Metlha
Tlhaloso: Metlha e tshwaya lobaka lo ditiragalo di diragetseng ka lone. Bibela e tlhalosa metlha fa e bua ka nako e batho ba tshedileng ka yone, lobaka loo ka lone babusi ba ba rileng ba neng ba busa, kana ditiragalo tse dingwe tse di tshwaegang. Ke yone fela e tshotseng tlhatlhamano e e feletseng e e boelang morago kwa nakong ya popo ya ga Adame. Tlhatlhamano ya Bibela gape e ne ya supa go sa le gale mo nakong ya fa ditiragalo tse di botlhokwa tse di rileng mo tiragatsong ya boikaelelo jwa Modimo di neng di tla diragala. Khalendara ya Gregorian, eo jaanong e tumileng mo karolong e kgolo ya lefatshe, e ne ya simolola go dirisiwa fela ka 1582. Mo metsweding ya lefatshe go na le tlhoka tumalano kaga malatsi ao a tlhomelwang ditiragalo tsa hisetori tsa bogologolo. Lefa go ntse jalo, metlha mengwe e e leng botlhokwa, jaaka wa 539 B.C.E. wa go wa ga Babelona, mme le wa 537 B.C.E. wa go boa ga Bajuda go tswa botshwarweng, e tlhomamisitswe sentle. (Esere 1:1-3) Ka go dirisa metlha e e ntseng jalo jaaka dipaka tse di simololang, go a kgonega go ka supa ka dikhalendara tsa bosheng jaana metlha ya ditiragalo tsa bogologolo tsa Bibela.
A baitseanape ba ntshitse bosupi jwa gore batho ba nnile mo lefatsheng ka dimilione tsa dingwaga, eseng fela ka diketenyana tsa dingwaga jaaka fa Bibela e supa?
Mekgwa ya go supa malatsi e e dirisiwang ke baitseanape ke ya dikgopolelo tseo di ka nnang mosola mme e le tseo gantsi di gogelang mo diphetsong tseo di ganetsanang. Ka jalo, malatsi a ba a neelang a nna a ntse a seka-sekiwa gangwe le gape.
Pego go New Scientist ya March 18, 1982, e balega ka gore: “‘Ke ikutlwa ke tlhakana-tlhogo fa ke gopola gore mo e ka nnang fela ngwaga e e fetileng ke bo ke ile ka bua jaaka ke ne ka bua.’ Go ne ga bolela jalo Richard Leakey, pele ga bareetsi ba ba tlotlegang ba Royal Institution mo puisanong ya maitseboa ya Labotlhano yo o fetileng. O ne a sa tswa go tlhalosa gore botlhale jwa tlholego, jo a neng a sa tswa go bo tshegetsa thata bosheng jaana mo dithulaganyong tsa gagwe tse di latelanang tsa thelebishene tsa BBC ebong The Making of Mankind, ‘ka gongwe bo ne bo le phoso mo dikgannyeng di le mmalwa tse di botlhokwa thata.’ Mme segolo bogolo, jaanong o bona fa bagologolwane ba motho ba le bannyennyane fela thata go na le dingwaga tse di dimilione tse 15-20 tseo a neng a di bua mo thelebisheneng.”—Ts. 695.
Gangwe le gape, mefuta e mesha ya go bala malatsi e a tlhagisiwa. Eno e ikanyega go le kana kang? Malebana le o mongwe o o bitswang thermoluminescence, The New Encyclopædia Britannica (1976, Macropædia, Bol. 5, ts. 509) e re: “Tsholofelo go na le phitlhelelo ke yone eo segolo bogolo e tshwayang seemo sa go bala malatsi sa thermoluminescence mo nakong ya jaanong.” Gape, Science (August 28, 1981, ts. 1003) e bega gore marapo a moswi a a bontshang gore a dingwaga tse 70 000 fa a tlhatlhobiwa ka amino acid a ne a supa fela dingwaga tse 8 300 kana 9 000 fa a tlhatlhobiwa ka tsela ya radioactive ya go bala malatsi.
Popular Science (November 1979, ts. 81) e bega gore moitseanape wa popego Robert Gentry “o dumela gore malatsi otlhe a a tlhomamisiwang ka phetogo ya radioactive a ka tswa a le kgakala—eseng fela ka dingwaga di se kae, mme ka bogolo jo bo boitshegang.” Setlhogo seo se supa gore diphitlhelelo tsa gagwe di ka gogela kwa phetsong ya gore “motho, mo boemong jwa gore a bo a ile a fetsa dimilione di le 3.6 tsa dingwaga mo lefatsheng, o ka tswa a na le dingwaga di le dikete di se kaenyana fela a ntse a le gone.”
Lefa go ntse jalo, go tshwanetse ga elwatlhoko, gore baitseanape ba dumela gore lefatshe ka bolone le na le dingwaga tse di fetang tsa motho thata. Ga se gore Bibela ga e dumalane le seo.
A dingwaga tsa batho pele ga Morwalela, jaaka di tlhalositswe mo Bibeleng, di ne di lekanyediwa ka mokgwa o o tshwanang wa dingwaga tse re di dirisang?
Fa e le gore re ne re ka akanya gore “dingwaga” tseo di tshwanetse tsa bo di ne di lekana le dikgwedi tsa rona, seo se ne se tla raya gore Enoshe o ne a nna rra-bana fa a ne a le dingwaga tse supa, mme Kenane o ne a le dingwaga tse tlhano fela fa a ne a tshola morwa. (Gen. 5:9, 12) Seo ka phepafalo, se ka se kgonege.
Tlhatlhamano ya metlha e e tsonkolotsweng ka botlalo e e baakanyeditsweng kaga Morwalela e supa boleele jwa dikgwedi le dingwaga tse di neng di dirisiwa ka nako eo. Papiso ya ga Genesise 7:11, 24 le 8:3, 4 e bontsha gore dikgwedi tse tlhano (go tloga go letsatsi la bo-17 la kgwedi ya bo-2 go ya go letsatsi la bo-17 la kgwedi ya bo-7) di ne di lekana le malatsi a a 150, kana dikgwedi tse tlhano tsa malatsi a le 30. Go kaiwa ka tlhamalalo ‘kgwedi ya lesome’ mme le dipakeng tse dingwe tse di fetang foo pele ga ngwaga e e tlang. (Gen. 8:5, 6, 8, 10, 12-14) Ka phepafalo, dingwaga tsa bone di ne di dirilwe ka dikgwedi tse di lesome le bobedi tsa malatsi a le 30. Ka lobaka lwa kwa tshimologong thata, khalendara ya kgwedi e e tletseng e ne e nna e fetolwa ka dipaka le dipaka gore e nne boleele jwa ngwaga, jaaka go kaiwa ke go tshwarwa ga mediro ya go rora ya dipaka tsa ngwaga ya Iseraele mo malatsing a a tlhomameng. Ka tsela eo mediro e ne e tswelela e wela sentle mo dipakeng tse di tshwanetseng.—Lefi. 23:39.
Gakologelwa gore Modimo o ne a diretse batho go tshela ka bosakhutleng. E ne e le boleo jwa ga Adame jo bo neng jwa gogela kwa losong. (Gen. 2:17; 3:17-19; Bar. 5:12) Bao ba neng ba tshela pele ga Morwalela ba ne ba atamalane thata le boitekanelo go na le rona gompieno, ka jalo ba ne ba tshela ka boleele thata. Mme mongwe le mongwe o ne a swa kwa tlase ga dingwaga tse di sekete.
Ke goreng Basupi ba ga Jehofa ba re Bogosi jwa Modimo bo ne jwa tlhongwa ka 1914?
Ditsela tse pedi tsa bosupi di supela go ngwaga eo: (1) Tlhatlhamano ya metlha ya Bibela le (2) ditiragalo tsa fa e sa le 1914 mo tiragatsong ya boperofeti. Fano re tla akanyetsa tlhatlhamano ya metlha. Kaga tiragatso ya boperofeti, bona setlhogo se segolo “Metlha ya Bofelo.”
Bala Daniele 4:1-17. Ditemana 20-37 di bontsha gore boperofeti jono bo ne jwa diragadiwa mo go Nebukadenesare. Mme gape bo na le tiragatso e kgolwane. Re itse jang? Ditemana 3 le 17 di bontsha gore toro e Modimo o neng wa e neela Kgosi Nebukadenesare e ne e dirisana le Bogosi jwa Modimo le tsholofetso ya Modimo ya go bo naya “moñwe hèla eo o mo ratañ . . . motho eo o nyatsègañ hèla.” Bibela yotlhe e bontsha gore boikaelelo jwa ga Jehofa ke gore Morwawe sebele, ebong Jesu Keresete, a buse jaaka moemedi wa Gagwe mo bathong. (Pes. 2:1-8; Dan. 7:13, 14; 1 Bakor. 15:23-25; Tshen. 11:15; 12:10) Tlhaloso ya Bibela ya ga Jesu e bontsha gore o ne tota e le “motho eo o nyatsègañ hèla.” (Bafil. 2:7, 8; Math. 11:28-30) Toro ya boperofeti, go tswa foo, e supela go nako eo Jehofa o tla neelang bobusi jwa setho go Morwawe ka sebele.
Go ne go tla diragalang mo nakong ya pele ga seo? Bobusi godimo ga setho, jaaka bo emelwa ke setlhare le sesana se se nang le metswe, bo ne bo tla ‘newa pelo ya sehologolo.’ (Dan. 4:16) Ditiragalo tsa motho di ne di tla laolwa ke mebuso eo e neng e tla supa dinonofo tsa dibatana tsa naga. Mo metlheng ya segompieno, bera gantsi e dirisiwa go emela Russia; ntsu yone, United States; tau yone, Britani, kgogela yone, China. Bibela le yone e dirisa dibatana tsa naga jaaka ditshwantsho tsa mebuso ya lefatshe le tsamaiso yotlhe ya kgolokwe ya bobusi jwa motho tlase ga tlhotlheletso ya ga Satane. (Dan. 7:2-8, 17, 23; 8:20-22; Tshen. 13:1, 2) Jaaka Jesu a ne a bontsha mo boperofeting jwa gagwe a supela go bofelo jwa tsamaiso ya dilo, Jerusalema o ne a tla “katakiwa ke Badichaba go tlo go tsamaeè metlha ea Badichaba e dihalè.” (Luke 21:24) “Yerusalema” o ne a emela Bogosi jwa Modimo ka go bo dikgosi tsa yone di ne tsa bolelwa di dutse “mo setuloñ sa bogosi yoa ga Yehofa.” (1 Ditih. 28:4, 5; Math. 5:34, 35) Ka jalo, mebuso ya Baditšhaba, e e emelwang ke dibatana tsa naga, e tla ‘kataka’ tshwanelo ya Bogosi jwa Modimo go laola dikgang tsa batho mme yone ka boyone e ne e tla ngangatlela ka natla tlase ga taolo ya ga Satane.—Bapisa Luke 4:5, 6.
Mebuso ya go nna jalo e ne e tla dumelelwa ka lobaka lo lo kae go nna le taolo e e ntseng jaana pele ga Jehofa a neela Jesu Keresete Bogosi? Daniele 4:16 e re “metlha e shupa” (“dingwaga tse supa,” AT le Mo, gape le footnote ya JB mo temaneng ya 13). Bibela e bontsha gore mo go lekanyetseng lobaka lwa boperofeti, letsatsi le balwa jaaka ngwaga. (Esek. 4:6; Dipa. 14:34) Ka jalo he, ke “malatsi” a le kae a a neng a kopanyelediwa? Tshenolō 11:2, 3 ka phepafalo e supa gore dikgwedi tse 42 (dingwaga tse 3 1/2) mo boperofeting joo di balwa jaaka malatsi a a 1 260. Dingwaga tse supa di ne di tla bo di le gabedi go tseo, kana malatsi a a 2 520. Fa re dirisa taolo ya “letsatsi leñwe le leñwe le tla èmèlwa ke ñwaga” go tla felela ka dingwaga tse 2 520.
Go balwa ga “metlha e shupa” go ne ga simolola leng? Morago ga Sedekia, kgosi ya bofelo ya Bogosi jwa tshwantshetso jwa Modimo, e se na go tlosiwa mo setulong sa Bogosi mo Jerusalema ke Bababelona. (Esek. 21:25-27) Kwa bofelong, kwa bosimologong jwa Phalane ka 607 B.C.E. masalela a bofelo a bobusi jwa Sejuda a ne a ile. Ka lobaka loo mmusi wa Mojuda, Gedalia, yo o neng a beilwe ke Bababelona go sala a tlhokometse o ne a bolailwe, mme masalela a Bajuda a ne a tshabetse kwa Egepeto. (Yeremia dikgaolo 40-43) Tlhatlhamano ya metlha ya Bibela e e ikanyegang e supa gore seno se ne sa diragala dingwaga tse 70 pele ga 537 B.C.E., ngwaga eo ka yone Bajuda ba neng ba boa kwa botshwarweng, ke gore, kwa bosimologong jwa Phalane ka 607 B.C.E. (Yer. 29:10; Dan. 9:2; go bona dintlha tse di oketsegileng, bona buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, ditsebe 138-141.)
Jalo he, nako ya go fitlha go 1914 e balwa jang? Go bala dingwaga tse 2 520 go tloga bosimologong jwa Phalane 607 B.C.E. go re tlisa kwa bosimologong jwa Phalane ka 1914 C.E., jaaka go supilwe mo tšhateng.
GO BALA “METLHA E SHUPA”
“Metlha e shupa” = 7 x 360 = 2 520 ya dingwaga
“Motlha” wa Bibela, kana ngwaga = 12 x malatsi a le 30 = 360. (Tshen. 11:2, 3; 12:6, 14)
Mo tiragatsong ya “metlha e shupa” letsatsi lengwe le lengwe le lekana le ngwaga. (Esek. 4:6; Dipa. 14:34)
Tshimologo ya Phalane, 607 B.C.E., go ya go
Morule 31, 607 B.C.E. = 1/4 ya ngwaga
Ferikgong 1, 606 B.C.E., go ya go Morule 31,
1 B.C.E. = dingwaga tse 606
Ferikgong 1, 1 C.E., go ya go Morule 31,
1913 = dingwaga tse 1 913
Ferikgong 1, 1914, go ya go Phalane, 1914 = 3/4 ya dingwaga
Palo yotlhe: dingwaga tse 2 520
Go ne ga diragalang ka nako eo? Jehofa o ne a neela bobusi jwa setho go Morwawe ka sebele, ebong Jesu Keresete, yo o galaleditsweng kwa magodimong.—Dan. 7:13, 14.
Mme he ke ka baka lang fa go sa ntse go na le boikepo jo bo kana kana mo lefatsheng? Morago ga fa Keresete a se na go tlhongwa mo setulong sa bogosi, Satane le badimona ba gagwe ba ne ba piriganngwa go tswa legodimong go tla mo lefatsheng. (Tshen. 12:12) Keresete jaaka Kgosi ga a ka ya re fela gone foo a tswelela ka go senya botlhe ba ba ganang go dumela bolaodi jwa ga Jehofa le ene jaaka Mesia. Go na le moo, jaaka a boleleletse pele, tiro ya go rera ya kgolokwe e ne e tla dirwa. (Math. 24:14) Jaaka Kgosi o ne a tla kaela go kgaoganngwa ga batho ba merafe yotlhe, bao ba neng ba tla itshupa ba le tshiamo ba ne ba tla neelwa tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng, mme ba ba boikepo ba ne ba tla tlosiwa ka loso lwa bosakhutleng. (Math. 25:31-46) Fa go sa ntse go ntse jalo, maemo a a bokete tota a a neng a boleleletswe pele go nna gone mo “metlheñ ea bohèlō,” a ne a tla tla. Jaaka go bontshitswe mo setlhogong sa “Metlha ya Bofelo,” ditiragalo tseo di ne tsa itshupa ka phepafalo fa e sa le 1914. Pele ga ba bofelo ba losika lo lo neng lo tshela ka 1914 ba ka felela botlhe, dilo tsotlhe tse di boleleletsweng pele di ne di tla diragala, go akareletsa le “sepitla se segolo” seo go sone lefatshe le le boikepo la jaanong le tla felang.—Math. 24:21, 22, 34.
Bofelo jwa lefatshe jeno je le boikepo bo tla tla leng?
Jesu o ne a araba a re: “Me kaga letsatsi yeuō, le nakō euō, ga go itse opè, leha e le baengele ba legodimo, leha e le Morwa, ha e se Rara a le esi hèla.” Lefa go ntse jalo, o ne gape a tlhalosa a re: “Amarure kea lo raea, Losika lo [lo lo neng lo tshela fa “seshupō” sa ‘metlha ya bofelo’ se ne se simolola tiragatso ya sone] ga lo ketla lo heta go tlo go tsamaee dilō cotlhe tse di dihale pele.”—Math. 24:36, 34.
Gape, morago ga go bolela kaga ditiragalo tseo di neng di tla latela go tlhomiwa ga Bogosi mo diatleng tsa ga Jesu Keresete ka 1914, Tshenolō 12:12 e oketsa ka gore: “Ke gōna a lo ko lo itumeleñ, lona magodimo, le lona ba lo agileñ mo go aōna. A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.”