“Tswelela mo Dilong Tse o di Ithutileng”
Ke mafoko a moaposetoloi Paulo a neng a a kwalela Timotheo yo mmotlana. (2 Timotheo 3:14) Fa o sena go bala buka eno, jaanong o itse ka dilo tse dintsi tse Modimo o di boloketseng ba ba mo ratang. Mme o tshwanetse go tswelela pele o gatela pele semoyeng. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa, fa e le gore ga ba ise ba simolole go go thusa jalo. Wena kwalela fela Basupi ba ga Jehofa mo atereseng e e tshwanetseng mo go tse di bontshitsweng fa tlase fano, o kope go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o kope gore mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a tle kwa legaeng la gago mme a ithute Baebele le wena ka metlha mahala.