

13 Jaanong Josefa o ne a ba tsaya boobabedi, a tsaya Eferaime+ ka seatla sa moja a mo isa kwa molemeng wa ga Iseraele, mme a tsaya Manase+ ka seatla sa molema a mo isa kwa mojeng wa ga Iseraele a bo a ba atametsa kwa go Iseraele. 14 Le fa go ntse jalo, Iseraele a ntsha seatla sa gagwe sa moja a se baya mo tlhogong ya ga Eferaime le fa gone a ne a le mmotlana, mme a baya seatla sa gagwe sa molema mo tlhogong ya ga Manase. O ne a baya diatla tsa gagwe jalo ka boomo le fa gone Manase e ne e le leitibolo.+ 15 Go tswa foo, o ne a segofatsa Josefa mme a re:+

“Modimo wa boammaaruri yo borre e bong Aborahame le Isake ba neng ba tsamaya le ene,+

Modimo wa boammaaruri yo e ntseng e le modisa wa me botshelo jotlhe jwa me go fitlha mo letsatsing leno,+

16 Moengele yo o ntseng a nkgolola mo masetlapelong otlhe,+ segofatsa basimane bano.+

A leina la me le leina la borre, Aborahame le Isake, le bidiwe mo go bone,

A ba oketsege ba nne bantsintsi mo lefatsheng.”+

17 E rile Josefa a bona gore rraagwe o ne a sa tlose seatla sa gagwe sa moja mo tlhogong ya ga Eferaime, a se ka a itumela, ka jalo a leka go ntsha seatla sa ga rraagwe mo tlhogong ya ga Eferaime gore a se beye mo tlhogong ya ga Manase. 18 Josefa o ne a raya rraagwe a re: “Se dire jalo rra, ka gonne wa leitibolo ke yono.+ Baya seatla sa gago sa moja mo tlhogong ya gagwe.” 19 Mme rraagwe o ne a nna a gana a re: “Ke a itse morwaaka, ke a itse. Le ene o tla nna setšhaba e bile o tla nna mogolo. Le fa go ntse jalo, monnawe o tla nna mogolo go mo feta,+ le bana* ba gagwe ba tla nna bantsi mo ba tla nnang ditšhaba.”+ 20 Ka jalo, o ne a nna a ba segofatsa mo letsatsing leo+ a re:

“A Iseraele a go umake fa a bolela ditshegofatso a re,

‘E kete Modimo a ka dira gore o nne jaaka Eferaime le jaaka Manase.’”

Ka jalo, o ne a tswelela a baya Eferaime kwa pele ga ga Manase.

21 Go tswa foo, Iseraele o ne a raya Josefa a re: “Bona, ke a swa,+ mme ruri Modimo o tla nna le lona a bo a lo busetsa kwa lefatsheng la borraalonamogolo.+ 22 Mme nna, ke go naya karolo e le nngwe ya lefatshe* go feta bomorwarrago, e ke neng ka e tsaya mo Baamoreng ka tšhaka ya me le bora jwa me.”

49 Jakobe o ne a bitsa bomorwawe mme a re: “Phuthegang mmogo gore ke tle ke lo bolelele se se tla lo diragalelang kwa karolong ya bofelo ya metlha. 2 Phuthegang mme lo reetse, lona bomorwa Jakobe, reetsang Iseraele rraalona.

3 “Rubene,+ o leitibolo la me,+ matlhagatlhaga a me le tshimologo ya maatla a me a go tshola, o na le seriti se segolo le nonofo e kgolo. 4 Ka ntlha ya go gololesega botlhaswa jaaka metsi, ga o kitla o tlotlomala ka gonne o ne wa ya kwa bolaong jwa ga rrago.+ Ka nako eo, o ne wa leswafatsa bolao jwa me. Ruri o ne a ya kwa go jone!

5 “Simeone le Lefi ke bana ba motho.+ Dibetsa tsa bone tse di bolayang setlhogo ke didirisiwa tsa thubakanyo.+ 6 E kete le ka motlha nka se itsalanye le bone. E kete tsela e ke itsegeng ka yone e ka se ka ya amanngwa le setlhopha sa bone, ka gonne ba ne ba bolaya banna ka ntlha ya go galefa+ e bile ba ne ba itumelela go kgaola dipoo mesifa ya maoto. 7 A bogale jwa bone bo hutsege ka gonne bo setlhogo, le tšhakgalo ya bone ka gonne e makgwakgwa.+ Mma ke ba phatlalatse mo go Jakobe ke bo ke ba gasamise mo Iseraele.+

8 “Fa e le wena Juda,+ bomorwarrago ba tla go baka.+ Seatla sa gago se tla nna mo molaleng wa baba ba gago.+ Bomorwarrago ba tla obama fa pele ga gago.+ 9 Juda ke ngwana wa tau.+ Morwaaka, ruri o tla ja se o se tsomileng o bo o tsamaya. O ne a rapama a bo a namalala jaaka tau, mme jaaka tau, ke mang yo o pelokgale go mo tsosa? 10 Lore lwa segosi ga lo kitla lo tswa mo go Juda,+ le lore lwa molaodi ga lo kitla lo tswa mo gare ga dinao tsa gagwe go fitlha Shilo* a tla,+ mme ditšhaba di tla mo ikobela.+ 11 Fa a bofelela tonki ya gagwe mo setlhareng sa morara* le tonkana ya yone mo setlhareng sa morara sa maemo a a kwa godimo, o tla tlhatswa diaparo tsa gagwe mo beineng le kobo ya gagwe mo mading a morara. 12 Matlho a gagwe a bohibidu jo bo tseneletseng ka ntlha ya beine, mme meno a gagwe a masweu ka ntlha ya mashi.

13 “Sebulone+ o tla aga fa losing lwa lewatle, fa losing mo dikepe di emang gone di tshegeditswe ka ditshetledi,+ mme molelwane wa gagwe o o kgakala o tla bo o le ntlheng ya Sidona.+

14 “Isakare+ ke tonki e e nang le marapo a a thata, e e rapameng fa gare ga disale tse pedi. 15 Mme o tla bona gore lefelo la boikhutso le molemo le gore lefatshe le a itumedisa. O tla oba legetla la gagwe gore a rwale morwalo e bile o tla dira tiro e e boima fela jaaka lekgoba.

16 “Dana,+ yo e leng longwe lwa ditso tsa Iseraele, o tla nna moatlhodi wa batho ba gagwe.+ 17 A Dana a nne noga e e fa thoko ga tsela, noga e e dinaka fa tselaneng, e e lomang direthe tsa pitse gore mopalami wa yone a wele kwa morago.+ 18 Modimo wa me Jehofa, ke tla letela poloko e e tswang kwa go wena.

19 “Fa e le Gada+ ene, o tla tlhaselwa ke setlhopha sa dirukutlhi, mme ene o tla ba tlhasela mo diretheng.+

20 “Senkgwe* sa ga Ashera+ se tla nna sentsi,* mme o tla aba dijo tse di tshwanelang kgosi.+

21 “Nafetali+ ke kgama e namagadi e tshesane. O bua mafoko a a itumedisang.+

22 “Josefa+ ke letlhogela la setlhare se se ungwang maungo, setlhare se se ungwang maungo fa motsweding, se dikala tsa sone di golelang ka kwa ga lobota. 23 Mme bahudi ba metswi ba ne ba nna ba mo tshwenya, ba mo hula e bile ba nna ba mo tlhoile.+ 24 Le fa go ntse jalo, bora jwa gagwe bo ne jwa nna bo sa tshikhinyege,+ le diatla tsa gagwe di ne tsa nna di nonofile e bile di le bonako.+ Seno se ne se tswa mo diatleng tsa yo o nonofileng wa ga Jakobe, se tswa mo modiseng, leje la Iseraele. 25 O* tswa kwa Modimong wa ga rraagwe mme o tla mo thusa, e bile o na le Mothatayotlhe. Modimo o tla mo segofatsa ka metsi a a tswang kwa magodimong kwa godimo le a a tswang ka fa tlase ga lefatshe,+ o tla go segofatsa ka bana ba bantsi le leruo le lentsi.* 26 Ditshegofatso tsa ga rraagwe di tla nna dikgolo go feta ditshegofatso tsa dithaba tse di nnetseng ruri, go feta dilo tse di eletsegang tsa dithota tse di nnang ka bosakhutleng.+ Di tla nna mo tlhogong ya ga Josefa, mo tlhogong ya yo o tlhaotsweng mo go bomorwarraagwe.+

27 “Benjamine+ o tla nna a gagola jaaka phiri.+ Mo mosong o tla ja phologolo e e tsomilweng mme maitseboa o tla kgaoganya se a se gapileng.”+

28 Tseno tsotlhe ke ditso di le 12 tsa Iseraele, mme seno ke se rraabone a neng a se ba bolelela fa a ba segofatsa. O ne a naya mongwe le mongwe tshegofatso e e mo tshwanelang.+

29 Morago ga moo, o ne a ba naya ditaelo tseno: “Ke phuthelwa kwa bathong ba gaetsho.*+ Lo mphitlhe le borre mo logageng lo lo mo tshimong ya ga Eferone wa Mohite,+ 30 logaga lo lo mo tshimong ya Makapela fa pele ga Mamere kwa lefatsheng la Kanana, tshimo e Aborahame a neng a e reka mo go Eferone wa Mohite gore e nne lefelo la go fitlhela. 31 Ba ne ba fitlhela Aborahame le Sara mosadi wa gagwe gone.+ Ba ne ba fitlhela Isake+ le Rebeka mosadi wa gagwe gone e bile ke ne ka fitlhela Lea gone. 32 Tshimo eo le logaga lo lo mo go yone di ne tsa rekwa mo go bomorwa Hethe.”+

33 Ka jalo, Jakobe o ne a fetsa go naya bomorwawe ditaelo tseno. Go tswa foo, o ne a rapama mo bolaong, a hema la bofelo mme a phuthelwa kwa bathong ba gagabo.*+

50 Josefa o ne a itigela mo go rraagwe+ mme a lelela mo go ene a bo a mo suna. 2 Morago ga moo, o ne a laela batlhanka ba gagwe ba e leng dingaka gore ba omise setopo+ sa ga rraagwe. Ka jalo, dingaka di ne tsa omisa Iseraele, 3 mme di ne tsa tsaya malatsi a le 40 a a tletseng di mo omisa ka gonne go ne go tsewa lobaka lo lo kalo go omisa setopo, mme Baegepeto ba tswelela ba mo lelela malatsi a le 70.

4 Fa malatsi a go mo hutsafalela a sena go feta, Josefa o ne a bua le ba kgotla* ya ga Faro, a re: “Fa e le gore lo mpontsha kutlwelobotlhoko, bolelelang Faro molaetsa ono: 5 ‘Rre o ne a dira gore ke ikane,+ a re: “Ke a swa.+ O mphitlhe kwa lefelong la me la go fitlhela+ le ke le epileng kwa lefatsheng la Kanana.”+ Tsweetswee, ntetleng gore ke ye go fitlha rre, mme morago ga moo ke tla boa.’” 6 Faro o ne a araba a re: “Tsamaya o ye go fitlha rrago fela jaaka a ne a go ikanisa.”+

7 Ka jalo Josefa o ne a ya go fitlha rraagwe, mme batlhanka botlhe ba ga Faro ba tsamaya le ene, bagolwane+ ba kgotla ya gagwe le bagolwane botlhe ba lefatshe la Egepeto 8 le botlhe ba ba neng ba nna le Josefa le bomorwarraagwe le botlhe ba ba neng ba nna le rraagwe.+ Go ne ga sala fela bana ba bone ba babotlana le matsomane a bone le metlhape ya bone mo nageng ya Goshene. 9 Bapalami ba dikara+ le bapalami ba dipitse le bone ba ne ba tsamaya le ene, mme setlhopha sa batho se ne se le segolo thata. 10 Ba ne ba goroga mo seboaneng sa Atade, se se mo kgaolong ya Joredane, mme ba lela thata ba bo ba hutsafala thata, mme Josefa a nna a hutsafalela rraagwe malatsi a le supa. 11 Banni ba lefatshe leo e bong Bakanana, ba ne ba ba bona ba hutsafetse mo seboaneng sa Atade, mme ba bua jaana ba gakgametse: “Eno ke khutsafalo e kgolo ya Baegepeto!” Ke gone ka moo lefelo leo le le mo kgaolong ya Joredane le neng la bidiwa Abele-miseraime.*

12 Ka jalo, bomorwa Jakobe ba ne ba mo direla fela jaaka a ne a ba laetse.+ 13 Bomorwawe ba ne ba mo isa kwa lefatsheng la Kanana mme ba mo fitlha mo logageng lo lo mo tshimong ya Makapela, tshimo e e fa pele ga Mamere e Aborahame a neng a e reka mo go Eferone wa Mohite gore e nne lefelo la go fitlhela.+ 14 Fa Josefa a sena go fitlha rraagwe, o ne a boela kwa Egepeto le bomorwarraagwe le botlhe ba ba neng ba tsamaile le ene go ya go fitlha rraagwe.

15 E rile bomorwarraagwe Josefa ba bona gore rraabone o sule, ba ne ba re: “Josefa a ka tswa a re tshwaretse sekgopi mme o tla re busetsa bosula ka ntlha ya bosula jotlhe jo re bo mo diretseng.”+ 16 Ka jalo, ba ne ba romela molaetsa ono kwa go Josefa: “Rrago o ne a laela jaana pele ga a swa: 17 ‘Lo reye Josefa lo re: “Tsweetswee, ke a go kopa, itshwarele bomorwarrago molato wa bone le boleo jo ba go bo diretseng ka go go utlwisa botlhoko.”’ Jaanong tsweetswee, itshwarele molato wa batlhanka ba Modimo wa ga rrago.” Mme Josefa o ne a lela fa ba bua le ene. 18 Morago ga moo, bomorwarraagwe le bone ba tla mme ba khubama fa pele ga gagwe ba bo ba re: “Re ntse jaaka batlhanka mo go wena!”+ 19 Josefa o ne a ba raya a re: “Lo se ka lwa boifa. A ke mo maemong a Modimo? 20 Le fa gone lo ne lo batla go nkutlwisa botlhoko,+ Modimo o ne a dira gore seo se fetoge sengwe se se molemo mme a boloka batho ba le bantsi ba tshela, fela jaaka a dira gompieno.+ 21 Ka jalo, lo se ka lwa boifa. Ke tla nna ke lo tlamela ka dijo, lona le bana ba lona ba babotlana.”+ Go tswa foo, o ne a ba gomotsa a bo a bua le bone a ba tlhomamisetsa gore ga a ka ke a ba utlwisa botlhoko.

22 Josefa o ne a tswelela a nna mo Egepeto, ene le ba lelapa* la ga rraagwe, mme Josefa o ne a tshela dingwaga di le 110. 23 Josefa o ne a bona kokomana ya boraro ya bomorwa Eferaime+ le bomorwa Makire,+ morwa Manase. Ba ne ba tsholelwa mo mangoleng a ga Josefa.* 24 La bofelo Josefa o ne a raya bomorwarraagwe a re: “Ke a swa, mme ga go pelaelo gore Modimo o tla lo gopola,+ ruri o tla lo ntsha mo lefatsheng leno a lo isa kwa lefatsheng le a neng a le ikanela Aborahame, Isake le Jakobe.”+ 25 Ka jalo, Josefa o ne a ikanisa bomorwa Iseraele, a re: “Ruri Modimo o tla lo gopola. Lo ntshe marapo a me mono.”+ 26 Josefa o ne a swa a na le dingwaga di le 110, mme ba ne ba omisa setopo sa gagwe+ ba bo ba se tsenya mo lekesing kwa Egepeto.

Kgotsa “metsi a a bilogang.”

Kgotsa “maatla a Modimo.”

Seheb., “le laole.”

Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Seheb., “tse di fofang tsa magodimo.”

Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa “tsamayang,” gongwe go akaretsa digagabi le mefuta e mengwe e e farologaneng ya diphologolo.

Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Seheb., “le masomosomo otlhe a tsone.”

Lekgetlo la ntlha leina la Modimo יהוה (YHWH) le tlhaga. Bona Dintlha A4.

Kgotsa “setshedi se se hemang.” Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Seheb., “e ne ya nna ditlhogo tse nnê.”

Kgotsa “Tigris.”

Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa “o tla tswelela a nna le.”

Kgotsa “boferefere; kelotlhoko.”

Kgotsa “ka nako ya fa go foka phefonyana e e tsiditsana.”

Kgotsa “letlhoo.”

Kgotsa “itaya; gobatsa.”

Mo go kayang “Motho wa mo Lefatsheng; Motho.”

Mo go kayang “Yo o Tshelang.”

Kgotsa “a tshela ka bosakhutleng.”

Seheb., “mme sefatlhego sa gagwe sa wa.”

Kgotsa “o godisiwa?”

Seheb., “o go busetsa maatla a one.”

Seheb., “nteleka go tswa mo sefatlhegong sa lefatshe.”

Kgotsa “tlhomela.”

Lefoko leno le ka kaya taelo e e neng e tlhagisa batho ba bangwe.

Mo go kayang “boemo jwa go nna mofaladi.”

Kgotsa “le fulutu.”

Mo go kayang “Tlhomiwa; Baya.”

Seheb., “losika.”

Kgotsa “Adame.” Seheb., “Motho.”

Seheb., “Modimo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Gongwe mo go kayang “Boikhutso; Kgomotso.”

Kgotsa “o tla re imolola.”

Sekapuo sa Sehebera se se kayang barwa ba Modimo ba baengele.

Kgotsa “ka gonne o dira ditiro tse di sa siamang.”

Seheb., “Banefilime” gongwe mo go kayang “Badigi,” e leng ba ba digang ba bangwe. Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa “a hutsafadiwa ke.”

Seheb., “tse di fofang tsa magodimo.”

Seheb., “dikokomana tsa gagwe.”

Seheb., “lebokose”; sekepe se segolo.

Kgotsa “seedi se se kgomaretsang sa bitumena.”

Seheb., “dikubita di le 300.” Bona Dintlha B14.

Seheb., “dikubita di le 50.”

Seheb., “dikubita di le 30.”

Ka Sehebera, tso′har. Gape go akanngwa gore tso′har e kaya borulelo jo bo nang le setlhoa sa bogodimo jo bo ka tswang bo lekana le metara kgotsa jo bo tlhatlogang, e seng phatlha e e tsenyang lesedi kgotsa fensetere.

Seheb., “kubita e le nngwe.”

Seheb., “ditshedi tsotlhe tse di nang le mohemo wa botshelo.”

Kgotsa gongwe “diphologolo tse ditonanyana di le supa le tse dinamagadi di le supa tsa phologolo nngwe le nngwe e e phepa.”

Kgotsa gongwe “ditshedi tse ditonanyana di le supa le tse dinamagadi di le supa tsa setshedi sengwe le sengwe se se fofang mo loaping.”

Seheb., “metswedi yotlhe ya metsi a a mo loaping.”

Kgotsa “moya wa botshelo.”

Kgotsa “wa nna wa tla.”

Seheb., “ka dikubita di le 15.” Bona Dintlha B14.

Seheb., “nama yotlhe.”

Kgotsa “mohemo wa moya wa botshelo.”

Kgotsa “thibelwa.”

Kgotsa “mo le ka bayang pato ya lonao lwa lone.”

Seheb., “a tlosa sekhurumetso sa.”

Kgotsa “tlale.”

Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”

Kgotsa “mo taolong ya lona.”

Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Seheb., “yo o tshololang madi a motho.”

Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Seheb., “motlhanka wa maemo a a kwa tlase thata.”

Kgotsa “Metse ya ntlha mo bogosing jwa gagwe e ne e le.”

Kgotsa gongwe “Ba ne ba aga motse o mogolo.”

Kgotsa gongwe “e le mogolowe Jafethe.”

Mo go kayang “Kgaogano.”

Kgotsa “batho ba lefatshe ba ne ba.”

Mo go kayang “Tlhakatlhakano.”

Kgotsa “itshegofatsa.”

Kgotsa “go nna gone e le motswakwa.”

Kgotsa “kwa Lebaleng le le Kwa Tlase.”

Go tewa “Lewatle le le Suleng.”

Kgotsa “mo Lebaleng le le Kwa Tlase.”

Kgotsa “Lebala le le Kwa Tlase.”

Kgotsa “a nna mo ditenteng.”

Seheb., “morwarraagwe.”

Kgotsa “kwa Lebaleng le le Kwa Tlase.”

Seheb., “nngwesomeng (1/10).”

Seheb., “mpaatšhane.”

Seheb., “losika.”

Seheb., “morwa.”

Seheb., “mongwe yo o tswang mo dikarolong tsa gago tse di kwa teng.”

Kgotsa “mme a bakwa.”

Kgotsa “kgomo e e iseng e nne le namane.”

Seheb., “losika.”

Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Seheb., “mo sehubeng sa gago.”

Mo go kayang “Modimo o a Utlwa.”

Seheb., “utlwile.”

Bangwe ba akanya gore go tewa pitse ya naga. Gongwe ba bua seno ka ntlha ya tsela e e tshelang ka yone.

Kgotsa gongwe “mme ga a kitla a agisana le ope wa bomorwarraagwe.”

Kgotsa “yo o mponang.”

Mo go kayang “Sediba Sa yo O Tshelang yo o Mponang.”

Mo go kayang “Rre o Kwa Godimo (O Godisitswe).”

Mo go kayang “Rra Boidiidi (Bontsintsi); Rre Wa ba Le Bantsi.”

Seheb., “losika.”

Seheb., “losika.”

Seheb., “losika.”

Seheb., “losika.”

Seheb., “losika.”

Gongwe mo go kayang “Dikgotlhang.”

Mo go kayang “Mosadi wa Segosi.”

Mo go kayang “Setshego.”

Seheb., “lo nonotshe dipelo tsa lona.”

Seheb., “dilekanyo tsa sea.” Sea e lekana le 7,33 L. Bona Dintlha B14.

Seheb., “Sara o ne a sa tlhole a diragalelwa ke mokgwa wa basadi.”

Kgotsa “felegetsa.”

Kgotsa “itshegofatsa.”

Seheb., “ke a mo itse.”

Seheb., “ba tlile ka fa tlase ga moriti wa borulelo jwa me.”

Kgotsa “ba mo pitlaganyetsa thata.”

Kgotsa “se se kwa godimo.”

Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa “lorato lo lo sa kgaotseng.”

Mo go kayang “Bonnye.”

Kgotsa “a le motswakwa.”

Go tewa gore o ne a ise a tlhakanele dikobo le ene.

Kgotsa “se siameng.”

Seheb., “Bona, seno ke sebipo sa gago sa matlho.”

Kgotsa “o ne a tswetse popelo nngwe le nngwe ya ba ntlo ya ga Abimeleke.”

Kgotsa gongwe “o tla ntshega.”

Seheb., “Reetsa lentswe la gagwe.”

Seheb., “losika lwa gago.”

Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Gongwe go kaya “Sediba sa Maikano” kgotsa “Sediba sa Tse Supa.”

Kgotsa “a aga e le motswakwa.”

Seheb., “malatsi a le mantsi.”

Kgotsa “thipa e e dirisediwang go tlhaba diphologolo.”

Kgotsa “thipa e e dirisediwang go tlhaba diphologolo.”

Mo go kayang “Jehofa o Tla re Naya; Jehofa o Tla Tlhomamisa.”

Kgotsa “moshawa.”

Seheb., “kgoro.”

Kgotsa gongwe “O kgosana e kgolo.”

Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.

Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.

E ne e le tsela ya go tlhomamisa gore motho o tla dira se a se ikanetseng.

Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.

Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.

Gongwe go tewa Labane.

Seheb., “ke tle ke fapogele ka fa seatleng sa moja kgotsa sa molema.”

Kgotsa “Ga re kgone go go bolelela bosula kgotsa molemo.”

Go tewa mmelegi wa gagwe yo jaanong e leng motlhokomedi wa gagwe.

Seheb., “kgoro.”

Eno ke puo ya poko e e tlhalosang loso.

Eno ke puo ya poko e e tlhalosang loso.

Kgotsa gongwe “O ne a sa agisane le ope wa bomorwarraagwe.”

Mo go kayang “Boboa.”

Mo go kayang “Yo o Tshwereng Serethe; Yo o Tsayang Maemo a yo Mongwe.”

Kgotsa “ntabolele ke kometse gangwe fela.”

Seheb., “bohibidu, bohibidu joo.”

Kgotsa “ke sule ke tlala.”

Mo go kayang “Bohibidu.”

Kgotsa “a tlamparetse Rebeka mosadi wa gagwe.”

Kgotsa “mo molapong.”

Kgotsa “mo molapong.”

Mo go kayang “Kgotlhang.”

Mo go kayang “Tatofatso.”

Mo go kayang “Mafelo a a Bulegileng.”

Seheb., “hutsafatsa moya wa ga.”

Kgotsa “kgetsana e e tsenyang metswi.”

Mo go kayang “Yo o Tshwereng Serethe; Yo o Tsayang Maemo a yo Mongwe.”

Kgotsa “o ikgomotsa ka dikakanyo tsa go go bolaya.”

Kgotsa “llere.”

Kgotsa “itshegofatsa.”

Mo go kayang “Ntlo ya Modimo.”

Seheb., “nngwesomeng (1/10).”

Seheb., “ke morwarraagwe.”

Kgotsa “le wa losika lwa madi.”

Seheb., “o le morwarre?”

Seheb., “a tlhoilwe.”

Seheb., “o ne a bula popelo ya gagwe.”

Mo go kayang “Bona, ke Morwa!”

Mo go kayang “O ne A Ntheetsa.”

Mo go kayang “Go Ngaparela; O Ikopantse.”

Mo go kayang “O Bakilwe; Yo o Bakwang.”

Kgotsa “yo o sa go nayang leungo la popelo.”

Seheb., “a belegele mo mangoleng a me.”

Mo go kayang “Moatlhodi.”

Mo go kayang “Ke ne Ka Sokasokana.”

Mo go kayang “Lesego le Legolo.”

Mo go kayang “Keitumetse; Boitumelo.”

Basadi ba ne ba ja maungo a semela seno ka gonne ba ne ba akanya gore a tla ba thusa go tshola bana.

Kgotsa “tuelo ya mothapiwa.”

Mo go kayang “Ke Tuelo.”

Mo go kayang “Kamogelo.”

Seheb., “mme Modimo a mo reetsa a bo a bula popelo ya gagwe.”

Khutshwafatso ya leina Josifia, le le kayang “A Jah a Oketse.”

Kgotsa “ke bone bosupi jwa.”

Kgotsa “boikanyegi.”

Kgotsa “medimo ya lelapa; medingwana.”

Go tewa Euferatese.

Kgotsa “ba losika.”

Seheb., “Itise gore o se ka wa bua le Jakobe go tloga ka se se molemo go ya go se se bosula.”

Seheb., “bomorwaake.”

Seheb., “le poifo ya ga Isake.”

Polelwana ya Searamaika e e kayang “Mokoa wa Bosupi.”

Polelwana ya Sehebera e e kayang “Mokoa wa Bosupi.”

Seheb., “ka poifo ya ga Isake rraagwe.”

Seheb., “bomorwawe.”

Mo go kayang “Dikampa Tse Pedi.”

Seheb., “naga.”

Kgotsa “Ke agile ke le motswakwa.”

Kgotsa “moshawa.”

Mo go kayang “Yo o Loleng (Yo o Sa Ineeleng fa a Lwa) le Modimo” kgotsa “Modimo o a Lwa.”

Mo go kayang “Sefatlhego sa Modimo.”

Seheb., “ne′phesh.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa “Peniele.”

Seheb., “mosifa wa tshika ya serope.”

Mo go kayang “Diobo; Mafelo a a Sireletsegileng.”

Kgotsa “go bona.”

Seheb., “a bua le pelo ya lekgarebe.”

Kgotsa “mme lo nyalelane.”

Seheb., “yo o nang le letlalo la bonna.”

Kgotsa “lo ntlhabisitse ditlhong.”

Kgotsa “mo tseleng.”

Kgotsa “fitlha.”

Mo go kayang “Modimo wa Bethele.”

Mofuta mongwe wa ditlhare tse dikgolo. Ka Seesemane se bidiwa oak.

Mo go kayang “Moakere wa Selelo.”

Seheb., “di tla tswa mo dinôkeng tsa gago.”

Seheb., “losika.”

Mo go kayang “Morwa wa Khutsafalo ya Me.”

Mo go kayang “Morwa wa Seatla sa Moja.”

Eno ke puo ya poko e e tlhalosang loso.

Seheb., “a tsofetse e bile a na le malatsi a le mantsi.”

Kgotsa “ba agile mo go lone e le batswakwa.”

Dikgosana tseno e ne e le dikgosana tsa lotso.

Seheb., “bomorwa Iseraele.”

Seheb., “mo nageng.”

Kgotsa “seaparo se sentle se seleele.”

Kgotsa “mo lebaleng le le kwa tlase.”

Kgotsa “lwa mmaya seatla.”

Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Mo go kayang “Go Gagoga,” gongwe go buiwa ka go gagoga fa ngwana a tsholwa.

Seheb., “malatsi.”

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Kgotsa “dithunya.”

Seheb., “o tla tsholetsa tlhogo ya gago.”

Go tewa lefelo le le ka fa tlase ga lefatshe le le tshwanang le khuti le le neng le dirisiwa e le kgolegelo.

Seheb., “o tla tsholetsa tlhogo ya gago a e tlosa mo go wena.”

Seheb., “tsholeletsa tlhogo ya.”

Kgotsa “karolo e e kwa godimo ya dijalo e e nang le dijo.”

Go tewa lefelo le le ka fa tlase ga lefatshe le le tshwanang le khuti le le neng le dirisiwa e le kgolegelo.

Kgotsa “ka setulo sa bogosi.”

Go lebega e le lefoko le le neng le dirisiwa go itsise gore mongwe o tshwanetse go bontshiwa tlotlo le seriti.

Seheb., “yo o tla tsholetsang seatla kgotsa lonao.”

Go tewa Heliopolise.

Kgotsa “go ralala.”

Kgotsa “fa a simolola tirelo ya.”

Seheb., “go tlala diatla.”

Kgotsa “moshawa.”

Go tewa Heliopolise.

Mo go kayang “Mongwe yo o Lebatsang; Mongwe yo o Dirang Gore go Lebalwe.”

Mo go kayang “Go Oketsega go Menagane Sebedi.”

Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Seheb., “mo molomong wa kgetsi ya gagwe.”

Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa “e re ka botshelo jwa gagwe bo bofagane le botshelo jwa mosimane.”

Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Seheb., “masalela.”

Seheb., “go nna rre.”

Seheb., “a wela mo molaleng wa ga.”

Seheb., “mo diphologolong tse di rwalang merwalo.”

Kgotsa “lo tla tshela ka.”

Kgotsa “nonneng.”

Seheb., “moya wa ga rraabone e bong Jakobe o ne wa rula.”

Kgotsa “a tsaya botlhe ba e neng e le ba gagwe.”

Go tewa gore o tla a tswala fa Jakobe a swa.

Go tewa Heliopolise.

Seheb., “Bomorwa.”

Seheb., “ntlo.”

Seheb., “a wela mo molaleng wa gagwe.”

Kgotsa “a lelela mo molaleng wa gagwe gangwe le gape.”

Kgotsa “ke le mojaki; ke agile ke le motswakwa.”

Kgotsa “ba jakile; ba agile e le batswakwa.”

Seheb., “senkgwe.”

Seheb., “senkgwe.”

Seheb., “Fa ke lala le borre.”

Seheb., “losika.”

Seheb., “losika.”

Kgotsa “karolo e le nngwe e e dithaba.” Seheb., “sebata se le sengwe.”

Mo go kayang “Ene yo e Leng Lwa Gagwe; Ene Yo le Mo Tshwanetseng.”

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Kgotsa “Dijo.”

Seheb., “mafura.”

Go tewa Josefa.

Seheb., “ka mabele le popelo.”

Eno ke puo ya poko e e tlhalosang loso.

Eno ke puo ya poko e e tlhalosang loso.

Kgotsa “ba lelapa.”

Mo go kayang “Khutsafalo ya Baegepeto.”

Seheb., “ntlo.”

Go tewa gore o ne a ba tsaya jaaka barwa ba gagwe e bile a ba rata thata.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela