KAROLO 4
Kgosi ya Ntlha ya Iseraele go Fitlha ka Botshwarwa Kwa Babelona
Saulo o ne a nna kgosi ya ntlha ya Iseraele. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo latlha, mme Dafide a tlhophiwa go nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Re tlile go ithuta dilo di le dintsi ka Dafide. Fa a sa ntse a le mosha o ne a lwa le seganka se se bidiwang Goliathe. Moragonyana o ne a tshaba ka ntlha ya ga Kgosi Saulo yo o lefufa. Go tswa foo, Abigaile yo o botlhale o ne a mo thusa gore a se ka a dira tiro nngwe ya boeleele.
Gape re tla ithuta dilo di le dintsi ka morwa wa ga Dafide e bong Solomone, yo o ileng a nna kgosi ya Iseraele morago ga ga Dafide. Nngwe le nngwe ya dikgosi tsa ntlha tse tharo tsa Iseraele e ne ya busa dingwaga di le 40. Morago ga loso lwa ga Solomone, Iseraele e ne ya kgaoganngwa go nna magosi a le mabedi, bogosi jwa bokone le jwa borwa.
Bogosi jwa bokone jwa ditso tse 10 bo ne jwa busa dingwaga di le 257 pele ga bo senngwa ke Baasiria. Mme dingwaga di le 133 moragonyana, bogosi jwa borwa jwa ditso tse pedi le jone bo ne jwa senngwa. Ka nako eo Baiseraele ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. Ka jalo, Karolo ya BONÈ e akaretsa dingwaga di le 510, tse mo go tsone go diregileng dilo di le dintsi tse o tla itumelelang go bala ka tsone.