Yo Pele e Neng e le Moatlhodi o Kopa Maitshwarelo—Morago ga Dingwaga Tse 45
KWA ntlong ya kgotlatshekelo kwa Berlin, ka August 1995, mongwe yo pele e neng e le moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang o ne a bolelela mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore o swabela phoso e a e dirileng ka dingwaga di le 45 pele ga moo.
Ka October 1950, Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya German Democratic Republic (GDR) e ne ya bolela gore e bona Basupi ba ga Jehofa ba le robongwe molato wa go tsosa dikhuduego mo nageng le go nna ditlhola. Ba le babedi ba bone ba ne ba atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong, mme ba bangwe ba le supa—go akaretsa le Lothar Hörnig yo o neng a na le dingwaga di le 22, e leng mosekisiwa wa bonè go tswa kafa mojeng mo setshwantshong seno—ba ne ba atlholelwa nako e telele mo kgolegelong.
Dingwaga di le 40 morago ga moo, GDR e ne ya nna karolo ya Federal Republic of Germany. Fa e sale ka nako eo badiredi ba puso ba ntse ba tlhotlhomisa dingwe tsa ditshiamololo tse di neng tsa dirwa ke GDR ya pele mme ba lekile go atlhola batho ba ba di dirileng. Nngwe ya ditshiamololo tseo e ne e le tsheko ya Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang e e neng e sekisa Basupi ka 1950.
A. T., yo gone jaanong a nang le dingwaga di le 80, o ne a le mongwe wa baatlhodi ba ba neng ba atlhola fa Basupi ba le robongwe ba ne ba sekisiwa. E re ka gone jaanong a latofadiwa ka go dira tshiamololo, o ne a ema fa pele ga Kgotlatshekelo ya Kgaolo kwa Berlin gore a tlhalose se se dirileng gore a atlhole ka tsela eo.
Fa moatlhodi yono wa pele a ne a bolelela kgotlatshekelo, o ne a dumela gore o ne a atlhola ka tsela e e phoso dingwaga di le 45 pele ga moo, lefa gone a ne a sa rate go atlhola batho ka dikatlholo tse di setlhogo. Mme kgetsi eno e ne ya mo dira gore a akanye thata. Ka ntlha yang? Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa ke Banasi ka ntwa ya lefatshe ya bobedi ka gonne ba ne ba gana go ema Hitler nokeng. Morago ga ntwa eo Basupi ba ne ba bogisiwa gape, mo nakong eno ba ne ba bogisiwa ke puso ya Bokomonise. Seno se ne sa tlogela moatlhodi “a le mo tlalelong e kgolo.”
Lothar Hörnig o ne a bolelela kgotlatshekelo gore o ne a ntse mo phaposing ya kgolegelo e go nnang motho a le mongwe fela dingwaga di le tlhano le sephatlo mme a se ka a ntshiwa kwa kgolegelong ya Brandenburg go fitlha ka 1959. Fa moatlhodi yono wa pele a se na go utlwa mafoko a ga Hörnig, o ne a lela. O ne a re, “ke maswabi fela thata,” a ntse a sisa pelo. “Ke kopa gore o intshwarele.” Hörnig o ne a dumela go mo itshwarela.—Bapisa Luke 23:34.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]
Neue Berliner Illustrierte