“Letlole la Matlotlo le le Nang le Dipotso le Dikarabo”
Mosadi mongwe go tswa kwa Pittsburgh, kwa Pennsylvania, o ne a bitsa buka Go Fetolana ka Dikwalo jalo. O ne a tlhalosa jaana: “Basupi ba babedi ba ga Jehofa ba ne ba etela kwa legaeng la me bosheng jaana. . . . Mongwe o ne a tlogela (kwa legaeng la me) buka e e bidiwang Go Fetolana ka Dikwalo ka phoso. Boammaaruri ke gore ke ne ka tlhatlhoba buka eo tota! Ke ne ka e bala ka dioura di le dintsi. Ke ne ke kgatlhegile tota. . . . Buka eno mo go nna e ne e le jaaka letlole la matlotlo le le nang le dipotso le dikarabo, bontsi jwa tseo le nna ka bonna ke ileng ka di botsa.”
O ka ikamogelela sekaelo sa kgatiso e e botlhokwa eno ya Bibela e e tla go nayang dikarabo tsa dipotso tse di bodiwang jaanong. E na le ditlhogo tse 70 tse dikgolo. Di akaretsa “Go Senya Mpa,” “Diokobatsi,” “Malatsi a Boikhutso,” “Go Gapiwa,” “Go Tsalwa ka Mmele o Mosha,” “Bonna le Bosadi,” “Tirisa-Badimo,” le tse dingwe tse dintsi. Intekese ya yone ya ditsebe tse supa tsa ditlhogo le dikwalo e ka go thusa go bona dikarabo ka bonako.
Eno ke karolo ya tiro ya go ruta ya Bibela ya lefatshe ka bophara eo e tshegediwang ka meneelo ya boithatelo.
Ke tla rata go amogela buka ya khabara e e thata ya ditsebe tse 448 Go Fetolana ka Dikwalo.