Mmisa
Tlhaloso: Jaaka go tlhalositswe ke ba Phuthego e e Boitshepo ya Mediro ya Kereke ya Katoliki ya Roma, Mmisa ke “—Setlhabelo seo Setlhabelo sa Sefapaano se tsweledisiwang ka sone; —Segopotso sa loso le tsogo tsa Morena, yo o neng a re ‘dirang mo lo nkgopole ka gone’ (Luke 22:19); —Moletlo o o boitshepo oo go one, ka kabalano ya Mmele le Madi a Morena, Batho ba Modimo ba tlhakanelang mo melemong ya Setlhabelo sa Paseka, ba shafatsang Kgolagano e Ntšha, eo Modimo a e dirileng le motho gangwe fela ka Madi a ga Keresete, mme ka tumelo le tsholofelo a tshwantshetsa le go lebelela pele moletlo wa bofelo mo bogosing jwa ga Rara, go bolela loso lwa Morena ‘a bo A tle.’” (Eucharisticum Mysterium, May 25, 1967) Ke tsela ya Kereke ya Katoliki ya go dira seo ba se tsayang gore Jesu Keresete o ne a se dira mo Selalelong sa Bofelo.
A senkgwe le beine tota di ne tsa fetoga go nna mmele le madi a ga Keresete?
Mo “Boipolelong jo bo Feletseng jwa Tumelo” ka June 30, 1968, Mopapa Paul VI o ne a bolela ka gore: “Re dumela gore jaaka senkgwe le beine tse di neng tsa itshepisiwa ke Morena ka nako ya Selalelo sa Bofelo di ne tsa fetogela go Mmele wa Gagwe le Madi a Gagwe ao a neng a tla re tshololelwa mo sefapaanong, ka jalo senkgwe le beine tseo di itshepisiwang ke mopirisita di fetoga go nna Mmele le Madi a ga Keresete yo o mo setulong sa bogosi se se galalelang kwa legodimong, mme Re dumela gore go nna gone ga dikgakgamatso ga Morena, tlase ga ponalo ya dikarolo tseo di bonalang mo kutlwisisong ya rona di tshwana morago fela jaaka pele ga Boitshepiso, ke go nna gone ga boammaaruri, ga mmatota le ga kgakgamatso. . . . Phetogo eno ya masaitsiweng eleruri e ya tshwanela tota tota go ka bidiwa ke Kereke phetogo ya dikgakgamatso.” (Official Catholic Teachings—Christ Our Lord, Wilmington, N.C.; 1978, Amanda G. Watlington, ts. 411) A Dikwalo tse di Boitshepo di dumalana le tumelo eo?
Jesu o ne a rayang fa a ne a re, “Se ke mmele oa me,” “Se ke madi a me”?
Math. 26:26-29: “Me ea re ba sa ya, Yesu a tsaea senkgwè, me a se segōhatsa, a se ñathoganya; me a se naea barutwa, a re, Tsaeañ, lo yè; se ke mmele oa me. Me a tsaea senwèlō, a leboga, a se ba naea, a re, Nwañ lotlhe ga shōna; Gonne se ke madi a me a kgōlaganō e ncha, a a chololèlwañ ba le bantsi go tla ba ichwarèlwa dibe. Me kea lo raea, Ga nketla ke tlhōla ke nwa louñō lo loa mofine, go tlo go tsamaee go hitlhe letsatsi ye ke tla lo nwañ lo le losha le lona ka yeōna, mo bogosiñ yoa ga Rrè.”
Malebana le dipolelwana “se ke mmele oa me” le “se ke madi a me,” dithanolelo tse di latelang di a thusa: Mo e balega ka gore, “go raya mmele wa me,” “go raya madi a me.” (Mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.) NW e balega ka mo go tshwanang. LEF e fetolela dipolelwana tseo ka go re, “seno se emela mmele wa me” “seno se emela madi a me.” (Mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.) Diphetolelo tseno di dumalana le seo se kwadilweng mo mokwalong, mo temaneng ya 29, mo diphetolelong tse di farologaneng tsa Katoliki. Kx e balega ka go re: “Ga nketla ke nwa loungo lo lwa mofine le lona gape, go tsamaya ke lo nwa le lona, e le beine e ntšha, mo bogosing jwa ga Rre.” (Mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.) CC, NAB, Dy le tsone gape di bontsha gore Jesu o ne a lebisitse go senwelo jaaka “loungo lo lwa mofine,” mme seo e ne e le morago ga fa Jesu a se na gore, “Se ke madi a me.”
Akanyetsa dipolelwana “se ke mmele oa me” le “se ke madi a me” mo leseding la puo e nngwe e e dirisitsweng sentle mo Dikwalong. Jesu o ne gape a re, “Ke nna lesedi ya lehatshe,” “Ke nna kgōrō ea dinku,” “Ke nna mofine oa amarure.” (Yoh. 8:12; 10:7; 15:1) Ga go epe ya dipolelwana tseno e e neng e akantsha phetogo ya dikgakgamatso, a ga go jalo?
Mo go 1 Bakorintha 11:25, moaposetoloi Paulo o ne a re a kwala ka Selalelo sa Bofelo a bua megopolo e e tshwanang ka mantswe a a farologaneng go se go nene. Mo boemong jwa go tsopola Jesu jaaka a ne a bua ka senwelo a re, “Nwañ gotlhe ga shōna . . . gonne se ke madi a me a kgōlaganō e ncha,” o ne a e baya ka tsela eno: “Senwèlō se ke kgōlaganō e ncha mo madiñ a me.” Eleruri seo se ne se sa reye gore senwelo ka tsela nngwe se ne sa fetolwa ka masaitsiweng go nna kgolagano e ntšha. A ga go ka ke ga utlwala thata go feleletsa ka gore seo se neng se le mo senwelong se ne se emela madi a ga Jesu ao kgolagano e ntšha e neng ya kaniwa ka one?
Jesu o ne a rayang ka polelo ya gagwe e e mo go Yohane 6:53-57?
“Hoñ Yesu a ba raea, a re, Amarure, amarure, kea lo raea, Ha lo sa ye nama ea Morwa Motho, ha lo sa nwe madi a gagwè, ga go na botshelō mo go lona. Eo o yañ nama ea me, a ba a nwa madi a me, o na le botshelō yo bo sa khutleñ; me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō. Gonne nama ea me ke seyō rure, le madi a me ke senōō rure. Eo o yañ nama ea me, a ba a nwa madi a me, o nntse mo go nna, le nna mo go èna. Yaka Rara eo o tshedileñ a nthomile, me ke tshela ka ntlha ea ga Rara; yalo èna eo o nnyañ, o tla tshela ka ntlha ea me.”—Yoh. 6:53-57.
A seno se tshwanetse go tlhaloganngwa se raya gore ba ne ba tshwanetse tota go ja nama ya ga Jesu le go nwa madi a gagwe? Fa go ntse jalo, Jesu o ne a tla bo a buelela gore go tlolwe Molao o Modimo a neng a o neile Iseraele ka Moshe. Molao oo o ne o iletsa go jewa ga madi a mofuta ofe le ofe fela. (Lefi. 17:10-12) Go na le gore a buelele selo sa go nna jalo, Jesu o ne a bua kgatlhanong thata le go tlola epe ya dipatlafalo tsa Molao. (Math. 5:17-19) Ka jalo se Jesu a neng a se gopotse e tshwanetse ya bo e ne e le go ja le go nwa ka tsela ya tshwantshetso, go dumela mo molemong wa setlhabelo sa gagwe se se itekanetseng jaaka motho.—Bapisa Yohane 3:16; 4:14; 6:35, 40.
A Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe go dira, eseng segopotso sa loso lwa gagwe fela mme modiro oo tota o neng o tla shafatsa setlhabelo sa gagwe?
Go ya ka The Documents of Vatican II: “Kwa Selalelong sa Bofelo, mo bosigong jwa fa A ne a tla okiwa, Mmoloki wa rona o ne a simolodisa Setlhabelo sa Kabalano sa Mmele wa Gagwe le Madi. O ne a dira seno e le go tsweledisa setlhabelo sa Sefapaano . . .”—(New York, 1966), e e neng ya kwalwa ke W. M. Abbott, S. J., ts. 154; mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.
The Catholic Encyclopedia e re: “Kereke e ikaelela gore Mmisa o tsewe jaaka ‘setlhabelo sa boammaaruri le se se tshwanetseng’ . . . Motswedi wa konokono wa thuto ya rona, lefa go ntse jalo, ke ngwao, eo go tswa dipakeng tsa pele e boletseng molemo o o rapelelang wa Setlhabelo sa Mmisa.”—(1913), Bol. X, dits. 6, 17.
Jesu ka boene o ne a re: “Dihañ mo, lo nkgopolè ka gōna.” (Luke 22:19; 1 Bakor. 11:24) Mo go Luke 22:19, Kx le Dy di re: “Dirang seno go nna kgopotso ya me.” Thanolelo ya NAB e re: “Dirang se go nkgopola.” Jesu ga a ka a re seo a neng a se dira mo Selalelong sa Bofelo e ne e le setlhabelo sa gagwe kana gore barutwa ba gagwe ba ne ba tshwanetse go gopola loso lwa gagwe ka go shafatsa setlhabelo sa gagwe.
Baheb. 9:25-28: “E bile e se gore a nnè a ikisè setlhabèlō gantsi; yaka moperisiti [wa Sejuda] eo mogolo a tla a tsène mo heloñ ga boitshèpō ka ñwaga ñwaga ka madi a e señ a mmele oa gagwè; Ha go no go sa nna yalo, o ka bo hano a bolailwe gantsi, go simolola ka lobaka loa lehatshe go thaiwa: me yanoñ, o dihile gañwe hèla . . . o senolecwe go tla a tlosa dibe ka go intsha setlhabèlō ka esi. Me ereka go laocwe gore batho ba shwè gañwe hèla, me kwa moragō go bo go tla tshèkō. Yalo le èna Keresete, [o] isicwe setlhabèlō gañwe hèla.” (Mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.)
A gotlhe ke “masaitsiweng a a leng marara” fela?
Bibela gone e lebisa go masaitsiweng a bomodimo, kana masaitsiweng a a boitshepo. Mme ga go ape a ano a a thulanang le boammaaruri jwa Dikwalo jo bo tlhalositsweng ka phepafalo. Malebana le bao ba bayang dingwao tsa bone kwa pele go Dikwalo, Jesu o ne a re: “Baitimokanyi ke lona, Isaia o boletse sentlè kaga lona, a re, Chaba e, e ntlotla ka dipounama; me dipelo tsa bōnè di kgakala le nna. Me ba nkōbamèlèla lehèla, ka ea tle e re ba ruta, dithutō tsa bōnè e be e le dipolèlō tsa batho hèla.”—Math. 15:7-9.
A Jesu o ne a raya gore segopotso seno gongwe se dirwe letsatsi lengwe le lengwe kana beke nngwe le nngwe?
Basic Catechism e re: “Ditiro tse di Kgethegileng tsa Bakeresete ba Bakatoliki” di akareletsa “go tlhakanela mo Mmiseng ka Tshipi nngwe le nngwe mme le modiro wa letsatsi je le boitshepo.” (Boston, 1980, ts. 21) “Baitshepi tota ba kgothalediwa go tlhakanela mo Mmiseng le go amogela Kabalano gangwe le gape, le eleng letsatsi le letsatsi.”—The Teaching of Christ—A Catholic Catechism for Adults, Kgatiso e e Khutshwafaditsweng (Huntington, Ind.; 1979), ts. 281.
A ditlhaloso tsotlhe tsa Dikwalo tsa go ‘ngathoganya senkgwe’ di supa gore loso lwa ga Keresete lo no lo gopolwa? (Dit. 2:42, 46; 20:7) Jesu o ne a tle a ‘ngathoganye senkgwe’ fa go ne go jewa dijo le eleng pele ga Selalelo sa Bofelo. (Mar. 6:41; 8:6) Senkgwe se se neng se dirisiwa ke Bajuda ka nako eo e ne e se seo batho ba bantsi ba tlwaelaneng le sone gompieno. Fa ba ne ba se ja, gantsi ba ne ba tle ba se ngathoganye kana ba kgaole setoki sa sone.
Jesu o ne a sa ka a papamatsa gore Segopotso sa loso lwa gagwe se ne se tla tshwarwa ka makgetlo a le kae. Lefa go ntse jalo, o ne a se simolodisa mo letsatsing ja Tlolaganyo ya Bajuda, eo e neng ya tseelwa sebaka gareng ga barutwa ba gagwe ke Segopotso sa loso lwa ga Keresete. Tlolaganyo e ne e le tiragalo ya ngwaga le ngwaga, e e neng e ketekwa ka Nisane 14. Ka mo go tshwanang, Modiro wa Senkgwe se se sa Bedisiwang wa Bajuda, Modiro wa Dibeke (Pentekosete), Modiro wa Diobo, kana wa go Rora, le Letsatsi ja Tetlanyo tsotlhe di ne di tshwarwa gangwe fela mo ngwageng.
A go buiwa ga Mmisa go ka tlisetsa meya e e mo pakatoring kgololesego?
The Teaching of Christ—A Catholic Catechism for Adults e re: “Lefoko ‘pakatori’ ga le yo mo Bibeleng, lefa e le gone gore thuto ya pakatori tota tota e rutwa ka tlhamalalo koo. . . . Mekwalo ya Borara ga e bue gantsi fela ka go nna gone ga pakatori, mme gape ka lebaka la gore baitshepi bao ba re tlogetseng ba ka thusiwa ke dithapelo tsa batshedi, segolo bogolo ka Setlhabelo sa Mmisa.”—Dits. 347, 348.
Malebana le boemo jwa baswi, Dikwalo tse di Boitshepo di re: “Gonne batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè.” (Mor. 9:5) “Mōea [“soul,” Kx; “motho,” JB] o o leohañ, go tla shwa ōna.” (Esek. 18:4) (Bona gape ditsebe 244-246, tlase ga setlhogo se se reng “Loso.”)