Molelo O Tsosa Thulaganyo ya go Aga
“GO A sha! Go a sha! Holo ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa e a sha!” Mokgosi o o tshosang oo o ne wa utlwala ka Labotlhano thapama ka October 1989 kwa Heerenveen, toropo e e kwa karolong e e kwa bokone ya Nertherlands.
Basupi ba ga Jehofa ba ne ba setse ba na le dingwaga di le 11 ba dirisa Holo eno e ntle ya Dikopano. Mo e ka nnang ka mafelobeke mangwe le mangwe, makgolokgolo a ne a kopanela koo mo kopanong ya potologo ya malatsi a mabedi kana mo kopanong ya letsatsi le le lengwe le le kgethegileng. E ne e itshupile e le lefelo le le siameng sentle la go neela kaelo ya Bibela.
Go ne ga tlhaga kotsi fa go ne go baakanngwa marulelo a holo. Mo nakong ya metsotso e sekae fela, kotsi eno e ne ya fetola holo eno matlotla a a sheleng. Lefa go ntse jalo, ka boitumelo go ne go se ope yo a neng a gobala.
Le mororo ba ne ba hutsafetse ka go latlhegelwa jaana mme lefa go ntse jalo ba sa kgobega marapo, Basupi ba ne ba dira dithulaganyo tsa go aga holo e nngwe gape e ntšha kwa lefelong le lengwe. Ba ne ba bona lefelo le lengwe gape le le siameng kwa Swifterbant, mo perofensing ya Flevoland. Leno e ne e le lefelo le legolo le le neng le kile la bo le tamile metsi la koo pele go neng go bidiwa Zuider Zee, e e dimetara di le tlhano kwa tlase ga bogodimo jwa lewatle.
Ka January 1991 go ne go setse go tlhabilwe mokgosi wa go simolola go aga Holo e ntšha ya Dikopano. E ne e tlile go agiwa fa gare ga May le September 1991. Makgolokgolo a Basupi a ne a ithaopela go tla go dira mo lefelong leno mme makawana mangwe a ne a bona tiro eno e le yone e e ba fetisetsang kwa go direleng Jehofa Modimo ka nako e e tletseng. Go ne go na le badiri ba bantsi ba ba tswang kwa Belgium le Engelane.
Go ne ga agiwa kago e e tlhamilweng ka botswerere. Karolo ya yone e batho ba reetsang ba le mo go yone mmogo le kafa go jelwang teng di kgaogantswe ke phasiki e e ruletsweng ka galase. Holo e kgolo e nna batho ba le 1 008, mme ba bangwe ba le 230 ba ka leba thulaganyo mo dithelebisheneng mo holong e e fa thoko.
Diketekete tsa batho di bolela jaana gompieno: ‘Tlayang a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, o tla re ruta ditsela tsa gagwe.’ (Isaia 2:2, 3) Holo e ntšha eno ya Dikopano ke lengwe la mafelo a mantsi ao go newang kaelo ya semoya kwa go one. Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la lona ke lengwe la one. O tla amogelwa ka lorato fa o goroga koo.