Kgosi Nngwe e Sekaseka Isagwe ya Yone
KGOSI nngwe mo Afrika Bophirima e ne e le moeteledipele yo o neng a ratiwa le go tlotliwa thata ke batho ba motse wa gagwe. Fa a ne a nna dingwaga tse 78, ditsala, ba lelapa la gagwe le batho ba bangwe ba ne ba tlile go mo eleletsa matlhogonolo. Mo puong ya gagwe, kgosi e ne ya tlhopha go bua ka kgang e e sa tlwaelegang mo tiragalong e e ntseng jalo. O ne a bua ka se a neng a se akanya ka botshelo morago ga loso.
O ne a re ka kwa ga lebitla, “go na le lefatshe le lesha le go senang tsietso, bogagapa le bopelotshetlha.” O ne a le tlhalosa e le lefatshe le le “sireleditsweng ke masaitseweng,” leo mo go lone go nnang fela basiami ba ba tla agang le Modimo.
Dikgopolo tse di ntseng jalo ke tse di tlwaelegileng go ralala Afrika. Go ya ka ngwao ya bodumedi ya Seafrika, go swa ga se go khutla ga botshelo mme ke fela phetogo, go fetela mo botshelong jwa kwa lefelong la meya. Fa motho a swa go bolelwa fa a tswa mo lefatsheng le le bonalang a fetela go le le sa bonaleng. Jaaka motho wa moya, go tswa foo o tsena mo lefatsheng la bagologolwane ba gagwe.
Batho ba le bantsi ba Afrika Bophirima ba dumela gore bagologolwane, kana meya ya bagologolwane ba bone, e ka tlhomamisa gore ba malapa a bone ba tshela sentle mo lefatsheng. Buka ya West African Traditional Religion e bolela jaana: “Ga go na pharologano epe e e bonalang mo go dirisaneng ga batho ba ba santseng ba le mo lefatsheng le ba ba ka kwa ga lefatshe. Fa ba ne ba santse ba le mo lefatsheng, [bagologolwane] e ne e le ditlhogo tsa malapa a bone. E re ka re sa tlhole re ba bona ka matlho, ba santse ba le ditlhogo mo lefatsheng la meya. Ba santse ba kgatlhegela go bona kafa ba malapa a bone ba tshelang ka teng.”
Ka jalo, kgosi e e neng e setse e tsofetse e e umakilweng kwa tshimologong, e ne e solofetse go ya go kopana gape le bagologolwane ba yone le go dira mmogo le bone mo lefelong la meya. E ne ya re: “Ke tlhomamisegile tota gore go na le botshelo morago ga loso le gore gongwe ke tla tswelela ka go etelela pele—le e leng morago ga loso.”
Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya se kgosi eno e neng ya se bua morago ga moo, lokwalodikgang lwa Sunday Times lo ne lwa re e “bonala e sa tlhomamisega thata jalo” ka botshelo jwa ka kwa ga lebitla. E ne ya bolelela batho ba ba neng ba phuthegile gore e ne e utlwile gore go na le buka nngwe e e neng e bua kaga botshelo morago ga loso. Kgosi eno e ne e na le dingwaga tse tlhano e ntse e batlana le buka eno. E ne e tlhoafetse thata go e bala mo e ileng ya solofetsa gore o ne a tla naya motho ope fela yo o neng a tla e tlisetsa khopi ya buka eo madi a a lekanang le diranta di le 5 500.
Kgosi eno e ka bo e ile ya se ka ya dira matsapa a a kalo mme ya tlhola mo bukeng e e seng thata go ka bonwa. Ke buka e e ka bonwang motlhofo e e sa dirwang ke motho mme ke Mmopi wa batho botlhe. (1 Bathesalonika 2:13) Buka eo ke Baebele. E reng kaga botshelo morago ga loso?