Go Kgona go Itlhamela Dilo—Mpho ya Bopelotshweu e e Tswang kwa Modimong
JEHOFA o itumelela ditiro tsa gagwe tsa popo. (Pesalema 104:31) Tsela e a kgotsofalang thata ka yone fa a sena go bopa e tlhalosiwa mo go Genesise 1:31: “Modimo wa bona sengwe le sengwe se o se dirileng, mme bonang, ga bo go le molemo thata.”
Jehofa ga a ka a dira gore e nne ene fela a itumelang. O ne a neela Jesu tshiamelo ya gore a nne morongwa, kana sedirisiwa, se dilo tse dingwe tsotlhe di neng tsa bopiwa ka sone. (Johane 1:3; Bakolosa 1:16, 17) E re ka Jesu a ne a le “tlhogo ya tiro,” le ene o ne a “itumela ka metlha yotlhe fa pele ga [Jehofa].”—Diane 8:30, 31.
Mme lefa go ntse jalo go kgona go itlhamela dilo ga go kwa legodimong fela. “Go dirilwe karolo ya motho,” go kwala jalo Eugene Raudsepp mo bukeng ya gagwe ya How Creative Are You? Seno ga se sengwe se se itiragaletseng fela, ka gonne motho o dirilwe mo tshwanong ya Modimo. (Genesise 1:26) Ka jalo Jehofa o neetse batho bokgoni jo bo kgotsofatsang thata jwa go kgona go itlhamela dilo.—Jakobe 1:17.
Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Baebele e bua sentle kaga go opela, go bina, go loga, go apaya, tiro ya diatla, le ditiro tse dingwe tsa go itlhamela dilo. (Ekesodo 35:25, 26; 1 Samuele 8:13; 18:6, 7; 2 Ditirafalo 2:13, 14) Besalele, yo o neng a dira ka diatla, o ne a dirisa bokgoni jwa gagwe jwa “go akanyetsa ditiro tsa matsetseleko” go thusa fa go agiwa motlaagana. (Ekesodo 31:3, 4) Jabale wa modisa e ka nna ya bo e le ene a tlhamileng selo se go tweng tente, e e leng sengwe se se itlhametsweng se se mosola thata mo mothong yo o tshelang ka go kgarakgatshega. (Genesise 4:20) Dafite e ne e se moopedi le motlhami fela wa dipina, mme gape o ne a aga diletswa tse disha. (2 Ditirafalo 7:6; Pesalema 7:17; Amose 6:5) Miriame o ka nna a bo a ile a rulaganya tsela e Baiseraele ba neng ba tla bina ka boitumelo ka yone fa ba itumelela go tshedisiwa Lewatle le Lehibidu ka kgakgamatso.—Ekesodo 15:20.
Gantsi go kgona go itlhamela dilo go thusa go rotloetsa kobamelo ya boammaaruri. Jesu o ne a dirisa botlhami fa a dirisa ditshwantsho le dipapisa tse di maleba go tlhalosa molaetsa wa gagwe. Balatedi ba gagwe le bone ba rotloediwa gore ba ‘dire ka natla mo lefokong le mo go ruteng.’ (1 Timotheo 5:17) Ee, tiro ya bone ya go rera ga se seomodiro fela. Ke bokgoni jo bo tlhokang mekgwa ya go ruta e e itlhamelwang. (Bakolosa 4:6) Seno se botlhokwa thata bogolo jang fa o ruta bana ba gago.—Duteronome 6:6, 7; Baefeso 6:4.
Ka jalo, Jehofa o abela ba bangwe boitumelo jo a nnang le jone fa a bopa. A mpho ya bopelotshweu ruri!