Thuto 4
Pula e a na.
Boipelo o hutsafetse a re:
“Ga ke kgone go tswela kwa ntle.
Goreng e sa emise?”
Mme ka bonako fela!
Letsatsi le a tlhaba.
Pula e emisitse.
Boipelo o itumetse!
Boipelo o tabogela kwa ntle, mme o itumelela go bona sengwe se se gakgamatsang.
Boipelo a re, “Ke ne ke sa itse gore pula e e tswang kwa Modimong e dira gore malomo a gole!”
SE BATSADI BA KA SE DIRANG
Balela ngwana wa gago:
E re ngwana a supe:
Fensetere Nonyane Boipelo
Setlhare Malomo
Batla dilo tse di fitlhegileng.
Khukhwane Sefofane
Botsa ngwana gore:
Ke ka ntlha yang fa Jehofa a dirile pula?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
[Setshwantsho mo go tsebe 11]