A o a Gakologelwa?
A o ile wa fitlhela gore ditokololo tsa Tora ya Tebelo tse di sa tswang go feta di go solegela molemo? He ke ka ntlha yang fa o sa leke go bona gore o gakologelwa go le kana kang o dirisa dipotso tse di latelang:
▫ Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba nnela go etela baagisani ba bone?
Basupi ba ga Jehofa ba batla go segofadiwa ke Modimo ka Bogosi jo a bo solofeditseng, mme ka gonne ba rata baagisani ba bone, ba batla gore le bone ba segofadiwe ka mo go tshwanang. Ka gone, ka go latela sekao sa ga Jesu, ba ikutlwa ba patelediwa ke lorato lo lo senang bopelotshetlha gore ba etele baagisani ba bone. (Mathaio 6:9, 10; 22:37-39)—8/15, ditsebe 8, 9.
▫ Ke ka ntlha yang fa tumelo ya thutotlhagelelo e le kgang ya gore o dumela eng?
Borasaense ga ba ise ba ko ba lebelele diphetogo tse dikgolo—le e leng tse ba reng ke tse di mosola—tse di dirang ditshedi tsa mofuta o mosha, lefa go ntse jalo batho ba ba dumelang thutotlhagelelo ba tlhomamisa gore seno ke sone se dirang gore ditshedi tse disha di nne gone. Batho ba ba dumelang thutotlhagelelo ga ba ise ba ko ba bone ditshedi di itlhagelela fela ka ponyo ya leitlho, lefa go ntse jalo ba gatelela gore eno ke tsela e botshelo bo nnileng gone ka yone.—9/1, tsebe 5.
▫ Re ka fenya go kgobega marapo jang ka katlego mo go ka nnang ga bakiwa ke dithibelo tse di rileng mo botshelong?
Go sa kgathalesege gore maemo a rona ke afe, fa re tlhoma mogopolo mo go se re ka kgonang go se dira go na le gore re tshwenyege ka se re sa kgoneng go se dira, re tla kgotsofalela botshelo, e bile re tla itumela mo tirelong ya Modimo. (Pesalema 126:5, 6)—9/1, tsebe 28.
▫ Melemo ya go itshwarela ke efe?
Go itshwarela ba bangwe go dira gore o kgone go dirisana sentle le bone (Baefeso 4:32); ga go lere kagiso le batho ba bangwe fela mme gape le kagiso ya mogopolo (Baroma 14:19; Bakolosa 3:13-15); fa re itshwarela ba bangwe go bula tsela ya gore dibe tsa rona di itshwarelwe (Mathaio 6:14); gape, go re thusa go gakologelwa gore rona ka borona re tlhoka go itshwarelwa. (Baroma 3:23)—9/15, tsebe 7.
▫ Sekao sa moperofeti Amose se re thusa jang mo tirong ya rona ya go rera?
Fela jaaka Amose, ga re fetole lefa e le go fokotsa molaetsa wa Modimo. Mo boemong jwa seo, re o bolela ka boikanyegi go sa kgathalesege gore ba ba o utlwang ba o tsaya jang.—9/15, tsebe 17.
▫ Ke dinonofo dife tsa Modimo tse re tshwanetseng ra di etsa?
Tse pedi tse di botlhokwa thata ke go kgona go nna le thulaganyo ga ga Jehofa le boitumelo jwa gagwe. (1 Bakorinthe 14:33; 1 Timotheo 1:11) Dinonofo tseno tsa Modimo di tekatekano, e le gore ga a tseele e nngwe ya tsone kwa godimo a bo a tlhokomologa e nngwe.—10/1, tsebe 10.
▫ Ke dikgato dife tse dingwe tse di siameng tse batsadi ba ileng ba di dirisa gore ba thuse bana ba bone go direla Jehofa?
Selo se se botlhokwa thata ke go simolola go sale gale. Dilo tse di tsenang le tse di ithutiwang mo dingwageng tsa ntlha di tla tsaya botshelo jotlhe. (Diane 22:6) Go botlhokwa go ba ruta gore ba nne kutlo le go tlotla Jehofa le kobamelo ya gagwe kwa dipokanong tsotlhe. Batsadi ba ba atlegang ba ithuta go lemoga mekgwa e e phoso, mme ba thusa bana ba bone gore ba e baakanye. (Diane 22:15) Sa bofelo, simolola go sale gale go tlhomela ngwana wa gago mekgele ya puso ya Modimo e a ka nnang a e fitlhelela sentle fela.—10/1, ditsebe 27-8.
▫ Ke tsela efe e e tlhomologileng e Jehofa a itshwarelang ka yone e re tshwanetseng go leka go e dirisa?
Jehofa o a itshwarela gape a bo a lebala. (Jeremia 31:34) Seno se palela dibopiwa tsa batho go se dira. Botlhokwa jwa go dira jalo bo ne jwa gatelelwa ke Jesu, jaaka go kwadilwe mo go Mathaio 6:14, 15.—10/15, ditsebe 25-6.
▫ Ke dilo dife tse tharo tse di ka re kgoreletsang gore re se ka ra nna pelotlhomogi?
E re ka re le batho re rata go dira boleo, lefufa le ka mela mo dipelong tsa rona. Fa re tswela mongwe pelo, a re ka kgona go mo tlhomogela pelo? Selo se sengwe se se ka re kgoreletsang ke go ipaya mo kotsing ya go tlhotlhelediwa ke thubakanyo go sa tlhokege. Seno se re dira gore re swe maikutlo a go utlwela ba bangwe ba ba bogang botlhoko. Mo godimo ga moo, motho yo o ikakanyetsang a le nosi a ka nna a se ka a nna pelotlhomogi. (1 Johane 3:17)—11/1, ditsebe 19, 20.
▫ Re ka ithuta dithuto dife mo polelong ya Dikwalo e e malebana le Jobe?
Polelo ya ga Jobe e dira gore re lemoge maretshwa a ga Satane mme e re thusa go bona kafa bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe bo amanang ka teng le go boloka bothokgami ga motho. Fela jaaka Jobe, batho botlhe ba ba ratang Modimo ba tshwanetse go lekwa. Le rona re ka kgona go itshoka fela jaaka Jobe a ne a itshoka, ra supa fa Satane e le moaki, mme ra ipelela masego a Bogosi jwa Modimo.—11/15, tsebe 20.
▫ Modulasetulo mo setlhopheng sa bagolwane o ka supa jang gore o tsaya mogolwane mongwe le mongwe tsia ka tsela e e tshwanetseng?
Fa go kgonega, modulasetulo o tshwanetse gore a ba fe lenaane la dilo tse go tla bong go tlotliwa ka tsone nako e santse e le teng gore bagolwane ba bangwe ba tle ba nne le nako e ntsi ya go akanyetsa le go rapelela ntlha nngwe le nngwe e go tla tlotliwang ka yone. Ka nako ya fa pokano ya bagolwane e tsweletse, ga a kitla a leka go bopa tsela e bagolwane ba tshwanetseng go akanya ka yone mme o tla ba kgothatsa gore ba bue ka “tshosologo e kgolo” ka ga dilo tse ba tla bong ba tlotla ka tsone. (1 Timotheo 3:13)—12/1, tsebe 30.