Botlhalefi
Tlhaloso: Lefoko botlhalefi le tswa mo metsweng ya Segerika eo e rayang “lorato lwa botlhale.” Jaaka le dirisiwa fano, botlhalefi ga bo a agelwa mo go amogeleng tumelo mo Modimong, mme bo leka go neela batho pono e e kitlaneng ya lobopo le go gakalela go ba dira baikakanyetsi. Gantsi bo ganelela thata thata mo mekgweng ya go phoraetsa go na le tsheka-tsheko ya patlisiso ya boammaaruri.
Re ka bapala jang kitso ya boammaaruri le botlhale?
Dia. 1:7; Pes. 111:10: “Go boiha Yehofa ke tshimologō ea kicō . . . [le] tshimologō ea botlhale.” (Fa lobopo e ne e se tiro ya Mmopi yo o botlhale mme e le fela maatla mangwe a a sa tlhalefang, nonofo e e senang tlhaloganyo, he pono e e kitlaneng ya lobopo e ne e se ketla e kgonega, a gago jalo? A ga se mo go utlwalang gore go ka se tsewe jaaka kitso selo seo se ithutilweng ka sengwe seo ka bosone e neng e se sa tlhaloganyo? Bao ba lekang go tlhaloganya lobopo, kana botshelo ka bojone, fa gone ba gakaletse go tlogela Modimo le boikaelelo jwa gagwe ka kwantle, ba felela ka metlha ba tlaletswe. Ga ba tlhalose sentle se ba se ithutang le go sa dirise kafa tshwanelong mabaka ao ba a lemogang. Go ntsha mo tlhaloganyong tumelo mo Modimong go senya sekopololo sa kitso e e tlhomameng mme go dira gore megopolo epe fela e e utlwalang e seka ya kgonega.)
Dia. 2:4-7: “Ha u mmatla yaka e ka bo e le selefera, ha u mo hukuletsa yaka e ka bo e le dikhumō tse di shubegileñ; Hoñ o tla tlhaloganya go boiha Yehofa, me u tla bōna kicō ea Modimo. Gonne Yehofa o aba botlhale; kicō e cwa mo molomuñ oa gagwè, le tlhaloganyō: O beèla bathōkgami botlhale yo bo itekanetseñ.” (Jehofa o baakanyetsa ka thuso e e tlhokafalang ka Lefoko ja gagwe je le kwadilweng le ka phuthego ya gagwe e e bonalang. Keletso ya mmatota le boiteko jwa botho, go akareletsa le tiriso ya kgono ya go akanya ya motho ka mokgwa o o lolameng, le tsone di a tlhokafala.)
A go a utlwala go lebelela go bona boammaaruri jo bo feletseng go tswa Motsweding ono?
2 Tim. 3:16; Yoh. 17:17: “Lokwalō loñwe le loñwe lo . . . [kwadilwe] ka tlhotlheleco ea Modimo.” “[Jesu o ne a re go Rragwe wa selegodimo:] Lehoko ya gago ke boamarure.” (A ga go utlwale gore Mmopi wa lobopo o tla le tlhaloganya ka botlalo? Mo Bibeleng ga a re bolelela sengwe le sengwe kaga lobopo, mme seo a ileng a dira gore se begwe koo ga se phoraetso; ke boammaaruri. Gape o ile a tlhalosa mo Bibeleng seo boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe le setho e leng sone le kafa a tla bo fitlhelelang ka teng. Nonofo ya gagwe e e maatla otlhe, botlhale jwa gagwe jo bo kwa godimo-dimo, tshiamiso ya gagwe e e senang selabe le lorato lwa gagwe lo logolo di tlhomamisetsa gore boikaelelo jono bo tla fitlhelelwa ka botlalo, mme ka mokgwa o o ka kgonegang o o molemo-lemo. Dinonofo tsa gagwe ka gone di re tlhomamisetsa gore boikaelelo jo a botlhalosang bo ka ikanngwa gotlhelele; ke boammaaruri.)
Matlhajana a setho a simologile kae?
A tswa mo bathong bao ba nang le ditlhaelo: Bibela e ya re itsise: “Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” (Yer. 10:23) Ditso di netefatsa gore go leka go tlhokomologa tlhaelo eo ga go a ka ga tsisa matswela ape a a molemo. Mo pakeng nngwe, “Yehofa a le mo sehehoñ a hetola Yobe, me a re, E mañ eo o hihatsañ kgakololō ka mahoko a a senañ kicō? A u ko u ikōkwaèlè lothèka yaka monna; gonne ke tla gu botsa, me u nkakanyetsè. E rile ke thaea methèō ea lehatshe ua bo u le ha kae? Kakanya, ha u na le tlhaloganyō.” (Yobe 38:1-4) (Batho ka tlholego fela ba na le ditlhaelo. Gape gape, boitemogelo jwa bone mo botshelong bo bokhutshwanyane fela thata mme ka metlha bo lekanyeditswe mo mokgweng wa botshelo o le mongwe kana tikologong e le nngwe. Kitso e ba nang le yone ka gone e lekanyeditswe, mme sengwe le sengwe se logagane go ya bokgakaleng joo eleng gore ka metlha ba a ne ba fitlhela dikarolo tse eleng gore ba ne ba seka ba di akanyetsa sentle-ntle. Botlhalefi bope joo ba bo itshimololelang bo tla supa ditlhaelo tseno.)
Bo tlhagisiwa ke batho ba ba sa itekanelang: “Botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo.” (Bar. 3:23) “Go na le tsela e eketeñ e siame mo mothuñ, me bokhutlō yoa eōna ke ditsela tsa losho.” (Dia. 14:12) (Ka ntlha ya bosaitekanelang jo bo ntseng jalo, matlhajana a batho gantsi a supa bogagapa jaaka tshoso e rweleng e e gogelang fa gongwe mo monatenyaneng wa nakwana mme gape mo tlalelong le mo boitumologong jo bontsi.)
A tlhotlhelediwa ke meya ya badimona: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yoh. 5:19) “Eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane, motsietsi oa lehatshe yeotlhe.” (Tshen. 12:9) “Tse e rileñ galè loa sepela mo go cōna kaha mokgweñ oa lehatshe yeno, kaha taoloñ ea kgōsana ea thata ea loapi, ea mōea o gompiyeno o dihañ mo baneñ ba ba kgōpō.” (Baef. 2:2) (Matlhajana ao a kgothaletsang batho go tlhokomologa dipatlafalo tse di phepa le tse di siameng tsa Modimo a supa tlhotlheletso e e ntseng jalo. Ga go gakgamatse, gore jaaka ditso di supa, matlhajana le maano a batho gantsi a tsisitse khutsafalo go dikarolo tse dikgolo tsa setho.)
Ke goreng go supa kakanyo e e phepafetseng go ithuta dithuto tsa ga Jesu Keresete go na le botlhalefi jwa setho?
Bakol. 1:15-17: “[Jesu Keresete] Èna eo e leñ sechwanō sa Modimo o o sa bonweñ, e le èna motsalwa pele mo lobopoñ lotlhe; Gonne dilō cotlhe di bopilwe mo go èna, tse di kwa magodimoñ, le tse di mo lehatshiñ, . . . Dilō cotlhe di bopilwe ka èna, di bile di bopecwe èna; E bile èna o nntse pele ga dilō cotlhe, dilō cotlhe di bile di chwaraganye mo go èna.” (Kamano ya gagwe e e atamalaneng le Modimo e mo kgonisa go re thusa go ithuta boammaaruri kaga Modimo. Gape, jaaka ena yo dilo tsotlhe tse dingwe di neng tsa dirwa ka ena, Jesu o na le kitso e e tletseng ya lobopo lotlhe lo lo bopilweng. Ga go motlhalefi ope wa motho yo o ka neelwang sepe sa seno.)
Bakol. 1:19, 20: “Gonne e ne e le mo go kgatlhileñ Rara, gore botlalō yotlhe bo agè mo go èna [Jesu Keresete]; Le gore a itetlanyetsè dilō cotlhe ka èna, ka a dihile kagishō ka madi a mokgōrō oa gagwè.” (Ka gone Jesu Keresete ke ene yoo ka ene Modimo a ikaeletseng go tlisa popo yotlhe gore e dumalane le ena. Modimo gape, o neile Jesu, bobusi godimo ga lefatshe lotlhe, jaaka go supilwe ke Daniele 7:13, 14. Ka jalo ditebelelo tsa botshelo jwa rona tsa isagwe di ikaegile ka go mo itse le go arabela sentle taong ya gagwe.)
Bakol. 2:8: “Lo itisè e se be kgotsa go bo go le moñwe eo o lo thopañ ka botlhayana yo e leñ yoa gagwè le ka tsieco e e ithamakañ, kaha melaōaneñ ea batho, le kaha ditlhakeñ tsa kicō ea lehatshe, me e señ kaha mokgweñ oa ga Keresete.” (Abo e tla bo e le phoso e e maswe jang ne go kgetha botlhajana jwa setho jo bo timetsang jo bo ntseng jalo go na le go ipapalela botlhale jwa boammaaruri jaaka morutwa wa ga Jesu Keresete, motho wa bobedi yo mogolo mo lobopong, yo o gautshwane le Modimo ka sebele!)
Modimo o leba jang “botlhale” jo bo neelwang ke botlhalefi jwa setho?
1 Bakor. 1:19-25: “Gonne go kwadilwe, ga twe, Ke tla senya botlhale yoa batlhale, le matsetselekō a ba ba ikèlèlèlañ ke tla a gana. Motlhalehi o kae? mokwadi o kae? moganedi oa lehatshe yeno o kae? a Modimo ga oa ntsha botlhale yoa lehatshe dinyana hèla? Gonne e rile ka lehatshe ka botlhale yoa yeōna le se ka ya lemoga Modimo mo botlhaleñ yoa Modimo, ga kgatlha Modimo go boloka ba ba dumèlañ ka dinyana [jaaka o bonala mo lefatsheng] tsa thèrō. . . . Ka go bo dilō tsa Modimo tse di kaiwañ dinyana [jaaka lefatshe le di leba] di bo di le botlhale bogolo go batho; le tsa Modimo tse di kaiwañ bokōa [jaaka lefatshe le ka di bona] di nonohile bogolo go batho.” (Pono e e ntseng jalo mo letlhakoreng la Modimo eleruri ga se ditsiabadimo kana e e boeleele. O ile a baakanyetsa ka Bibela, buka e e anamisitsweng fela thata-thata mo lefatsheng, tlhaloso e e phepafetseng ya boikaelelo jwa gagwe. O ile a romela basupi ba gagwe go ya go e tlotla le botlhe bao ba tla reetsang. Abo e tla bo e le boeleele ka sebopiwa sepe go akanya gore se na le botlhale jo bo fetang joo jwa Modimo!)