LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 12/1 ts. 31
  • ‘Ditiro tsa Gagwe Di Mo Setse Morago’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Ditiro tsa Gagwe Di Mo Setse Morago’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 12/1 ts. 31

‘Ditiro tsa Gagwe Di Mo Setse Morago’

GEORGE D. GANGAS o ne a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka Labone, July 28, 1994, ka nako ya 8:50 a.m. O ne a na le dingwaga tse 98. George Gangas, mongwe wa batlodiwa, e ne e le leloko la Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa fa e sa le ka October 15, 1971.

Botlhe ba ba neng ba tlwaelane le Mokaulengwe Gangas ka namana ba ne ba itse gore o ne a rata tshiamo e bile a ila boikepo. Ba gakologelwa sentle tsela e a neng a tlhola a tlhalosa Satane ka yone jaaka moaki yo mogolo, yo o maswe, yo o boikepo, yo o bosula le yo o tshwanetseng go ilwa. Go farologana le seo, o ne a bua ka Jehofa jaaka Rre yo o lorato, yo o pelonomi, yo o pelotlhomogi le yo o amegang ka batho. Ba bantsi gape ba gakologelwa gore o ne a rata go botsa dipotso tsa Baebele. Mo puisanong epe fela, o ne a botsa dipotso—dingwe tsa tsone di le motlhofo, dingwe tsa tsone di le thata. Eleruri, o ne a rata boammaaruri jwa Baebele.

Mokaulengwe Gangas o ne a kolobediwa ka July 15, 1921. O ne a simolola tiro ya gagwe mo bodireding jwa go rera jwa nako e e tletseng (bobulatsela) ka March 1928. Ka jalo, o ne a na le dingwaga di le 66 mo tirelong ya nako e e tletseng. O ne a nna mongwe wa badiri ba kwa ntlokgolong ya Watch Tower Bible and Tract Society kwa Brooklyn ka October 31, 1928.

Polelo ya botshelo jwa gagwe e ne ya tlhaga mo tokololong ya October 1, 1967 ya Tora ya Tebelo. E mo tlhalosa e le monna wa boammaaruri wa semowa wa Modimo. Mo setlhogong seo, o ile a bua ka mo go omosang pelo jaana: “Ke rata botshelo e bile ke batla gore bakaulengwe ba me ba bone botshelo. Ke akanya jaaka moaposetoloi Paulo, gore dilo tsotlhe di ka ‘ntatlhegela ka ntlha ya molemo o mogolo wa go itse Keresete Jesu.’”—Bafilipi 3:8.

Mokaulengwe Gangas o bontshitse ka ditiro tsa gagwe gore eleruri o ne a rata botshelo, gape o ne a bolelela ba bangwe ka tlhoafalo gore ba ‘itse Keresete Jesu.’ O tla tlhologelelwa, mme a bo re itumela jang ne ka gore jaanong o amogetse tuelo ya gagwe ya go ya legodimong! Jaanong, ‘o tla bona tapologo mo letsapeng la gagwe, gonne ditiro tsa gagwe di mo setse morago.’—Tshenolo 14:13.

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela