LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g23 no. 1 ts. 15
  • Modimo a re Lefatshe le Tla Nnela Ruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo a re Lefatshe le Tla Nnela Ruri
  • Tsogang!—2023
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mpho e e Nnelang Ruri e e Tswang Kwa Mmoping
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Se se Mo Makasineng Ono wa Tsogang!
    Tsogang!—2023
  • A Batho ba Tla Senya Lefatshe Gotlhelele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • A Lefatshe le Tlile go Senngwa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2023
g23 no. 1 ts. 15
Letšha le dikologilwe ke dithaba le sekgwa.

Oleh_Slobodeniuk/​E+ via Getty Images

Modimo a re Lefatshe le Tla Nnela Ruri

“Lefatshe le nonofile thata go feta kafa re neng re akanya ka gone.”

Mafoko ano a ne a buiwa ke setlhopha sa babatlisisi ba lefatshe lotlhe fa ba ne ba bua ka go fetofetoga ga maemo a bosa. Fa e le gore o dumela gore go na le Mmopi yo o amegang ka batho, mafoko a babatlisisi bano a ka tswa a go gopotsa ditsela tse dintsi tse Modimo a di dirileng gore polanete ya rona e kgone go ipaakanya.

Mme gone, e re ka batho ba sentse lefatshe thata, le ka se kgone go ipaakanya ka bolone fela. Goreng re ka tlhatswega pelo gore Modimo o tla dira sengwe ka lone?

Ela tlhoko ditemana tse di mo lebokosong tse di re tlhomamisetsang gore batho ga ba kitla ba nyeletsa lefatshe.

  • Lefatshe le bopilwe ke Modimo. “Kwa tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.”​—Genesise 1:1

  • Modimo ke ene mong wa lefatshe. “Lefatshe ke la ga Jehofaa le sengwe le sengwe se se mo go lone.”​—Pesalema 24:1

  • Modimo o bopetse lefatshe gore le nnele ruri. “O dirile lefatshe mo metheong ya lone e e thata; ga le kitla le sutisiwa mo lefelong la lone ka bosakhutleng le go ya go ile.”​—Pesalema 104:5

  • Modimo a re go tla nna go na le ditshedi mo lefatsheng go ya go ile. ‘Modimo wa boammaaruri, Ene yo o bopileng lefatshe, ga a a le bopela lefela, mme o le bopetse gore le nniwe.’​—Isaia 45:18

  • Modimo a re batho ba tla nna mo lefatsheng ka bosakhutleng. “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla nna mo go lone ka bosakhutleng.”​—Pesalema 37:29

Modimo o dirile lefatshe ka tsela e e dirang gore le kgone go emelana le dilo tse batho ba di dirang mo go lone tse di ka le senyang. Baebele e tlhalosa gore Jehofa Modimo o tlhomile nako e a tla fedisang batho ba ba pelotshetlha ba ba senyang lefatshe.​—Tshenolo 11:18

Mme morago ga moo, o tla fetola lefatshe leno a le dira paradaise a bo a bula seatla sa gagwe gore a ‘kgotsofatse keletso ya setshedi sengwe le sengwe.’​—Pesalema 145:16

a Jehofa ke leina la Modimo.​—Pesalema 83:18.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela