Koo Diabolo a Tswang Gone
“Tiro ya me a kgolo ke go dira gore bana ba nne mo ditulong tsa bone ba ipofile ka mabanta mme ebile ba didimetse,” go tlhalosa jalo mosadi mongwe yo monana yo o dirang tiro e e sa tseyeng nako yotlhe jaaka motlhokomedi wa bana mo beseng ya sekolo mo South Dakota. O anela jaana:
“Mongwe wa basimane o ntshwarisa bothata tota. Akanya fela, o na le dingwaga di le thataro fela, mme ka dinako dingwe o bua dilo tse di ka go gakgamatsang. Ke ile ka tshwanelwa ke go mmaya mo setulong mme ke mo thibe molomo ka letsogo gore a seka a tsosa modumo. O a raga, a ngape, a nota, a tlhapatsa le go goa. Mo letsatsing le a gaketseng thata, o tshwanetswe go gatelelwa gore a nne mo setilong sa gagwe.
“Labotlhano a ne a le letsatsi le a gaketseng thata, mme nako ya fa jaanong ke setse ke lapile go tswa kwa tlhogong go ya kwa dinaong, o ne a mpotsa a re: ‘Ke ka ntlhayang fa Modimo o dirile Diabolo?’ Go ne go na le sekaelo sa Buka ya me ya Dipolelo tsa Bibela mo beseng. Ke ne ka mmolelela gore buka eno a tla mo thusa go bona gore Diabolo o tswa kae. A o ka dumela ke go raya ke re re setse re badile dipolelo tse 41 mmogo? Ke ne ke setse ke itlhobogile ka ngwana yono, mme boikutlo jwa gagwe bo fetogile mo a leng gore fa a fitlha kwa sekolong ga a bade go fologa mo beseng. O bath go tswelela ka dipolelo tse dingwe gape!”
Go ithuta kgatiso eno go ile ga tlisa diphelelo tse di tshwanang mo baneng ba bantsi. O ka ikamogelela sekaelo seno se se nang le ditshwantsho tse dintle, sa mokwalo o mogolo, sa ditsebe tse 256 ka go tlatsa le go romela foromonyana eno gammogo le R6.
Tswee-tswee, nthomelelang, poso a duetswe, buka ya khabara e e thata ya Buka ya me ya Dipolelo tsa Bibela, eo ke a romelelang R6.