LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 312-ts. 314
  • Pakatori

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Pakatori
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Baebele e Bua Sengwe ka Thuto ya Pakatori?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Mmisa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tatelano ya Seaposetoloi
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Moya (Soul)
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 312-ts. 314

Pakatori

Tlhaloso: “Go ya ka thuto ya Kereke ya [Roma Katoliki], ke seemo, lefelo, kana boemo jwa mo lefatsheng le le latelang . . . koo meya ya bao ba suleng mo seemong sa tshegofatso, mme ba ise ba gololesege mo bosaitekanelang jotlhe, go dirwang setlhabelo sa boitshwarelo jwa maleo a masesane kana kotlhao ya nakwana ka ntlha ya maleo a masesane le a a masisi ao a setseng a ile a itshwarelwa mme, ka go dira jalo, ba itshekisiwang pele ga ba tsena mo legodimong.” (New Catholic Encyclopedia, 1967, Bol. XI, ts. 1034) Ga se thuto ya Bibela.

Thuto ya pakatori e itshetlegile go eng?

Morago ga go tlhatlhobisa seo bakwadi ba Katoliki ba ileng ba se bua malebana le mekwalo e e jaaka 2 Maccabees 12:39-45, Mathaio 12:32, le 1 Bakorintha 3:10-15, New Catholic Encyclopedia (1967, Bol. XI, ts. 1034) e dumela ka gore: “Mo tlhatlhobisong ya bofelo, thuto ya Katoliki ka pakatori e itshetlegile ka dingwao, eseng ka Dikwalo tse di Boitshepo.”

“Kereke e ile ya ikaega ka ngwao go tshegetsa lefelo lengwe le le fa gare magareng ga legodimo le dihele.”—U.S. Catholic, March 1981, ts. 7.

Malebana le tlhago ya pakatori, babueledi ba Katoliki ba reng?

“Bantsi ba akanya gore pogo e e leng yone ya pakatori e kgethololwa ka temogo ya tlosoloso ya nakwana ya ponalo ya seengele, lemororo pono e e tumileng thata e re, mo godimo ga seno, go na le kotlhao nngwe e e tlhamaletseng . . . Mo Kerekeng ya Selatine go ile ga ganelelwa gangwe le gape mo goreng kutlo botlhoko eno e diragadiwa ka molelo wa mmatota. Lefa go ntse jalo, seno ga se sone se se tlhokafalelang go dumela mo pakatoring. Ga e tlhomamisege le eseng. . . . Le eleng fa mongwe a ka ikgethela, mmogo le baruti ba bodumedi jwa Botlhaba, go gana kgopolo ya go bogisiwa ka molelo, mongwe o tshwanetse gore a nne kelotlhoko go sa kgophele kgakala pogo e e tlhamaletseng e e tswang mo pakatoring. Go sa ntse gone go na le kgobalo ya tota, bohutsana, tshwabo, ditlhong tsa segakolodi, le mahutsana a mangwe a semoya ao a ka kgonang go tlisa botlhoko jwa mmatota mo moyeng. . . . Motho o tshwanetse a gakologelwa, lefa go le jalo, gore mo gareng ga dipogo tseno tsa moya go itemogelwa gape boipelo jo bogolo kaga tlhomamisego ya poloko.”—New Catholic Encyclopedia (1967), Bol. XI, ts. 1036, 1037.

“Mongwe le mongwe a ka ipuela sengwe le sengwe fela kaga seo se diragalang mo pakatoring.”—U.S. Catholic, March 1981, ts. 9.

A moya (soul) o falola loso lwa mmele?

Esek. 18:4: “Mōea [Sehebera, neʹphesh; “motho,” JB; “ene,” NAB; “moya,” Kx] o o leohañ, go tla shwa ōna.”

Yak. 5:20: “A a itse ha eo o shokololañ moleohi mo timeloñ ea tsela ea gagwè, a tla golola mōea mo loshuñ, me a ba a bipa bontsi yoa dibe.” (Mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.) (Elatlhoko gore seno se bua ka loso lwa moya.)

Go bona ditlhaloso tse di oketsegileng, bona ditlhogo “Loso” le “Moya”(Soul).

A go na le kotlhao e nngwe gape ya boleo e e dirwang morago ga loso lwa motho?

Bar. 6:7: “Gonne eo o kileñ a shwa o siamisicwe kaga boleo.” (Kx: “Motho yo o suleng ga a ka ke a nna le molato ka gope.”)

A baswi ba kgona go itemogela boipelo ka ntlha ya go ikanya tebelelo ya phalolo?

Mor. 9:5: “Gonne batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè.”

Isa. 38:18: “Gonne phupu ga e kake ea gu baka, losho ga lo kake loa gu yèla moōpèlane; ba ba hologèlañ mo moletiñ ga ba kake ba sholohèla boamarure yoa gago.” (Ka jalo ope wa bone o ka “itemogela jang boipelo jo bogolo ka ntlha ya tlhomamisego ya poloko”?)

Go ya ka Bibela, ntlafatso ya maleo e diragadiwa ka eng?

1 Yoh. 1:7, 9: “Me ha re tsamaea mo lesediñ, yaka ōna [Modimo] o le mo lesediñ, re na le bolekane moñwe le eo moñwe, me madi a ga Yesu Morwa ōna a re tlhapisa mo boleuñ yotlhe. Ha re ipolèla dibe tsa rona, ōna o boikañō le tshiamō ea go re ichwarèla dibe tsa rona, le go re tlhapisa mo tshiamololoñ eotlhe [“go dira bosula ga rona go a tlosiwa,” Kx].”

Tshen. 1:5: “Yesu Keresete, . . . Èna eo o re ratañ, me a re golola mo dibiñ tsa rona ka madi a gagwè.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela