Sengwe se Gompieno Basha ba se Tlhokang
Mosetsano mongwe wa dingwaga tse 14 wa kwa New Jersey, U.S.A., o ne a bolela gore mo masimologong a ngwaga ono o ne a tshwanelwa ke go kwala pego e e kaga “Ke Eng fa Baithuti ba Tsietsa fa go Kwalwa Diteko.“ O ne a tla ka buka ya gagwe ya Dipotso Tse Basha Ba Di Bofsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo kwa sekolong gore a tle go tsaya dintlha mo go yone. Mongwe wa balekane ba gagwe ba sekolo o ne a e tsaya mme a si-molola go bala ditlhogo tsa dikarolo tsa yone tse di mo diteng, tse di jaaka “Tlhakanelo-Dikobo le Maitsholo A A Siameng“ le “Lefereo, Lorato, Le Ba-tho ba Bong Bo Sele.“
Molekane wa gagwe wa sekolo o ne a mo kopa jaana: “A o ka mpha buka eno?“
Moithuti yono o ne a re: “Ke ne ka mo tlhalosetsa gore ke khopi ya me mme ka re ke tla mo tlela e nngwe. Fa ke mo tletse ka yone, molekane yo mo-ngwe wa sekolo o ne a bona buka eno mme a nkopa gore le ene ke mo tle-le e nngwe. Moragonyana ga foo ke ne ka tla ka dibuka tse di lesome tsa Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang, ke di lela basha ba ba neng ba di batla.“
Moithuti yono wa dingwaga tse 14 o tsaya fa go le botlhokwa thata gore motho a nne le buka eno. O ne a re: “Ruriruri re tlhoka kgatiso eno ka go-nne mo malatsing ano go bokete tota go nna mosha.“
Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa o ka amogelang khopi ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Bofsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo ka teng kana o ka rata gore mongwe a go etele kwa legaeng la gago go tla go tlotla le wena kaga botlhokwa jwa thuto ya Baebele, tsweetswee kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana kwa atereseng e e gaufi le wena mo go tse di mo le-naaneng le le mo tsebeng ya 5.