LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • nwt Nehemia 1:1-13:31
  • Nehemia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nehemia
  • Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Nehemia

NEHEMIA

1 Ano ke mafoko a ga Nehemia*+ morwa Hakalia: Jaanong mo kgweding ya Kiselefe,* mo ngwageng wa bo20,* ke ne ke le kwa kagong ya phemelo* ya Shushane.*+ 2 Ka nako eo Hanani,+ mongwe wa bomorwarre, o ne a tla a na le banna ba bangwe ba tswa kwa Juda, mme ke ne ka ba botsa ka Bajuda ba ba setseng ba ba neng ba boile kwa botshwarwa,+ gape ke ne ka ba botsa ka Jerusalema. 3 Ba ne ba nthaya ba re: “Batho ba ba setseng kwa porofenseng* ba ba boileng kwa botshwarwa, ba mo seemong se se maswe thata e bile ba tlhabiwa ke ditlhong.+ Dipota tsa Jerusalema di thubilwe,+ le dikgoro tsa yone di fisitswe ka molelo.”+

4 Fela fa ke utlwa mafoko ano, ke ne ka nna fa fatshe mme ka simolola go lela, mme ke ne ka fetsa malatsi a le mantsi ke hutsafatse, ke itima dijo+ e bile ke rapela fa pele ga Modimo wa magodimo. 5 Ke ne ka re: “Ao tlhe Jehofa, Modimo wa magodimo, Modimo yo mogolo le yo o boitshegang, yo o bolokang kgolagano e o e dirileng le yo o bontshang ba ba mo ratang le ba ba bolokang ditaelo tsa gagwe lorato lo lo sa kgaotseng+ 6 tsweetswee, a tsebe ya gago e reetse le matlho a gago a bulege gore o reetse thapelo e nna motlhanka wa gago ke e rapelang gompieno, bosigo le motshegare,+ ka batlhanka ba gago e bong Baiseraele, fa ke ntse ke go itsise maleo a batho ba Iseraele ba a go diretseng. Re leofile, nna le ba lelapa la ga rre.+ 7 Ruri re go diretse bosula jo bogolo+ ka go sa boloke ditaelo, melao le ditshwetso tsa boatlhodi tse o neng wa di naya Moshe motlhanka wa gago.+

8 “Tsweetswee, gakologelwa lefoko leno le o neng wa le laela* Moshe motlhanka wa gago: ‘Fa lo sa ikanyege, ke tla lo gasamisa mo ditšhabeng.+ 9 Mme gone, fa lo boela mo go nna lo bo lo boloka ditaelo tsa me e bile lo di ikobela, le fa gone batho ba lona ba ba gasameng ba ka tswa ba le kwa bofelelong jwa magodimo, ke tla ba phutha+ koo ke bo ke ba tlisa mo lefelong le ke le tlhophileng gore leina la me le nne mo go lone.’+ 10 Gonne ke batlhanka ba gago e bile ke batho ba gago, ba o ba golotseng ka maatla a gago a magolo le ka seatla sa gago se se nonofileng.+ 11 Ao tlhe Jehofa, tsweetswee, reetsa ka kelotlhoko thapelo ya motlhanka wa gago le thapelo ya batlhanka ba gago ba tota ba tlotlang leina la gago, tsweetswee dira gore motlhanka wa gago a atlege gompieno, mme e kete monna yono a ka ntlhomogela pelo.”+

Tiro ya me e ne e le go siela kgosi beine.+

2 Mo kgweding ya Nisane,* mo ngwageng wa bo20+ wa ga Kgosi Aretaserese,+ beine e ne ya bewa fa pele ga gagwe, mme jaaka tlwaelo ke ne ka tsaya beine ke bo ke e naya kgosi.+ Le fa go ntse jalo, o ne a ise a ko a mpone ke hutsafetse. 2 Ka jalo, kgosi e ne ya mpotsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa o lebega o hutsafetse mme o sa lwale? Ke kgona go bona gore go na le sengwe se se go tshwenyang.” Foo ke ne ka boifa thata.

3 Go tswa foo, ke ne ka raya kgosi ka re: “A kgosi e tshele lobaka lo loleele. Nka tlhoka jang go hutsafala fa motse o borremogolo ba boloketsweng kwa go one e le marope fela e bile dikgoro tsa one di laitswe ke molelo?”+ 4 Foo kgosi e ne ya mpotsa jaana: “Ke eng se o batlang se dirwa?” Ka yone nako eo ke ne ka rapela Modimo wa magodimo.+ 5 Morago ga moo, ke ne ka raya kgosi ka re: “Fa e le gore seno se itumedisa kgosi e bile fa e le gore nna motlhanka wa gago ke bone kamogelo mo go wena, ntetle gore ke ye kwa Juda, kwa motseng o borremogolo ba fitlhetsweng kwa go one, gore ke ye go o aga sesha.”+ 6 Foo kgosi e ne ya mpotsa jaana mohumagadi wa yone a ntse fa thoko ga yone: “Loeto lwa gago lo tla tsaya lobaka lo lo kae, mme o tla boa leng?” Ka jalo, kgosi e ne ya ntetla go tsamaya,+ mme ke ne ka mmolelela gore ke tla boa leng.+

7 Go tswa foo, ke ne ka raya kgosi ka re: “Fa e le gore seno se itumedisa kgosi, ke kopa go newa makwalo a a yang kwa balaoding ba kgaolo e e Ka Kwa ga Noka,*+ a a nnayang tetla ya gore ke fete ka pabalesego go fitlha ke goroga kwa Juda, 8 mmogo le lekwalo le le yang kwa go Asafe yo e leng motlhokomedi wa Paraka ya Segosi,* gore a tle a nneye dikgong tse di tla dirisiwang go dira dikota tsa dikgoro tsa Kago ya Phemelo+ ya Ntlo* le tsa dipota tsa motse+ le tsa ntlo e ke tla nnang mo go yone.” Ka jalo, kgosi e ne ya nnaya makwalo ao,+ ka gonne Modimo wa me o ne a nkeme nôkeng.+

9 La bofelo ke ne ka goroga kwa balaoding ba kgaolo e e Ka Kwa ga Noka mme ka ba naya makwalo a kgosi. Gape kgosi e ne ya letla gore balaodi ba masole le masole a a tsamayang ka dipitse ba tsamaye le nna. 10 E rile Sanabalate+ wa Mohorona le Tobia+ yo e leng molaodi* wa Moamone+ ba utlwa ka gone, ba ne ba se ka ba itumelela gore mongwe o ne a tlile go direla batho ba Iseraele sengwe se sentle.

11 Kwa bofelong ke ne ka goroga mo Jerusalema, mme ke ne ka nna teng malatsi a le mararo. 12 Ke ne ka tswa go le bosigo, ke na le banna ba le mmalwa, mme ga ke a ka ka bolelela ope se Modimo wa me a neng a se tsentse mo pelong ya me gore ke se direle Jerusalema, e bile ke ne ke palame tonki. Re ne re se na diphologolo tse dingwe gape. 13 Mme ke ne ka tswa ka Kgoro ya Mokgatšha+ go le bosigo, ka feta fa pele ga Motswedi wa Noga e Kgolo ka ya kwa Kgorong ya Dithotobolo Tsa Molora,+ mme ke ne ka tlhatlhoba dipota tsa Jerusalema tse di neng di thubilwe le dikgoro tsa yone tse di neng di laitswe ke molelo.+ 14 Ke ne ka fetela kwa Kgorong ya Motswedi+ le kwa Mogobeng wa Kgosi, mme go ne go se na phatlha e e lekaneng gore phologolo e ke neng ke e palame e fete. 15 Mme gone, ke ne ka tsamaya mo mokgatšheng*+ go le bosigo, mme ke ne ka nna ka tlhatlhoba lobota, morago ga moo ke ne ka boela morago ke bo ke tsena ka Kgoro ya Mokgatšha ke boela gae.

16 Balaodi+ ba ne ba sa itse gore ke ne ke ile kae le gore ke ne ke dira eng, ka gonne ke ne ke ise ke bolelele Bajuda, baperesiti, batlotlegi, balaodi le badiri ba bangwe botlhe sepe. 17 La bofelo ke ne ka ba raya ka re: “Lo kgona go bona seemo se se maswe se re leng mo go sone, gore Jerusalema ke marope le gore dikgoro tsa yone di fisitswe ka molelo. Tlang, a re ageng dipota tsa Jerusalema sesha, gore re se ka ra tswelela re tlhabisiwa ditlhong ka tsela eno.” 18 Go tswa foo, ke ne ka ba bolelela kafa Modimo wa me a neng a nkeme nôkeng+ ka gone, gape ke ne ka ba bolelela le mafoko a kgosi e neng e a buile le nna.+ Foo ba ne ba re: “A re simololeng go aga.” Ka jalo, ba ne ba kgothatsana* gore ba dire tiro e ntle.+

19 Jaanong e rile Sanabalate wa Mohorona, Tobia+ yo e leng molaodi* wa Moamone+ le Gesheme wa Moarabia+ ba utlwela ka gone, ba ne ba simolola go re sotla+ le go re nyatsa mme ba re: “Lo dira eng? A lo tlhanogela kgosi?”+ 20 Le fa go ntse jalo, ke ne ka ba araba ka re: “Modimo wa magodimo ke Ene yo o tla re atlegisang,+ mme rona batlhanka ba gagwe, re tla aga; mme lona ga lo na seabe sepe kgotsa kabelo epe e lo tshwanetseng go e newa kgotsa tshwanelo* epe mo Jerusalema.”+

3 Eliashibe+ moperesiti yo mogolo le bomorwarraagwe, e leng baperesiti ba ne ba simolola go aga Kgoro ya Dinku.+ Ba ne ba e dira boitshepo*+ ba bo ba tsenya ditswalo tsa yone; ba ne ba e dira boitshepo go ya go fitlha kwa Toreng ya Mea+ le go ya go fitlha kwa Toreng ya Hananele.+ 2 Mme fa thoko ga bone go ne go aga banna ba Jeriko;+ mme fa thoko ga banna ba Jeriko go ne go aga Sakure morwa Imeri.

3 Bomorwa Hasenaa ba ne ba aga Kgoro ya Ditlhapi;+ ba ne ba e tsenya dikota+ ba bo ba tsenya ditswalo tsa yone, diboutu tsa yone le mephakalego ya yone. 4 Mme fa thoko ga bone go ne go na le Meremothe+ morwa Urija morwa Hakose a dira tiro ya go baakanya, mme fa thoko ga bone go ne go na le Meshulame+ morwa Berekia morwa Meshesabele a dira tiro ya go baakanya, mme fa thoko ga bone go ne go na le Sadoke morwa Baana a dira tiro ya go baakanya. 5 Mme fa thoko ga bone go ne go na le Batekoa+ ba dira tiro ya go baakanya, le fa go ntse jalo, banna ba bone ba ba tlotlegang ga ba a ka ba ikokobetsa gore ba nne le seabe* mo tirong eno ba eteletswe pele ke beng ba bone.

6 Joiada morwa Pasea le Meshulame morwa Besodeia ba ne ba baakanya Kgoro ya Motse o Mogologolo;+ ba ne ba e tsenya dikota ba bo ba tsenya ditswalo tsa yone, diboutu tsa yone le mephakalego ya yone. 7 Mme fa thoko ga bone go ne go na le Melatia wa Mogibeone+ le Jadone wa Momeronothe ba dira tiro ya go baakanya, e leng banna ba Gibeone le Misepa+ ba ba neng ba busiwa ke* mmusi wa kgaolo e e Ka Kwa ga Noka.*+ 8 Fa thoko ga bone go ne go na le Usiele morwa Harehaia, mongwe wa bathudi ba gauta, a dira tiro ya go baakanya, mme fa thoko ga gagwe go ne go na le Hanania, mongwe wa batlhakanyi ba ditlôlô,* a dira tiro ya go baakanya; mme ba ne ba dira boalo jwa maje mo Jerusalema go ya go fitlha kwa Loboteng lo lo Sephara.+ 9 Mme fa thoko ga bone go ne go na le Refaia morwa Hure, kgosana e e laolang halofo ya kgaolo ya Jerusalema, a dira tiro ya go baakanya. 10 Mme fa thoko ga bone go ne go na le Jedaia morwa Harumafe a dira tiro ya go baakanya fa pele ga ntlo ya gagwe, mme fa thoko ga gagwe go ne go na le Hatushe morwa Hashabeneia a dira tiro ya go baakanya.

11 Malekija morwa Harime+ le Hashube morwa Pahathe-moabe+ ba ne ba baakanya karolo e nngwe,* mmogo le Tora ya Dionto.*+ 12 Mme fa thoko ga bone go ne go na le Shalume morwa Haloheshe, kgosana e e laolang halofo ya kgaolo ya Jerusalema, a dira tiro ya go baakanya, a na le bomorwadie.

13 Hanune le banni ba Sanoa+ ba ne ba baakanya Kgoro ya Mokgatšha;+ ba ne ba e aga ba bo ba tsenya ditswalo tsa yone, diboutu tsa yone le mephakalego ya yone, mme ba ne ba baakanya lobota sekgala sa dimetara di ka nna 445* go ya go fitlha kwa Kgorong ya Dithotobolo Tsa Molora.+ 14 Malekija morwa Rekabe, kgosana ya kgaolo ya Bethe-hakereme+ o ne a baakanya Kgoro ya Dithotobolo Tsa Molora; o ne a e aga a bo a tsenya ditswalo tsa yone, diboutu tsa yone le mephakalego ya yone.

15 Shalune morwa Kolahose, kgosana ya kgaolo ya Misepa,+ o ne a baakanya Kgoro ya Motswedi;+ o ne a e aga a bo a e rulela, a tsenya ditswalo tsa yone, diboutu tsa yone le mephakalego ya yone, mme gape o ne a baakanya lobota lwa Mogobe+ wa Mosele o o yang kwa Tshingwaneng ya Kgosi+ le go ya go fitlha kwa Ditepising+ tse di fologelang kwa Motseng wa ga Dafide.+

16 Fa thoko ga gagwe go ne go na le Nehemia morwa Asebuka, kgosana e e laolang halofo ya kgaolo ya Bethe-sure,+ a dira tiro ya go baakanya go simologa fa pele ga Mabitla a ga Dafide+ go ya go fitlha kwa mogobeng+ o o neng o agilwe le go ya go fitlha kwa Ntlong Ya ba Ba Maatla.

17 Balefi bano ba ne ba dira tiro ya go baakanya: Rehume morwa Bani; mme fa thoko ga gagwe go ne go na le Hashabia, kgosana e e laolang halofo ya kgaolo ya Keila,+ a dira tiro ya go baakanya a emetse kgaolo ya gagwe. 18 Fa thoko ga gagwe go ne go na le bomorwarraabone ba ba latelang ba dira tiro ya go baakanya: Bafai morwa Henadade, kgosana e e laolang halofo ya kgaolo ya Keila.

19 Mme fa thoko ga gagwe go ne go na le Esere morwa Jeshua,+ kgosana ya Misepa, a baakanya karolo e nngwe e e fa pele ga thotana e e yang kwa Bobolokelong Jwa Dibetsa kwa Pilareng e e Tshegetsang Lobota.+

20 Fa thoko ga gagwe go ne go na le Baruke morwa Sabai+ a dira ka tlhoafalo mme o ne a baakanya karolo e nngwe, go simologa kwa Pilareng e e Tshegetsang Lobota go ya go fitlha kwa kgorong ya ntlo ya ga Eliashibe+ moperesiti yo mogolo.

21 Fa thoko ga gagwe go ne go na le Meremothe+ morwa Urija morwa Hakose a baakanya karolo e nngwe, go simologa kwa kgorong ya ntlo ya ga Eliashibe go ya go fitlha kwa bofelelong jwa ntlo ya ga Eliashibe.

22 Mme fa thoko ga gagwe go ne go na le baperesiti, e leng banna ba kgaolo ya Joredane,*+ ba ba neng ba dira tiro ya go baakanya. 23 Fa thoko ga bone go ne go na le Benjamine le Hashube ba dira tiro ya go baakanya fa pele ga ntlo ya bone. Mme fa thoko ga bone go ne go na le Asaria morwa Maaseia morwa Anania a dira tiro ya go baakanya gaufi le ntlo ya gagwe. 24 Fa thoko ga gagwe go ne go na le Binui morwa Henadade a baakanya karolo e nngwe, go simologa fa ntlong ya ga Asaria go ya go fitlha kwa Pilareng e e Tshegetsang Lobota+ le go ya go fitlha kwa khoneng.

25 Fa thoko ga gagwe go ne go na le Palale morwa Usai a dira tiro ya go baakanya fa pele ga Pilara e e Tshegetsang Lobota le tora e e tswang mo Ntlong ya Kgosi*+ e e fa godimo fa Lolwapeng Lwa Badisa.+ Fa thoko ga gagwe go ne go na le Pedaia morwa Paroshe.+

26 Mme batlhanka ba ba direlang mo tempeleng*+ ba ba neng ba nna kwa Ofele+ ba ne ba dira tiro ya go baakanya go ya go fitlha fa pele ga Kgoro ya Metsi+ ka fa botlhaba le tora e e tlhageletseng mo letlhakoreng.

27 Fa thoko ga bone go ne go na le Batekoa+ ba baakanya karolo e nngwe, go simologa fa pele ga tora e kgolo e e tlhageletseng mo letlhakoreng go ya go fitlha kwa loboteng lwa Ofele.

28 Baperesiti ba ne ba dira tiro ya go baakanya fa godimo ga Kgoro ya Dipitse,+ mongwe le mongwe a le fa pele ga ntlo ya gagwe.

29 Fa thoko ga bone go ne go na le Sadoke+ morwa Imere a dira tiro ya go baakanya fa pele ga ntlo ya gagwe.

Mme fa thoko ga gagwe go ne go na le Shemaia morwa Shekania, motlhokomedi wa Kgoro ya Botlhabatsatsi,+ a dira tiro ya go baakanya.

30 Fa thoko ga gagwe go ne go na le Hanania morwa Shelemia le Hanune morwa wa borataro wa ga Salafe ba baakanya karolo e nngwe.

Fa thoko ga gagwe go ne go na le Meshulame+ morwa Berekia a dira tiro ya go baakanya fa pele ga ntlo* ya gagwe.

31 Fa thoko ga gagwe go ne go na le Malekija yo e leng leloko la mokgatlho wa bathudi ba gauta, a dira tiro ya go baakanya go ya go fitlha kwa ntlong ya batlhanka ba ba direlang mo tempeleng*+ le bagwebi, fa pele ga Kgoro ya go Tlhatlhoba le go ya go fitlha kwa ntlwaneng e e kwa borulelong e e mo khoneng.

32 Mme bathudi ba gauta le bagwebi ba ne ba dira tiro ya go baakanya fa gare ga ntlwana e e kwa borulelong e e mo khoneng le Kgoro ya Dinku.+

4 Jaanong fela fa Sanabalate+ a utlwela gore re ne re aga lobota sesha, o ne a galefa a bo a tenega* thata mme o ne a nna a sotla Bajuda. 2 Mme o ne a bua fa pele ga bomorwarraagwe le mophato wa masole a Samarea a re: “Bajuda bano ba ba bokoa ba dira eng? A ba tla dira tiro eno ka bobone fela? A ba tla ntsha ditlhabelo? A ba tla fetsa tiro eno mo letsatsing le le lengwe? A ba sa ntse ba tla kgona go dirisa maje a a sheleng a a mo mekoeng ya matlakala?”+

3 Jaanong Tobia+ wa Moamone,+ yo o neng a eme fa thoko ga gagwe, o ne a re: “Tota le fa phokoje e ne e ka palama lobota lo ba lo agang ka maje, e ne e tla lo diga.”

4 Utlwa tlhe Modimo wa rona, ka gonne re a nyadiwa,+ mme o busetse kgobo ya bone mo go bone,*+ o bo o dire gore ba gapiwe ba bo ba isiwe botshwarwa kwa lefatsheng le lengwe. 5 Mme o se ka wa fitlha molato wa bone kgotsa wa phimola boleo jwa bone,+ ka gonne ba tlhapaditse baagi.

6 Ka jalo, re ne ra tswelela re aga lobota, mme lobota lotlhe lo ne lwa kopanngwa lwa bo lwa tsosolosiwa go fitlha mo halofong ya bogodimo jwa lone, mme batho ba ne ba tswelela ba bereka ka tlhoafalo.

7 Jaanong fela fa Sanabalate, Tobia,+ Baarabia,+ Baamone le Baashedoda+ ba utlwela gore tiro ya go baakanya dipota tsa Jerusalema e ne e tsweletse pele le gore diphatlha di ne di thibiwa, ba ne ba galefa thata. 8 Ba ne ba ikopanya mmogo gore ba tle go tlhabana le Jerusalema le go baka matshwenyego mo go yone. 9 Mme re ne ra rapela Modimo wa rona ra bo ra tlhoma badisa gore ba nne ba disitse motshegare le bosigo.

10 Le fa go ntse jalo, batho ba Juda ba ne ba re: “Badiri* ba feletswe ke maatla, e bile go na le matlakala a mantsi thata; ga re kitla re kgona go aga lobota.”

11 Mme baba ba rona ba ne ba nna ba re: “Pele ga ba ka itse se se diregang kgotsa pele ga ba ka re bona, re tla tsena kwa go bone re bo re ba bolaya, mme re tla emisa tiro eo.”

12 Nako le nako fela fa Bajuda ba ba nnang gaufi le bone ba ne ba tla mo go rona, gangwe le gape* ba ne ba re raya ba re: “Ba tla tla go re tlhasela ba tswa mo matlhakoreng otlhe.”

13 Ka jalo, ke ne ka nna ke tlhomile banna kwa dikarolong tse di kwa tlasetlase fa morago ga lobota mo mafelong a a bulegileng, mme ke ne ka ba tlhoma go ya ka malapa a bone ba tshotse ditšhaka tsa bone, marumo a bone le mara a bone. 14 E rile ke bona gore batho ba tshogile, ka yone nako eo ke ne ka raya batlotlegi+ le balaodi le batho ba bangwe botlhe ka re: “Lo se ka lwa ba tshaba.+ Gakologelwang Jehofa, Modimo yo mogolo le yo o boitshegang;+ mme lo lwele bomorwarraalona, bomorwaalona le bomorwadialona, basadi ba lona le magae a lona.”

15 Jaanong fa baba ba rona ba sena go utlwela gore re itse se ba neng ba se dira le gore Modimo wa boammaaruri o ne a kgoreleditse leano la bone, rotlhe re ne ra boela kwa tirong ya go aga lobota. 16 Go simolola ka letsatsi leo go ya pele, halofo ya banna ba me e ne e dira tiro+ mme halofo ya bone e ne e tshwere marumo, dithebe, mara le diaparo tsa phemelo. Mme dikgosana+ di ne di eme fa morago ga Bajuda botlhe 17 ba ba neng ba aga lobota. Batho ba ba neng ba tshola merwalo ba ne ba bereka ka seatla se le sengwe mme ba tshwere sebetsa* ka seatla se sengwe. 18 Mme moagi mongwe le mongwe o ne a gatlhile tšhaka ya gagwe mo nôkeng fa ba ntse ba aga, mme yo o neng a tshwanetse go letsa lonaka+ o ne a eme fa thoko ga me.

19 Go tswa foo, ke ne ka raya batlotlegi le balaodi le batho ba bangwe botlhe ka re: “Tiro eno e kgolo e bile e a boitshega, mme re gasame mo loboteng e bile re katogane thata. 20 Fa lo utlwa modumo wa lonaka, lo phuthegele kwa re leng teng. Modimo wa rona o tla re lwela.”+

21 Ka jalo, re ne ra tswelela re bereka fa halofo e nngwe ya bone e ntse e tshwere marumo, go simologa fa letsatsi le tlhaba go fitlha dinaledi di tswa. 22 Ka nako eo ke ne ka raya batho ka re: “A banna botlhe, mongwe le mongwe a na le motlhokomedi wa gagwe, ba nne bosigo jotlhe mo Jerusalema, mme ba tla re disa bosigo ba bo ba bereka motshegare.” 23 Ka jalo, nna le bomorwarre, batlhokomedi ba me+ le badisa ba ba neng ba ntshetse morago re ne re sa apole diaparo tsa rona, e bile mongwe le mongwe wa rona o ne a nna a tshotse sebetsa sa gagwe ka seatla sa moja.

5 Le fa go ntse jalo, batho le basadi ba bone ba ne ba lela selelo se segolo thata, ba ngongorega ka ntlha ya bomorwarraabone ba Bajuda.+ 2 Bangwe ba ne ba re: “Rona le bomorwaarona le bomorwadiarona re bantsi. Re tshwanetse go batla dijo gore re tle re je mme re tswelele re tshela.” 3 Ba bangwe bone ba ne ba re: “Re ntsha masimo a rona le masimo a rona a morara* le matlo a rona e le peeletso gore re tle re nne le dijo ka nako ya fa dijo di tlhaela.” 4 Mme ba bangwe ba ne ba re: “Re adimile madi ka masimo a rona le ka masimo a rona a morara gore re ntshetse kgosi sehuba.*+ 5 Jaanong rona le bomorwarraarona re nama e le nngwe le madi a le mangwe,* le bana ba rona ba ntse fela jaaka bana ba bone; le fa go ntse jalo, re tshwanelwa ke go dira bomorwaarona le bomorwadiarona makgoba, e bile bangwe ba bomorwadiarona e setse e le makgoba.+ Mme ga re na maatla a go emisa seno, ka gonne masimo a rona le masimo a rona a morara a tserwe ke batho ba bangwe.”

6 Fa ke utlwa selelo sa bone le mafoko ano, ke ne ka galefa thata. 7 Ka jalo, ke ne ka akanya dilo tseno mo pelong ya me, mme ke ne ka kgalema batlotlegi le balaodi mme ka ba raya ka re: “Mongwe le mongwe wa lona o pateletsa morwarraagwe go ntsha morokotso.”+

Mo godimo ga moo, ke ne ka rulaganya gore go nne le kopano e kgolo ka ntlha ya bone. 8 Mme ke ne ka ba raya ka re: “Go ya kafa go neng go kgonega ka teng, re ne ra rekolola bomorwarraarona ba Bajuda ba ba neng ba rekiseditswe ditšhaba tse dingwe; mme jaanong a lo tla rekisa bomorwarraalona,+ re bo re tshwanelwa ke go ba reka gape mo go lona gore re ba golole?” Foo ba ne ba didimala fela, ka gonne ba ne ba se na sepe se ba ka se buang. 9 Go tswa foo, ke ne ka ba raya ka re: “Se lo se dirang ga se a siama. A ga lo a tshwanela go boifa Modimo+ wa rona gore ditšhaba tse dingwe, tse e leng baba ba rona, di se ka tsa re kgoba? 10 Mo godimo ga moo, nna, bomorwarre le batlhokomedi ba me re ba adima madi le dijo. Tsweetswee, a re tlogeleng go adima re batla morokotso.+ 11 Tsweetswee, mo letsatsing leno ba busetseng masimo a bone,+ masimo a bone a morara, masimo a bone a motlhware le matlo a bone, mmogo le morokotso* wa madi, dijo tsa ditlhaka, beine e ntšha le leokwane tse lo di tsayang mo go bone e le morokotso.”

12 Foo ba ne ba re: “Re tla ba busetsa dilo tseno, mme ga re ka ke ra kopa sepe mo go bone. Re tla dira fela jaaka o bua.” Ka jalo, ke ne ka bitsa baperesiti mme ka dira gore banna bao ba ikane gore ba tla dira jaaka ba solofeditse. 13 Gape, ke ne ka tlhotlhora memeno ya seaparo sa me* mme ka re: “Ka mokgwa ono, e kete Modimo wa boammaaruri a ka tlhotlhora ntlo le thuo ya motho mongwe le mongwe yo o sa diragatseng tsholofetso eno, mme e kete a ka tlhotlhorwa ka mokgwa ono a bo a sala a se na sepe.” Foo phuthego yotlhe e ne ya re: “Amen!”* Mme ba ne ba baka Jehofa, mme batho ba ne ba dira jaaka ba solofeditse.

14 Mo godimo ga moo, go simolola ka letsatsi le ka lone a neng a ntlhoma gore ke nne mmusi+ wa bone mo lefatsheng la Juda, go simolola mo ngwageng wa bo20+ go ya go wa bo32+ wa puso ya ga Kgosi Aretaserese,+ dingwaga di le 12, nna le bomorwarre ga re a ka ra ja dijo tse di tshwanetseng go newa mmusi.+ 15 Le fa go ntse jalo, batho ba ba nnileng babusi pele ga me ba ne ba rwesitse batho merwalo e e boima, mme ba ne ba tlhola ba tsaya dishekele* tsa selefera di le 40 tsa senkgwe le beine mo go bone letsatsi le letsatsi. Gape, batlhokomedi ba bone ba ne ba gatelela batho. Mme nna, ga ke a ka ka dira jalo+ ka gonne ke boifa Modimo.+

16 Mo godimo ga moo, ke ne ka tsenya letsogo mo tirong ya go aga lobota lono, e bile ga re a ka ra reka tshimo epe;+ batlhokomedi botlhe ba me ba ne ba phuthegetse koo gore ba bereke. 17 Go ne go na le Bajuda le balaodi ba le 150 ba ba neng ba ja mo tafoleng ya me, mmogo le ba ba neng ba tlile mo go rona ba tswa kwa ditšhabeng tse dingwe. 18 Letsatsi le letsatsi ke ne ke baakanyediwa* poo e le nngwe, dinku di le thataro tse di di gaisang tsotlhe le dinonyane, mme gangwe mo malatsing mangwe le mangwe a le lesome re ne re newa mefuta e e farologaneng ya beine e le ntsi. Go sa kgathalesege dilo tseno tsotlhe, ga ke a ka ka pateletsa gore ke newe dijo tse di tshwanetseng go newa mmusi, ka gonne batho ba ne ba setse ba na le morwalo o o boima wa tirelo ya bone. 19 O se ka wa ntebala tlhe Modimo wa me, mme o ntshegofatse ka ntlha ya sotlhe se ke se diretseng batho bano.+

6 Jaanong fela fa Sanabalate, Tobia,+ Gesheme wa Moarabia+ le baba ba bangwe botlhe ba rona ba ne ba bolelelwa gore ke agile lobota sesha+ le gore go ne go sa tlogelwa diphatlha dipe mo go lone (le fa gone go fitlha ka nako eo ke ne ke ise ke tsenye ditswalo mo dikgorong),+ 2 ka yone nako eo, Sanabalate le Gesheme ba ne ba romela molaetsa ono kwa go nna: “Tla kwano mme re tlhome nako e re tla kopanang ka yone kwa metseng e e mo Lebaleng la Ono.”+ Mme gone, ba ne ba loga leano la go nkgobatsa. 3 Ka jalo, ke ne ka roma barongwa kwa go bone ka re: “Tiro e ke e dirang e kgolo thata, mme nka se kgone go tla kwa go lona. Goreng ke tshwanetse go emisa tiro ke bo ke tla kwa go lona?” 4 Ba ne ba nthomelela molaetsa o o tshwanang makgetlo a le manê, mme ke ne ka ba araba ka tsela e e tshwanang mo lekgetlong lengwe le lengwe.

5 Go tswa foo, Sanabalate o ne a roma motlhokomedi wa gagwe kwa go nna ka molaetsa o o tshwanang lekgetlo la botlhano, a tshwere lekwalo le le butsweng mo seatleng sa gagwe. 6 Go ne go kwadilwe jaana mo go lone: “Ditšhaba di utlwile, Gesheme+ le ene o bua ka gone, gore wena le Bajuda lo loga leano la go tlhanoga.+ Ke gone ka moo o agang lobota; e bile go ya ka dipego tseno o tlile go nna kgosi ya bone. 7 Gape o tlhomile baporofeti gore ba bue ka wena mo Jerusalema yotlhe ba re, ‘Go na le kgosi mo Juda!’ Mme jaanong dilo tseno di tla bolelelwa kgosi. Ka jalo, tla kwano mme re tlotle ka kgang eno mmogo.”

8 Le fa go ntse jalo, ke ne ka mo romelela karabo eno: “Ga go na sepe sa dilo tse o di buang se se diragetseng; o di itlhamela fela mo mogopolong wa gago.”* 9 Gonne botlhe ba ne ba leka go re boifisa, ba re: “Ba tla repisa diatla tsa bone mo tirong mme ga e ka ke ya dirwa.”+ Jaanong Modimo, ke kopa gore o nthuse gore ke nne pelokgale.+

10 Go tswa foo, ke ne ka ya kwa ntlong ya ga Shemaia morwa Delaia morwa Mehetabele ka nako ya fa a ne a sa tswe mo ntlong ya gagwe. O ne a nthaya a re: “A re tlhome nako e re tla kopanang ka yone kwa ntlong ya Modimo wa boammaaruri, mo teng ga tempele, mme re tswale ditswalo tsa tempele, ka gonne ba tla tla go go bolaya. Ba tla tla go go bolaya go le bosigo.” 11 Le fa go ntse jalo, ke ne ka re: “A monna yo o tshwanang le nna o tshwanetse go tshaba? A monna yo o tshwanang le nna a ka tsena mo tempeleng mme a tshela?+ Ga nkitla ke tsena mo tempeleng!” 12 Foo ke ne ka lemoga gore o ne a sa romiwa ke Modimo, mme o ne a thapilwe ke Tobia le Sanabalate+ gore a bue boporofeti jono gore a ntsietse. 13 O ne a thapetswe gore a mpoifise le go dira gore ke leofe, gore ba tle ba nne le mabaka a go ntshenya leina gore ba tle ba nkgobe.

14 Ao tlhe Modimo wa me, o se ka wa lebala dilo tsotlhe tse Tobia+ le Sanabalate ba di dirileng, gape o se ka wa lebala le moporofeti Noadia le baporofeti ba bangwe botlhe ba ka metlha ba neng ba leka go mpoifisa.

15 Ka jalo, lobota lo ne lwa wediwa mo letsatsing la bo25 la kgwedi ya Elule,* mo malatsing a le 52.

16 Fela fa baba botlhe ba rona ba utlwa ka gone le ditšhaba tsotlhe tse di neng di re dikologile di bona seo, ba ne ba swaba fela thata,*+ mme ba ne ba lemoga gore Modimo wa rona o ne a re thusa gore re dire tiro eno. 17 Mo metlheng eo batlotlegi+ ba Juda ba ne ba romelela Tobia makwalo a mantsi, mme Tobia o ne a a araba. 18 Batho ba le bantsi mo Juda ba ne ba ikanne gore ba tla nna seoposengwe le ene, ka gonne e ne e le mogwe wa ga Shekania morwa Ara,+ mme morwawe e bong Jehohanane o ne a nyetse morwadia Meshulame+ morwa Berekia. 19 Gape, ba ne ba tle ba mpolelele dilo tse di molemo ka ene mme ba bo ba mmolelela se ke se buileng. Go tswa foo, Tobia o ne a nthomelela makwalo gore a mpoifise.+

7 Fela fa lobota lo sena go agiwa sesha,+ ke ne ka tsenya ditswalo;+ go tswa foo, go ne ga tlhomiwa badisa ba dikgoro,+ baopedi+ le Balefi.+ 2 Morago ga moo, ke ne ka tlhoma morwarre e bong Hanani+ gore a laole Jerusalema, mmogo le Hanania molaodi wa Kago ya Phemelo,+ ka gonne e ne e le monna yo o ikanyegang thata e bile a boifa Modimo wa boammaaruri+ go gaisa ba bangwe ba bantsi. 3 Ka jalo, ke ne ka ba raya ka re: “Dikgoro tsa Jerusalema di se ka tsa bulwa go fitlha ka sethoboloko,* mme fa badisa ba dikgoro ba ntse ba eme foo ba disitse, ba tswale ditswalo ba bo ba di lotlela ka diboutu. Mme lo tlhome banni ba Jerusalema gore e nne badisa, mongwe le mongwe a le kwa lefelong le a abetsweng gore a dise kwa go lone le mongwe le mongwe a le fa pele ga ntlo ya gagwe.” 4 Jaanong motse o ne o bulegile e bile o le mogolo, mme go ne go na le batho ba le mmalwa mo go one,+ e bile matlo a one a ne a ise a tsosolosiwe.

5 Mme Modimo wa me o ne a go tsenya mo pelong ya me gore ke phuthe batlotlegi le balaodi le batho gore ba kwadisiwe go ya ka tatelano ya masika a bone.+ Foo ke ne ka bona buka ya ba ba kwadisitsweng go ya ka tatelano ya masika a bone ba ba boileng pele, mme ke ne ka fitlhela go kwadilwe jaana mo go yone:

6 Mme batho bano e ne e le ba porofense* ba ba neng ba tswa kwa Babelona. Ba ne ba nna le batho ba Kgosi Nebukadenesare+ a neng a ba isitse botshwarwa kwa Babelona+ mme moragonyana ba ne ba boela kwa Jerusalema le kwa Juda, mongwe le mongwe a boela kwa motseng wa gagabo.+ 7 Ke ba ba neng ba tla le Serubabele,+ Jeshua,+ Nehemia, Asaria, Raamia, Nahamani, Moredekai, Bileshane, Miseperethe, Bigefai, Nehume le Baana.

Palo ya banna ba Iseraele e ne e akaretsa:+ 8 bomorwa Paroshe, ba le 2 172; 9 bomorwa Shefatia, ba le 372; 10 bomorwa Ara,+ ba le 652; 11 bomorwa Pahathe-moabe,+ ba e leng bomorwa Jeshua le Joabe,+ ba le 2 818; 12 bomorwa Elama,+ ba le 1 254; 13 bomorwa Satu, ba le 845; 14 bomorwa Sakai, ba le 760; 15 bomorwa Binui, ba le 648; 16 bomorwa Bebai, ba le 628; 17 bomorwa Asegade, ba le 2 322; 18 bomorwa Adonikame, ba le 667; 19 bomorwa Bigefai, ba le 2 067; 20 bomorwa Adine, ba le 655; 21 bomorwa Atere, ba ga Hesekia, ba le 98; 22 bomorwa Hashume, ba le 328; 23 bomorwa Besai, ba le 324; 24 bomorwa Harife, ba le 112; 25 bomorwa Gibeone,+ ba le 95; 26 banna ba kwa Bethelehema le ba kwa Netofa, ba le 188; 27 banna ba kwa Anathothe,+ ba le 128; 28 banna ba kwa Bethe-asamafetha, ba le 42; 29 banna ba kwa Kiriathe-jearime,+ Kefira le Beerothe,+ ba le 743; 30 banna ba kwa Rama le Geba,+ ba le 621; 31 banna ba kwa Mikemase,+ ba le 122; 32 banna ba kwa Bethele+ le Ai,+ ba le 123; 33 banna ba kwa Nebo yo mongwe, ba le 52; 34 bomorwa Elame yo mongwe, ba le 1 254; 35 bomorwa Harime, ba le 320; 36 banna ba kwa Jeriko, ba le 345; 37 banna ba kwa Lode, Hadide le kwa Ono,+ ba le 721; 38 banna ba kwa Senaa, ba le 3 930.

39 Baperesiti:+ bomorwa Jedaia ba lelapa la ga Jeshua, ba le 973; 40 bomorwa Imere, ba le 1 052; 41 bomorwa Pashure,+ ba le 1 247; 42 bomorwa Harime,+ ba le 1 017.

43 Balefi:+ bomorwa Jeshua, ba ga Kadamiele,+ ba bomorwa Hodefa, ba le 74. 44 Baopedi:+ bomorwa Asafe,+ ba le 148. 45 Badisa ba dikgoro:+ bomorwa Shalume, bomorwa Atere, bomorwa Talemone, bomorwa Akube,+ bomorwa Hatita le bomorwa Shobai, ba le 138.

46 Batlhanka ba ba direlang mo tempeleng:*+ bomorwa Siha, bomorwa Hasufa, bomorwa Tabaothe, 47 bomorwa Kerose, bomorwa Sia, bomorwa Padone, 48 bomorwa Lebana, bomorwa Hagaba, bomorwa Salemai, 49 bomorwa Hanane, bomorwa Gidele, bomorwa Gahare, 50 bomorwa Reaia, bomorwa Resine, bomorwa Nekoda, 51 bomorwa Gasame, bomorwa Usa, bomorwa Pasea, 52 bomorwa Besai, bomorwa Meunime, bomorwa Nefushesime, 53 bomorwa Bakebuke, bomorwa Hakufa, bomorwa Harehure, 54 bomorwa Baselithe, bomorwa Mehida, bomorwa Haresha, 55 bomorwa Barekose, bomorwa Sisera, bomorwa Temahe, 56 bomorwa Nesia le bomorwa Hatifa.

57 Barwa ba batlhanka ba ga Solomone:+ bomorwa Sotai, bomorwa Soferethe, bomorwa Perida, 58 bomorwa Jaale, bomorwa Darekone, bomorwa Gidele, 59 bomorwa Shefatia, bomorwa Hatile, bomorwa Pokerethe-hasebaime le bomorwa Amone. 60 Batlhanka ba ba direlang mo tempeleng*+ le barwa ba batlhanka ba ga Solomone, botlhe ba ne ba le 392.

61 Mme bano ba ne ba tswa kwa Tele-mela, Tele-haresha, Keruba, Adone le Imere, le fa go ntse jalo, ba ne ba sa kgone go tlhomamisa gore a dikgotla tsa bone le losika lwa bone e ne e le Baiseraele:+ 62 bomorwa Delaia, bomorwa Tobia le bomorwa Nekoda, ba le 642. 63 Mme barwa ba baperesiti e ne e le: bomorwa Habaia, bomorwa Hakose,+ bomorwa Barisilai, yo o neng a nyala mongwe wa bomorwadia Barisilai+ wa Mogileade mme o ne a bidiwa ka leina la bone. 64 Bano ba ne ba batla maina a ba masika a bone mo dipegong, mme ga ba a ka ba a bona, ka jalo ba ne ba ntshiwa mo boperesiting.*+ 65 Mmusi*+ o ne a ba bolelela gore ba ne ba sa tshwanela go ja dijo tse di boitshepotshepo+ go fitlha go nna le moperesiti yo o ka botsang a dirisa Urime le Thumime.+

66 Phuthego yotlhe e ne e na le batho ba le 42 360,+ 67 kwantle ga batlhanka le malata a bone,+ ba ba neng ba le 7 337; gape ba ne ba na le baopedi ba banna le ba basadi ba le 245.+ 68 Dipitse tsa bone di ne di le 736, bommoulo ba bone ba le 245, 69 dikamela tsa bone di le 435 le ditonki tsa bone di le 6 720.

70 Ditlhogo dingwe tsa dikgotla tsa bone di ne tsa ntshetsa tiro moneelo.+ Mmusi* o ne a ntshetsa bobolokelamatlotlo diderakema* tsa gauta di le 1 000, dikotlele tse dinnye di le 50 le diaparo tse ditelele tsa baperesiti di le 530.+ 71 Mme ditlhogo dingwe tsa dikgotla tsa bone di ne tsa ntshetsa bobolokelamatlotlo jo bo diretsweng tiro eno diderakema tsa gauta di le 20 000 le bomaena* ba selefera ba le 2 200. 72 Mme batho ba bangwe botlhe ba ne ba ntsha diderakema tsa gauta di le 20 000 le bomaena ba selefera ba le 2 000 le diaparo tse ditelele tsa baperesiti di le 67.

73 Mme baperesiti, Balefi, badisa ba dikgoro, baopedi,+ batho ba bangwe, batlhanka ba ba direlang mo tempeleng* le Baiseraele ba bangwe botlhe* ba ne ba nna mo metseng ya bone.+ Fa kgwedi ya bosupa e goroga+ Baiseraele ba ne ba setse ba nna mo metseng ya bone.+

8 Go tswa foo, batho botlhe ba ne ba phuthegela kwa patlelong e e neng e le fa pele ga Kgoro ya Metsi+ ka boikaelelo bo le bongwe, mme ba ne ba bolelela Esera+ yo e neng e le mokwalolodi* gore a tlise buka ya Molao wa ga Moshe,+ o Jehofa a neng a o laetse Iseraele.+ 2 Ka jalo, mo letsatsing la ntlha la kgwedi ya bosupa+ moperesiti Esera o ne a tlisa buka ya Molao fa pele ga phuthego+ ya banna, basadi le botlhe ba ba neng ba ka kgona go reetsa le go tlhaloganya. 3 Mme o ne a e balela kwa godimo+ mo patlelong e e fa pele ga Kgoro ya Metsi, go simolola fa letsatsi le tlhaba go fitlha ka sethoboloko, a e balela banna, basadi le botlhe ba ba neng ba kgona go tlhaloganya; mme batho ba ne ba reeditse ka tlhoafalo+ fa go balwa buka ya Molao. 4 Mme Esera yo e neng e le mokwalolodi* o ne a ema mo seraleng sa logong se se neng se diretswe tiragalo eo; mme fa thoko ga gagwe ka fa mojeng go ne go eme Matithia, Shema, Anaia, Uria, Hilekia le Maaseia; mme ka fa molemeng go ne go eme Pedaia, Mishaele, Malekija,+ Hashume, Hashe-badana, Sekarea le Meshulame.

5 Esera o ne a bula buka batho botlhe ba ntse ba mo lebile, ka gonne o ne a le kwa godimo ga batho botlhe. Fa a ntse a e bula, batho botlhe ba ne ba ema ka dinao. 6 Go tswa foo, Esera o ne a baka Jehofa, Modimo yo mogolo wa boammaaruri, mme batho botlhe ba ne ba re, “Amen!* Amen!”+ ba bo ba tsholetsa diatla tsa bone. Morago ga moo, ba ne ba khubama fa pele ga ga Jehofa ba bo ba ikoba fa fatshe. 7 Mme Jeshua, Bani, Sherebia,+ Jamine, Akube, Shabethai, Hodia, Maaseia, Kelita, Asaria, Josabade,+ Hanane le Pelaia, ba e neng e le Balefi, ba ne ba tlhalosetsa batho Molao,+ fa batho bone ba ne ba ntse ba eme ka dinao. 8 Mme ba ne ba tswelela ba balela Molao wa Modimo wa boammaaruri kwa godimo go tswa mo bukeng eo, ba o tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle e bile ba dira gore o nne le bokao; ka jalo ba ne ba thusa batho go tlhaloganya se se neng se balwa.*+

9 Mme Nehemia yo ka nako eo e neng e le mmusi,* Esera+ yo e neng e le moperesiti e bile e le mokwalolodi* le Balefi ba ba neng ba ruta batho, ba ne ba raya batho botlhe ba re: “Letsatsi leno le boitshepo mo go Jehofa, Modimo wa lona.+ Lo se ka lwa hutsafala kgotsa lwa lela.” Gonne batho botlhe ba ne ba lela fa ba ntse ba reeditse mafoko a Molao. 10 O ne a ba raya a re: “Tsamayang, lo je dijo tse di monate thata* lo bo lo nwe se se botshe, mme batho ba ba se nang sepe lo ba abele dingwe tsa dijo+ tseo; ka gonne letsatsi leno le boitshepo mo Moreneng wa rona, mme lo se ka lwa utlwa botlhoko, ka gonne boitumelo jo Jehofa a lo bo nayang bo a lo nonotsha.”* 11 Mme Balefi ba ne ba ritibatsa batho botlhe, ba re: “Lo se ka lwa lela! ka gonne letsatsi leno le boitshepo, e bile lo se ka lwa utlwa botlhoko.” 12 Ka jalo, batho botlhe ba ne ba tsamaya ba ya go ja le go nwa le go abela ba bangwe dijo mme ba ne ba tswelela ba itumetse thata,+ ka gonne ba ne ba tlhalogantse mafoko a ba neng ba a boleletswe.+

13 Mo letsatsing la bobedi, ditlhogo tsa batho botlhe tsa dikgotla tsa bone, baperesiti le Balefi ba ne ba phuthega go dikologa Esera yo e neng e le mokwalolodi* gore ba tlhaloganye mafoko a Molao ka mo go oketsegileng. 14 Foo ba ne ba fitlhela go kwadilwe mo Molaong gore Jehofa o ne a laetse ka Moshe gore Baiseraele ba ne ba tshwanetse go nna mo diobong* ka nako ya moletlo mo kgweding ya bosupa,+ 15 le gore ba ne ba tshwanetse go dira kitsiso+ ba bo ba itsise mo metseng yotlhe ya bone le mo Jerusalema yotlhe ba re: “Yang kwa kgaolong e e dithaba mme lo tle ka dikala tse di nang le matlhare tsa ditlhare tsa motlhware, phaene, moretela, mokolane le dikala tse di nang le matlhare tsa ditlhare tse dingwe gore lo dire diobo, go dumalana le se se kwadilweng.”

16 Ka jalo, batho ba ne ba tsamaya mme ba tla ka tsone gore ba itirele diobo, mongwe le mongwe mo borulelong jwa gagwe, mmogo le mo malwapeng a bone, mo malwapeng a ntlo ya Modimo wa boammaaruri,+ mo patlelong ya Kgoro ya Metsi+ le mo patlelong ya Kgoro ya Eferaime.+ 17 Batho botlhe ba ba neng ba boile kwa botshwarwa ba ne ba dira diobo mme ba nna mo diobong tseo, ka gonne Baiseraele ba ne ba ise ba ko ba o dire ka tsela eno go tloga mo motlheng wa ga Joshua+ morwa Nune go tla go fitlha mo letsatsing leo, mo e leng gore ba ne ba itumela fela thata.+ 18 Mme letsatsi le letsatsi go ne go balwa buka ya Molao wa Modimo wa boammaaruri,+ go simolola ka letsatsi la ntlha go fitlha ka letsatsi la bofelo. Ba ne ba keteka moletlo oo malatsi a le supa, mme mo letsatsing la borobedi go ne ga nna le kopano e e kgethegileng, jaaka go ne go laetswe.+

9 Mo letsatsing la bo24 la kgwedi eno Baiseraele ba ne ba phuthega mmogo; ba ne ba itima dijo ba apere letsela la kgetsi e bile ba itshetse lerole.+ 2 Foo ba e neng e le ditlogolwana tsa Baiseraele ba ne ba ikgaoganya le batswakwa,+ mme ba ne ba ema ba bo ba ipolela maleo a bone le melato ya borraabone.+ 3 Go tswa foo, ba ne ba ema mo lefelong la bone mme ba fetsa diura di le tharo* ba balela kwa godimo buka ya Molao+ wa ga Jehofa, Modimo wa bone; mme ba ne ba fetsa diura tse dingwe tse tharo mo letsatsing leo ba ipolela maleo e bile ba khubama ba bo ba ikoba fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa bone.

4 Jeshua, Bani, Kadamiele, Shebania, Buni, Sherebia,+ Bani le Kenani ba ne ba ema mo seraleng se se kwa godimo+ sa Balefi, mme ba ne ba goela kwa go Jehofa, Modimo wa bone ka lentswe le le kwa godimo. 5 Mme Jeshua, Kadamiele, Bani, Hashabeneia, Sherebia, Hodia, Shebania le Pethahia ba e leng Balefi ba ne ba re: “Emang mme lo bake Jehofa, Modimo wa lona ka bosakhutleng.*+ Mme a ba bake leina la gago le le galalelang, le le kwa godimo thata ga tshegofatso yotlhe le pako yotlhe.

6 “Wena o le nosi o Jehofa;+ o dirile magodimo, e leng legodimo la magodimo le masomosomo otlhe a one, lefatshe le sotlhe se se mo go lone le mawatle le sotlhe se se mo go one. Mme o di boloka tsotlhe di tshela, e bile masomosomo a magodimo a a go ikobela. 7 O Jehofa, Modimo wa boammaaruri, yo o neng a tlhopha Aberame+ mme a mo ntsha kwa Ure+ wa Bakaladia a bo a mmitsa Aborahame.+ 8 O ne wa bona gore pelo ya gagwe e ne e ikanyega mo go wena,+ ka jalo o ne wa dira kgolagano le ene ya gore o tla mo naya lefatshe la Bakanana, Bahite, Baamore, Baperise, Bajebuse le Bagiregashe, gore le newe losika lwa gagwe;+ mme o ne wa diragatsa ditsholofetso tsa gago, ka gonne o tshiamo.

9 “Ka jalo, o ne wa bona pogisego ya borraaronamogolo fa ba ne ba le kwa Egepeto,+ mme o ne wa utlwa selelo sa bone kwa Lewatleng le Lehibidu. 10 Foo o ne wa dira ditshupo le dikgakgamatso go otlhaya Faro le batlhanka botlhe ba gagwe le batho botlhe ba lefatshe la gagwe,+ ka gonne o ne o itse gore ba ne ba bogisa batho ba gago ba le mabela.+ O ne wa itirela leina le le sa ntseng le le teng go tla go fitlha mo letsatsing leno.+ 11 Mme o ne wa kgaoganya lewatle fa pele ga bone gore ba kgone go kgabaganya mo lefatsheng le le omileng,+ mme ba ba neng ba ba lelekisa, o ne wa ba latlhela mo tengteng ga lewatle jaaka leje le latlhelwa mo teng ga metsi a a maatla.+ 12 O ne wa ba etelela pele ka pilara ya leru motshegare, mme bosigo o ne wa ba etelela pele ka pilara ya molelo, gore o ba bonesetse tsela e ba tshwanetseng go tsamaya+ mo go yone. 13 Mme o ne wa fologela mo Thabeng ya Sinai+ o bo o bua le bone o le kwa legodimong+ mme wa ba naya dikatlholo tse di siameng, melao ya boammaaruri,* melawana le ditaelo tse di molemo.+ 14 O ne wa ba ruta gore ba boloke letsatsi la Sabata le le boitshepo,+ e bile o ne wa ba naya ditaelo, melawana le molao o dirisa motlhanka wa gago e bong Moshe. 15 O ne wa ba naya senkgwe se se tswang legodimong fa ba ne ba tshwerwe ke tlala,+ e bile o ne wa ba ntshetsa metsi mo lefikeng fa ba ne ba nyorilwe,+ mme o ne wa ba laela gore ba tsene ba bo ba rue lefatshe le o neng wa ba ikanela* gore o tla le ba naya.

16 “Mme bone, e leng borraaronamogolo, ba ne ba nna mabela+ ba bo ba nna tlhogoethata,*+ mme ba ne ba se ka ba reetsa ditaelo tsa gago. 17 Ba ne ba gana go reetsa,+ e bile ga ba a ka ba gakologelwa ditiro tsa gago tse di gakgamatsang tse o neng wa di ba direla, mme ba ne ba nna tlhogoethata* ba bo ba tlhoma moeteledipele gore ba boele kwa Egepeto+ kwa ba neng ba le makgoba gone. Le fa go ntse jalo, o Modimo yo o ikemiseditseng go itshwarela, yo o pelotlhomogi* le yo o kutlwelobotlhoko, yo o sa galefeng ka bonako le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng,*+ mme ga o a ka wa ba latlha.+ 18 Le fa ba ne ba itirela sefikantswe se se bopilweng sa namane ba bo ba re, ‘Yono ke Modimo wa gago yo o go ntshitseng kwa Egepeto,’+ e bile ba ne ba bontsha gore ba go nyatsa thata, 19 tota le ka nako eo, ga o a ka wa ba tlogela mo nageng ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gago e kgolo.+ Pilara ya leru ga e a ka ya tlogela go ba etelela pele motshegare gore e ba bontshe tsela, e bile bosigo pilara ya molelo ga e a ka ya tlogela go ba bonesetsa tsela e ba tshwanetseng go tsamaya mo go yone.+ 20 Mme o ne wa romela moya wa gago o o molemo gore o ba neye temogo,+ e bile ga o a ka wa tlogela go ba naya mana+ a gago, mme o ne wa ba naya metsi fa ba ne ba nyorilwe.+ 21 O ne wa ba tlamela ka dijo mo nageng dingwaga di le 40.+ Ba ne ba sa tlhoke sepe. Diaparo tsa bone ga di a ka tsa onala,+ le dinao tsa bone ga di a ka tsa ruruga.

22 “O ne wa ba naya magosi le ditšhaba, wa di ba abela ka go latelana,+ mo ba neng ba rua lefatshe la ga Sihone,+ e leng lefatshe la kgosi ya kwa Heshebone,+ mmogo le lefatshe la ga Oge+ kgosi ya kwa Bashana. 23 Mme o ne wa dira gore bomorwaabone ba nne bantsi jaaka dinaledi tsa magodimo.+ Go tswa foo, o ne wa ba tlisa mo lefatsheng le o neng o solofeditse borraabonemogolo gore ba tla tsena kwa go lone ba bo ba le rua.+ 24 Ka jalo, bomorwaabone ba ne ba tsena mo lefatsheng leo mme ba le rua,+ mme o ne wa ba thusa go fenya Bakanana+ ba ba neng ba nna mo lefatsheng leo, mme o ne wa ba tsenya mo seatleng sa bone, mmogo le dikgosi tsa bone le ditšhaba tsa lefatshe leo gore ba ba dire jaaka ba rata. 25 Mme ba ne ba gapa metse e e sireletsegileng+ le lefatshe le le nonneng,+ e bile ba ne ba gapa matlo a a tletseng dilo tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo tsa mefuta e e farologaneng, dikhuti tsa go bolokela metsi* tse di setseng di epilwe, masimo a morara,* masimo a motlhware+ le ditlhare tsa maungo di le dintsi. Ka jalo, ba ne ba ja, ba kgotsofala ba bo ba nona, mme ba ne ba itumelela dilo tsotlhe tse di molemo tse o neng o ba di diretse.

26 “Le fa go ntse jalo, ba ne ba se ka ba go reetsa mme ba go tlhanogela+ ba bo ba tlola Molao wa gago.* Ba ne ba bolaya baporofeti ba gago ba ba neng ba ba tlhagisa ba leka go ba busetsa kwa go wena, mme ba ne ba dira dilo tse di bontshang gore ba go nyatsa thata.+ 27 Ka ntlha ya seno, o ne wa ba tsenya mo seatleng sa baba ba bone,+ ba ba neng ba nna ba ba tshwenya thata.+ Le fa go ntse jalo, ba ne ba tle ba goele kwa go wena fa ba le mo matshwenyegong, mme o ne o utlwa o le kwa magodimong; mme ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gago e kgolo o ne o tle o ba neye baeteledipele gore ba ba golole mo seatleng sa baba ba bone.+

28 “Le fa go ntse jalo, fela fa ba sena go gololwa, ba ne ba tle ba dire se se bosula gape fa pele ga gago,+ mme o ne o letla baba ba bone gore ba ba laole.*+ Go tswa foo, ba ne ba tle ba boele kwa go wena ba bo ba kopa gore o ba thuse,+ mme o ne o ba utlwa o le kwa magodimong o bo o ba golola gangwe le gape ka gonne o le kutlwelobotlhoko.+ 29 Le fa gone o ne o ba tlhagisa e le gore o ba busetse mo Molaong wa gago, ba ne ba ikgogomosa e bile ba ne ba gana go reetsa ditaelo+ tsa gago; mme ba ne ba leofa ka gonne ba ne ba sa latele melawana ya gago e fa motho a ka e ikobela a tla tswelelang a tshela.+ Le fa go ntse jalo, ba ne ba go tlogela ka botlhogoethata ba bo ba thatafatsa thamo ya bone, mme ba ne ba gana go reetsa. 30 O ne wa nna pelotelele+ le bone dingwaga di le dintsi wa bo wa nna o ba tlhagisa ka moya wa gago o dirisa baporofeti ba gago, mme ba ne ba gana go reetsa. La bofelo o ne wa ba tsenya mo seatleng sa ditšhaba tsa mafatshe a mangwe.+ 31 Mme gone, e re ka o le kutlwelobotlhoko, ga o a ka wa ba fedisa+ kgotsa wa ba latlha, ka gonne o Modimo yo o pelotlhomogi* le yo o kutlwelobotlhoko.+

32 “Mme jaanong tlhe Modimo wa rona, Modimo yo mogolo, yo o maatla le yo o boitshegang, yo o ntseng a bolokile kgolagano ya gagwe le yo o bontshitseng lorato lo lo sa kgaotseng,+ o se ka wa tlodisa matlho matshwenyego otlhe a a wetseng rona, dikgosi tsa rona, dikgosana+ tsa rona, baperesiti+ ba rona, baporofeti+ ba rona, borraaronamogolo le batho ba gago botlhe go simologa mo metlheng ya dikgosi tsa Asiria+ go tla go fitlha mo letsatsing leno. 33 O ntse o dira dilo sentle le fa re diragaletswe ke dilo di le dintsi, ka gonne o a ikanyega; mme ke rona ba re dirileng bosula.+ 34 Fa e le dikgosi tsa rona, dikgosana tsa rona le borraaronamogolo, ga ba a ka ba ikobela Molao wa gago, e bile ga ba a ka ba tlhwaela ditaelo tsa gago kgotsa dikgakololo* tsa gago tsebe tse o neng wa di dirisa go ba tlhagisa. 35 Tota le ka nako ya fa ba ne ba busiwa ke dikgosi tsa rona mme ba itumelela dilo tse dintsi tse di molemo tse o ba di neileng e bile ba ne ba le mo lefatsheng le le bulegileng le le le nonneng le o neng wa le ba naya, ga ba a ka ba go direla+ e bile ga ba a ka ba tlogela mekgwa ya bone e e bosula. 36 Gone jaanong re batlhanka+ mo lefatsheng le o neng wa le naya borraaronamogolo gore ba je maungo a lone le dilo tsa lone tse di molemo. 37 Thobo ya lone e ntsi ke ya dikgosi tse o di tlhomileng gore di re okamele ka ntlha ya maleo a rona.+ Di re laola* jaaka di rata e bile di laola le leruo la rona, mme jaanong re mo matshwenyegong a magolo.

38 “Ka jalo ka ntlha ya dilo tseno tsotlhe, re dira tumalano e e re tlamang+ re bo re e kwala, mme dikgosana tsa rona, Balefi ba rona le baperesiti ba rona ba e baya letshwao* go bontsha gore ba dumalana le yone.”+

10 Batho ba ba neng ba e baya letshwao go bontsha gore ba dumalana le yone+ e ne e le:

Nehemia yo e leng mmusi,* morwa Hakalia,

Le Sedekia, 2 Seraia, Asaria, Jeremia, 3 Pashure, Amaria, Malekija, 4 Hatushe, Shebania, Maluke, 5 Harime,+ Meremothe, Obadia, 6 Daniele,+ Ginethone, Baruke, 7 Meshulame, Abija, Mijamine, 8 Maasia, Bilegai le Shemaia; bano ke baperesiti.

9 Balefi ba ba neng ba dumalana le yone e ne e le: Jeshua morwa Asania, Binui yo o tswang mo go bomorwa Henadade, Kadamiele,+ 10 le bomorwarraabone e bong Shebania, Hodia, Kelita, Pelaia, Hanane, 11 Miga, Rehobe, Hashabia, 12 Sakure, Sherebia,+ Shebania, 13 Hodia, Bani le Beninu.

14 Bano ke ditlhogo tsa batho tse di neng di dumalana le yone: Paroshe, Pahathe-moabe,+ Elama, Satu, Bani, 15 Buni, Asegade, Bebai, 16 Adonija, Bigefai, Adine, 17 Atere, Hesekia, Asure, 18 Hodia, Hashume, Besai, 19 Harife, Anathothe, Nebai, 20 Magepiashe, Meshulame, Hesire, 21 Meshesabele, Sadoke, Jadua, 22 Pelatia, Hanane, Anaia, 23 Hoshea, Hanania, Hashube, 24 Haloheshe, Pileha, Shobeke, 25 Rehume, Hashabena, Maaseia, 26 Ahija, Hanane, Anane, 27 Maluke, Harime le Baana.

28 Batho ba bangwe botlhe e bong baperesiti, Balefi, badisa ba dikgoro, baopedi, batlhanka ba ba direlang mo tempeleng* le mongwe le mongwe yo o neng a ikgaogantse le ditšhaba tsa mafatshe a mangwe gore a latele Molao wa Modimo wa boammaaruri,+ mmogo le basadi ba bone, bomorwaabone le bomorwadiabone, botlhe ba ba neng ba na le kitso e bile ba tlhaloganya,* 29 ba ne ba ikopanya le bomorwarraabone, batlotlegi ba bone, mme ba ne ba dira maikano a gore Modimo a ba tlisetse masetlapelo fa ba sa ikobele Molao o Jehofa, Morena wa rona, Modimo wa boammaaruri a o neileng Baiseraele a dirisa Moshe, motlhanka wa Modimo wa boammaaruri, le gore ba tla ikobela ditaelo tsotlhe le dikatlholo tsa gagwe le melawana ya gagwe ka kelotlhoko. 30 Ga re kitla re naya ditšhaba tse dingwe bomorwadiarona, e bile ga re kitla re tsaya bomorwadiabone re ba nyadisa bomorwaarona.+

31 Fa batho ba ditšhaba tse dingwe ba tlisa dithoto tsa bone le mefuta yotlhe ya dijo tsa ditlhaka gore ba di rekise ka letsatsi la Sabata, ga re kitla re reka sepe mo go bone ka letsatsi la Sabata+ kgotsa ka letsatsi le le boitshepo.+ Gape mo ngwageng wa bosupa+ re tla lesa masimo gore a ikhutse e bile ga re kitla re duedisa ba bangwe melato.+

32 Gape, re ne ra dira maitlamo a gore mongwe le mongwe wa rona a ntshe selefera* ngwaga le ngwaga a e ntshetsa tirelo ya ntlo* ya Modimo wa rona,+ 33 a e ntshetsa senkgwe se se tlhatlagantsweng,*+ setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka+ sa ka metlha, setlhabelo se se fisiwang sa ka metlha se se ntshiwang ka Sabata+ mongwe le mongwe le ka malatsi a ngwedi yo mosha,+ meletlo e e tlhomilweng,+ dilo tse di boitshepo, ditlhabelo tsa boleo+ gore maleo a Baiseraele a phimolwe e bile a e ntshetsa tiro yotlhe ya ntlo ya Modimo wa rona.

34 Gape, re ne ra latlhela bola gore re itse gore ke lelapa lefe la baperesiti, Balefi le batho ba bangwe le le tshwanetseng go tlisa dikgong mo ntlong ya Modimo wa rona ka dinako tse di tlhomilweng ngwaga le ngwaga, gore go gotsiwe molelo ka tsone mo sebesong sa ga Jehofa, Modimo wa rona, go dumalana le se se kwadilweng mo Molaong.+ 35 Gape ngwaga le ngwaga re tla tlisa maungo a a buduleng pele a masimo a rona le maungo a a buduleng pele a setlhare sa maungo sa mofuta mongwe le mongwe kwa ntlong ya ga Jehofa,+ 36 mmogo le maitibolo a bomorwaarona le a leruo+ la rona le maitibolo a metlhape ya rona le a matsomane a rona, go dumalana le se se kwadilweng mo Molaong wa ga Moshe. Re tla di tlisa mo ntlong ya Modimo wa rona, kwa baperesiting ba ba direlang mo ntlong ya Modimo wa rona.+ 37 Gape re tla tlisa mabutswapele a bupi jwa rona jo bo seng boleta,+ meneelo ya rona, maungo a setlhare sa mofuta mongwe le mongwe,+ beine e ntšha le leokwane+ kwa baperesiting kwa mabolokelong* a ntlo ya Modimo+ wa rona, mmogo le ditsabosome* tse di tswang mo masimong a rona tse re di nayang Balefi,+ ka gonne Balefi ke bone ba ba phuthang dikarolo tsa bolesome mo metseng yotlhe ya rona ya temothuo.

38 Mme moperesiti, e leng morwa Arone, o tshwanetse gore a bo a na le Balefi fa ba phutha karolo ya bolesome; mme Balefi ba tshwanetse go isa karolo ya bolesome kwa ntlong ya Modimo+ wa rona kwa diphaposing* tsa mabolokelo. 39 Gonne Baiseraele le barwa ba Balefi ba tshwanetse go isa moneelo+ wa dijo tsa ditlhaka, beine e ntšha le leokwane+ kwa mabolokelong,* mme ke teng kwa dilwana tsa lefelo le le boitshepo di leng gone, mmogo le baperesiti ba ba direlang, badisa ba dikgoro le baopedi. Ga re kitla re tlhokomologa ntlo ya Modimo wa rona.+

11 Jaanong dikgosana tsa batho di ne di nna mo Jerusalema;+ le fa go ntse jalo, batho ba bangwe botlhe ba ne ba latlhela bola+ gore ba tlise lelapa le le lengwe mo go a le lesome gore le tle go nna mo Jerusalema, e leng motse o o boitshepo, fa malapa a mangwe a le robongwe one a ne a nna mo metseng e mengwe. 2 Mo godimo ga moo, batho ba ne ba eleletsa banna botlhe ba ba neng ba ithaopela go nna mo Jerusalema masego a a tswang kwa Modimong.

3 Mme bano ke ditlhogo tsa porofense* tse di neng di nna mo Jerusalema. (Baiseraele ba bangwe botlhe, baperesiti, Balefi, batlhanka ba ba direlang mo tempeleng*+ le barwa ba batlhanka ba ga Solomone,+ ba ne ba nna mo metseng e mengwe ya Juda, mongwe le mongwe a nna mo karolong e a e abetsweng e le boswa mo motseng wa gagabo.+

4 Gape, batho bangwe ba Juda le ba Benjamine ba ne ba nna mo Jerusalema.) Ba ba tswang mo bathong ba Juda e ne e le Athaia morwa Usia morwa Sekarea morwa Amaria morwa Shefatia morwa Mahalalele yo o tswang mo go bomorwa Perese,+ 5 le Maaseia morwa Baruke morwa Kolahose morwa Hasaia morwa Adaia morwa Joiaribe morwa Sekaria yo e leng setlogolwana sa ga Shela. 6 Bomorwa Perese botlhe ba ba neng ba nna mo Jerusalema e ne e le banna ba ba nang le bokgoni ba le 468.

7 Mme bano e ne e le batho ba Benjamine: Salu+ morwa Meshulame morwa Joede morwa Pedaia morwa Kolaia morwa Maaseia morwa Ithiele morwa Jeshaia, 8 go bo go latela Gabai le Salai, ba le 928; 9 Joele morwa Sikeri e ne e le molebedi wa bone, mme Juda morwa Hasenua o ne a okametse motse a le mo maemong a bobedi.

10 Bano e ne e le ba ba tswang mo baperesiting: Jedaia morwa Joiaribe, Jakine,+ 11 Seraia morwa Hilekia morwa Meshulame morwa Sadoke morwa Meraiothe morwa Ahitube+ yo o neng a eteletse pele mo ntlong* ya Modimo wa boammaaruri, 12 le bomorwarraabone ba ba neng ba bereka mo ntlong, ba le 822; le Adaia morwa Jerohame morwa Pelalia morwa Amesi morwa Sekarea morwa Pashure+ morwa Malekija, 13 le bomorwarraagwe, ba e leng ditlhogo tsa dikgotla tsa bone, ba le 242; le Amashasai morwa Asarele morwa Ahasai morwa Meshilemothe morwa Imere, 14 le bomorwarraabone ba e neng e le banna ba ba maatla ba ba pelokgale, ba le 128; mme molebedi wa bone e ne e le Sabediele yo o neng a tswa mo lelapeng le le tlotlegang.

15 Mme bano ba ne ba tswa mo Balefing: Shemaia+ morwa Hashube morwa Aserikame morwa Hashabia morwa Buni, 16 le Shabethai+ le Josabade,+ ba e neng e le ditlhogo tsa Balefi, ba ba neng ba okametse tiro e e dirwang kwa ntle ya ntlo ya Modimo wa boammaaruri; 17 le Matania+ morwa Mika morwa Sabedi morwa Asafe+ yo e neng e le moopedisi, yo o neng a tlhabeletsa dipako ka nako ya thapelo,+ le Bakebukia yo e neng e le mothusi wa gagwe le Abada morwa Shamua morwa Galale morwa Jeduthune.+ 18 Balefi botlhe ba ba neng ba le mo motseng o o boitshepo ba ne ba le 284.

19 Mme badisa ba dikgoro e ne e le Akube, Talemone+ le bomorwarraabone ba ba neng ba nna ba disitse dikgoro, ba le 172.

20 Baiseraele ba bangwe botlhe, baperesiti le Balefi ba ne ba nna mo metseng e mengwe yotlhe ya Juda, mongwe le mongwe a le mo karolong ya gagwe e a e abetsweng e le boswa. 21 Batlhanka ba ba direlang mo tempeleng*+ ba ne ba nna kwa Ofele,+ mme ba ne ba okametswe ke Siha le Gishepa.

22 Balefi ba ba neng ba le mo Jerusalema molebedi wa bone e ne e le Usi morwa Bani morwa Hashabia morwa Matania+ morwa Miga, yo o tswang mo go bomorwa Asafe, ba e leng baopedi; o ne a okametse tiro ya ntlo ya Modimo wa boammaaruri. 23 Gonne kgosi* e ne e ntshitse taelo ka ga bone,+ e bile go ne go na le thulaganyo e e tlhomilweng ya gore baopedi ba newe se ba se tlhokang letsatsi le letsatsi. 24 Mme Pethahia morwa Meshesabele yo o tswang mo go bomorwa Sera morwa Juda e ne e le mogakolodi wa kgosi* ka kgang nngwe le nngwe e e amang batho.

25 Eno ke metsana mmogo le masimo a yone e batho bangwe ba Juda ba neng ba nna kwa go yone: Kiriathe-areba+ le metsana ya yone e e e dikologileng, Dibone le metsana ya yone e e e dikologileng, Jekabeseele+ le metsana ya yone, 26 Jeshua, Molada,+ Bethe-pelete,+ 27 Hasare-shuale,+ Beere-sheba le metsana ya yone e e e dikologileng, 28 Sikelage,+ Mekona le metsana ya yone e e e dikologileng, 29 Ene-rimone,+ Sora,+ Jaremuthe, 30 Sanoa,+ Adulama le metsana ya metse eno, Lakishe+ le masimo a yone le Aseka+ le metsana ya yone e e e dikologileng. Ba ne ba aga* go simologa kwa Beere-sheba go ya go fitlha kwa Mokgatšheng wa Hinoma.+

31 Mme batho ba Benjamine ba ne ba nna kwa Geba,+ kwa Mikemashe, kwa Aija, kwa Bethele+ le metsana ya yone e e e dikologileng, 32 kwa Anathothe,+ kwa Nobe,+ kwa Anania, 33 kwa Hasore, kwa Rama,+ kwa Gitaime, 34 kwa Hadide, kwa Seboima, kwa Nebalate, 35 kwa Lode le kwa Ono,+ e leng mokgatšha wa badiri ba ba ditswerere. 36 Mme ditlhopha dingwe tsa Balefi go tswa mo Juda di ne tsa abelwa go ya go nna kwa Benjamine.

12 Bano e ne e le baperesiti le Balefi ba ba neng ba tsamaya le Serubabele+ morwa Shealatiele+ le Jeshua:+ Seraia, Jeremia, Esera, 2 Amaria, Maluke, Hatushe, 3 Shekania, Rehume, Meremothe, 4 Ido, Ginethoi, Abija, 5 Mijamine, Maadia, Bilega, 6 Shemaia, Joiaribe, Jedaia, 7 Salu, Amoke, Hilekia le Jedaia. Bano e ne e le ditlhogo tsa baperesiti le bomorwarraabone mo motlheng wa ga Jeshua.

8 Balefi e ne e le Jeshua, Binui, Kadamiele,+ Sherebia, Juda le Matania,+ yo o neng a tlhabeletsa dipina tsa go leboga mmogo le bomorwarraagwe. 9 Mme bomorwarraabone e bong Bakebukia le Uni ba ne ba eme go lebagana le bone mo tirong ya go disa.* 10 Jeshua o ne a nna rraagwe Joiakime, mme Joiakime o ne a nna rraagwe Eliashibe,+ mme Eliashibe o ne a nna rraagwe Joiada.+ 11 Mme Joiada o ne a nna rraagwe Jonathane, mme Jonathane o ne a nna rraagwe Jadua.

12 Mo motlheng wa ga Joiakime, bano e ne e le baperesiti, e leng ditlhogo tsa dikgotla tsa bone: yo o neng a emetse lelapa la ga Seraia,+ e ne e le Meraia; yo o neng a emetse lelapa la ga Jeremia, e ne e le Hanania; 13 yo o neng a emetse lelapa la ga Esera,+ e ne e le Meshulame; yo o neng a emetse lelapa la ga Amaria, e ne e le Jehohanane; 14 yo o neng a emetse lelapa la ga Maluki, e ne e le Jonathane; yo o neng a emetse lelapa la ga Shebania, e ne e le Josefa; 15 yo o neng a emetse lelapa la ga Harime,+ e ne e le Adena; yo o neng a emetse lelapa la ga Meraiothe, e ne e le Helekai; 16 yo o neng a emetse lelapa la ga Ido, e ne e le Sekarea; yo o neng a emetse lelapa la ga Ginethone, e ne e le Meshulame; 17 yo o neng a emetse lelapa la ga Abija,+ e ne e le Sikeri, yo o neng a emetse lelapa la ga Miniamine, . . . ;* yo o neng a emetse lelapa la ga Moadia, e ne e le Piletai; 18 yo o neng a emetse lelapa la ga Bilega,+ e ne e le Shammua; yo o neng a emetse lelapa la ga Shemaia, e ne e le Jehonathane; 19 yo o neng a emetse lelapa la ga Joiaribe, e ne e le Matenai; yo o neng a emetse lelapa la ga Jedaia,+ e ne e le Usi; 20 yo o neng a emetse lelapa la ga Salai, e ne e le Kalai; yo o neng a emetse lelapa la ga Amoke, e ne e le Ebere; 21 yo o neng a emetse lelapa la ga Hilekia, e ne e le Hashabia; yo o neng a emetse lelapa la ga Jedaia, e ne e le Nethanele.

22 Ditlhogo tsa dikgotla tsa Balefi mo motlheng wa ga Eliashibe, Joiada, Johanane le Jadua+ di ne di kwadisitswe, fela jaaka baperesiti ba ne ba kwadisitswe, go fitlha ka nako ya puso ya ga Dario wa Moperesia.

23 Balefi ba e neng e le ditlhogo tsa dikgotla tsa bone ba ne ba kwadilwe mo bukeng ya dipego tsa metlha eo, go fitlha mo motlheng wa ga Johanane morwa Eliashibe. 24 Ditlhogo tsa Balefi e ne e le Hashabia, Sherebia le Jeshua+ morwa Kadamiele,+ mme bomorwarraabone ba ne ba ema go lebagana le bone gore ba ise pako le go ntsha ditebogo go ya ka ditaelo tsa ga Dafide+ monna wa Modimo wa boammaaruri, setlhopha sa badisa se lebagane le setlhopha sa badisa. 25 Matania,+ Bakebukia, Obadia, Meshulame, Talemone le Akube+ e ne e le badisa ba dikgoro,+ ba disa mabolokelo a a fa dikgorong. 26 Bano ba ne ba direla mo motlheng wa ga Joiakime morwa Jeshua+ morwa Josadake le mo motlheng wa ga Nehemia yo e neng e le mmusi le Esera+ yo e neng e le moperesiti e bile e le mokwalolodi.*

27 Ka nako ya go kgakolwa ga dipota tsa Jerusalema, ba ne ba batla Balefi kwa mafelong otlhe a ba neng ba nna kwa go one mme ba ba tlisa mo Jerusalema gore ba tle go keteka go kgakolwa ga dipota tseo ka boitumelo, ka dipina tsa go leboga+ le ka disemebala, ka diletswa tsa megala le ka diharepa. 28 Mme barwa ba baopedi* ba ne ba phuthega mmogo ba tswa kwa kgaolong,* ba tswa mo mafelong otlhe a a dikologileng Jerusalema, ba tswa kwa metsaneng ya Banetofa,+ 29 ba tswa kwa Bethe-gilegala+ le kwa dikgaolong tsa Geba+ le Asamafetha,+ ka gonne baopedi ba ne ba ikagetse metsana go dikologa Jerusalema yotlhe. 30 Mme baperesiti le Balefi ba ne ba iitshekisa ba bo ba itshekisa batho,+ dikgoro+ le lobota.+

31 Go tswa foo, ke ne ka isa dikgosana tsa Juda kwa godimo ga lobota. Mo godimo ga moo, ke ne ka tlhoma ditlhopha tse pedi tse dikgolo tsa baopedi ba ba ntshang ditebogo mme sengwe le sengwe se ne se setswe morago ke setlhopha sa batho, se sengwe se ne se tsamaya ka fa mojeng mo loboteng go ela kwa Kgorong ya Dithotobolo Tsa Molora.+ 32 Hoshaia le halofo ya dikgosana tsa Juda ba ne ba tsamaya fa morago ga bone, 33 mmogo le Asaria, Esera, Meshulame, 34 Juda, Benjamine, Shemaia le Jeremia. 35 Ba ne ba na le barwa bano ba baperesiti ba tshotse diterompeta:+ Sekarea morwa Jonathane morwa Shemaia morwa Matania morwa Mikaia morwa Sakure morwa Asafe,+ 36 le bomorwarraagwe e bong Shemaia, Asarele, Milalai, Gilalai, Maai, Nethanele, Juda le Hanani, ba tshotse diletswa tsa mmino tsa ga Dafide+ monna wa Modimo wa boammaaruri; mme Esera+ yo e neng e le mokwalolodi* o ne a tsamaya fa pele ga bone. 37 Fa ba le kwa Kgorong ya Motswedi+ ba ne ba tlhamalala ba tsamaya ka Ditepisi+ Tsa Motse wa ga Dafide+ fa thotaneng ya lobota lo lo fa godimo ga Ntlo ya ga Dafide mme ba ne ba ya kwa Kgorong ya Metsi+ kwa ntlheng ya botlhaba.

38 Setlhopha se sengwe sa baopedi ba ba ntshang ditebogo se ne se tsamaya ka fa letlhakoreng le lengwe go lebagana le setlhopha sa ntlha,* mme ke ne ka se sala morago ke na le halofo ya batho, mo loboteng lo lo yang kwa Toreng ya Dionto*+ mme se bo se ya kwa Loboteng lo lo Sephara+ 39 mme se ne sa tlhatlogela kwa godimo ga Kgoro ya Eferaime+ se bo se ya kwa Kgorong ya Motse o Mogologolo+ mme se bo se fetela kwa Kgorong ya Ditlhapi,+ kwa Toreng ya Hananele,+ kwa Toreng ya Mea le kwa Kgorong ya Dinku;+ mme ba ne ba ema kwa Kgorong ya Badisa.

40 La bofelo ditlhopha tseo tse pedi tsa baopedi ba ba ntshang ditebogo di ne tsa ema fa pele ga ntlo ya Modimo wa boammaaruri; le nna ke ne ka ema foo ke na le halofo ya balaodi, 41 le baperesiti e bong Eliakime, Maaseia, Miniamine, Mikaia, Elioenai, Sekarea le Hanania ba tshotse diterompeta, 42 le Maaseia, Shemaia, Eliasare, Usi, Jehohanane, Malekija, Elame le Esere. Mme baopedi ba ne ba opelela kwa godimo ba eteletswe pele ke Iserahia.

43 Mo letsatsing leo ba ne ba ntsha ditlhabelo tse dikgolo ba bo ba itumela,+ ka gonne Modimo wa boammaaruri o ne a dirile gore ba itumele thata.+ Basadi le bana le bone ba ne ba itumetse, mo e leng gore boitumelo jwa Jerusalema bo ne jwa utlwiwa kgakala thata.+

44 Mo letsatsing leo go ne ga tlhomiwa banna gore ba okamele mabolokelo+ a meneelo,+ a mabutswapele+ le a dikarolo tsa bolesome.*+ Ba ne ba tshwanetse go phuthela mo go one dikarolo tse di tswang kwa masimong a metse tse di neng di batlega go ya ka Molao+ gore e nne tsa baperesiti le Balefi,+ ka gonne batho ba Juda ba ne ba itumetse ka ntlha ya baperesiti le Balefi ba ba neng ba direla. 45 Mme ba ne ba simolola go dira ditiro tsa Modimo wa bone le go diragatsa boikarabelo jwa go itshekisa, fela jaaka baopedi le badisa ba dikgoro ba ne ba dira, go dumalana le ditaelo tsa ga Dafide le morwawe e bong Solomone. 46 Gonne bogologolo mo metlheng ya ga Dafide le Asafe, go ne go na le bakaedi* ba baopedi le ba dipina tsa pako le tsa go leboga Modimo.+ 47 Mme mo motlheng wa ga Serubabele+ le mo motlheng wa ga Nehemia, Baiseraele botlhe ba ne ba naya baopedi+ le badisa ba dikgoro dijo,+ go ya ka se se neng se tlhokega letsatsi le letsatsi. Gape ba ne ba beela kwa thoko karolo e ba e ntshetsang Balefi,+ mme Balefi bone ba ne ba beela kwa thoko karolo e ba tla e ntshetsang ditlogolwana tsa ga Arone.

13 Mo letsatsing leo go ne ga balwa buka ya ga Moshe batho ba reeditse,+ mme mo go yone go ne ga fitlhelwa go kwadilwe gore go se nne le Moamone ope kgotsa Momoabe+ ope yo o tshwanetseng go tsena mo phuthegong ya Modimo wa boammaaruri,+ 2 ka gonne ba ne ba sa naya Baiseraele senkgwe le metsi, go na le moo ba ile ba ba thapela Balaame gore a ba hutse.+ Le fa go ntse jalo, Modimo wa rona o ne a fetola phutso eo a e dira tshegofatso.+ 3 Fela fa ba utlwa Molao oo, ba ne ba simolola go ntsha batho botlhe ba e leng ditlogolwana tsa batswakwa* mo Iseraele.+

4 Jaanong pele ga seno, moperesiti yo o neng a okametse mabolokelo* a ntlo* ya Modimo+ wa rona e ne e le Eliashibe,+ wa losika lwa ga Tobia.+ 5 O ne a neile Tobia bobolokelo* jo bogolo jo pele ba neng ba tle ba beye setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka, borekhu jo bo nkgang monate* le dilwana mo go jone le ditsabosome* tsa dijo tsa ditlhaka, beine e ntšha le leokwane,+ tse di neng di tshwanetse go newa Balefi,+ baopedi le badisa ba dikgoro, mmogo le moneelo wa baperesiti.+

6 Mme mo nakong eno yotlhe ke ne ke se mo Jerusalema, ka gonne ke ne ke boetse kwa kgosing mo ngwageng wa bo32+ wa puso ya ga Kgosi Aretaserese+ wa Babelona; mme nako nngwe moragonyana ke ne ka kopa malatsinyana mo kgosing. 7 Go tswa foo, ke ne ka tla mo Jerusalema mme ka lemoga selo se se bosula se Eliashibe+ a neng a se dirile ka go naya Tobia+ bobolokelo jo bo mo lolwapeng lwa ntlo ya Modimo wa boammaaruri. 8 Seno se ne sa nkgopisa thata, mo ke neng ka latlhela dithoto tsotlhe tsa ntlo tsa ga Tobia kwa ntle ga bobolokelo.* 9 Morago ga moo, ke ne ka laela gore mabolokelo* a itshekisiwe; mme ke ne ka busetsa dilwana tsa ntlo ya Modimo wa boammaaruri,+ le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka le borekhu jo bo nkgang monate+ mo go one.

10 Gape ke ne ka lemoga gore Balefi ba ne ba sa newe dijo+ tse ba neng ba tshwanetse go di newa,+ mo e leng gore Balefi le baopedi ba ba neng ba dira tiro ba ne ba tsamaile, mongwe le mongwe a ile kwa tshimong ya gagwe.+ 11 Ka jalo, ke ne ka kgalemela balaodi+ mme ka re: “Ke ka ntlha yang fa ntlo ya Modimo wa boammaaruri e tlhokomologilwe?”+ Go tswa foo, ke ne ka phutha ba ba neng ba tsamaile mme ka ba busetsa kwa dikabelong tsa bone. 12 Mme batho botlhe ba Juda ba ne ba tlisa ditsabosome+ tsa dijo tsa ditlhaka, beine e ntšha le leokwane kwa mabolokelong.+ 13 Go tswa foo, ke ne ka tlhoma moperesiti Shelemia, Sadoke yo e neng e le mokwalolodi* le Pedaia yo e neng e le Molefi gore ba tlhokomele mabolokelo, mme Hanane morwa Sakure morwa Matania e ne e le mothusi wa bone, ka gonne banna bano ba ne ba tsewa ba ikanyega. E ne e le boikarabelo jwa bone go abela bomorwarraabone dijo.

14 O se ka wa ntebala+ tlhe Modimo wa me ka seno, mme o se ka wa phimola ditiro tsa me tsa lorato lo lo sa kgaotseng tse ke di diretseng ntlo ya gago Modimo wa me le ditirelo tsa yone.*+

15 Mo metlheng eo ke ne ka bona batho mo Juda ba bereka mo* digatisetsong tsa beine ka Sabata,+ ba tlisa mekoa ya dijo tsa ditlhaka ba bo ba e pega mo ditonking, e bile ba tlisa beine, morara,* difeige le merwalo e e farologaneng mo Jerusalema ka letsatsi la Sabata.+ Ka jalo, ke ne ka ba tlhagisa gore ba se ka ba rekisa dilo tseno ka letsatsi leo.* 16 Mme Bature ba ba neng ba nna mo motseng ba ne ba tlisa ditlhapi le dithoto tse di rekisiwang tse di farologaneng, ba di rekisetsa batho ba Juda mo Jerusalema ka Sabata.+ 17 Ka jalo, ke ne ka kgalemela batlotlegi ba Juda mme ka ba raya ka re: “Goreng lo dira selo seno se se bosula lo dira gore letsatsi la Sabata le se ka la nna boitshepo”? 18 A ga se sone se borraalonamogolo ba neng ba se dira, mo Modimo wa rona a neng a tlisa masetlapelo ano otlhe mo go rona le mo motseng ono? Jaanong lo oketsa bogale jo bo tukelang Iseraele ka go dira gore Sabata e se ka ya nna boitshepo.”+

19 Ka jalo, ke ne ka laela gore dikgoro tsa Jerusalema di tswalwe pele go nna lefifi, pele ga Sabata. Gape ke ne ka laela gore di se ka tsa bulwa go fitlha morago ga Sabata, mme ke ne ka tlhoma bangwe ba batlhokomedi ba me kwa dikgorong gore go se ka ga tsenngwa merwalo epe mo motseng ka letsatsi la Sabata. 20 Ka jalo, bagwebi le barekisi ba dithoto tse di farologaneng ba ne ba lala kwa ntle ga Jerusalema gangwe kgotsa gabedi. 21 Go tswa foo, ke ne ka ba tlhagisa mme ka ba raya ka re: “Ke ka ntlha yang fa lo lala fa pele ga lobota? Fa lo ka dira jalo gape, ke tla lo ntsha ka dikgoka.” Go simolola ka nako eo go ya pele ga ba a ka ba tlhola ba tla ka Sabata.

22 Mme ke ne ka bolelela Balefi gore ba iitshekise ka metlha ba bo ba tla go disa dikgoro gore ba boloke letsatsi la Sabata le le boitshepo.+ Seno le sone o se gakologelwe ka ntlha ya me tlhe Modimo wa me, mme o nkutlwele botlhoko go ya ka lorato lwa gago lo logolo lo lo sa kgaotseng.+

23 Mo metlheng eo, gape ke ne ka bona Bajuda ba ba neng ba nyetse* basadi+ ba Baashedoda,+ ba Baamone le ba Bamoabe.+ 24 Halofo ya bomorwaabone e ne e bua Seashedoda mme halofo e nngwe e ne e bua puo ya ditšhaba tse di farologaneng, mme go ne go se ope wa bone yo o neng a kgona go bua puo ya Bajuda. 25 Ka jalo, ke ne ka ba kgalemela ka bo ka ba hutsa mme ke ne ka itaya banna bangwe ba bone,+ ka kumola moriri wa bone ka bo ka dira gore ba ikane ka Modimo ka re: “Lo se ka lwa tsaya bomorwadialona lwa ba nyadisa bomorwaabone, e bile lo se ka lwa tsaya bomorwadiabone lwa ba nyadisa bomorwaalona kgotsa lwa ba nyala.+ 26 A Kgosi Solomone wa Iseraele ga a ka a leofa ka ntlha ya basadi bano? Go ne go se na kgosi epe e e tshwanang le ene mo ditšhabeng tse dintsi;+ e bile Modimo wa gagwe o ne a mo rata,+ mo Modimo a neng a mo tlhoma gore a nne kgosi ya Iseraele yotlhe. Le fa go ntse jalo, le ene basadi ba batswakwa ba ne ba dira gore a leofe.+ 27 Go a gakgamatsa go bo lo dira bosula jo bogolo jono e bile lo direla Modimo wa rona ka go tlhoka boikanyegi ka go nyala basadi ba batswakwa.”+

28 Mongwe wa bomorwa Joiada+ morwa Eliashibe+ yo e leng moperesiti yo mogolo e ne e le mogwe wa ga Sanabalate+ wa Mohorona. Ka jalo, ke ne ka mo leleka.

29 Ba gakologelwe tlhe Modimo wa me, ka gonne ba leswafaditse boperesiti le kgolagano ya boperesiti+ le ya Balefi.+

30 Mme ke ne ka ba itshekisa mo tlhotlheletsong nngwe le nngwe e e bosula ya batswakwa, e bile ke ne ka abela baperesiti le Balefi ditiro, mongwe le mongwe kwa tirong ya gagwe,+ 31 gape ke ne ka rulaganya gore go tlisiwe dikgong+ ka dinako tse di tlhomilweng le gore go tlisiwe maungo a mabutswapele.

O se ka wa ntebala tlhe Modimo wa me, mme o ntshegofatse.+

Mo go kayang “Jah o a Gomotsa.”

Bona Dintlha B15.

Go tewa ngwaga wa bo20 wa ga Kgosi Aretaserese I wa Peresia.

Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”

Kgotsa “Susa.”

Kgotsa “kwa kgaolong e e nang le taolo.”

Kgotsa “tlhagiso eno e o neng wa e naya.”

Bona Dintlha B15.

Kgotsa “ba ba Ka Kwa ga Euferatese.”

Kgotsa “sekgwa sa kgosi.”

Kgotsa “Tempele.”

Seheb., “motlhanka.”

Kgotsa “mo molapong.”

Seheb., “ba nonotsha diatla tsa bone.”

Seheb., “motlhanka.”

Seheb., “segopotso.”

Kgotsa “ba e neela.”

Seheb., “ga ba a ka ba tsenya melala ya bone.”

Seheb., “ba e leng ba setulo sa bogosi sa.”

Kgotsa “wa Ka Kwa ga Euferatese.”

Kgotsa “badiri ba dinkgisamonate.”

Kgotsa “karolo e e lekantsweng.”

Kgotsa “Diobene.”

Seheb., “dikubita di le 1 000.” Bona Dintlha B14.

Kgotsa gongwe “kgaolo e e gaufi.”

Kgotsa “mo Ntlong ya Segosi.”

Kgotsa “Banethinime.” Seheb., “ba ba abilweng.”

Kgotsa “ntlwana;” “phaposi.”

Kgotsa “Banethinime.” Seheb., “ba ba abilweng.”

Kgotsa “a kgopisega.”

Seheb., “mo ditlhogong tsa bone.”

Kgotsa “Batho ba ba tsayang merwalo.”

Seheb., “ka makgetlo a le lesome.”

Kgotsa “mmisaele.”

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Seheb., “nama ya bomorwarraarona e ntse jaaka nama ya rona.”

Kgotsa “peresente e le 1,” go tewa ka kgwedi.

Seheb., “ke ne ka tlhotlhora sehuba sa me.”

Kgotsa “A go nne jalo!”

Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.

Kgotsa “duelela.”

Seheb., “go tswa mo pelong ya gago.”

Bona Dintlha B15.

Seheb., “ba ne ba wa thata mo matlhong a bone.”

Seheb., “fa letsatsi le nna mogote.”

Gongwe go tewa porofense ya Babelona kgotsa porofense ya Juda.

Kgotsa “Banethinime.” Seheb., “Ba ba abilweng.”

Kgotsa “Banethinime.” Seheb., “Ba ba abilweng.”

Kgotsa “ba ne ba se ka ba akarediwa mo boperesiting ka gonne ba ne ba tsewa ba itshekologile.”

Kgotsa “Motireshatha,” sereto sa Seperesia se se dirisediwang go bitsa mmusi wa porofense.

Kgotsa “Motireshatha,” sereto sa Seperesia se se dirisediwang go bitsa mmusi wa porofense.

E ne e lekana le dariki ya gauta ya Peresia ya bokete jwa 8,4 g. Ga se derakema e go buiwang ka yone mo Dikwalong Tsa Segerika. Bona Dintlha B14.

Mo Dikwalong Tsa Sehebera maena o lekana le 570 g. Bona Dintlha B14.

Kgotsa “Banethinime.” Seheb., “ba ba abilweng.”

Seheb., “le Iseraele yotlhe.”

Kgotsa “mokwadi.”

Kgotsa “mokwadi.”

Kgotsa “A go nne jalo!”

Kgotsa “ba ne ba dira gore se se balwang se tlhaloganngwe.”

Kgotsa “Motireshatha,” sereto sa Seperesia se se dirisediwang go bitsa mmusi wa porofense.

Kgotsa “mokwadi.”

Seheb., “dilo tse di mafura.”

Seheb., “boipelo jwa ga Jehofa ke kago ya lona e e thata.”

Kgotsa “mokwadi.”

Bona “Moletlo wa Diobo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Seheb., “ba fetsa karolo ya bonê mo letsatsing.”

Kgotsa “go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.”

Kgotsa “melao e e ka ikanngwang.”

Seheb., “wa tsholetsa seatla sa gago.”

Seheb., “ba thatafatsa thamo ya bone.”

Seheb., “ba thatafatsa thamo ya bone.”

Kgotsa “pelontle.”

Kgotsa “bopelonomi jwa lorato.”

Bona polelwana “Khuti ya go bolokela metsi” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Seheb., “ba ne ba latlhela Molao wa gago kwa morago ga bone.”

Kgotsa “gatake.”

Kgotsa “pelontle.”

Kgotsa “ditlhagiso.”

Seheb., “Di laola mebele ya rona.”

Kgotsa “sekano.”

Kgotsa “Motireshatha,” sereto sa Seperesia se se dirisediwang go bitsa mmusi wa porofense.

Kgotsa “Banethinime.” Seheb., “ba ba abilweng.”

Kgotsa gongwe “botlhe ba ba neng ba godile mo ba neng ba ka kgona go tlhaloganya.”

Seheb., “nngwetharong (1/3) ya shekele.” Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.

Kgotsa “tempele.”

Go tewa senkgwe se se bewang fa pele ga Modimo.

Kgotsa “kwa diholong tsa bojelo.”

Seheb., “nngwesomeng (1/10).”

Kgotsa “kwa diholong tsa bojelo.”

Kgotsa “kwa diholong tsa bojelo.”

Kgotsa “kgaolo e e nang le taolo.”

Kgotsa “Banethinime.” Seheb., “ba ba abilweng.”

Kgotsa “tempeleng.”

Kgotsa “Banethinime.” Seheb., “Ba ba abilweng.”

Go ka tswa go tewa Kgosi Aretaserese.

Seheb., “o ne a le ka fa seatleng sa kgosi.”

Kgotsa “kampa.”

Kgotsa gongwe “ka nako ya tirelo.”

Go bonala mo Sehebereng go tlogetswe leina fano.

Kgotsa “mokwadi.”

Kgotsa “Mme baopedi ba ba katisitsweng.”

Go tewa kgaolo e e dikologileng Joredane.

Kgotsa “mokwadi.”

Kgotsa “se tsamaya kwa pele.”

Kgotsa “Diobene.”

Kgotsa “ditsabosome.”

Seheb., “ditlhogo.”

Kgotsa “ditlogolwana tsa madi a a tlhakaneng.”

Kgotsa “diholo tsa bojelo.”

Kgotsa “tempele.”

Kgotsa “holo ya bojelo.”

Seheb., “lebano.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.

Kgotsa “dikarolo tsa bolesome.”

Kgotsa “holo ya bojelo.”

Kgotsa “diholo tsa bojelo.”

Kgotsa “mokwadi.”

Kgotsa “le go tlhokomelwa ga yone.”

Kgotsa “ba gata.”

Kgotsa “diterebe; moretlwa.”

Kgotsa gongwe “ke ne ka ba tlhagisa mo letsatsing leo gore ba se ka ba rekisa dilo tseo.”

Kgotsa “ba ne ba tsentse mo matlong a bone.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela