“Ga ke Ise ke Tsamaye ke Bone Sepe se se Ntseng Jaana!”
KA 1993 ofisi ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Argentina e ne ya kopiwa gore e romele baemedi ba le sekete go ya kwa Santiago, Chile, go ya Kopanong ya Kgaolo ya “Thuto ya Bomodimo” ya Basupi ba ga Jehofa ya malatsi a le mane. E ne e le la ntlha Basupi ba kwa Argentina ba lalediwa gore ba ye kopanong kwa nageng e sele e le setlhopha se segolo.a Ba ne ba arabela jang? Go ne ga thelegela dikopo di feta 8 500, mme ga tlhophiwa baemedi ba le 1 039 mo go tsone.
Go ne ga hirwa dibese di le 14 go tsaya mosepele ono wa dikilometara tse 1 400 go tswa kwa Buenos Aires go ya kwa Santiago. Mosepele ono wa diura tse 26 o ne o natetshiwa gape ke naga e ntle thata. Fa baemedi bano ba ne ba feta Dithaba tsa Andes, ba ne ba feta gaufi le Aconcagua, e telele go ya kwa godimo ka dimetara tse 6 960 e le sone setlhoa se se telele go feta tsotlhe mo Hemisefereng e e kwa Bophirima. Se ba ka se gakologelwang thata ke go fologela mo Chile ka tsela e e kgokologang gape e le matsoketsane. Bakgweetsi ba ne ba opelwa diatla ka boleele ka gonne ba ne ba kgonne go feta mo mafelong ao a a bokete ka mokgwa o o bontshang bokgoni!
Lefa go ntse jalo, lefelo le lentle go a feta otlhe, le ne le santse le tla bonwa kwa go yone kopano. Mo lefatsheng leno le le tletseng mathata a bomorafe le go sa utlwane ga ditso, a bo go ne go lapolosa jang ne go bona setšhaba se se kitlaneng sa batho ba le 80 000 ba le teng go tswa kwa dinageng di le 24—bokaulengwe jwa ditšhabatšhaba tota! Bangwe ba bakgweetsi ba dibese fa ba sena go iponela ka matlho kafa batlakopanong ba neng ba utlwana ka teng, ba ne ba bolela gore ba ka rata go itse mo go oketsegileng kaga Basupi ba ga Jehofa. “Ga ke ise ke tsamaye ke bone sepe se se ntseng jaana!” go ne ga rialo mongwe wa bone.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Dithibelo tsa puso kwa Argentina go tloga ka 1949 go ya go 1982 di ne di dirile gore go nne thata gore go ka dirwa jalo.