Ke Mang Yo o ka Nnang Tsala ya Modimo?
O KA nna tsala ya Modimo. Dingwaga tse 4 000 tse di fetileng, monna yo o neng a bidiwa Aberahame o ne a dumela mo go Jehofa Modimo. O ne a kaiwa a le tshiamo ka ntlha ya seno, mme tlhogo eo ya lotso e ne ya bidiwa “tsala ea Modimo.” (Yakobe 2:23) Jalo fa o dumela mo go Jehofa, gape o ka nna tsala ya Modimo.
Go tlwaelegile gore ditsala di lalelediwe dijo jaaka baeng. Ebile-tota, karolo ya Pesalema ya bo-23 e e itsegeng thata e supa Modimo jaaka molaletsi yo o pelotshweu. E bua jaana: “[Jehofa] u a [tle a] baakanye boyèlō ha pele ga me, mo ponoñ ea baba ba me: . . . senwèlō sa me sea penologa.”—Pesalema 23:5.
Ka nako nngwe gape, ene mopesalema yoo—Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo—o ne a botsa jaana: “Yehofa e mañ eo o tla tlhōla tlhōlañ mo motlaaganeñ oa gago? e mañ eo o tla agañ mo thabaneñ ea gago e e boitshèpō?” (Pesalema 15:1) Ka tshwantshetso, seno se raya go kgona go atamela Jehofa ka thapelo e a e amogelang le go mo obamela. Abo seno e le tshiamelo e kgolo jang ne! Batho ba ba sa itekanelang ba ka kgona go tshwanelegela go nna ditsala tsa Modimo le baeng ba gagwe jang?
Pesalema ya bo-15 e araba potso eno. E umaka ditlhokafalo tse di lesome tse di kgethegileng tsa bao ba batlang go nna ditsala tsa Modimo le baeng ba gagwe. A re sekasekeng ditlhokafalo tseno bongwe ka bongwe, re simolola ka temana 2.
“Ke motho eo o tsamaeañ ka thōkgamō, a diha tshiamō”
Bana ba ga Aberahame ba ne ba atlega fela thata ka gonne Aberahame o ne a sena boitsholo jo bo phoso fa a ne a tsamaya le Jehofa. (Genesise 17:1, 2) Go “tsamaea” ka dinako dingwe go raya go latelela tsela e e rileng mo botshelong. (Pesalema 1:1; 3 Yohane 3, 4) Ga go a lekana gore ditsala tsa Modimo le baeng ba gagwe e nne ba bodumedi jo bo rileng fela, ba itumelela dikago tsa jone tse di kgabisitsweng, le go arola mo ditirong tsa jone tse di dirwang ka tlwaelo fela. Ga se botlhe ba ba reng “Morèna, Morèna” kana ba ba ipolelang gore ba itse Modimo bao ba tla ipelelang masego a Bogosi jwa gagwe. (Mathaio 7:21-23; Tito 1:16) Ditsala tsa ga Jehofa di ‘tsamaya ka thokgamo’ mo ponong ya gagwe mme di ‘dira ka tshiamo’ go ya ka ditekanyetso tsa gagwe.—Mika 6:8.
Seno se kganela mofuta ope fela wa go sa ikanyegeng, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelo-dikobo, le bosula. Modimo ka boone o re bolelela gore ke ka ntlhayang, ka go re: “Lo nnè boitshèpō; gonne Nna ke boitshèpō.” (1 Petere 1:16) A bodumedi jwa gago bo kgomarela ditekanyetso tse di kwa godimo tsa Modimo, le eleng go kgaola bao ba ganang go dira tumalanong le ditlhokafalo tsa gagwe? A o ganelela mo go nneng le boitshwaro jo bo siameng wena ka bowena le balelapa la gago? Fa go ntse jalo, o tla bo o dira tumalanong le tlhokafalo e e latelang ya ditsala le baeng ba Modimo.
“A bile a bua boamarure mo peduñ ea gagwè”
Fa re batla go nna ditsala tsa Modimo, ga re kake ra aka kana ra tsietsa batho ka go nna pelo-pedi. (Pesalema 12:2) Re tshwanetse go ‘bua boammaaruri go tswa mo pelong,’ eseng fela ka dipounama tsa rona. Ee, re tshwanetse go nna ba ba ikanyegang eleruri mme ra naya bosupi jwa “tumèlō e e senañ boitimokanyō.” (1 Timotheo 1:5) Batho bangwe ba bua maaka kana ba bua dilo tse di seng boammaaruri gore ba seka ba lejwa jaaka ba ba bosula. Ba bangwe ba tsietsa mo ditekong tsa bone tsa sekolo kana ba naya dipego tse di phoso tsa makgetho a bone. Ditiro tse di ntseng jalo di bontsha go sa rateng boammaaruri. Mme ditsala tsa Modimo di dira boammaaruri ebile ba dira ditiro tsa tshiamo go tswa mo pelong. (Mathaio 15:18-20) Ga ba boferefere kana go tsietsa.—Diane 3:32; 6:16-19.
Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Se akalaneñ; ka lo apotse motho oa bogologolo le ditihō tsa gagwè, Me lo apare motho eo mosha.” (Bakolosa 3:9, 10) Ee, bao eleruri ba buang boammaaruri mo dipelong tsa bone ba apara “motho eo mosha.” A wena ka bowena o ikanyega ka botlalo le mo go ba bangwe, o bua boammaaruri mo pelong? Fa e le gore o ntse jalo, se se tshwanetse go ama seo o se buang ka ba bangwe.
“Eo o sa pateletseñ ka loleme loa gagwè”
Go fitlhelela tlhokafalo eno ya baeng ba Modimo, ga re a tshwanela go bua sepe sa go senya ba bangwe maina. (Pesalema 15:3) Lediri la Sehebera le le dirisitsweng jaaka “go aka” le tswa mo lefokong la “lonao” mme le raya “go tsamaisa” ka gone le raya “go tsamaya-tsamaya.” Baiseraele ba ne ba laetswe jaana: “U se ka ua tsamaea tsamaea mo bathuñ ba ga eno u le motsamaisi oa ditshèbō: le gōna u se ka ua tsenya botshèlō yoa oa ga eno mo pitlaganoñ: Ke nna Yehofa.” (Lefitiko 19:16; 1 Timotheo 5:13) Fa re seba yo mongwe, re mo senya leina, ga re kake ra nna ditsala tsa Modimo.
Dafide o ne a bua jaana: “Motho eo o pateletsañ oa ga gabō kwa ditsheboñ, èna ke tla mo senya.” (Pesalema 101:5) Le rona re ka didimatsa basebi ka go gana go ba reetsa. Mme molao o o molemo ke gore re seka ra bua sepe ka motho a sa itse seo re ka sekang ra batla go se bua fa pele ga gagwe. Go molemo gore re laole maleme a rona. Lefa go le jalo, abo go le botlhokwa jang ne go laola le ditiro tsa rona!
“Leha e le go dihèla tsala ea gagwè boshula”
Fano re tshwanetse go tlhokomela mafoko ano a ga Jesu: “Ke gōna, cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.” (Mathaio 7:12) Go ipelela go amogelwa ke Modimo, re tshwanetse go tila go dira bosula. Mopesalema o ne a re: “Lona ba lo ratañ Yehofa, a lo ko lo ileñ boshula: o tlamèla meōea ea baitshepi ba gagwè: o ba golola mo seatleñ sa baikepi.” (Pesalema 97:10) Jalo fa re batla botsala le thuso ya Modimo, re tshwanetse go amogela ditekanyetso tsa gagwe.
Go ila se se bosula go kopanyeletsa go sa direle ope bosula mo ditirisanong tsa kgwebo kana ka ditsela tse dingwe. Ga re a tshwanela go dira sepe go utlwisa tsala ya rona botlhoko ka mafoko le ka ditiro, mme re tshwanetse go mo direla molemo. Seno se ka ama dikarolo tsotlhe tsa botshelo. Ka sekai, fa re kgweetsa, re ka letla batsamaya-ka-dinao go feta pele. Re ka thusa ba ba godileng, ra kgothatsa ba ba ngodiegang, ra gomotsa ba ba lelang. Jehofa o re tlhometse sekao se segolo mo go seno. Fela jaaka Jesu a bolela, Modimo o “tlhabisetsa ba ba molemō le ba ba boshula letsatsi ya gagwè, a nesetse basiami le basiamolodi pula.” (Mathaio 5:43-48) Se se tshwanang le go direla ba bangwe molemo ke go dira tumalanong le se se latelang se mopesalema a se umakang.
“Leha e le go amogèla kgōbō kaga oa ga gabō”
Rotlhe re dira diphoso, mme abo re leboga jang ne fa ditsala tsa rona di itlhokomolosa diphoso tse eseng tsa sepe tseo re di dirang! Re ne re ka tshwenyega thata fa tsala ya rona e re atamalaneng thata nayo e ne e ka senolela ba bangwe makoa a rona a e seng a sepe mme e le ao a tlhabisang ditlhong. Batho bangwe ba dira seno gore go seka ga tlhokomelwa diphoso tsa bone kana ba dira gore ba lebege ba le ba ba kwa godimo ga ba bangwe. Mme ditiro tse di ntseng jalo ga di tshwanele bao ba batlang go nna ditsala tsa Modimo.
“Eo o bipañ tlolō o batla loratō: me eo o toutañ senwè o kgaoganya ditsala tse dikgolo,” go bua jalo Diane 17:9. Legale, ga re a tshwanela go leka go bipa diphoso tse di masisi. (Lefitiko 5:1; Diane 28:13) Mme fa re batla go nna ditsala tsa Modimo, ga re kake ra “dumela,” kana ra reetsa dikgang dipe fela tse di sotlang ka ditsala tsa rona tse di siameng jaaka tse di boammaaruri. (1 Timotheo 5:19) Ditsala tsa ga Jehofa di bua dilo tse di siameng ka batlhanka ba Modimo go na le go phatlalatsa magatwe ka bone, ba ba okeletsa ditshotlo tse di bosula tse ba setseng ba ntse ba di buiwa ke batho ba ba bosula ba eseng ba Modimo. Ditsala tsa Modimo le baeng ba gagwe gape ba disa botsalano jwa bone, ka go bo Dafide o oketsa jaana mo temaneng ya 4:
“Eo setlhōbōgwana se nyatsègañ mo matlhoñ a gagwè”
Batho ba bangwe, ka go ipatlela melemo ya bogagapa, ba nna ditsala le batho ba ba humileng le ba maemo a a kwa godimo le eleng lefa ba le bosula. (Bapisa Yude 16.) Mme ga re kake ra nna ditsala tsa ga Jehofa fa re tsalana le ba ba bosula. Re tshwanetse go ila bosula mo eleng gore ga re batle botsalano bope fela le bao ba bo dirang. (Baroma 12:9) Kgosi Jehorame wa Moiseraele o ne a le bosula mo eleng gore moperofeti Elisha o ne a mo raya a re: “Yaka Yehofa oa mashomōshomō a tshedile, eo ke èmañ ha pele ga gagwè, rure, ha e ka bo e se, go re, ke tlhokometse Yehoshafate, kgosi ea Yuda yaka a le ha, nka bo ke sa lebe kwa go wèna, leha e le go gu bōna.” (2 Dikgosi 3:14) Gore re nne ditsala tsa Modimo, re tshwanetse go reetsa kgakololo eno ya ga Paulo: “Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.”—1 Bakorintha 15:33.
Fa re tsaya botsala jwa ga Jehofa bo le botlhokwa, he, re tla gana go kopana le badirabosula. Re tla kopana le bone fela mo dikgannyeng fela tse di botlhokwa tsa kgwebo. Bao re ba tlhophang jaaka ditsala tsa rona e tla bo e le ka go bo ba na le kamano e e molemo le Modimo, eseng ka ntlha ya boemo jwa bone mo lefatsheng. Re tla tlhopa ditsala ka botlhale fa re boifa Modimo ka tshisimogo. Mabapi le seno, elatlhoko tlhokafalo ya bosupa eo baeng ba ga Jehofa ba tshwanetseng go e fitlhelela.
“O tlotla bōnè ba ba boihañ Yehofa”
Go nna ditsala tsa Modimo le baeng ba gagwe, re tshwanetse go mmoifa. Diane 1:7 e bua jaana: “Go boiha Yehofa ke tshimologō ea kicō.” “Go boiha Yehofa” ke eng? Ke go mo tlotla ka tshisimogo le tshabo e e siameng ya go mo itumolola. Seno se felela ka kitso ya boammaaruri, kgalemelo e e bolokang botshelo, le botlhale jwa bomodimo joo bo tla re kaelang eleruri.
Bao ba boifang Jehofa ba kgomarela ditekanyetso tsa gagwe tsa tshiamo le eleng fa seno se dira gore ba sotliwe. Ka sekai, ba bangwe ba a sotla fa ba ba boifang Modimo ba dira ka natla, ba ikanyega mo ditirong tsa bone, kana ba batla go thusa ba bangwe mo semoyeng. Mme motho wa bomodimo o tshwanetse go leba basiami bao jang? “O tlotla bōnè ba ba boihañ Yehofa,” a ba tseela kwa godimo, le eleng fa seno se raya go sotliwa le bone. A o na le tlotlo e e ntseng jalo mo go ba ba boifang Modimo? Fa a tsopola nngwe ya ditlhokafalo tsa go amogelwa ke Modimo, mopesalema o oketsa jaana:
“Eo ea reñ a ikutlwisitse botlhoko ka go ikana ga gagwè, a se ke a hetoge”
Molao-motheo o o fano ke wa go diragatsa ditsholofetso tsa rona, fela jaaka Modimo o dira. (1 Dikgosi 8:56; 2 Bakorintha 1:20) Le eleng fa moragonyana re fitlhela gore go bokete go dira seo re se solofeditseng, ga re a tshwanela go fetola megopolo ya rona le go roba ditsholofetso tsa rona. Fano ditemana tsa Septuagint ya Segerika, Peshitta ya Sesiria, le Vulgate ya Selatini di bua jaana, “go ikanela moagelani wa gagwe.” Fa re ikana go dira sengwe kana re dira ikano e e tshwanetseng, re tshwanetse go e diragatsa. (Moreri 5:4) Legale, fa re fitlhela gore seo re se solofeditseng ga se kafa Dikwalong, ga re a tshwanela go se dira.
Joshua ga a ka a roba kgolagano ya gagwe le Bagibeona le eleng fa moragonyana a ne a lemoga gore ba ne ba mo tsieditse gore a e dire. (Yoshue 9:16-19) Ka jalo re tshwanetse go nna banna, basadi, le basha bao ba tshegetsang lefoko la rona. A re sekeng ra solofetsa ba bangwe mme re bo re ba tlhanogela fa re bona sengwe se se botoka. Jesu o ne a re: “Me yana go bua ga lona ha e le E, e nnè E; ha e le Nya, e nnè Nya.” (Mathaio 5:37) Bao ba ineetseng mo go Jehofa segolo bogolo ba tshwanetse go ikemisetsa go diragatsa ditsholofetso tsa bone tsa go mo direla ka bosakhutleng jaaka Basupi ba gagwe. Kwantle ga go boloka ditsholofetso tsa rona, re tshwanetse go nna ba ba akanyetsang mo dikgannyeng tsa madi, fela jaaka Dafide a bontsha mo temaneng ya 5 ya Pesalema ya bo-15.
“Eo o sa neeleleñ madi a gagwè gore a okediwè”
Madi ao a adimetsweng go dirisiwa mo kgwebong go a tshwanela gore a busiwe a na le morokotso. Mme fano Dafide o ne a raya ‘go naya madi’ ba ba tlhokang. Molao wa ga Moshe o ne o bontsha jaana o tlhamaletse: “Batho ba me ba ba humanegileñ ba u nañ nabō, ha u ba adima madi, u se ka ua nna mo go bōnè yaka moatisi, le gōna lo se ka loa ba lōpa kokecō.” (Ekesodo 22:25; Lefitiko 25:35, 36) Fa Nehemia a ne a fitlhela gore ba ba humanegileng ba ne ba patikiwa ke baatisi ba madi, o ne a emisa seno.—Nehemia 5:1-13.
Malebana le go “lōpa kokecō,” Dafide o ne a dirisa lefoko la Sehebera leo le ntshitsweng mo go le lengwe leo le rayang, “go ja.” Seno se akantsha gore baadimisi ba ba bohula bao ba ne ba ja mo go ba ba humanegileng le bonnye jo ba neng ba na najo. Ka phepafalo, go botoka fela thata go thusa ba ba humanegileng o sa lebelela gore ba ka go duela. Jesu o ne a otlelela seno fa a ne a bua jaana: “Ha u diha modihō oa motshegare, leha e le oa maitsiboea, . . . laletsa bahumanegi, le digōlè, le batlhotsi, le dihohu; Me u tla nna segō; gonne bōnè ga ba na se ba ka gu duèlañ ka shōna; gonne u tla duèlwa mo go cogeñ ga basiami.” (Luke 14:12-14) Motho yo o batlang go nna tsala ya Modimo le moeng wa gagwe ga a kitla a batla go dirisa bohumanegi jwa moagelani wa gagwe go solegela ene molemo mme o tla dira tumalanong le seo mopesalema a tswelelang pele go se umaka.
“Leha e le go amogèla tuèlō go tlhokohatsa eo o senañ molato”
Go amogela pipamolomo go a bodisa. Baiseraele ba ne ba laetswe jaana: “U se ka ua amogèla nèō; gonne nèō e tle e houhatse matlhō a eo o botlhale, e shōkamise mahoko a mosiami.” (Duteronome 16:19) Eleruri go tla bo go le bosula go tsaya pipamolomo le go utlwisa “eo o senañ molato” botlhoko, gongwe ka go fetola bosupi kwa kgotla-tshekelong. Abo Judase Isekariota a ne a nyatsega jang ne ka go amogela pipamolomo go oka Jesu yo o senang molato!—Mathaio 26:14-16.
Re ka nna ra iteba re sena molato mo go seno. Mme a re kile ra leka go intsha mo boemong jo bo tlhabisang ditlhong ka tsela nngwe ka madi? Moperofeti Samuele ga a ise a ko a amogele “tuèlō,” kana pipamolomo. (1 Samuele 12:3, 4) Re tshwanetse go itshwara ka tsela e e tshwanang rotlhe fela fa e le gore re tla nna ditsala tsa Modimo le baeng ba gagwe.
“Eo o dihañ dilō tse ga a ketla a tshikinyèga gopè”
Morago ga ditlhaloso tse di lesome tsa motho yo o siameng, Pesalema ya bo-15 e konela ka mafoko a a sa tswang go bolelwa. A ka nna a re dira gore re tlhatlhobe bodumedi jwa rona. Fa e le gore tumelo ke ya boammaaruri, e tshwanetse go re ruta (1) go tsamaya ka thokgamo le go dira tshiamo, (2) go bua boammaaruri le eleng mo pelong, (3) go tila go seba ba bangwe, le (4) go tila go dira sepe fela se se bosula. Bodumedi jo bo amogelwang ke Modimo bo tla (5) re kganela go reetsa ditshotlo tse di kgatlhanong le ditsala tsa rona tse di siameng gape bo tla (6) re dira gore re tile go kopana le batho ba ba nyatsegang. Tumelo ya boammaaruri e tla re tlhotlheletsa go (7) tlotla bao ba boifang Jehofa, (8) go diragatsa ditsholofetso tsa rona fa e le gore ke tse di siameng, (9) go thusa ba ba humanegileng re sa ba batle morokotso, le (10) go se tseye pipamolomo kgatlhanong le batho ba ba senang molato le ka motlha.
Dafide ga a re mongwe le mongwe yo o balang, yo o utlwang, yo o buang kana le eleng yo o dumelang dilo tseno ‘ga a kitla a tshikhinyega.’ Seno se tla itemogelwa fela ke batho bao ba “dihañ dilō tse.” Tumelo fa e sena ditiro tse di e tshegetsang e sule mme ga e felele ka go amogelwa ke Modimo. (Yakobe 2:26) Bao ba dirang ditiro tse di molemo tseo di umakilweng mo Pesalemeng ya bo-15 ga ba kitla ba tshikinyega, gonne Jehofa o tla ba sireletsa le go ba goletsa.—Pesalema 55:22.
Legale, go na le go gontsi ka kobamelo e e itshekileng go gaisa dintlha tse nnè tseo di umakilweng mo Pesalemeng ya bo-15. Barutwa ba ga Jesu moragonyana ba ne ba ithuta dilo tse dingwe kaga go obamela Modimo ka “mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:23, 24) Le wena o ka dira jalo, ka gonne batho ba ba dirang dilo tseno ba teng gompieno. Kopanela le Basupi bano ba ga Jehofa ka metlha mme o ithuta Bibela seno se tla aga tsholofelo ya botshelo mo paradaiseng ya selefatshe koo o ka nnang moeng wa Modimo le tsala ya gagwe gone ka bosakhutleng.