LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 1/1 ts. 8
  • Ba Senolwa ka Ditshwantsho tsa Tshimo ya Mofine

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Senolwa ka Ditshwantsho tsa Tshimo ya Mofine
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Senolwa ka Ditshwantsho tsa Tshimo ya Mofine
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Ditshwantsho Tse Pedi Tsa Masimo a Morara
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • A bo Go Latlhega Tshimo ya Mofine E e Sa Ikanyegeng!
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Setshwantsho sa Badiri ba mo Tshimong ya Morara
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 1/1 ts. 8

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Ba Senolwa ka Ditshwantsho tsa Tshimo ya Mofine

JESU o kwa tempeleng. O sa tswa go tlhakanya baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba mmotsa gore o dira dilo tseno ka taolo efe tlhogo. Pele ba ka rarabologelwa mo go tlhakaneng tlhogo ga bone, Jesu o ba botsa jaana: “Me lo gopolañ?” Morago o ba bontsha ka setshwantsho gore eleruri ke batho ba mofuta ofe.

“Monna moñwe o na a na le bomorwawè ba le babedi,” Jesu o a anela. “Me a tla mo go oa ntlha, a re, Morwaaka, ea u dihè mo tshimoñ ea me ea mafine gompiyeno. Me a mo hetola a re, Kea gana: me moragō a ikwatlhaea, a ea. Me a tla mo go oa bobedi, a bua yalo. Me èna a hetola, a re, Kea ea, morèna: me a se ka a ea. Ke ohe oa bobedi yo, eo o dihileñ go rata ga raagwè?” Jesu o a botsa.

“Oa ntlha,” baganetsi ba gagwe ba mo araba jalo.

Jalo Jesu o tlhalosa jaana: “Amarure kea lo raea, Bakgethisi le diaka baa lo heta, ba tsèna pele ga lona mo bogosiñ yoa legodimo.” Ebile tota, bakgethisi le diaka kwa tshimologong ba ne ba ganne go direla Modimo. Mme, jaaka ngwana wa ntlha, ba ile ba ikwatlhaya mme ba a mo direla. Kafa letlhakoreng le lengwe, baeteledipele ba bodumedi, ba ne ba bolela gore ba direla Modimo, jaaka ngwana wa bobedi, lefa go le jalo Jesu o akgela jaana ka bone: “Yohane [Mokolobetsi] o na a tla kwa go lona ka tsela ea tshiamō; me ga loa ka loa mo dumèla; me bakgethisi le diaka ba mo dumèla: me lona ga ea ka ea re lo go bōna, leha e le go sala lo ikwatlhaea moragō, gore lo mo dumèlè.”

Morago Jesu o bontsha gore baeteledipele ba bodumedi ga ba a palelwa fela ka go tlogela ga bone go direla Modimo. Nnyaa, mme ke banna ba ba bosula, ba ba boikepo. “Go kile ga ne go le muñ oa ntlo,” Jesu o anela jalo, “a tlhomile tshimo ea mafine, a e beèla ka logōra, a èpa bogatèlō yoa boyalwa mo go eōna, a aga sehata sa baleti, me tshimo a e neèla badiha masimo ba ba e thapañ ka tuèlō; me a ètèla kwa lehatshiñ le sele. Me e rile motlha oa mauñō o atamèla, a roma batlhanka ba gagwè kwa go bōnè badiha masimo, gore ba eè go tsaea mauñō a gagwè. Me badiha masimo ba chwara batlhanka ba gagwè, ba betsa moñwe, ba bolaea eo moñwe, le eo moñwe ba mo kgobotletsa ka mayè. A ba a tloga a roma batlhanka ba bañwe, ba le bantsi bogolo go ba pele: le bōnè ba ba dihèla hèla yalo.”

“Batlhanka” ke baperofeti bao “muñ oa ntlo,” Jehofa Modimo, a ba romileng go “badiha masimo” ba “tshimo ea mafine” ya gagwe. Badiri bano ba masimo ke baemedi ba ba eteletseng morafe wa Iseraele pele, morafe oo Bibela e o supang e le “tshimo ea mafine” ya Modimo.

Ereka “badiha masimo” ba bogisa le go bolaya “batlhanka,” Jesu o tlhalosa jaana: “Me kwa morago [mong wa tshimo ya mafine] a roma morwawè kwa go bōnè, a re, Ba tla sisimoga morwaake. Me ea re badiha masimo ba bōna morwawè, ba raana ba re, Eo, ke morua boshwa; ntloñ, re mmolaeeñ, re gapè boshwa yoa gagwè. Me ba mo chwara, ba mo latlhèla kwa ntlè ga tshimo ea mafine, ba mmolaea.”

Jaanong Jesu fa a bua le baeteledipele ba bodumedi, o ba botsa jaana: “Ke gōna e tla reñ morèna oa tshimo ea mafine a tla, o tla ba dihañ badiha masimo bauō?”

“Batho bauō ba ba senañ pelo,” ba a araba, “o tla ba senya ka botlhoka pelo, me o tla neèla ba sele tshimo ea gagwè, ba ba tla mo naeañ mauñō mo metlheñ ea aōna.”

Ka gone baeteledipele ba bodumedi ba itigela katlholo ba sa lemoge, ereka le bone ba akarelediwa mo Baiseraeleng ba “badiha masimo” ba “tshimo ea mafine” ya ga Jehofa ya morafe wa Iseraele. Maungo ao Jehofa a a lebeletseng mo badiring bao ba masimo ke go dumela mo go Morwawe, Mesia wa boammaaruri. Ka go bo ba palelwa ke go ntsha maungo a a ntseng jalo, Jesu o ba tlhagisa jaana: “A ga lo e se lo ko lo bale mo dikwaloñ [mo go Pesalema 118:22, 23], ha go tweñ, Lencwè ye baagi ba le ganneñ, e bile ke yeōna ye le dihilweñ lencwè ya kgōkgōchō: go mo ga cwa kwa go Yehofa, me goa gakgamatsa mo matlhoñ a rona? Ke gōna ke lo raeañ, ke re, Bogosi yoa Modimo lo tla bo tlosediwa, me bo tla nèwa morahe o o tla ntshañ mauñō a yōna. Me eo o wèlañ mo lencweñ ye, o tla thubagañwa; me eo le mo wèlañ, le tla mo phatlalatsa yaka lorole.”

Bakwadi le baperesiti ba bagolo jaanong ba lemoga gore Jesu o bua ka bone, mme ba batla go mmolaya, ene yoo tota e leng “morua boshwa.” Jalo tshiamelo ya bone ya go nna babusi mo Bogosing jwa Modimo ba tla e amogwa jaaka morafe, mme morafe o mosha wa “badiha masimo” o tla bopiwa, oo one o tla ntshang maungo a a tshwanetseng.

Baeteledipele ba bodumedi ka gonne ba boifa bontsintsi jwa batho, joo bo lebang Jesu jaaka moperofeti, ga ba leke go mmolaya mo lekgetlong leno. Mathaio 21:28-46; Mareko 12:1-12; Luke 20:9-19; Isaia 5:1-7.

◆ Bana ba babedi ba ba mo setshwantshong sa ntlha sa ga Jesu ba tshwantshetsa bomang?

◆ “Muñ oa ntlo,” “tshimo ea mafine,” “badiha masimo,” “batlhanka,” le “morua boshwa,” ba ba mo setshwantshong sa bobedi ba tshwantshetsa bomang?

◆ “Badiha masimo” ba tla diragalelwa ke eng, mme ba tla tseelwa ke bomang sebaka?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela