LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 12/8 ts. 32
  • Ke Leboga Tsogang!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Leboga Tsogang!
  • Tsogang!—1992
Tsogang!—1992
g92 12/8 ts. 32

Ke Leboga Tsogang!

PALO e e golelang pele ya babadi ba makasine ono ba lebogela tshedimosetso e ba e bonang ka dilo di le dintsi. Kwa borwa jwa Fora rre mongwe le mosadi wa gagwe ba eleng bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba amogela lekwalo leno le le neng le kwadilwe ke lekolwane lengwe leo ba neng ba le sietse sekaelo sa Tsogang!

“Rre le Mmè ba ba rategang:

“Ke itse sentle gore Modimo o na le mo gontsi go go dira go na le go kgotsofatsa mekgwa ya rona e e seng ya sepe ya go leba tsela e a tsentseng letsogo ka yone mo dilong tse tsotlhe. Le mororo ke se mongwe wa bao ba nang le mogopolo oo, ke tlhatswegile pelo gore go tla ga lona ka nako e ke neng ke setse ke tloga ke tsamaya e ne e se gore re welane fela. Ke ne ka nna le nako ya go amogela tokololo ya August 8, 1990, ya Tsogang! Abo e ka bo e nnile selo se se botlhoko jang ne fa e ka bo e ntlodile!

“Tshekatsheko e e botlhale ya ditlhogo tse di latelanang tsa ‘Puso Ya Motho E Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo’ e ne ya nkgatlha ya bo ya nkgakgamatsa eleruri. Ke dumalana thata le tsela eo motseletsele oo o kwadilweng ka yone . . . Ka jalo, ke kopa gore lo rulaganye gore ke amogele ditokololo tse di latelang tsa Tsogang! Ke ka seka ka itumelela go tlolwa ke epe mo motseletseleng ono.”

Basupi ba ga Jehofa ke phuthego ya batho ba merafe yotlhe ba le dimilione di le nnè ba ba ithutang Bibela bao ba ineetseng mo go thuseng batho go ithuta mo go oketsegileng ka lefatshe le ba tshelang mo go lone le ka Lefoko la Modimo le tiragatso ya lone. Fa e le gore o rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kgotsa thuto ya legae ya mahala ya Bibela, o ka kwalela kwa Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kgotsa mo atereseng e e tshwanetseng mo go tse di mo tsebeng 5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela