“Go Senka Motaki yo Mogolo”
Seo e ne e le setlhogo sa kgang e e neng e le mo go Tsogang! ya November 8, 1995. Kgang eno e kgatlhile babadi go tswa mo lefatsheng lotlhe.
Amang, monna mongwe go tswa kwa Douala, kwa Cameroon, o ne a kwala jaana: “Ditlhogo tseno di nkgatlhile thata gonne ke rata botaki, segolobogolo ditshwantsho tse di takilweng. Jaanong ke a itse gore go na le Motaki yo mogolo go feta Van Gogh, Rembrandt, Da Vinci le ba bangwe—mme ga se ope fa e se Jehofa Modimo ka boene.”
Go tswa kwa St. Barthélemy, kwa French West Indies, Frederick o ne a re: “Ke e badile makgetlho a le manè mme ka lekgetlho lengwe le lengwe ke ne ke phophoma ka ditebogo ka ntlha ya dilo tse dintle tse Mmopi wa rona a re fileng tsone.”
Assunta ene o ne a kwala jaana go tswa kwa Italy: “E ne ya dira gore ke kgatlhegele go taka thata. E ne ya dira gore ke tlhoafalele lefatshe le lesha la Modimo thata.” Irena wa kwa Czech Republic le ene o ne a re: “Fa re etetse dimusiamo, re a duela gore re bone ditiro tsa botaki le mororo Mmopi wa dilo tsotlhe tse dintle tsa tlholego a re di bontsha mahala, letsatsi le letsatsi.” Aline o ne a kwala jaana go tswa kwa Brazil: “Lefa nako le nako re na le ditlhogo tse di re thusang go anaanela botho jwa ga Jehofa, tseno tsone di nkamile maikutlo. Di tlhalositse dilo di le dintsi ka popo e e dirang gore re anaanele lorato lwa ga Jehofa thata.”
Go tswa kwa marigeng a a tsididitsididi a Wisconsin kwa U.S.A., Anne o ne a kwala jaana: “Ruri e nthusitse gore ke anaanele bontle jwa tlholego. Ka dinako tse dingwe fa go le mariga, ga o bone sepe se sentle. Ka lone letsatsi le ke badileng setlhogo seno ka lone, ke ne ka tswela kwa ntle mme ka bona segagane mo kaleng, letlhare le le khurumeditsweng ke kapoko, metlhala ya diphologolo mo kapokong. Ke boa ke lo leboga gape ka go re gakolola malebana le kafa re ka anaanelang ‘Motaki yo Mogolo’ ka teng.”
Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa o ka bonang makasine ono ka metlha ka teng, tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo motseng wa gaeno kana kwalela kwa atereseng e e gaufi le wena mo go tse di mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.