Tlhatlhobo e Tserwe go Tsogang!
ENE ya re ka July 1993, fa baithuti bangwe ba naga ya Amerika Borwa ya Suriname, ba bula dibukana tsa bone tsa tlhatlhobo e e ba letlang go fetela kwa sekolong se segolo, ba ne ba lemoga gore ba ba neng ba bala Tsogang! ka metlha ba ne ba le lesego. Seno e ne e le ka gonne mo e batlang e le halofo ya dipotso tsotlhe tsa bukana eno ya ditsebe tse 36, tse di neng di tswa go Lephata la Ditlhatlhobo la Lefapha la Thuto, di ne di tserwe mo ditlhogong tse pedi tsa Tsogang!
Ditsebe tsa yone tsa 1 go ya go 9, di ne di botsa ka setlhogo se se neng sa tlhaga mo go Tsogang! ya October 8, 1992 se se reng, “Ditakana—Dinako Tse Di Boima mo Maanyaanyeng Ano A Mo Metsesetoropong.” Go ne ga bodiwa dipotso tse 21 go bona gore ba na le kitso e e kana kang ka kgang eno. Ditsebe 10 go ya go 16 tsa bukana eno ya tlhatlhobo di ne di na le dipotso tse 14 go tswa mo setlhogong se se reng, “Capybara—A ke Phoso ya Popo Kgotsa Maatlametlo a Popo?,” se se neng sa tlhaga mo go Tsogang! (ya Seesemane) ya September 22, 1992.
Mogokgo wa sekolo sengwe sa kwa karolong ya bophirima jwa Suriname o ne a akgela jaana: “Ka go dirisa ditlhogo tseno go tlhatlhoba kitsokakaretso ya baithuti mo nageng yotlhe, balaodi ba dikolo ba supa gore ba leba Tsogang! e le sekao se sentle mo thutapuong e e tshwanetseng le mokgwa o o siameng wa go kwala.”
Fa o rata go itse gore o ka amogela jang kopi ya Tsogang! kana o ka rata gore mongwe a tle go tlotla le wena ka kgang eno mo lelapeng la gago, tsweetswee kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana kwa go nngwe ya diaterese tse di tshwanetseng tse di mo tsebeng ya 5.