Dihele
Tlhaloso: Lefoko “dihele” le fitlhelwa mo dithanolong di le dintsi tsa Bibela. Mo ditemaneng tse di tshwanang dithanolo tse dingwe di balega ka gore “lebitla,” “lefatshe la baswi,” jalo le jalo. Dibibela tse dingwe di le ranola fela jaaka le ne le ntse mo mafokong a puo ya pele ao fa gongwe a kwalwang ka gore “dihele”; ke gore, ba le kwala ka ditlhaka tsa mokwalo wa rona wa mafoko mme ba tlogela mafoko ao a sa ranolwa. Mafoko ao ke afe? she’ohlʹ ka Sehebera le e e tshwanang nayo ya Segerika ebong haiʹdes, tseo di sa lebiseng go lefelo le le rileng la phitlho, mme eleng mo lebitleng fela le le tlwaelegileng la batho ba ba suleng; gammogo le lefoko la Segerika geʹen·na, leo le dirisiwang jaaka setshwantsho sa tshenyego ya bosakhutleng. Lefa go ntse jalo, mo ditumelong tsa La-Bodumedi le tse dingwe tse dintsi tse e seng tsa Bokeresete go rutwa gore dihele ke lefelo le go nnang badimona gone le koo baikepi, morago ga go swa, ba otlhaiwang gone (mme bangwe ba dumela gore seno se dirwa ka tlhokofatso).
A Bibela e supa fa e le gore baswi ba utlwa botlhoko?
Mor. 9:5, 10: “Batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè . . . Se seatla sa gago se se bōnañ go se diha, u se dihè hèla ka nonohō ea gago; gonne ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bobipoñ [Sheol,* NW], kwa u eañ gōna.” (Fa ba sa itse sepe, go raya gore ga ba utlwe botlhoko bope.) (*“Sheol,” AS, RS, NE, JB; “lebitla,” KJ, Kx; “dihele,” Dy; “lefatshe la baswi,” TEV.)
Pes. 146:4: “Mōea oa gagwè oa cwa me a boèle mo mbuñ oa gagwe; ka letsatsi yeuō hèla maikaèlèlō* a gagwè a nyèlèle.” (*“Maikaelelo,” KJ, 145:4 mo go Dy: “maano,” JB; “dithulaganyo,” RS, TEV.)
A Bibela e supa gore moya o sala o ntse o tshela fa mmele o se na go swa?
Esek. 18:4: “Mōea* o o leohañ, go tla shwa ōna.” (*“Moya,” KJ, Dy, RS, NE, Kx; “motho,” JB; “motho ka sebele,” TEV.)
“Mogopolo wa gore ‘moya,’ (soul) go kaiwa selo sa semoya gotlhelele, se se sa bonaleng, se se kgaoganyeng le ‘mmele,’ . . . ga o yo mo Bibeleng.”—La Parole de Dieu (Paris, 1960), Georges Auzou, moporofesa wa Dikwalo tse di Boitshepo, wa Rouen Seminary, Fora, ts. 28.
“Lemororo lefoko la Sehebera nefesh [mo Dikwalong tsa Sehebera] gantsi le ranolelwa ka gore ‘moya,’ go tla bo go sa tshwanele go le kwala ka tsela ya Segerika. Nefesh . . . ga e nke e tsewa e le eo e farologaneng le mmele. Mo Testamenteng e Ntšha lefoko la Segerika psyche gantsi le ranolelwa ka gore ‘moya’ mme gape ga le a tshwanelwa go tlhaloganngwa ka tsela ya gore le ntse jaaka fa le kaiwa ke batlhalefi ba Bagerika. Gantsi le raya ‘botshelo,’ kana ‘nonofo,’ kana, ka dinako tse dingwe, ‘wena.’”—The Encyclopedia Americana (1977), Bol. 25, ts. 236.
Ke batho ba mofuta ofe ba ba yang mo diheleng tsa Bibela?
A Bibela ya re baikepi ba ya kwa diheleng?
Pes. 9:17, KJ: “Baikepi ba tla isiwa mo diheleng,* le merafe yotlhe e e lebalang Modimo.” (*“Dihele,” 9:18 mo Dy; “loso,” TEV; “lefelo la loso,” Kx; “Sheol,” AS, RS, NE, JB, NW.)
A Bibela gape ya re batho ba ba siameng ba tla ya kwa diheleng?
Yobe 14:13, Dy: “[Jobe a rapela a re:] Ke mang yo o tla mphang seno, gore o ntshireletse mo diheleng,* mme o mphitlhe go fitlhelela bogale jwa gago bo feta, mme o mpeele motlha o o tla nkgakologelwang ka one?” (Modimo ka boene o ne a re Jobe e ne e le “monna eo o itekanetseñ, eo o siameñ, motho eo o boihañ Modimo, me a tshaba boshula.”—Yobe 1:8.) (*“Lebitla,” KJ; “lefatshe la baswi,” TEV; “Sheol,” AS, RS, NE, JB, NW.)
Dit. 2:25-27, KJ: “Dafide o bua jaana ka ene [Jesu Keresete], . . . Ka go bo ga o ketla o tlogela moya wa me mo diheleng,* lefa e le go lesa Moitshepi wa gago a bona go bola.” (Lebaka la go bo Modimo a ile a se ka a “tlogela” Jesu mo diheleng le kaya gore Jesu o ne a le mo diheleng, kana Hades, re ka re ka lobakanyana, a ga go jalo?) (*“Dihele,” Dy; “loso,” NE; “lefelo la loso,” Kx; “lefatshe la baswi,” TEV; “Hades,” AS, RS, JB, NW.)
A go na le mongwe yo o ka tswang mo diheleng tsa Bibela?
Tshen. 20:13, 14, KJ: “Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone; le loso le dihele* tsa ntsha baswi ba ba mo go tsone: me ba atlholwa botlhe kafa ditirong tsa bone. Mme loso le dihele tsa latlhelwa mo bodibeng jwa molelo.” (Jalo baswi ba tla ntshiwa mo diheleng. Elatlhoko gape gore dihele ga se bodiba jwa molelo mme di tla latlhelwa mo bodibeng jwa molelo.) (*“Dihele,” Dy, Kx; “lefatshe la baswi,” TEV; “Hades,” NE, AS, RS, JB, NW.)
Ke eng fa go na le tobekano ya gore Bibela e reng kaga dihele?
“Tobekano e ntsi le ketsaetsego di ile tsa dirwa ke baranodi ba pele ba Bibela ka go nna ba ganelela mo go kwaleng Sheol ka Sehebera le Hades ka Segerika le Gehenna ka lefoko dihele. Go ranolela fela ka tlhamalalo mafoko ano ke baranodi ba dikgatiso tse di tlhabolotsweng tsa Bibela ga go a lekanela mo go siameng sentle go ka fedisa tobekano eno le tlhoka-kutlwisiso.”—The Encyclopedia Americana (1942), Bol. XIV, ts. 81.
Baranodi ba ile ba letlelela gore ditumelo tsa bone di hupetse tiro ya bone go na le gore ba tlhomame mo go kwaleng mafoko a puo ya pele-pele. Ka sekai: (1) King James Version e ne ya kwala she’ohlʹ gore ke “dihele,” “lebitla,” le “lehuti”; haiʹdes ka gone e kwalwa ka gore ke “dihele” le gore ke “lebitla,” ka go tshwana; geʹen·na le yone e ranolelwa ka gore “dihele.” (2) Today’s English Version e ranolela haiʹdes gore ke “Hades” mme gape e le kwala ka gore ke “dihele” le gore ke “lefatshe la baswi.” Mme kwa ntle ga go kwala “dihele” go tswa mo go haiʹdes e dirisa thanolo e e tshwanang eo mo go geʹen·na. (3) The Jerusalem Bible e ranolela ka tlhamalalo haiʹdes makgetlo a le marataro, mme mo ditemaneng tse dingwe e ranola ka gore “dihele” le gore ke “lefatshe le le kwa teng.” Gape e ranola geʹen·na jaaka “dihele,” jaaka fa e dira fela ka haiʹdes mo makgetlong a mabedi. Ka gone bokao jo bo tlhomameng jwa mafoko a puo ya pele bo ile jwa sokamisiwa.
A baikepi ba tla otlhaiwa ka bosakhutleng?
Math. 25:46, KJ: “Bano ba tla ya kotlhaong ya bosakhutleng [“go amololwa,” Int; Segerika, koʹla·sin]: mme basiami ba tla ya botshelong jo bosakhutleng.” (The Emphatic Diaglott e balega ka gore “go kgaolwa” go na le gore “go otlhaiwa.” Footnote e tlhalosa ka gore: “Kolasin . . . e tsewa mo go kolazoo, eo e kayang, 1. Go kgaola; jaaka go amola dikala mo ditlhareng, go poma. 2. Go kganela, go thiba. . . . 3. Go itaya, go otlhaya. Go kgaola motho mo botshelong, kana mo bathong, kana le eleng go mo kganela, go tsewa jaaka kotlhao;—jalo he ke sone se go tlhagileng tiriso ya lefoko leno ya boraro ya tshwantshetso. Bokao jwa pele pele bo ile jwa dirisiwa, ka go bo bo dumalana botoka le karolo ya bobedi ya seele, ka gone go bolokiwa maatla le go utlwala sentle ga pharologanyo. Basiame ba ya botshelong, baikepi ba kgaolwa mo botshelong, kana ba a swa. Bona 2 Bathes. 1.9.”)
2 Bathes. 1:9, RS: “Ba tla boga kotlhao ya tshenyego ya bosakhutleng* le go tloga mo sehatlhegong sa Morena le mo kgalalelong ya nonofo ya gagwe.” (*“Tshwahalo ya bosakhutleng,” NAB, NE; “go latlhegela ruri ruri,” JB; “go ba atlholela kotlhaong ya bosakhutleng,” Kx; “kotlhao ya bosakhutleng mo tshenyegong,” Dy.)
Yude 7: “Hèla yaka metse ea Sodoma le Gomora, le metse e e neñ e le mo tikologoñ ea eōna, ka e ile ya etsa bōnè bauō, ea ineèla mo kgokahaloñ, ea latèla mokgwa oa nama e sele, e beilwe sekaō, ka go bediwa ka molelō o o sa khutleñ.” (Molelo o o neng wa nyeletsa Sodoma le Gomora ga o bolo go tima diketekete tsa dingwaga tse di fetileng. Lefa go ntse jalo, se molelo oo o se dirileng se nnetse ruri; metse eo ga e a ka ya agiwa gape. Lefa go ntse jalo, katlholo ya Modimo e ne e se fela kgatlhanong le metse eo mme gape e ne e le kgatlhanong le baagi ba yone ba ba boikepo. Se se ba diragaletseng ke sekao se se ka re tlhagisang. Mo go Luke 17:29, Jesu o bolela gore ba ne ba ‘lailwa’; Yude 7 e bolela gore go lailwa goo ke ga bosakhutleng.)
Ke eng se se bolelwang ka ‘tlhokofatso ya bosakhutleng’ e e kaiwang mo go Tshenolō?
Tshen. 14:9-11; 20:10: “Ha motho leha e le mañ a ōbamèla sebatana le sechwanchō sa shōna, me a iteseletsa go chwaiwa mo phatleñ, kgotsa mo seatleñ, Le èna o tla nwa boyalwa yoa bogale yoa Modimo, yo bo baakancweñ bo sa tlhakañwa le sepè, bo le mo senweloñ sa chakgalō ea ōna; me o tla tlhokohadiwa ka molelō le sulefura, ha pele ga baengele ba ba boitshèpō, le ha pele ga Kwana: Me mosi oa tlhokohaco [Segerika, basa·nismouʹ] ea bōnè o tlhatloga ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae; me ga ba na tapologō motshegare le bosigo, eboñ bōnè ba ba ōbametseñ sebatana le sechwanchō sa shōna, le botlhe ba ba iteseletsañ go chwaiwa lochwaō loa leina ya shōna.” “Me diabolo eo o ba tsieditseñ a latlhèlwa mo bodibeñ yoa molelō le sulefura, kwa sebatana le moperofeti eo e señ èna le bōnè ba leñ gōna; me ba tla tlhokohadiwa motshegare le bosigo ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.”
‘Tlhokohatso’ eo ditemana tseno di e kayang ke eng? Go lemotshega sentle gore mo go Tshenolō 11:10 go buiwa ka ‘baperofeti ba babedi ba ba tlhokofatsang ba ba agileng mo lefatsheng.’ Tlhokofatso e e ntseng jalo e nna gone ka go senolwa ga matlhabisa ditlhong ka melaetsa eo e bolelwang ke baperofeti bano. Mo go Tshenolō 14:9-11 baobamedi ba “sebatana le sechwanchō sa shōna” sa tshwantshetso ba bolelwa ba “tlhokohadiwa ka molelō le sulefura.” Seno se ka se ke se lebise go tlhokofatso ya batho ba ikutlwa morago ga loso ka go bo “bashwi ga ba itse sepè.” (Mor. 9:5) Mme he jaanong, ke eng se se ba dirang gore ba itemogele tlhokofatso fa ba sa ntse ba tshela? Ke go bolela ga batlhanka ba Modimo gore baobamedi ba “sebatana le sechwanchō sa shōna” ba tla bona loso lwa bobedi, leo le tshwantshediwang ka ‘bodiba jo bo shang ka molelo le sulefura.’ Mosi, o o nnang gone fa ba senngwa ka molelo, o tlhatloga ka bosaengkae ka go bo tshenyego e tla bo e le ya bosakhutleng mme ga e ne e tlhola e lebalwa. Fa Tshenolō 20:10 e re Diabolo o tla ‘tlhokofadiwa ka bosaengkae’ mo “bodibeñ yoa molelō le sulefura,” seo se rayang? Tshenolō 21:8 e bolela ka phepafalo gore ‘bodiba jo bo shang ka molelo le sulefura’ bo raya “losho loa bobedi.” Jalo go ‘tlhokofadiwa’ ga ga Diabolo moo ka bosaengkae go raya gore ga a ketla a bona kgololo; o tla nna fela a kganetswe ka bosaengkae, tota tota e le mo losong lwa bosakhutleng. Go dirisiwa ga lefoko ‘tlhokofatso’ (go tswa go baʹsa·nos ka Segerika) go re gakolola ka tiriso ya lone go Mathaio 18:34, koo lefoko la konokono le le tshwanang la Segerika le dirisiwang go ‘modisa-kgolegelo.’—RS, AT, ED, NW.
‘Gehenna ya molelo’ e Jesu a neng a lebisa go yone ke eng?
Go lebisiwa go Gehenna makgetlo a ka nna 12 mo Dikwalong tsa Segerika tsa Bokeresete. E golaganngwa ka tlhamalalo makgetlo a le matlhano le molelo. Baranodi ba ile ba kwala tlhaloso ya Segerika geʹen·nan tou py·rosʹ ba re ke “molelo wa dihele” (KJ, Dy), “melelo ya dihele” (NE), “molete wa molelo” (AT), le “melelo ya Gehenna” (NAB).
Ditso tsa yone: Mogogoro wa Hinoma (Gehenna) o ne o le ka kwantle ga dithako tsa Jerusalema. Ka nakwana e ne e le lefelo la kobamelo ya medimo ya disetwa, go akareletsa le go ntsha bana setlhabelo. Mo lekgolong la dingwaga la ntlha Gehenna e ne e dirisediwa go tshuba matlakala a Jerusalema. Ditoto tsa diphologolo tse di suleng di ne di latlhelwa mo mogogorong oo go re di jewe ke molelo, oo sulefura, kana sebabole se neng se latlhelwa moteng go kuketsa molelo. Mme gape le ditoto tsa dikebekwa tse di bolailweng, bao ba neng ba tsewa jaaka ba ba sa tshwanelang go fitlhwa mo phupung, ba ne ba latlhelwa mo Gehenna. Ka gone, go Mathaio 5:29, 30, Jesu o ne a bua ka gore motho a latlhele “mmele otlhe” wa gagwe mo Gehenna. Fa mmele o ne o ka wela mo molelong o o ntseng o tuka ka gale o ne o o sha, mme fa o ne o ka wela fa molatswaneng o o boteng nama e e bolang ya one e ne e nna le diboko tse di neng di le teng ka metlha yotlhe, kana dibokwana. (Mar. 9:47, 48) Batho ba ba sa ntseng ba tshedile ba ne ba sa latlhelwe mo Gehenna; jalo e ne e se lefelo la tlhokofatso ya batho ba ikutlwa.
Go Mathaio 10:28, Jesu o ne a tlhagisa bareetsi ba gagwe gore ba “boihè èna eo o nonohileñ go senya mōea le mmele mo moletiñ [Gehenna, NW].” Seo se raya goreng? Elatlhoko gore fano ga go umakiwe sepe ka tlhokofatso mo molelong wa Gehenna; go na le moo, a re ‘go boihiwe ena yo o ka senyang mo Gehenna.’ Ka go lebisa go “mōea” ka mo go farologaneng, Jesu fano o gatelela gore Modimo o ka senya ditebelelo tsotlhe tsa motho tsa botshelo; ka gone ga go na tsholofelo ya tsogo mo go ene. Jalo, fa go lebisiwa go ‘molelo wa Gehenna’ go ntse go kaiwa se se tshwanang fela le ‘bodiba jwa molelo’ jwa Tshenolō 21:8, ebong, tshenyego, “losho loa bobedi.”
Bibela ya re tehetso ya boleo ke eng?
Bar. 6:23: “Maduō a boleo ke losho.”
Fa motho a sena go swa, a o sa ntse a ka nna a otlhaelwa maleo a gagwe gape?
Bar. 6:7: “Eo o kileñ a shwa o siamisicwe kaga boleo.”
A tlhokofatso ya bosakhutleng ya baikepi e tsamaisanya le botho jwa Modimo?
Yer. 7:31: “Ba bile ba [Bajuda ba batenegi] agile mahelō a a tlotlometseñ a Tofetha, eo o mo mogogoroñ oa morwa Hinoma, go tla ba hisa bana ba bōnè ba basimane le ba basetsana mo moleloñ; e le mo ke sa go laolañ, le gōna go se ka ga tla ga coga mo peduñ ea me.” (Fa go ise go ke go tsoge mo pelong ya Modimo, ruri ga a na selo se se ntseng jalo ebile ga a se dirise ka selekanyo se segolo.)
Tshwantshetso: O ne o ka akanya jang ka motsadi yo o neng a ka baya seatla sa ngwana wa gagwe mo molelong go mo otlhaela phoso nngwe? “Modimo o loratō.” (1 Yoh. 4:8) A o ne a ka dira seo se neng se ka se ke se dirwe ke motsadi ope yo eleng motho yo o nang le tlhaloganyo e e itekanetseng? Eleruri nnyaa!
Ka seo Jesu a se buileng kaga monna wa mohumi le Lasaro, a Jesu o ne a ruta tlhokofatso ya baikepi morago ga loso?
A polelo e e mo go Luke 16:19-31, ke ya sebele kana ke tshwantshetso fela ya sengwe se sele? The Jerusalem Bible, go footnote ya yone, e dumalana gore ke “setshwantsho se se mo sebopegong sa polelo kwantle ga go lebisa go motho ope yo o kileng a nna teng mo ditiragalong.” Fa se ka tsewa fela jaaka sa sebele, se tla raya gore bao ba amogelwang ke Modimo ba ka tsena botlhe mo sehubeng sa motho a le mongwe fela, ebong Aberahame; go re metsi a a mo ntlheng ya monwana a ka se omisiwe ke molelo wa Hades; go re lerothodi la metsi le ka golola motho mo go bogeng koo. A seo mo go wena se a utlwala? Fa e ne e le ya sebele, e ne e tla thulana le dikarolo tse dintsi tsa Bibela. Fa Bibela ka gone e ikganetsa, a morati wa boammaaruri o tla e dirisa jaaka motheo wa tumelo ya gagwe? Mme Bibela ga e ikganetse.
Setshwantsho se raya goreng? “Mohumi” o ne a emela Bafarasai. (Bona temana 14.) Lasaro wa mokopi o ne a emela batho ba ba tlwaelegileng ba Bajuda bao ba neng ba nyadiwa ke Bafarasai mme ba ile ba ikwatlhaya ba bo ba nna balatedi ba ga Jesu. (Bona Luke 18:11; Yohane 7:49; Mathaio 21:31, 32.) Dintsho tsa bone le tsone e ne e le tsa tshwantshetso, di emela phetogo ya maemo. Ka gone, bao pele ba neng ba nyadiwa ba ne ba nna mo boemong jwa go amogelwa ke Modimo, mme bao ba neng ba bonala ekete ba amogelwa ba ne ba latlhiwa ke Modimo, fa ba ntse ba tlhokofadiwa ke melaetsa ya katlholo eo ba neng ba e neelwa ke bao ba neng ba ba nyatsa pele.—Dit. 5:33; 7:54.
Thuto ya molelo wa dihele e simologile kae?
Mo ditumelong tsa Babelona le Asiria tsa bogologolo “lefatshe je le kafa tlase . . . le tshwantshiwa jaaka lefelo le le tletseng ka dipoitshego, mme le okangwe ke medimo le badimona ba ba nonofileng thata ebile e le ba ba tshabegang.” (The Religion of Babylonia and Assyria, Boston, 1898, Morris Jastrow, Jr., ts. 581) Bosupi jwa ntlha ntlha jwa karolo ya dihele ya La-Bodumedi bo fitlhelwa mo bodumeding jwa Egepeto wa bogologolo. (The Book of the Dead, New Hyde Park, N.Y., 1960, ka ketapele ya ga E. A. Wallis Budge, dits. 144, 149, 151, 153, 161) Bobuda, jo bo simologang fela kwa lekgolong la dingwaga la bo-6 B.C.E., e ne ya re fa go ntse go ya jwa tlhalosa ka dihele tse di molelo le tse di tsididi ka go tshwana. (The Encyclopedia Americana, 1977, Bol, 14, ts. 68) Ditshwantsho tsa dihele tse di bonwang mo dikerekeng tsa Katoliki mo Italy go kaiwa fa di simolotswe ke ba Etruscan.—La civiltà etrusca (Milan, 1979), Werner Keller, ts. 389.
Mme medi tota ya thuto eno ya motheo e e tlontlololang Modimo e tsenelela kwa teng. Megopolo ya bosetlhogo eo e tsamaelanang le tlhokofatso ya dihele e seba Modimo mme e tswa kwa mosebing yo mogolo wa Modimo (Diabolo, leina leo le rayang “Mosebi”), ene yo Jesu Keresete a neng a mmitsa “rra aōna maaka.”—Yoh. 8:44.