LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 8/1 ts. 32
  • “A Tota ga ke Lore?”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “A Tota ga ke Lore?”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 8/1 ts. 32

“A Tota ga ke Lore?”

Pego e e latelang e tswa kwa Malawi malebana le nngwe ya Dikopano Tsa Kgaolo Tsa Basupi ba ga Jehofa e e sa lebalesegeng ya “Babaki ba ba Itumetseng” e e neng e tshwerwe koo ka selemo sa 1995.

“MO TSELENG e kgolo, mo e ka nnang fa gare o ise o fitlhe kwa losing lo lo kafa bophirima jwa Letsha la Malawi, go ne go beilwe sesupo sengwe e le la ntlha mo dingwageng tse 29. Se balega se re, ‘Kopano ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa.’

“Lori e tona e ne e eme gaufi le sesupo seno, mme kwa morago ga yone go ne go bonala batlakopanong ba ba fetang 200 ba ba neng ba tswa kwa toropong ya Mzuzu. Ba tlile ka dithoto tsa diaparo, dikobo, dipitsa, diemere, dijo, dikgong le Dibaebele gore ba kopane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba ka nna 3 000 ba ba tswang kwa mafelong a mangwe.

“Fa re ntse re dumedisa bakaulengwe ba ba neng ba fologa mo loring, George Chikako wa dingwaga tse 63 a bo a goroga, a kgarametsa baesekele ya gagwe mo motlhabeng, e a neng a e palame malatsi a le mabedi a tswa kwa Nkhotakota. Ka dingwagangwaga, Mokaulengwe Chikako o ne a atlholelwa kgolegelo ganè ka go bo a ne a gana go tlogela go dirisa melaometheo ya Baebele. Ntsalae o ne a swa morago ga gore a itewe fa a ne a le kwa kgolegelong. ‘A tota ga ke lore?’ Mokaulengwe Chikako o botsa jalo. ‘Kopano eno e tshwarwa letsatsi le penne, mme batho bano ba opelela dipina tsa Bogosi kwa godimo! Ka nako e yotlhe, re ne re tshwanelwa ke go kopana mo lefifing la bosigo, re opelela dipina tsa Bogosi kwa tlase, mme re sogotlha diatla fela re sa di ope. Gone jaanong re kopana ka tshosologo, mme batho ba gakgamalela go bona gore tota re bantsi thata fa ba ne ba akanya gore re felela fela mo seatleng!’

“Lefelo le go tshwaretsweng kopano mo go lone le ageleditswe ka bojang mme le ruletswe ka lotlhaka go dira moriti. Go ne ga agiwa matlo a bojang le a borobalo a a sa rulelwang gore batlakopanong ba robale mo go one. Phefonyana ya bosigo e tletse ka modumo wa mantswe a a monate a dipina o o sa tlholeng o didimadiwa ke go tshaba pogiso.

“A bo go tshwanela jang ne go bo kopano eno e na le setlhogo se se reng ‘Babaki ba ba Itumetseng’!”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mountain High Maps® Copyright © 1995 Digital Wisdom, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela