LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 2/1 ts. 32
  • “Bogolo Yo Bo Leñ Bogolo Thata yoa Nonohō”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Bogolo Yo Bo Leñ Bogolo Thata yoa Nonohō”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 2/1 ts. 32

“Bogolo Yo Bo Leñ Bogolo Thata yoa Nonohō”

MOKERESETE a ka itshokela matshwenyego a a kana kang? Gompieno, Bakeresete go dikologa lefatshe ba lebana le lehuma, go thubega ga malapa, go tshwenyega thata mo maikutlong, bolwetsi, dintwa, le go bogisiwa. A go a utlwala go solofela gore ba boloke bothokgami dilo tseno di ntse di le teng? Moaposetoloi Paulo o ne a re go a utlwala. O ne a kwala jaana: “Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.”—Bafilipi 4:13.

Ditiragalo di bontshitse gore nonofo e e tswang kwa go Jehofa eleruri e lekane go dira dilo tsotlhe. Ka sekai, ka nako ya bokgokgontshi jwa Bonazi kwa Jeremane, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa mo go botlhoko. A ba ne ba itshoka? Buka ya Les Bibelforscher et le nazisme (Diithuti tsa Bibela le Bonazi) ya re: “Le mororo ba ne ba itewa, ba tshosediwa, ba kganelwa, lemororo ba ne ba sotliwa fa pele ga batho, ba tshwarwa le go golegwa mo dikampeng tsa pogisetso, Diithuti tsa Bibela [Basupi ba ga Jehofa] ga di ise di ko di iteseletse gore di ‘rutwe sesha.’”

Mo dikampeng tsa pogisetso, Basupi ba ne ba bonwa ka matsela a a khutlotharo a a bobududu jo bo mokgona mme ba ne ba tlhaolwa jalo gore ba bogisiwe setlhogo thata. A seno se ne sa ba fenya? Moithutatlhaloganyo Bruno Bettelheim o ne a akgela ka go re “ga se fela gore ba ne ba bonala ba na le seriti ebile ba itshwara sentle ka selekanyo se se sa tlwaelegang, mme ba ne ba lebega ba sireleditswe mo dilong tse di neng di ba diragalela mo kampeng tseo di ileng ya re go ise go ye kae tsa bolaya batho ba nna le ditsala tsa me tsa baithutatlhaloganyo re neng re ba leba ba nonofile sentle.”

Ee, ba ne ba na le ‘nonofo ya go ka dira dilo tsotlhe.’ Ka ntlha yang? ka gonne ba ne ba ikaegile ka Jehofa. Paulo o ne a re: “Khumō e, re e chotse ka diyana tsa lecopa, gore bogolo yo bo leñ bogolo thata yoa nonohō e nnè yo bo cwañ mo Modimoñ, e señ mo go rona.” (2 Bakorintha 4:7) Fa o ka kopana le boemo jo bo lekang, leba ka tsholofelo kwa go Jehofa gore a go thuse. O tla kgona go itshoka, o nonotshiwa ke bogolo jo bo leng bogolo thata jwa nonofo eo a e nayang.—Luke 11:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela