LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 4/1 ts. 32
  • Di Ntse Di Tswela Gongwe ka Dingwaga Tse Di Lesome!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Di Ntse Di Tswela Gongwe ka Dingwaga Tse Di Lesome!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 4/1 ts. 32

Di Ntse Di Tswela Gongwe ka Dingwaga Tse Di Lesome!

FA KGAITSADI mongwe yo o rategang wa Mosepanishe a ne a bodiwa gore o ne a ikutlwa jang dingwaga tse di lesome tse di fetileng fa makasine wa Sepanishe wa Tora ya Tebelo o ne o simolola go gatisiwa nako e le nngwe fela le wa Seesemane, o ne a araba jaana: ‘Re akanya gore ke masego ka gonne jaanong re ne re, nka reng, re tsamaisana le Seesemane. Nako le nako fa ke re Seesemane, ke akanya ka phuthego. Re bitsa phuthego re re “Mama.” Re ikutlwa re atamelane. Go gontle. Go monate!’

Kgaitsadi yono yo o ikanyegang o ne a bontsha kafa babadi ba bantsi ba ba sa baleng Seesemane ba ikutlwang ka teng. Mo dingwageng tse di fetileng, ditlhogo tsa tokololo ya Tora ya Tebelo ya Sepanishe di ne di tswa mo e ka nnang dikgwedi tse thataro di sena go gatisiwa ka Seesemane. Dipuo tse dingwe le tsone di ne di diega jalo. Go a utlwala he go bo go ne go elediwa thata jaana gore tshedimosetso e e tshwanang e gatisiwe ka nako e le nngwe fela, ka dipuo di le dintsi.

Ka jalo, go simolola ka tokololo ya April 1, 1984, tokololo ya Sepanishe e ne ya nna yone ya ntlha go gatisediwa gongwe le ya Seesemane. Dipuo tse dingwe le tsone di ne tsa latela moragonyana. Go simolola ka 1985, ditokololo di ne di setse di gatisediwa gongwe ka dipuo tse 23. Fa go ntse go bonwa baranodi ba bo ba thapisiwa, dikgatiso tsa dipuo tse di oketsegileng di ne tsa simolola go gatisediwa gongwe le Seesemane.

Tokololo eno ya Tora ya Tebelo e tshwaya ngwaga wa bolesome wa go gatisiwa ga dimakasine ka nako e le nngwe fela. Tora ya Tebelo jaanong e gatisiwa ka dipuo di le 116, tse 85 tsa tsone di gatisediwa gongwe. Seno se raya gore 99,3 lekgolong ya dikgatiso tsotlhe tse 16 100 000 tsa Tora ya Tebelo di gatisiwa ka setshwantsho se se tshwanang sa kafa ntle le ditlhogo tse di tshwanang. Mo bathong ba ba nnang gone kwa Thutong ya Tora ya Tebelo ya beke le beke, 95 lekgolong ya bone ba ithuta tshedimosetso e e tshwanang nako e le nngwe fela.

Tsogang!, makasine o o tsamayang mmogo le Tora ya Tebelo, e gatisediwa gongwe ka dipuo tse 37 mo go tse 74 tse e gatisiwang ka tsone. Yearbook of Jehovah’s Witnesses ya ngwaga le ngwaga e gatisiwa ka dipuo di le 18. Go gatisiwa jalo ka nako e le nngwe fela go kopanya batho ba Modimo “mo mogopoloñ o le moñwe hèla, le mo tshekatshekoñ e le ñwe hèla.”—1 Bakorintha 1:10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela