Lelapa le Tlhasetswe!
“LELAPA ke thulaganyo e kgologolo go di feta tsotlhe e e tlhometsweng batho. Le botlhokwatlhokwa ka ditsela tse dintsi. Ke karolo ya konokono e e agang setšhaba. Mekgwa e e tlhabologileng ya merafe e ne ya falola kana ya nyelela go ikaegile ka gore a botshelo jwa lelapa bo ne bo nonofile kana bo le bokoa.”
Go ne ga bolela jalo The World Book Encyclopedia ka 1973. Lefa go ntse jalo, fa a lejwa go ya kafa dilo di lejwang ka teng gompieno, mafoko ao a utlwala a re tlhagisa ka sengwe, ekete a bolelela pele sengwe se se maswe. Botshelo jwa lelapa bo ne jwa tlhaselwa ka tlhamalalo mo dingwageng di sekae tse di fetileng. Mogakolodi yo o itsegeng thata ebong John Bradshaw o kwala jaana: “Lelapa le mo maemong a a kotsi thata gompieno. . . . Selekanyo se se kwa godimo sa tlhalo, tlhakatlhakano e e dirwang ke basha, go dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang ga diokobatsi ka selekanyo se se kwa godimo, go tlhakanela dikobo go go tletsetletseng ga batho ba ba atamalaneng ka losika, malwetsi a a leriwang ke tsela e motho a jang ka yone le go itewa thata mo mmeleng ke bosupi jwa gore go na le sengwe se se phoso tota.”
Eleruri, “bosupi jwa gore go na le sengwe se se phoso tota” ka lelapa bo bonwa gongwe le gongwe mo lefatsheng. The Unesco Courier e ne ya bolela jaana mabapi le kafa boemo bo leng ka teng kwa Yuropa: “Fa esale go tloga ka 1965, palo ya batho ba ba tlhalanang e ne ya golela kwa godimo thata mo kontinenteng yotlhe. . . . Palo ya malapa a a nang le motsadi a le mongwe e ne ya oketsega.” Go ngomoga pelo go ntse go oketsega le mo malapeng a a mo dinageng tse di tlhabologang. Mokwadi ebong Hélène Tremblay o akgela jaana: “Dimilione tse dintsi tsa batho ba ba nnang mo ditikologong tse di neng di ntse di tshela ka tsela e e tlwaelegileng, e di neng di e itse sentle, le e e sa fetogeng ka makgolo a dingwaga, gompieno di tshela di tshwenyegile thata mo maikutlong.”
Sengwe se se tshosang segolobogolo ke maemo a magae mangwe gompieno. Kwa United States fela, dimilionemilione tsa bana di godisiwa ke batsadi ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa. Thubakanyo mo lelapeng e ile ya oketsega ka tsela e e tshosang. Mo bukeng ya bone Intimate Violence, babatlisisi ebong Richard Gelles le Murray Straus ba bega jaana: “Go motlhofo thata gore o ka tlhaselwa, wa itewa, le go bolawa mo legaeng la gago ke mongwe yo o mo ratang go na le kwa lefelong lepe le lengwe, kana ke mongwe fela mo tikologong.”
Fa e le gore eleruri mekgwa ya tlhabologo e tla nna teng fela fa e le gore lelapa le nonofile, re na le lebaka la go tshwenyega gore a tota mekgwa eo ya tlhabologo e tla nna e le teng mo isagweng. Lefa go ntse jalo, o ka tswa o sa tshwenyege thata ka seo se tla diragalelang mekgwa eo ya tlhabologo. Se o ka tswang o amegile ka sone thata ke kafa tlhakatlhakano e e feteletseng eno e ka amang lelapa la gago ka teng. Go tlile go felela jang? Karabo e e tswang mo motsweding mongwe o o kgaolang kgang e ka nna ya go gakgamatsa.