LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 11/15 ts. 32
  • Seno Ga Se Kake sa Kgonega!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Seno Ga Se Kake sa Kgonega!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 11/15 ts. 32

Seno Ga Se Kake sa Kgonega!

“GO KA nna boheho kamela go tsèna ka lechoha ya lomaō, bogolo go mohumi go tsèna mo bogosiñ yoa Modimo.” (Mathaio 19:24) Jesu Keresete o ne a bolela seno go ruta barutwa ba gagwe thuto nngwe. Mmusi mongwe yo o humileng yo mmotlana o ne a sa tswa go gana fa Jesu a ne a mo laletsa gore a mo latele mme a bone ditshono tse di molemo thata tsa semoya. Monna yono o ne a itlhophela go ngaparela dithoto tsa gagwe tse dintsi go na le go latela Mesia.

Jesu o ne a sa bolele gore go ne go ka se ka ga kgonega gore motho yo o humileng a bone botshelo jo bo sa khutleng mo thulaganyong ya Bogosi, ka go bo batho bangwe ba ba humileng ba ne ba mo latela. (Mathaio 27:57; Luke 19:2, 9) Lefa go ntse jalo, seno ga se kake sa kgonega mo mothong yo o humileng yo o ratang dithoto tsa gagwe thata go feta dilo tsa semoya. Motho yo o ntseng jalo a ka bolokiwa ke Modimo fela fa a lemoga dilo tse a di tlhokang semoyeng ebile a batla gore Modimo o mo thuse.—Mathaio 5:3; 19:16-26.

Setshwantsho sa kamela le phatlhana ya nnalete ga se a tshwanela go tsewa jaaka se ntse. Jesu o ne a dirisa pheteletso go gatelela bothata jo bo neng bo lebane batho ba ba humileng ba ba lekang go itumedisa Modimo mme ba ntse ba tshela ka mokgwa wa bohumi, wa go rata dithoto.—1 Timotheo 6:17-19.

Bangwe ba bolela gore phatlhana ya nnalete e ne e le kgoro e nnye mo lorakong lwa motse eo kamela e neng e ka tsena ka bothata mo go yone fa e ne e sa rolwa morwalo wa yone. Mme lefa go ntse jalo, lefoko la Segerika rha·phisʹ, le le ranotsweng jaaka “lomaō” mo go Mathaio 19:24 le mo go Mareko 10:25, le tswa mo lediring le le kayang “go roka.” Mo go Luke 18:25 lefoko be·loʹne le kaya nnalete e e rokang, mme New World Translation e balega jaana koo: “Ebile tota, go motlhofo gore kamela e tsene mo phatlhaneng ya nnalete e e rokang go na le gore mohumi a ka tsena mo bogosing jwa Modimo.” Metswedi e mentsi ya tshedimosetso e tshegetsa thanolo eno. W. E. Vine o bolela jaana: “Kgopolo ya gore ‘phatlhana ya nnalete’ e ka nna kgoro e nnye e utlwala e le sengwe sa segompieno; ga e bonale gope fa go batlisisiwa mo dilong tsa bogologolo.”—An Expository Dictionary of New Testament Words.

Kamela e kgolo e e lekang go tsena ka phatlhana e nnye ya nnalete e e rokang “e utlwala e le kgang e e feteleditsweng ke batho ba Botlhaba,” go bolela jalo buka nngwe ya tshupiso. The Babylonian Talmud e bolela jaana ka bangwe ba ba neng ba le botlhale mo ba neng ba lebega ba dira dilo tse di ka se kang tsa kgonega: “Ba ntsha tlou ka phatlhana ya nnalete.” Jesu o ne a dirisa pheteletso e e tshwanang mmogo le dilo tse di farologaneng thata go gatelela gore seo ga se kake sa kgonega. Ga go kgonege gore kamela kana tlou e tsene ka phatlhana ya nnalete e e rokang. Lefa go ntse jalo, motho yo o humileng a ka thusiwa ke Modimo gore a tlogele kgopolo ya go rata dithoto mme a batle go bona botshelo jo bo sa khutleng. Go ka dira jalo le botlhe ba ba eletsang thata go ithuta le go dira seo se ratiwang ke Modimo Mogodimodimo, Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela