ESETHERE
1 Jaanong mo motlheng wa ga Ahasueruse,* yo o neng a busa diporofense* di le 127+ go simologa kwa India go ya kwa Ethiopia,* 2 mo motlheng oo fa Kgosi Ahasueruse a ne a ntse mo setulong sa gagwe sa bogosi mo kagong ya phemelo* ya Shushane,*+ 3 mo ngwageng wa boraro wa puso ya gagwe, o ne a direla dikgosana tsa gagwe tsotlhe le batlhanka ba gagwe mokete. Masole a Peresia+ le Media,+ batlotlegi le dikgosana tsa diporofense* ba ne ba le fa pele ga gagwe, 4 mme o ne a fetsa malatsi a le 180 a ba bontsha dikhumo tsa bogosi jwa gagwe jo bo galalelang e bile a ba bontsha gore o na le maatla a magolo le gore o a tlotlega. 5 Morago ga malatsi ano, kgosi e ne ya dira mokete mo lolwapeng lwa tshingwana ya ntlo ya segosi malatsi a le supa e o direla batho botlhe ba ba neng ba le teng mo kagong ya phemelo* ya Shushane,* go simologa ka ba bagolo go fitlha ka ba babotlana. 6 Lolwapa loo lo ne lo kgabisitswe ka digaretene tse ditshweu le tse di botala jwa loapi di bofeletswe ka megala ya letsela le le boleta le wulu e phepole. Digaretene tseno di ne di pegilwe mo masekeng a selefera di bo di bofelelwa mo dipilareng tsa mmabole e bile go ne go na le disofa tsa gauta le selefera di le mo boalong jwa leje la pofiri,* mmabole, perela le mmabole o montsho.
7 Beine e ne e nwelwa mo dikoping* tsa gauta; kopi nngwe le nngwe e ne e farologane le e nngwe, mme beine ya segosi e ne e le ntsi thata, jaaka go tshwanela kgosi. 8 Go ne go ntshitswe taelo ya gore go se nne le motho ope yo o patelediwang* go nwa, ka gonne kgosi e ne e rulagantse le balaodi ba ntlo ya yone ya segosi gore mongwe le mongwe a dire kafa a ratang ka gone.
9 Kgosigadi Fasheti+ le ene o ne a direla basadi mokete kwa ntlong ya segosi ya ga Kgosi Ahasueruse.
10 Ka letsatsi la bosupa, fa kgosi* e ne e itumetse ka ntlha ya beine, e ne ya laela Mehumane, Bisetha, Harebona,+ Bigetha, Abagetha, Sethare le Karakase, e leng badiredibagolo ba ntlo ya kgosi ba le supa ba e neng e le batlhokomedi ba ga Kgosi Ahasueruse, 11 gore ba tlise Kgosigadi Fasheti fa pele ga gagwe a rwele serwalo sa segosi,* gore a bontshe ditšhaba le dikgosana bontle jwa gagwe, ka gonne o ne a le montle thata. 12 Le fa go ntse jalo, Kgosigadi Fasheti o ne a nna a gana go ya kwa kgosing go ya ka taelo e kgosi e neng e e ntshitse e dirisa badiredibagolo. Foo kgosi e ne ya tenega thata, mme e ne ya tuka bogale.
13 Go tswa foo, kgosi e ne ya bua le banna ba ba botlhale ba ba neng ba na le kitso ya ditiragalo tsa mo nakong e e fetileng* (ka gonne kgang ya kgosi e ne ya tla ka tsela eno fa pele ga botlhe ba ba itseng molao le dikgetsi tsa molao, 14 mme ba ba neng ba atamalane thata le ene e ne e le Kareshena, Shethare, Adamatha, Tareshishe, Merese, Maresena le Memukane, e leng dikgosana tse supa+ tsa Peresia le Media, tse di neng di kgona go tsena kwa kgosing e bile di na le maemo a a kwa godimo mo bogosing joo). 15 Kgosi e ne ya ba botsa jaana: “Go ya ka molao, ke eng se Kgosigadi Fasheti a tshwanetseng go se dirwa ka gonne a sa ikobela taelo ya ga Kgosi Ahasueruse e a neng a e ntshitse a dirisa badiredibagolo?”
16 Foo Memukane o ne a bua jaana fa pele ga kgosi le dikgosana: “Kgosigadi Fasheti ga a direla kgosi e le nosi phoso,+ mme o e diretse le dikgosana tsotlhe le ditšhaba tsotlhe tse di mo diporofenseng tsotlhe* tsa ga Kgosi Ahasueruse. 17 Gonne basadi botlhe ba ba nyetsweng ba tla itse se kgosigadi e se dirileng, mme ba tla nyatsa banna ba bone ba bo ba re, ‘Kgosi Ahasueruse o ne a laela gore Kgosigadi Fasheti a tlisiwe fa pele ga gagwe, mme o ne a gana go tla.’ 18 Mo letsatsing leno, bahumagadi ba Peresia le Media ba ba itseng se kgosigadi e se dirileng, ba tla bua le dikgosana tsotlhe tsa kgosi, mme seo se tla felela ka gore go nne le lenyatso le legolo le bogale jo bogolo. 19 Fa e le gore kgosi e bona seno se le molemo, a kgosi e ntshe taelo mme e kwalwe mo melaong ya Peresia le Media, e e ka se kang ya fetolwa,+ gore Fasheti a se ka a tlhola a tla fa pele ga ga Kgosi Ahasueruse; mme a kgosi e tseye maemo a gagwe a segosi mme e a neye mosadi yo o botoka mo go Fasheti. 20 Mme fa batho botlhe mo bogosing jotlhe jwa yone jo bogolo ba utlwa taelo eo ya kgosi, basadi botlhe ba ba nyetsweng ba tla tlotla banna ba bone, go simolola ka ba bagolo go fitlha ka ba babotlana.”
21 Kgosi le dikgosana ba ne ba itumelela kakantsho eno, mme kgosi e ne ya dira se Memukane a neng a se buile. 22 Ka jalo, e ne ya romela makwalo kwa diporofenseng tsotlhe tse e di laolang,*+ porofense* nngwe le nngwe e kwaletswe ka mokwalo wa yone* le setšhaba sengwe le sengwe se kwaletswe ka puo ya sone, gore monna mongwe le mongwe yo o nyetseng a nne kgosana mo ntlong ya gagwe e bile a bue puo ya batho ba gagabo.
2 Morago ga dilo tseno, fa bogale jwa ga Kgosi Ahasueruse+ bo sena go kokobela, o ne a gakologelwa se Fasheti a se dirileng+ le tshwetso e e neng e dirilwe ka ene.+ 2 Go tswa foo, batlhokomedi ba kgosi ba ne ba re: “A go nne le letsholo la go batlela kgosi makgarebane a mantle. 3 Mme a kgosi e tlhome balaodi mo diporofenseng tsotlhe* tse di mo bogosing jwa yone+ gore ba phuthele makgarebane otlhe a mantle kwa kagong ya phemelo* ya Shushane,* kwa ntlong ya basadi.* A ba tlhokomelwe ke Hegai+ yo e leng motlhanka* wa kgosi e bile e le motlhokomedi wa basadi, mme a ba dirwe bantle le go feta.* 4 Mme lekgarebe le le tla itumedisang kgosi thata le tla nna kgosigadi mo boemong jwa ga Fasheti.”+ Kgosi e ne ya itumelela kakantsho eo, mme e ne ya dira jalo.
5 Go ne go na le monna mongwe wa Mojuda kwa kagong ya phemelo* ya Shushane,*+ yo leina la gagwe e neng e le Moredekai+ morwa Jaire morwa Shimei morwa Kishe wa Mobenjamine,+ 6 yo o neng a isitswe botshwarwa go tswa kwa Jerusalema a na le batho ba ba neng ba tsewa le Kgosi Jekonia*+ wa Juda, yo Kgosi Nebukadenesare wa Babelona a neng a mo isa botshwarwa. 7 E ne e le motlhokomedi wa ga Hadasa,* e leng Esethere, morwadia rangwanaagwe,+ ka gonne o ne a se na rre kgotsa mmê. Lekgarebe leno le ne le bopegile sentle e bile le le lentle, mme fa rraagwe le mmaagwe ba ne ba tlhokafala, Moredekai o ne a mo tsaya gore a nne morwadie. 8 Fa batho ba ne ba itsisiwe lefoko la kgosi le molao wa yone, le fa makgarebe a mantsi a ne a phuthelwa mmogo kwa kagong ya phemelo* ya Shushane* mme a ne a tlhokomelwa ke Hegai,+ Esethere le ene o ne a isiwa kwa ntlong ya kgosi* mme a tlhokomelwa ke Hegai yo e leng motlhokomedi wa basadi.
9 Jaanong lekgarebe leno le ne le kgatlha Hegai e bile o ne a mo amogela,* ka jalo ka yone nako eo o ne a rulaganya gore a dirwe montle le go feta*+ a bo a newe dijo tse di siameng, e bile o ne a mo naya makgarebe a le supa a a tlhophilweng go tswa kwa ntlong ya kgosi. Gape o ne a mo fudusetsa le batlhokomedi ba gagwe kwa lefelong le le a gaisang otlhe mo ntlong ya basadi.* 10 Esethere ga a ka a bua sepe ka batho ba gagabo+ kgotsa ka ba masika a gagwe, ka gonne Moredekai+ o ne a mo laetse gore a se ka a bolelela ope.+ 11 Letsatsi le letsatsi Moredekai o ne a tle a tsamaye fa pele ga lolwapa lwa ntlo ya basadi* gore a utlwe gore Esethere o tsoga jang le gore go direga eng ka ene.
12 Lekgarebe lengwe le lengwe le ne le na le nako ya lone ya go tsena kwa go Kgosi Ahasueruse fa le sena go fetsa dikgwedi di le 12 tse di neng di rulaganyeditswe gore makgarebe a dirwe mantle le go feta, ka gonne eo e ne e le tsela e a neng a tshwanetse go dirwa mantle ka yone.* A ne a fetsa dikgwedi di le thataro a tshasiwa leokwane le le dirilweng ka borekhu jo bo nkgang monate*+ le dikgwedi di le thataro a tshasiwa leokwane la balema+ le ditlôlô tse di farologaneng tse basadi ba neng ba dirwa bantle ka tsone.* 13 Go tswa foo, lekgarebe le ne le siametse go tsena kwa kgosing, mme sepe fela se le neng le se kopa le ne le tla se newa fa le tswa kwa ntlong ya basadi* le ya kwa ntlong ya kgosi. 14 Le ne le tsena kwa kgosing fa go nna maitseboa, mme mo mosong le ne le boela kwa ntlong ya bobedi ya basadi,* mme le ne le tlhokomelwa ke Shaashegase yo e neng e le motlhanka wa kgosi,+ e bile e le motlhokomedi wa bagadingwana. Le ne le ka se tsene gape kwa kgosing ntle le fa le ne le kgatlhile kgosi thata e bile le biditswe ka leina.+
15 Mme e rile e nna nako ya gore Esethere morwadia Abihaile rangwanaagwe Moredekai, yo Moredekai a neng a mo tsere gore e nne morwadie,+ a tsene kwa kgosing, ga a ka a kopa sepe ntle le se Hegai motlhanka wa kgosi, yo e neng e le motlhokomedi wa basadi, a neng a mo laetse gore a se kope. (Mo nakong eno yotlhe Esethere o ne a itumelelwa ke mongwe le mongwe yo a neng a mmona.) 16 Esethere o ne a isiwa kwa go Kgosi Ahasueruse kwa ntlong ya gagwe ya segosi mo kgweding ya bolesome, e leng kgwedi ya Tebethe,* mo ngwageng wa bosupa+ wa puso ya gagwe. 17 Mme kgosi e ne ya rata Esethere go feta basadi ba bangwe botlhe, mme e ne ya mo itumelela ya bo ya mo amogela* go feta makgarebane a mangwe otlhe. Ka jalo, e ne ya mo rwesa serwalo sa segosi* mo tlhogong ya bo ya mo dira kgosigadi+ mo boemong jwa ga Fasheti.+ 18 Kgosi e ne ya direla dikgosana tsotlhe le batlhanka botlhe ba yone mokete o mogolo, e leng mokete wa ga Esethere. Go tswa foo, e ne ya itsise kgololo mo diporofenseng tsotlhe,* mme e ne ya nna ya aba dimpho go ya ka bopelotshweu jwa yone.
19 Jaanong fa makgarebane+ a ne a tlisiwa otlhe lekgetlo la bobedi, Moredekai o ne a ntse mo kgorong ya kgosi. 20 Esethere ga a ka a bua sepe ka ba masika a gagwe le ka batho ba gagabo,+ fela jaaka Moredekai a ne a mo laetse; Esethere o ne a tswelela a dira se Moredekai a neng a se bua, fela jaaka ka nako ya fa a ne a mo tlhokomela.+
21 Mo malatsing ao fa Moredekai a ne a ntse mo kgorong ya kgosi, badiredibagolo ba babedi ba ntlo ya kgosi e bong Bigethana le Tereshe, ba e neng e le balebedi ba dikgoro, ba ne ba galefa mme ba loga leano la go bolaya Kgosi Ahasueruse.* 22 Mme gone, Moredekai o ne a itse ka seo, mme ka yone nako eo o ne a bolelela Kgosigadi Esethere. Foo Esethere o ne a bolelela kgosi dikgang tse di tswang kwa go Moredekai.* 23 Ka jalo, go ne ga dirwa dipatlisiso ka kgang eo mme ga fitlhelwa e le boammaaruri, mme banna bao boobabedi ba ne ba kalediwa mo koteng; mme seno sotlhe se ne sa kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha fa pele ga kgosi.+
3 Morago ga seno, Kgosi Ahasueruse o ne a tlhatlosa Hamane+ morwa Hamedatha wa Moagage+ maemo a bo a mo tlotlomatsa ka go dira gore setulo sa gagwe sa bogosi se nne kwa godimo ga sa dikgosana tse dingwe tsotlhe tse di neng di na le ene.+ 2 Mme batlhanka botlhe ba kgosi ba ba neng ba le mo kgorong ya kgosi ba ne ba tshwanetse go obama le go ikoba fa fatshe fa pele ga ga Hamane, ka gonne seno ke se kgosi e neng e laetse gore se dirwe. Le fa go ntse jalo, Moredekai o ne a gana go obama kgotsa go ikoba fa fatshe. 3 Ka jalo, batlhanka ba kgosi ba ba neng ba le mo kgorong ya kgosi ba ne ba raya Moredekai ba re: “Ke ka ntlha yang fa o itlhokomolosa taelo ya kgosi?” 4 Letsatsi le letsatsi ba ne ba tle ba mmotse potso eo, le fa go ntse jalo, o ne a sa ba reetse. Foo ba ne ba bolelela Hamane gore ba bone gore a tsela e Moredekai a neng a itshwara ka yone e tla amogelesega;+ ka gonne o ne a ba boleletse gore ke Mojuda.+
5 Jaanong fa Hamane a ne a bona gore Moredekai o gana go obama le go ikobela fa fatshe fa pele ga gagwe, Hamane o ne a galefa fela thata.+ 6 Le fa go ntse jalo, o ne a bona gore o tla bo a itigile seriti fa a ka bolaya Moredekai* fela, ka gonne ba ne ba mmoleletse gore Moredekai ke Mojuda. Go tswa foo, Hamane o ne a batla go bolaya Bajuda botlhe ba ba neng ba le mo bogosing jotlhe jwa ga Ahasueruse, setšhaba sotlhe sa gagabo Moredekai.
7 Mo kgweding ya ntlha, e leng kgwedi ya Nisane,* mo ngwageng wa bo12+ wa puso ya ga Kgosi Ahasueruse, ba ne ba latlhela Pure+ (go tewa Bola) fa pele ga ga Hamane gore ba tlhomamise gore seno se tla dirwa ka letsatsi lefe mo kgweding efe, mme e ne ya supa kgwedi ya bo12, e leng kgwedi ya Adare.*+ 8 Go tswa foo, Hamane o ne a raya Kgosi Ahasueruse a re: “Go na le setšhaba sengwe se se gasameng le se se anameng+ mo diporofenseng tsotlhe* tse di mo bogosing jwa gago,+ se melao ya sone e farologaneng le ya ditšhaba tse dingwe tsotlhe; e bile ga se ikobele melao ya kgosi, mme kgosi ga e a tshwanela go se tlogela fela. 9 Fa e le gore kgosi e bona seno se le molemo, a go kwalwe molao wa gore ba bolawe. Ke tla naya balaodibagolo ditalenta* tsa selefera di le 10 000 gore ba di tsenye mo bobolokelamatlotlong jwa kgosi.”*
10 Fa a rialo, kgosi e ne ya ntsha palamonwana ya yone e e tshwayang+ mo monwaneng mme ya e naya Hamane+ morwa Hamedatha wa Moagage,+ yo e neng e le mmaba wa Bajuda. 11 Kgosi e ne ya raya Hamane ya re: “Selefera* le batho bao ke tsa gago, dira sepe fela se o se batlang ka bone.” 12 Go tswa foo, go ne ga bidiwa bakwaledi ba kgosi+ mo letsatsing la bo13 la kgwedi ya ntlha. Ba ne ba kwala+ ditaelo tsotlhe tse Hamane a neng a laela gore di itsisiwe babusi ba dikgaolo ba kgosi, balaodi ba ba neng ba okametse diporofense,* le dikgosana tsa ditšhaba tse di farologaneng, porofense* nngwe le nngwe e ne e kwalelwa ka mokwalo wa yone* le setšhaba sengwe le sengwe se kwalelwa ka puo ya sone. Ba ne ba di kwala ka leina la ga Kgosi Ahasueruse ba bo ba di tshwaya ka palamonwana ya kgosi e e tshwayang.+
13 Makwalo ao a ne a romelwa ka barongwa kwa diporofenseng* tsotlhe tsa kgosi, a na le taelo ya gore mo letsatsing le le lengwe, ka letsatsi la bo13 la kgwedi ya bo12, e leng kgwedi ya Adare+ go nyelediwe, go bolaiwe go bo go senngwe Bajuda botlhe, ba bannye le ba bagolo, bana le basadi, le gore go gapiwe dithoto tsa bone.+ 14 Lekwalo leo le le kwalolotsweng le ne le tshwanetse go ntshiwa e le molao mo porofenseng* nngwe le nngwe e bile ditšhaba tsotlhe di ne di tshwanetse go itsisiwe ka lone, gore di tle di ipaakanyetse letsatsi leo. 15 Barongwa ba ne ba tswa ka bonako+ go ya ka taelo ya kgosi; molao ono o ne wa ntshiwa kwa kagong ya phemelo* ya Shushane.*+ Go tswa foo, kgosi le Hamane ba ne ba nna fa fatshe ba nwa, le fa go ntse jalo go ne go na le tlhakatlhakano mo motseng wa Shushane.*
4 E rile Moredekai+ a utlwa ka sengwe le sengwe se se neng se dirilwe,+ o ne a gagoganya diaparo tsa gagwe mme a apara letsela la kgetsi a bo a itshela melora. Go tswa foo, o ne a tswela kwa gare ga motse, a goa a lela selelo se se botlhoko. 2 O ne a ya go fitlha kwa kgorong ya kgosi a bo a ema, ka gonne go ne go se na motho ope yo o tshwanetseng go tsena mo kgorong ya kgosi a apere letsela la kgetsi. 3 Mme mo porofenseng* nngwe le nngwe+ kwa lefoko la kgosi le molao wa yone o neng o fitlhile gone, Bajuda ba ne ba hutsafala thata, ba ne ba itima dijo+ e bile ba lela mo go botlhoko. Ba le bantsi ba ne ba rapame mo letseleng la kgetsi le mo meloreng.+ 4 Fa batlhokomedi ba ga Esethere ba basadi le baopafadiwa* ba gagwe ba tla kwa go ene ba bo ba mmolelela, kgosigadi eno e ne ya tshwenyega thata. Foo e ne ya romela diaparo kwa go Moredekai gore a di apare go na le go apara letsela la kgetsi, mme o ne a di gana. 5 Morago ga moo, Esethere o ne a bitsa Hathake, mongwe wa baopafadiwa ba kgosi, yo kgosi e neng e mo tlhomile gore a direle Esethere, mme o ne a mo laela gore a ye go botsa kwa go Moredekai gore seno se ne se kaya eng le gore go direga eng.
6 Ka jalo, Hathake o ne a ya kwa go Moredekai kwa patlelong ya motse fa pele ga kgoro ya kgosi. 7 Moredekai o ne a mmolelela sengwe le sengwe se se neng se mo diragaletse a bo a mmolelela le ka madi+ a Hamane a neng a solofeditse gore o tla a tsenya kwa bobolokelamatlotlong jwa kgosi gore Bajuda ba bolawe.+ 8 Gape o ne a mo naya khopi ya molao o o kwadilweng o o neng o ntshitswe kwa Shushane*+ gore ba bolawe. Hathake o ne a tshwanetse go e bontsha Esethere le go mo tlhalosetsa seemo a bo a mo laela+ gore a ye kwa kgosing a ye go kopa gore e mo utlwele botlhoko a bo a kopele le batho ba gagabo.
9 Hathake o ne a boela kwa go Esethere mme a mmolelela se Moredekai a neng a se buile. 10 Esethere o ne a bolelela Hathake ditaelo tseno tse a neng a tshwanetse go di bolelela Moredekai:+ 11 “Batlhanka botlhe ba kgosi le batho ba ba nnang mo diporofenseng* tsa kgosi ba a itse gore fa monna kgotsa mosadi ope a tsena mo lolwapeng lo lo kwa teng lwa kgosi+ a sa bidiwa, go na le molao ono o le mongwe fela o o latelwang: O tshwanetse go bolawa; a ka tshela fela fa kgosi e ka otlololela lore lwa yone lwa segosi lwa gauta kwa go ene.+ Mme nna, ke na le malatsi a le 30 jaanong ke ise ke bidiwe kwa kgosing.”
12 Fa Moredekai a ne a bolelelwa se Esethere a neng a se buile, 13 o ne a araba Esethere jaana: “O se ka wa akanya gore dilo di tla go tsamaela sentle go gaisa Bajuda ba bangwe botlhe le gore o tla falola fela ka gonne o le mo ntlong ya kgosi. 14 Gonne fa o didimala fela, Bajuda ba tla bona kgololo le poloko go tswa mo motsweding o mongwe,+ mme wena le ba lelapa la ga rrago lo tla bolawa. Le gone ke mang yo o itseng gore o ka tswa o neilwe maemo ano a segosi gore o tle o thuse mo nakong e e tshwanang le eno?”+
15 Foo Esethere o ne a araba Moredekai a re: 16 “Tsamaya mme o phuthe Bajuda botlhe ba ba leng mo Shushane* lo bo lo itima dijo+ mo boemong jwa me. Lo se ka lwa ja sepe kgotsa lwa nwa sepe malatsi a le mararo,+ bosigo le motshegare. Nna le batlhokomedi ba me ba basadi, le rona re tla itima dijo. Ke tla tsena kwa kgosing, e leng selo se se sa dumalaneng le molao, mme fa e le gore ke tla bolawa, ke tla bolawa.” 17 Ka jalo, Moredekai o ne a tsamaya mme a dira sotlhe se Esethere a neng a mo laetse gore a se dire.
5 Mo letsatsing la boraro+ Esethere o ne a apara diaparo tse ditelele tsa segosi a bo a ema mo lolwapeng lo lo kwa teng lwa ntlo ya kgosi,* go lebagana le ntlo ya kgosi, fa kgosi yone e ne e ntse mo setulong sa yone sa bogosi mo ntlong ya segosi go lebagana le kgoro. 2 Fela fa kgosi e bona Kgosigadi Esethere a eme mo lolwapeng, e ne ya mo amogela, mme kgosi e ne ya otlololela Esethere lore lwa segosi lwa gauta+ lo lo neng lo le mo seatleng sa yone. Foo Esethere o ne a atamela a bo a tshwara ntlha ya lore loo lwa segosi.
3 Kgosi e ne ya mmotsa jaana: “Bothata ke eng Kgosigadi Esethere? Ke eng se o se kopang? Tota le fa o ka kopa halofo ya bogosi jwa me, o tla e newa!” 4 Esethere o ne a araba jaana: “Fa e le gore seno se itumedisa kgosi, a gompieno kgosi le Hamane+ ba tle kwa moketeng o ke o diretseng kgosi.” 5 Ka jalo, kgosi e ne ya raya banna ba yone ya re: “Bolelelang Hamane gore a tle kwano ka bonako, fela jaaka Esethere a kopile.” Ka jalo, kgosi le Hamane ba ne ba ya kwa moketeng o Esethere a neng a o dirile.
6 Fa mokete wa beine o ntse o tsweletse, kgosi e ne ya raya Esethere ya re: “Ke eng se o se batlang? O tla se newa! Le gone ke eng se o se kopang? Tota le fa o ka kopa halofo ya bogosi jwa me, o tla e newa!”+ 7 Esethere o ne a araba a re: “Se ke se batlang le se ke se kopang ke seno, 8 Fa e le gore kgosi e a nkamogela e bile fa e le gore kgosi e itumelela go nnaya se ke se batlang le go diragatsa se ke se kopang, a kgosi le Hamane ba tle kwa moketeng o ke tla ba o direlang kamoso; mme kamoso ke tla dira go dumalana le se kgosi e se buang.”
9 Mo letsatsing leo, Hamane o ne a tsamaya a itumetse e bile pelo ya gagwe e ipela. Mme e rile Hamane a bona Moredekai fa kgorong ya kgosi e bile a lemoga gore ga a ka a ema le go roroma fa a mmona, Hamane o ne a galefela Moredekai+ fela thata. 10 Le fa go ntse jalo, Hamane o ne a itshwara a bo a ya kwa ntlong ya gagwe. Go tswa foo, o ne a laela gore go bidiwe ditsala tsa gagwe le mosadi wa gagwe e bong Sereshe.+ 11 Hamane o ne a ikgantsha ka dikhumo tsa gagwe tse dintsi, bomorwawe ba bantsi+ le kafa kgosi e neng e mo tlhatlositse maemo ka gone ya bo ya mo tlotlomatsa go feta dikgosana le batlhanka ba kgosi.+
12 Gape Hamane o ne a re: “Mo godimo ga moo, Kgosigadi Esethere o ne a laleditse nna mme e seng ope o sele gore ke tsamaye le kgosi kwa moketeng o a neng a o dirile.+ Le kamoso o ntaleditse gore ke nne teng gape le kgosi.+ 13 Le fa go ntse jalo, dilo tseno tsotlhe ga di nkgotsofatse fa fela ke sa ntse ke bona Moredekai wa Mojuda a ntse mo kgorong ya kgosi.” 14 Ka jalo, mosadi wa gagwe e bong Sereshe le ditsala tsa gagwe tsotlhe ba ne ba mo raya ba re: “Laela gore go baakanngwe kota e e boleele jwa dimetara di le 22.* Mme mo mosong o bolelele kgosi gore Moredekai a kalediwe mo go yone.+ Go tswa foo, o bo o tsamaya le kgosi o ya go itumela kwa moketeng.” Hamane o ne a rata kakantsho eno, mme a laela gore go baakanngwe kota.
6 Mo bosigong joo, kgosi ga e a ka ya kgona go robala.* Ka jalo, e ne ya laela gore go tlisiwe buka ya dipego tsa ditiragalo tsa metlha eo,+ mme e ne ya balelwa kgosi. 2 Go ne ga fitlhelwa go kwadilwe se Moredekai a neng a se begile ka badiredibagolo ba babedi ba ntlo ya kgosi e bong Bigethana le Tereshe, ba e neng e le balebedi ba dikgoro, ba ba neng ba logile leano la go bolaya Kgosi Ahasueruse.*+ 3 Kgosi e ne ya botsa jaana: “Moredekai o ne a tlotliwa jang e bile o ne a lebogiwa ka eng ka ntlha ya seo?” Foo batlhokomedi ba kgosi ba ne ba re: “Ga a ka a direlwa sepe.”
4 Moragonyana kgosi e ne ya re: “Ke mang yo o mo lolwapeng?” Jaanong Hamane o ne a tlile mo lolwapeng+ lo lo ka fa ntle lwa ntlo ya kgosi* a tlile go bua le kgosi ka kgang ya gore Moredekai a kalediwe mo koteng e a neng a e mmaakanyeditse.+ 5 Batlhokomedi ba kgosi ba ne ba mo raya ba re: “Hamane+ ke ene a emeng mo lolwapeng.” Ka jalo, kgosi e ne ya re: “Mo letleng a tsene.”
6 Fa Hamane a tsena, kgosi e ne ya mo raya ya re: “Ke eng se se tshwanetseng go direlwa monna yo kgosi e batlang go mo tlotla?” Hamane o ne a bua jaana mo pelong: “Tota ke mang yo kgosi e ka batlang go mo tlotla, fa e se nna?”+ 7 Ka jalo, Hamane o ne a raya kgosi a re: “Fa e le monna yo kgosi e batlang go mo tlotla, 8 a ba tlise diaparo tsa segosi+ tse kgosi e di aparang le pitse e kgosi e e palamang, e rwesitswe serwalo sa segosi mo tlhogong ya yone. 9 Go tswa foo, a diaparo tseo le pitse eo di newe mongwe wa dikgosana tsa kgosi tse di tlotlegang, mme a ba di apese monna yo kgosi e batlang go mo tlotla ba bo ba dira gore a tsamaye a palame pitse mo patlelong ya motse. Ba tlhaeletse fa pele ga gagwe ba re: ‘Go dirwa jaana ka monna yo kgosi e batlang go mo tlotla!’”+ 10 Ka yone nako eo, kgosi e ne ya raya Hamane ya re: “Itlhaganele! Tsaya diaparo le pitse, mme o direle Moredekai wa Mojuda yo o ntseng mo kgorong ya kgosi fela jaaka o buile. O se ka wa tlogela sepe sa dilo tse o di buileng.”
11 Ka jalo, Hamane o ne a tsaya diaparo le pitse, mme o ne a di apesa Moredekai+ a bo a dira gore a tsamaye a palame pitse mo patlelong ya motse a bo a tlhaeletsa jaana fa pele ga gagwe: “Go dirwa jaana ka monna yo kgosi e batlang go mo tlotla!” 12 Morago ga moo, Moredekai o ne a boela kwa kgorong ya kgosi, mme Hamane ene o ne a itlhaganelela kwa ntlong ya gagwe, a hutsafetse e bile a ikhurumeditse tlhogo. 13 E rile Hamane a bolelela mosadi wa gagwe e bong Sereshe+ le ditsala tsa gagwe tsotlhe sengwe le sengwe se se neng se mo diragaletse, banna ba gagwe ba ba botlhale le mosadi wa gagwe e bong Sereshe ba ne ba mo raya ba re: “Fa e le gore Moredekai, yo o setseng a na le maemo a a kwa godimo ga a gago ke Mojuda,* ga o kitla o mo fenya; ruri o tla wa fa pele ga gagwe.”
14 Fa ba ne ba ntse ba bua le ene, badiredibagolo ba ntlo ya kgosi ba ne ba goroga mme ba ne ba itlhaganela ba isa Hamane kwa moketeng o Esethere a neng a o dirile.+
7 Ka jalo, kgosi le Hamane+ ba ne ba ya kwa moketeng wa ga Kgosigadi Esethere. 2 Mo letsatsing la bobedi la mokete wa beine, kgosi e ne ya raya Esethere gape ya re: “Ke eng se o se batlang, Kgosigadi Esethere? O tla se newa. Le gone ke eng se o se kopang? Tota le fa o ka kopa halofo ya bogosi jwa me, o tla e newa!”+ 3 Kgosigadi Esethere o ne a araba jaana: “Fa e le gore o a nkamogela, wena kgosi, le fa e le gore seno se a go itumedisa, ke kopa gore o boloke botshelo jwa me le gore o golole batho ba gaetsho.+ 4 Gonne re rekisitswe,+ nna le batho ba gaetsho, gore re nyelediwe, re bolawe re bo re senngwe.+ Fa re ka bo re rekiseditswe go nna batlhanka le malata fela, nkabo ke didimetse. Mme matshwenyego ano ga a tshwanela, ka gonne a tla dira gore kgosi e senyegelwe.”
5 Foo Kgosi Ahasueruse o ne a raya Kgosigadi Esethere a re: “Ke mang yoo, le gone o kae motho yoo yo o nnileng le bopelokgale jwa go dira selo se se ntseng jalo?” 6 Esethere o ne a re: “Moganetsi yoo le mmaba yoo, ke Hamane yo o bosula yono.”
Hamane o ne a boifa thata ka ntlha ya kgosi le kgosigadi. 7 Kgosi e ne ya ema e galefile ya tswa mo moketeng wa beine mme ya ya kwa tshingwaneng ya ntlo ya segosi, mme Hamane ene o ne a ema ka dinao gore a kope Kgosigadi Esethere gore a sireletse botshelo jwa gagwe, ka gonne o ne a lemoga gore kgosi e ne e ikemiseditse go mo otlhaya. 8 Kgosi e ne ya boela kwa ntlong ya mokete wa beine go tswa kwa tshingwaneng ya ntlo ya segosi mme e ne ya fitlhela Hamane a itatlhetse fa Esethere a neng a ntse gone. Kgosi e ne ya bua jaana ka bogale: “A gape o tlile go betelela kgosigadi mo ntlong ya me?” Fela fa kgosi e sena go bua mafoko ao, ba ne ba khurumetsa sefatlhego sa ga Hamane. 9 Jaanong mongwe wa badiredibagolo ba ntlo ya kgosi e bong Harebona+ o ne a re: “Gape go na le kota e Hamane a e baakanyeditseng Moredekai,+ yo o ileng a sireletsa kgosi.+ E kwa ntlong ya ga Hamane, e boleele jwa dimetara di le 22.”* Foo kgosi e ne ya re: “Mo kaletseng mo go yone.” 10 Ka jalo, ba ne ba kaletsa Hamane mo koteng e a neng a e baakanyeditse Moredekai, mme bogale jwa kgosi bo ne jwa kokobela.
8 Mo letsatsing leo Kgosi Ahasueruse o ne a naya Kgosigadi Esethere ntlo ya ga Hamane,+ yo e neng e le mmaba wa Bajuda;+ mme Moredekai o ne a tla fa pele ga kgosi, ka gonne Esethere o ne a boletse gore Moredekai ke wa losika lwa gagwe.+ 2 Foo kgosi e ne ya rola palamonwana ya yone+ e e tshwayang e e neng e e tsere mo go Hamane e bo e e naya Moredekai. Mme Esethere o ne a tlhoma Moredekai gore a okamele dithoto tsotlhe tsa ga Hamane.+
3 Mo godimo ga moo, Esethere o ne a bua gape le kgosi. O ne a khubama fa dinaong tsa yone mme a lela a kopa gore kgosi e thibele leano le le bosula le Hamane wa Moagage a neng a le logetse Bajuda.+ 4 Kgosi e ne ya otlololela lore lwa segosi lwa gauta kwa go Esethere,+ mme Esethere o ne a tla a ema fa pele ga kgosi. 5 O ne a re: “Fa e le gore seno se itumedisa kgosi e bile fa e le gore e nkutlwela botlhoko, mme fa e le gore kgosi e bona go siame e bile ke a e itumedisa, a go kwalwe taelo ya gore go phimolwe makwalo a ga rramaano yole e bong Hamane+ morwa Hamedatha wa Moagage,+ a a neng a a kwadile gore a fedise Bajuda mo diporofenseng tsotlhe* tsa kgosi. 6 Gonne nka kgona jang go itshokela go leba masetlapelo a a tla welang batho ba gaetsho, le gone nka kgona jang go itshokela go bona ba losika lwa me ba bolawa?”
7 Ka jalo, Kgosi Ahasueruse o ne a raya Kgosigadi Esethere le Moredekai wa Mojuda a re: “Ke neile Esethere+ ntlo ya ga Hamane, mme ke laetse gore ba mo kaletse mo koteng,+ ka ntlha ya leano la gagwe la go tlhasela* Bajuda. 8 Jaanong lo ka kwala sepe fela se lo bonang se siame mo leineng la kgosi mo boemong jwa Bajuda lo bo lo se tshwaya ka palamonwana ya kgosi e e tshwayang, ka gonne molao o o kwadilweng mo leineng la kgosi e bile o tshwailwe ka palamonwana ya kgosi e e tshwayang ga o ka ke wa fetolwa.”+
9 Ka jalo, bakwaledi ba kgosi ba ne ba bidiwa ka nako eo mo kgweding ya boraro, e leng kgwedi ya Sifane,* mo letsatsing la bo23, mme ba ne ba kwala sotlhe se Moredekai a neng a se laela Bajuda, mmogo le babusi ba dikgaolo,+ balaodi le dikgosana tsa diporofense*+ go simologa kwa India go ya kwa Ethiopia, diporofense* di le 127, porofense* nngwe le nngwe e kwalelwa ka mokwalo wa yone* le setšhaba sengwe le sengwe ka puo ya sone, le Bajuda ba ne ba kwalelwa ka mokwalo wa bone* le ka puo ya bone.
10 O ne a laela gore molao oo o kwalwe mo leineng la ga Kgosi Ahasueruse a bo a o tshwaya ka palamonwana ya kgosi e e tshwayang+ mme o ne a roma barongwa ba ba tsamayang ka dipitse gore ba ise makwalo ao; ba ne ba palama dipitse tse di lobelo tse di tsamaisang makwalo, tse di ruetsweng go dirisiwa mo tirelong ya segosi. 11 Mo makwalong ano kgosi e ne e neile Bajuda mo metseng yotlhe e e farologaneng tetla ya gore ba phuthege mmogo mme ba iphemele le gore ba nyeletse, ba bolaye ba bo ba senye mophato ope fela wa setšhaba sepe kgotsa porofense* e e ka ba tlhaselang, go akaretsa basadi le bana le gore ba gape dithoto tsa bone.+ 12 Seno se ne se tla direga mo letsatsing le le lengwe mo diporofenseng* tsotlhe tsa ga Kgosi Ahasueruse, mo letsatsing la bo13 la kgwedi ya bo12, e leng kgwedi ya Adare.*+ 13 Se se kwadilweng* mo lekwalong leo se ne se tshwanetse go ntshiwa e le molao mo diporofenseng* tsotlhe. Se ne se tshwanetse go itsisiwe ditšhaba tsotlhe, gore Bajuda ba bo ba ipaakantse mo letsatsing leo gore ba ipusolosetse mo babeng ba bone.+ 14 Barongwa ba ba palameng dipitse tse di tsamaisang makwalo tse di dirisiwang mo tirelong ya segosi, ba ne ba tswa ka bonako e bile ba itlhaganetse go ya ka taelo ya kgosi. Molao oo o ne wa tlhomiwa le kwa kagong ya phemelo* ya Shushane.*+
15 Jaanong Moredekai o ne a tswa kwa kgosing a apere diaparo tsa segosi tse di botala jwa loapi le bosweu, a rwele serwalo se segolo sa gauta, e bile a apere kobo ya letsela le le boleta la wulu e phepole.+ Mme motse wa Shushane* o ne wa goa ka boitumelo. 16 Bajuda ba ne ba golotswe,* ba ne ba itumetse thata e bile ba ne ba newa tlotlo. 17 Mme mo diporofenseng* tsotlhe le mo metseng yotlhe, gongwe le gongwe kwa taelo ya kgosi le molao wa yone o neng o fitlhile gone, Bajuda ba ne ba itumetse thata, ba dira mekete le meletlo. Batho ba le bantsi ba ditšhaba tsa lefatshe leo ba ne ba amogela tumelo ya Bajuda,+ ka gonne ba ne ba boifa Bajuda.
9 Mo letsatsing la bo13 la kgwedi ya bo12, e leng kgwedi ya Adare,*+ ka nako ya fa lefoko la kgosi le molao wa yone di ne di tshwanetse go diragadiwa,+ ka letsatsi le baba ba Bajuda ba neng ba solofetse go ba fenya, go ne ga direga se se farologaneng, mme Bajuda ba ne ba fenya batho ba ba neng ba ba tlhoile.+ 2 Bajuda ba ne ba phuthega mmogo mo metseng ya bone mo diporofenseng* tsotlhe tsa ga Kgosi Ahasueruse+ gore ba nyeletse batho ba ba batlang go ba utlwisa botlhoko, mme go ne go se na motho ope yo o kgonang go emelana le bone, ka gonne ditšhaba tsotlhe di ne di ba tshaba.+ 3 Mme dikgosana tsotlhe tsa diporofense,* babusi ba dikgaolo,+ balaodi le batho ba ba neng ba okametse tiro ya kgosi ba ne ba ema Bajuda nôkeng, ka gonne ba ne ba boifa Moredekai. 4 Moredekai o ne a na le maemo+ mo ntlong ya kgosi,* e bile o ne a simolola go itsege kwa diporofenseng* tsotlhe, ka gonne Moredekai o ne a tswelela a nna le taolo.
5 Bajuda ba ne ba kgemetha baba ba bone botlhe ka tšhaka, ba ba bolaya; mme ba ne ba dira se ba se ratang ka batho ba ba ba tlhoileng.+ 6 Bajuda ba ne ba bolaya banna ba le 500 kwa kagong ya phemelo* ya Shushane.*+ 7 Gape ba ne ba bolaya Parashandatha, Dalefone, Asapatha, 8 Poratha, Adalia, Aridatha, 9 Paramasheta, Arisai, Aridai le Faisatha, 10 e leng barwa ba ba lesome ba ga Hamane morwa Hamedatha, yo e neng e le mmaba wa Bajuda.+ Mme fa ba sena go ba bolaya, ga ba a ka ba gapa sepe.+
11 Mo letsatsing leo, kgosi e ne ya begelwa palo ya ba ba bolailweng kwa kagong ya phemelo* ya Shushane.*
12 Kgosi e ne ya raya Kgosigadi Esethere ya re: “Bajuda ba bolaile banna ba le 500 le bomorwa Hamane ba le lesome kwa kagong ya phemelo* ya Shushane.* Mme gone, ba dirile eng mo diporofenseng* tse dingwe tsa kgosi?+ Jaanong ke eng se o se batlang? O tla se newa. Le gone ke eng se sengwe gape se o se kopang? Se tla diragadiwa.” 13 Esethere o ne a araba jaana: “Fa e le gore seno se itumedisa kgosi,+ a Bajuda ba ba kwa Shushane* ba newe tetla ya gore le kamoso ba dire go ya ka molao wa gompieno;+ mme a ditopo tsa bomorwa Hamane ba ba lesome di kalediwe mo koteng.”+ 14 Ka jalo, kgosi e ne ya ntsha ditaelo tsa gore go dirwe jalo. Go ne ga tlhomiwa molao kwa Shushane,* mme ditopo tsa bomorwa Hamane ba ba lesome di ne tsa kalediwa.
15 Bajuda ba ba kwa Shushane* ba ne ba phuthega mmogo gape ka letsatsi la bo14 la kgwedi ya Adare,+ mme ba ne ba bolaya banna ba le 300 kwa Shushane,* le fa go ntse jalo ga ba a ka ba gapa sepe.
16 Bajuda ba bangwe botlhe ba ba mo diporofenseng* tsa kgosi le bone ba ne ba phuthega mmogo mme ba iphemela.+ Ba ne ba fedisa baba ba bone,+ ba bolaya batho ba ba ba tlhoileng ba le 75 000; le fa go ntse jalo ga ba a ka ba gapa sepe. 17 E ne e le ka letsatsi la bo13 la kgwedi ya Adare, mme ka letsatsi la bo14 ba ne ba ikhutsa ba bo ba tlhoma letsatsi leo gore e nne la go keteka le la go itumela.
18 Bajuda ba ba kwa Shushane* ba ne ba phuthega mmogo ka letsatsi la bo13+ le ka letsatsi la bo14,+ mme ka letsatsi la bo15 ba ne ba ikhutsa ba bo ba tlhoma letsatsi leo gore e nne la go keteka le la go itumela. 19 Ke gone ka moo Bajuda ba kwa magaeng ba ba nnang mo metseng e e mo dikgaolong tse di kwa thoko ba neng ba tlhoma letsatsi la bo14 la kgwedi ya Adare gore e nne letsatsi la go itumela le la go keteka,+ le gore e nne nako ya go romelelana dijo.+
20 Moredekai+ o ne a kwala ditiragalo tseno a bo a romela makwalo a semolao kwa Bajudeng botlhe ba ba leng mo diporofenseng* tsotlhe tsa ga Kgosi Ahasueruse, tse di gaufi le tse di kgakala. 21 O ne a ba laela gore ngwaga le ngwaga ba keteke letsatsi la bo14 la kgwedi ya Adare, mmogo le letsatsi la yone la bo15, 22 ka gonne mo malatsing ao Bajuda ba ne ba gololesega mo babeng ba bone e bile mo kgweding eo kutlobotlhoko ya bone e ne ya fetoga boitumelo le khutsafalo+ ya bone e ne ya nna letsatsi la go keteka. Ba ne ba tshwanetse go a gopola e le malatsi a go keteka le a go itumela e bile e le nako ya go abelana dijo le go abela bahumanegi dimpho.
23 Mme Bajuda ba ne ba dumalana gore ba tla tswelela ka moletlo oo o ba neng ba o simolotse le go diragatsa se Moredekai a neng a se ba kwaletse. 24 Gonne Hamane+ morwa Hamedatha wa Moagage,+ yo e neng e le mmaba wa Bajuda botlhe, o ne a logetse Bajuda leano la gore a ba fedise,+ e bile o ne a ile a latlhela Pure,+ e leng Bola, go dira gore ba boife a bo a ba fedisa. 25 Mme e rile Esethere a tla fa pele ga kgosi, kgosi e ne ya ntsha ditaelo tseno tse di kwadilweng:+ “A leano la gagwe le le bosula le a le logetseng Bajuda+ le boele mo tlhogong ya gagwe”; mme ba ne ba mo kaletsa mo koteng le bomorwawe.+ 26 Ke gone ka moo ba neng ba bitsa malatsi ano ba re Purime, ba a teelela ka leina la Pure.*+ Ka jalo, ka ntlha ya sotlhe se se neng se kwadilwe mo lekwalong leno le se ba neng ba se bone ka kgang eno le se se neng se ba diragaletse, 27 Bajuda ba ne ba itlama gore bone le ditlogolwana tsa bone le botlhe ba ba neng ba ikopantse le bone+ ba tla keteka malatsi ano a mabedi ba sa kgaotse le gore ngwaga le ngwaga ka nako e e tlhomilweng ba tla diragatsa se se neng se kwadilwe se se amanang le malatsi ano. 28 Malatsi ano a ne a tshwanetse go gopolwa le go ketekiwa mo kokomaneng nngwe le nngwe, a ketekiwa ke lelapa lengwe le lengwe, porofense* nngwe le nngwe le motse mongwe le mongwe; mme Bajuda ga ba a tshwanela go kgaotsa go keteka malatsi ano a Purime, le ditlogolwana tsa bone ga di a tshwanela go kgaotsa go gopola malatsi ano.
29 Go tswa foo, kgosigadi Esethere, morwadia Abihaile, le Moredekai wa Mojuda ba ne ba dirisa taolo yotlhe ya bone ba kwala lekwalo la bobedi le le buang ka Purime mme ba tlhomamisa gore le a diragadiwa. 30 Moredekai o ne a romela makwalo a a nang le mafoko a kagiso le boammaaruri kwa Bajudeng botlhe ba ba mo diporofenseng* di le 127,+ tse di neng di le mo pusong ya ga Ahasueruse+ 31 e le go tlhomamisa gore malatsi a Purime a ketekiwa ka dinako tsa one tse di tlhomilweng, fela jaaka Moredekai wa Mojuda le Kgosigadi Esethere ba ne ba ba laetse+ le jaaka ba ne ba itlamile le ditlogolwana tsa bone gore ba tla diragatsa seo,+ go akaretsa go itima dijo+ le go kopa Modimo gore a ba thuse.+ 32 Mme taelo ya ga Esethere e ne ya netefatsa dikgang tse di amanang le Purime,+ mme e ne ya kwalwa mo bukeng.
10 Kgosi Ahasueruse o ne a pateletsa batho ba a neng a ba busa ba ba nnang mo lefatsheng le mo ditlhaketlhakeng tsa lewatle go dira tiro e e boima.
2 Mme dilo tsotlhe tse di maatla le tse dikgolo tse a di fitlheletseng, mmogo le pego e e feletseng e e buang ka maemo a a kwa godimo a ga Moredekai+ a kgosi e neng e mo tlhomile mo go one,+ a ga di a kwalwa mo bukeng ya dipego tsa metlha+ ya dikgosi tsa Media le Peresia?+ 3 Gonne Moredekai wa Mojuda o ne a latela Kgosi Ahasueruse ka maemo. O ne a na le maemo a a kwa godimo mo Bajudeng e bile bontsintsi jwa bone bo ne bo mo tlotla, mme o ne a direla batho ba gagabo dilo tse dintle e bile a eleletsa ditlogolwana tsa bone dilo tsotlhe tse di molemo.*
Go dumelwa gore ke Serese I, morwa wa ga Dario yo Mogolo (Darius Hystaspis).
Kgotsa “dikgaolo tse di nang le taolo.”
Kgotsa “Kushe.”
Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “dikgaolo tse di nang le taolo.”
Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”
Kgotsa “Susa.”
Mofuta mongwe wa leje le le thata, le gantsi le leng bohibidu jo bo tseneletseng, le le nang le marontho a masweu e bile le tseelwa kwa godimo thata.
Kgotsa “mo dijaneng; mo diphafaneng.”
Kgotsa “thibelwang.”
Seheb., “pelo ya kgosi.”
Kgotsa “tuku e e kgethegileng.”
Seheb., “ya metlha.”
Kgotsa “mo dikgaolong tsotlhe tse di nang le taolo.”
Seheb., “kwa dikgaolong tsotlhe tsa kgosi tse di nang le taolo.”
Kgotsa “kgaolo e e nang le taolo.”
Kgotsa “ka mokgwa wa yone wa go kwala.”
Kgotsa “mo dikgaolong tsotlhe tse di nang le taolo.”
Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “kwa matlwaneng a basadi ba nnang mo go one, ba ba jaaka basadi ba kgosi kgotsa bagadingwana ba yone.”
Seheb., “moopafadiwa.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “ba sidilwe.”
Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”
Kgotsa “Susa.”
O bidiwa Jehoiakine mo go 2Dik 24:8.
Mo go kayang mofuta wa semela se se bidiwang “Moretela.”
Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”
Kgotsa “a mo rata ka lorato lo lo sa kgaotseng.”
Kgotsa “a sidilwe.”
Kgotsa “mo matlwaneng a basadi ba nnang mo go one, ba ba jaaka basadi ba kgosi kgotsa bagadingwana ba yone.”
Kgotsa “lwa matlwana a basadi ba nnang mo go one, ba ba jaaka basadi ba kgosi kgotsa bagadingwana ba yone.”
Kgotsa “go sidilwa ka yone.”
Seheb., “leokwane la mera.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “le dilo tse basadi ba sidilwang ka tsone.”
Kgotsa “kwa matlwaneng a basadi ba nnang mo go one, ba ba jaaka basadi ba kgosi kgotsa bagadingwana ba yone.”
Kgotsa “kwa matlwaneng a bobedi a basadi ba nnang mo go one, ba ba jaaka basadi ba kgosi kgotsa bagadingwana ba yone.”
Bona Dintlha B15.
Kgotsa “ya mmontsha lorato lo lo sa kgaotseng.”
Kgotsa “tuku e e kgethegileng.”
Kgotsa “mo dikgaolong tsotlhe tse di nang le taolo.”
Seheb., “go baya Kgosi Ahasueruse seatla.”
Kgotsa “mo boemong jwa ga Moredekai.”
Seheb., “fa a ka baya Moredekai seatla.”
Bona Dintlha B15.
Bona Dintlha B15.
Kgotsa “dikgaolong tsotlhe tse di nang le taolo.”
Talenta e lekana le 34,2 kg. Bona Dintlha B14.
Kgotsa gongwe “Ke tla tsenya ditalenta di le 10 000 mo bobolokelamatlotlong jwa kgosi gore go duelwe ba ba tla dirang tiro eo.”
Gongwe go tewa selefera e a tla e gapang mo Bajudeng.
Kgotsa “dikgaolo tse di nang le taolo.”
Kgotsa “kgaolo e e nang le taolo.”
Kgotsa “ka mokgwa wa yone wa go kwala.”
Kgotsa “dikgaolo tse di nang le taolo.”
Kgotsa “kgaolo e e nang le taolo.”
Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “mo kgaolong e e nang le taolo.”
Bona “Moopafadiwa” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “mo dikgaolong tse di nang le taolo.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “ntlo ya segosi.”
Seheb., “dikubita di le 50.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “kgosi e ne ya felelwa ke boroko.”
Seheb., “go baya Kgosi Ahasueruse seatla.”
Kgotsa “ntlo ya segosi.”
Seheb., “o tswa mo losikeng lwa Bajuda.”
Seheb., “dikubita di le 50.” Bona Dintlha B14.
Kgotsa “mo dikgaolong tsotlhe tse di nang le taolo.”
Seheb., “ka gonne o ne a ntsha seatla sa gagwe kgatlhanong le.”
Bona Dintlha B15.
Kgotsa “dikgaolo tse di nang le taolo.”
Kgotsa “dikgaolo tse di nang le taolo.”
Kgotsa “kgaolo e e nang le taolo.”
Kgotsa “ka mokgwa wa yone wa go kwala.”
Kgotsa “ka mokgwa wa bone wa go kwala.”
Kgotsa “kgaolo e e nang le taolo.”
Kgotsa “dikgaolo tse di nang le taolo.”
Bona Dintlha B15.
Kgotsa “Khopi.”
Kgotsa “dikgaolo tse di nang le taolo.”
Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “Susa.”
Seheb., “ba bona lesedi.”
Kgotsa “dikgaolo tse di nang le taolo.”
Bona Dintlha B15.
Kgotsa “dikgaolo tse di nang le taolo.”
Kgotsa “dikgaolo tse di nang le taolo.”
Kgotsa “mo ntlong ya segosi.”
Kgotsa “dikgaolo tse di nang le taolo.”
Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “dikgaolo tse di nang le taolo.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “dikgaolo tse di nang le taolo.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “mo dikgaolong tse di nang le taolo.”
“Pure,” e kaya “Bola.” Lefoko leno fa le le mo bontsing ke “Purime,” mme le ne le dirisiwa go tlhalosa moletlo wa Bajuda o o neng o ketekiwa mo kgweding ya bo12 mo khalendareng e e boitshepo. Bona Dintlha B15.
Kgotsa “kgaolo e e nang le taolo.”
Kgotsa “mo dikgaolong tse di nang le taolo.”
Seheb., “e bile a bua kagiso ka ditlogolwana tsa bone.”