Aberahame—O Fitlhilwe Fano, A Mme O Santse A Ntse A shela?
Bajuda, Mamoselema, le Bakeresete fa e sale ka ba ntse ba etela lefelo leno ka makgolokgolo a dingwaga.
O ka le etela kwa motseng wa bogologolo wa Heberona, o o kwa borwa jwa Jerusalema. Moago ono o bidiwa Haram el-Khalil gape o bidiwa Diphupu tsa Ditlhogo tsa Lotso. Ee, go dumelwa gongwe le gongwe gore ke lone lefelo le ditlhogo tsa lotso e bong Aberahame, Isake, le Jakobe, mmogo le basadi ba bone ba ba tlotlegang e bong Sara, Rebeka, le Lea ba fitlhilweng mo go lone.
Lo tla gakologelwa gore Bibela e bolela gore fa mosadi wa gagwe yo o rategang e bong Sara a sena go swa, Aberahame o ne a reka logaga longwe gore e nne lefelo le go fitlhelwang mo go lone, le naga nngwe kwa Makapela, gaufi le Heberona. (Genesise 23:2-20) Moragonyana, Aberahame le ene o ne a fitlhwa fano, jaaka ba bangwe ba lelapa. Fa go sena go feta makgolokgolo a dingwaga, Herode yo Mogolo o ne a aga moago o montle gaufi le lefelo le e neng e setse e le ngwao go fitlhela mo go lone, mme kgabagare moago ono o ne wa fetolwa le go okediwa ke bafenyi, ba o aga ka tsela e e supang dilo tse bone ba di dumelang.
Fa o tsena mo go lone, o bona di-cenotaph tse thataro (difikantswe kana diphupu tse di senang sepe). Setshwantsho se sennye se bontsha phupu ya ga Isake, morwa Aberahame. Gaufi le yone go na le mesima mo bodilong, e ba neng ba e epa gore ba bone se se kwa tlase. Batlhotlhomisi ba ile ba fitlhela mahuti a a ka tswang a ne a na le marapo a le mantsi a bogologolo.
Go tweng ka Aberahame? Fa e le gore o ne a fitlhwa mo logageng longwe lo jaanong lo leng kafa tlase ga lefelo leno, go raya gore o sale ka a sule bogologolo, a ga go jalo? Bontsi jwa ba ba etelang fano ba ka dumela. Lefa go ntse jalo moperofeti mongwe yo mogolwane go Aberahame o ne a bolela gore Aberahame o santse a tshela ka tsela nngwe. Jang? Mme seno se ka ama tumelo ya gago jang?
Tsweetswee bala setlhogo se se reng “Baratiwa ba Gago Ba Ba Suleng—Ba Kae?” (Tsebe 3) Se bontsha se moperofeti yo mogolo a neng a se bolela fa a re Aberahame o santse a tshela, e leng tshedimosetso e e ka go solegelang molemo thata le ba lelapa la gago.