LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 6/15 ts. 3
  • Mogodimodimo o Mongwefela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mogodimodimo o Mongwefela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Tharo-Nngwe e e Tlotlegang”—A e Teng mo Bibeleng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tharo-Nngwe E Tlhalosiwa Jang?
    A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
  • Karolo 1—A Jesu le Barutwa ba Gagwe Ba ne Ba Ruta Thuto ya Tharonngwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Dipotso Tsa Thuto ya Boroutšhara ya A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 6/15 ts. 3

Mogodimodimo o Mongwefela

MOGODIMODIMO. A o dumela mo go ene? Go sa kgathalesege go tlogela dikereke mo go anameng mo mafatsheng a mantsi, dimilione tsa batho di santse di dumela mo Motsheding yo o maatlaotlhe, yo o pelontle yo ba ka tshabelang kwa go ene, bogolo jang fa ba le mo tlalelong.

Ka sekai, mo Afrika go na le ditumelo tse dintsi tsa ngwao tsa naga eo, tseo di farologanang fela thata ebile di obamela medimo ya maina a mantsi. Lefa go le jalo, bontsi jwa batho ba dumela fela thata mo Mogodimodimong yo “mongwefela” ebile e le “molaodi yo mogolo wa lobopo lotlhe.”

Jaaka go boletswe mo bukeng ya ga Dr. Peter Becker e e bidiwang Tribe to Township, moruti mongwe yo o sa rutelwang boruti yo o godileng wa Mosotho wa Afrika Borwa o ne a re: “Rre yo o tsofetseng le rraagwe . . . ba ne ba itse kaga . . . Molimo, bogologolo pele ga go tla ga barongwa, Modimo Mogodimodimo yo o tlhodileng dilo tsotlhe . . . A go kgathalesega go bo rona [Basotho] re mmitsa Molimo, Mazulu ba mmitsa Nkulunkulu, Maxhosa ba mmitsa Thixo . . . ?”

Legale gone, maina a mantsi a tlhakanya tlhogo. O ka nna wa bo o ka dumela gore Modimo wa lebopo lotlhe o tshwanetse a tshwana fela mo bathong botlhe le gore o tshwanetse go nna le leina le le tshwanang mo lobopong lotlhe. Mekwalo e e kopantsweng ya bogologolo e e tlhotlheleditsweng, e leng Bibela, e tlotliwa mo lefatsheng lotlhe. E bolela jaana: “Gore ba tlè ba itse ha wèna wesi, eo leina ya gago e leñ YEHOFA, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.” (Pesalema 83:18) Jalo, go ya ka Bibela, Mogodimodimo o na le leina le le lengwefela.

Bibela e senola gore Modimo o mongwefela yono ke Motshedi yo o ntseng jang? “Ditsela tsa gagwè cotlhe ke tshiamishō”; “Modimo o o tletseñ bopelotlhomogi, o o tsalanō, o o bonya go galeha, le o o letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko le boamarure”; ‘yo o tletseng bopelotlhomogi, mme a le kutlwelo-botlhoko’; “ga se Modimo oa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō hèla”; “Modimo o loratō.”​—Duteronome 32:4; Ekesodo 34:6; Yakobe 5:11; 1 Bakorintha 14:33; 1 Yohane 4:8.

Bibela gape e tlhalosa gore Jehofa ke ene fela yo o tshwanetseng go obamelwa. Ee, ereka a le mongwefela, o tshwanelwa ke go batla kobamelo e e kgethegileng (Ekesodo 20:5) Jesu Keresete o ne a re: “U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, ke èna esi eo u tla mo dihèlañ.”​—Mathaio 4:10.

Lefa go le jalo, Ma-Afrika ka bontsi, lefa ba bolela gore ba dumela mo Mogodimodimong, ba obamela medimo e mentsi. A mo go wena seo ga se lebege se supa tlhakatlhakano kaga botho kana popego ya Modimo? Mme le e leng mo dikarolong tsa La-bodumedi ka bontsi, botho jo bo phepafetseng, jo bogolo jwa Modimo ga bo bonale sentle ka go bo a tsewa jaaka Medimo e meraro. O ka tswa o utlwaletse gore se se bidiwa Tharo-nngwe e e Boitshepo, thuto ya masaitsiweng e e bileng e le thata go tlhaloganngwa Ka sekai, bukana ya The Blessed Trinity ya re: “Thuto ya Tharo-nngwe e e tlotlegang . . . ke masaitsiweng . . . Ga e kake ya rurifadiwa ka mabaka . . . Le gone ga go kake ga bo ga rurifadiwa gore go ka kgonega.”a (Ditlhaka tse di sekamisitsweng ke tsa bone.) Bukana eo e oketsa ka gore: “Ka gone he, bosupi jwa masaitsiweng bo mo go bontsheng gore e kwadilwe ka tshenolo, mo Dikwalong tse di Boitshepo.”

A mme tota Dikwalo tse di Boitshepo di ruta thuto eno? A Mogodimodimo ke batho ba bararo mo Modimong o le mongwefela?

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke ba Catholic Truth Society of London.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela