A Madumedi a Lefatshe a Tloga a Nyelela?
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA SWEDEN
ASETLHOGO seno se dira gore o ipotse jaana: ‘Go ka tla jang gore seo se direge? A madumedi a lefatshe ga a nonofa thata e bile a ga se one a gompieno a tlhotlheletsang batho thata mo lefatsheng?’
Ee, a lebega a ntse jalo lefa gone a lebane le mathata. Mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga, bodumedi bo ile jwa belaelwa thata e bile bo ile jwa senolwa thata go gaisa nako epe fela mo hisitoring ya motho. Baithutadinaledi ba ile ba nankolola lobopo ba dirisa dithelesekoupo tsa bone tse di boitshegang fa basutlhalefaufau bone ba ile ba kgabaganya lefaufau gangwe le gape; mme jaaka fa mosutlhalefaufau mongwe wa Soviet a ile a bolela, ga ba a ka ba bona “Modimo lefa e le baengele.” Baitse ba fisikisi ba ile ba nathoganya sere go nna manathwana a mannyennye mme ga ba a ka ba bona tlhase epe ya bosupi jwa gore se bopilwe ke Modimo. Baitsethutatshelo le baithutamasalela a dilo tsa bogologolo ba bolela gore ba kgonne go lomaganya mogolagang o moleele wa botshelo wa tlhagelelo o o simologang ka amoeba mme o felela ka motho kwantle ga go bona bosupi bope jwa gore mmopi o nnile le seabe gongwe mo go one.
Lefa go ntse jalo, botlhale jwa lefatshe le filosofi ya go rata dikhumo di paletswe ke go nyeletsa bodumedi mo polaneteng eno, dipuso le difilosofi tsa balatolamodimo le tsone di paletswe fela jalo. Go fetile dingwaga di feta 70 babusaesi ba Bakomonise ba balatolamodimo ba ntse ba nyatsa bodumedi ka go bo bitsa gore ke “selo se se tagang batho,” ba tlosa baeteledipele ba bodumedi mo maemong a bone le go kganela ditiro tsa bone, ba senya dikereke le ditempele kana go itseela dilwana le go latlha balatedi ba tsone ka loleme kana go ba bolaya. Lefa go ntse jalo, ga ba a ka ba nyeletsa bodumedi. E ne ya re fela fa dipuso tseo di sena go phutlhama, ke fa bodumedi bo ema gape ka dinao bo nonofile go feta pele. Kwa dinageng tse pele e neng e le tsa Bokomonisi, batho ba ne ba simolola go thologela gape kwa ditempeleng tsa bone tsa pele go ya go khubama ka mangole go obama fela jaaka borraabonemogolo.
Bodumedi bo santse bo tlhagafetse kwa dikarolong dingwe tsa lefatshe. Ngwaga le ngwaga toropokgolo ya Mecca, kwa Saudi Arabia, e amogela dimilionemilione tsa baeti ba sedumedi ba Bamoseleme go tswa mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Gangwe le gape St. Peter’s Square kwa Vatican e penologa ka badumedi ba Bakatoliki ba ba batlang go bona mopapa ka tsholofelo ya gore ba tla bona masego go tswa mo go ene. Dimilione tsa badumedi ba Bahindu ba santse ba thologela kwa mafelong a le makgolokgolo a baeti ba sedumedi kwa dintshing tsa dinoka tse di “boitshepo” kwa India. Batho ba ba ineetseng thata mo Sejuteng ba thologela kwa Wailing Wall kwa Jerusalema go tla go rapela ba bo ba tlogela dithapelo tsa bone tse di kwadilweng mo dipharong tsa lobota loo.
Ee, go bonala go sa kgonege gore bodumedi bo ka khumolwa mo bathong. Radipolotiki yo o tsaletsweng kwa Ireland e bong Edmund Burke o ne a re: “Motho totatota ke phologolo e e ratang bodumedi.” Go ya ka dipalopalo, batho ba le 5 mo go ba le 6 mo lefatsheng ka tsela nngwe ba tsena bodumedi bongwe. Go ya ka dipalo tsa bosheng jaana, go na le batho ba ba kgomaretseng madumedi a magolo a lefatshe ba le dimilione di le 4700, fa ba e seng ba bodumedi bope bone ba ka feta dimilione di le sekete go sekae.a
O akantse ka seno, a go a utlwala go dumela gore madumedi a lefatshe a tloga a nyelela? Mme fa e le gore go ntse jalo, seo se tla direga leng mme gone jang? A go tla nna le bodumedi jo bo tla salang? Mma re arabe dipotso tseno mo ditlhogong tse pedi tse di latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a “Batho ba e seng ba bodumedi” ba akaretsa: “Batho ba ba sa ikamanyeng le bodumedi bope, ba e seng badumedi, ba ba sa dumeleng fa go na le Modimo, ba ba ikantseng megopolo ya bone fela, ba ba tlhanogetseng bodumedi ba ila madumedi otlhe fela.”
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
St. Peter’s Square kwa Vatican City