Ke Ka Kgona Jang Kgatelelo ya Bankane?
Lokwalo go tswa kwa modireding mongwe wa lepodisi wa kwa Chicago le supa gore go botlhokwa go itse karabo ya seo. O kwala jaana:
“Ke ne ke dirisana le legolegwa lengwe la dingwaga tse 18, leo le neng le buseditswe mo Chicago go tswa kwa Mississippi ka January 15, 1990, le le neng le latofadiwa ka gore le ne le leka go tshaba. Karolo ya seo e ne e le go tsaya dilo tsotlhe tsa legolegwa leno. O ne a tshotse buka Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang.
“‘A o badile buka eno?’ ke ne ka botsa.
“‘Ee,’ o ne a araba jalo, ‘fa ke ne ke iphitlhile kwa Mississippi, ke ne ka dira mo polaseng nngwe, mme Basupi ba babedi ba ga Jehofa ba ne ba nnaya buka eno.’ Jaanong o ne a simolola go lela, a sisa pelo a sa kgone go itshwara. Fa a ntse a sisa pelo jalo, o ne a re: ‘Ke badile buka eno gantsintsi, mme kgaolo e ke nnang ke ntse ke e boelela thata ke e e reng ‘Ke Ka Kgona Jang Kgatelelo ya Bankane?”’ O ne a oketsa jaana: ‘Fa ke ne ke bone tshedimosetso eno dingwaga di le tharo kana di le nnè tse di fetileng, nka bo ke se fano gompieno.’
“Legolegwa leno le ne la tsewa, mme ke ne ka bala pego ya mapodisi le seo a neng a se bolelela mapodisi. O ne a re: ‘Moeteledipele wa setlhopha sa me o ne a mpolelela gore ke tsamaye ke ye kwa mmileng mongwe mme ke thuntshe leloko lengwe la setlhopha se se lwang le sa rona leo le neng le rekisa cocaine mo lefelong la rona. Ke ne ke dira fela seo ke neng ke se laelwa. Ke ne ke tshaba gore maloko a mangwe a ne a tla akanya gore ke legatlapa. Ke ne ke batla gore ba nkamogele.’”
Gongwe le wena o setse o ipoditse dipotso tse di tshwanang le tseno: Ke ka kgona jang kgatelelo ya balekane? A ke tshwanetse go tlogela sekolo? Ke ka kgona jang go gana tlhakanelodikobo pele ga lenyalo? Ke ka ntlhayang fa ke tshwanetse go gana diokobatsi? Tseno ke di sekae fela tsa ditlhogo tseo go tlotliwang ka tsone mo go Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. Fa o kgatlhegela go amogela sekaelo sa buka eno e e nang le ditshwantsho tse dintle ya ditsebe tse 320, tsweetswee tlatsa foromonyana eno o bo o e romele.