‘Setshwantsho Se Se Boammaaruri Se Se Kgabisitsweng ka Mefuta E E Farologaneng ya Dilo’
Ke tsela eo mmadi mongwe wa kwa Argentina a neng a tlhalosa ka yone buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo e e gatisitsweng bosheng jaana. “E na le dipopego le dilo tse di farologaneng, fela jaaka setshwantsho se se kgabisitsweng ka mefuta e e farologaneng ya dilo,” o ne a kwala jalo. “Fela jaaka setshwantsho se se kgabisitsweng ka mefuta e e farologaneng se farofarologane, buka eno e na le ditlhogo le ditlhaloso tse di ntseng jalo tse di farologaneng kaga bodumedi mo e gakgamatsang mmadi tota.”
“Ka kakaretso, batho ba ba begang dikgang ba dinaga tsa Bophirima ba mo lefifing gotlhelele ka ditumelo tsa kwa Botlhaba le kwa di simologileng gone.” Lefa go ntse jalo, jaaka mmadi yono yo o anaanelang a bontsha, buka eno e simolola “ka Bohindu go ya go Bo-Zion, go ya go Bobuda le makoko a Labokeresete, le go fitlha kwa dikgopolong tse dintsintsi tsa ditumelo tse dingwe. Ke setshwantsho se se kgabisitsweng ka mefuta e e farologaneng ya dilo se se thusang,” o tlhalosa jaana, “mongwe le mongwe yo o batlisisang ka bodumedi.”
Batho ba le bantsi ba itse fela ka bodumedi jwa batsadi ba bone mme gantsi ba sa bo batlisisa go tsenelela kwa teng. A mme bodumedi jwa gago bo tshwanetse gore e nne fela jo o tsholetsweng mo go jone, kana o tshwanetse wa dira tlhopho e e botlhale morago ga go bapisa bodumedi jwa gago le jwa ba bangwe? Buka eno ya ditsebe tse 384 ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo e tla go thusa go bapisa ka tsela eno. Gape e ka nna ya go atametsa gaufi le Modimo wa boammaaruri.
Ke tla rata go amogela buka ya ditsebe tse 384, e e nang le ditshwantsho ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo. (Kwantle ga Repaboliki ya Afrika Borwa, kwalela lekala la Watch Tower la mo lefelong la lona go bona tshedimosetso. Bona tsebe 2.)