Go na Le Isagwe Efe ka Lefatshe la Rona?
“Ga go na lekgolo lepe la dingwaga le le tshwanang le la bo20 ka dithubakanyo tsa setso tse di setlhogo, ka dikgotlhang tse dintsi tse di nnileng teng, go dira gore masomosomo a nne batshabi, dimilione tsa batho ba ba bolailweng mo dintweng, le ditshenyegelo tse dintsi tsa ‘boiphemelo,’” go bolela jalo World Military and Social Expenditures 1996. A boemo jono bo tla tsamaya bo fetoga?
Moaposetoloi Petere o ne a gakolola Bakeresete ka tsholofetso e Modimo a ileng a e dira makgolo a dingwaga pelenyana: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso [ya Modimo], mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13) Mafoko a a ntseng jalo kwa tshimologong e ne e le karolo ya boporofeti jwa ga Isaia. (Isaia 65:17; 66:22) Iseraele wa bogologolo o ne a bona go diragadiwa ga ntlha ga yone fa setšhaba se ne se busediwa kwa lefatsheng la sone le le solofeditsweng morago ga gore ba nne batshwarwa kwa Babilone ka dingwaga di le 70. Ka go boeletsa tsholofetso ya “magodimo a masha le lefatshe le lesha,” Petere o ne a bontsha gore boporofeti joo bo sa ntse bo tla diragadiwa ka tsela e kgolwane—mo lefatsheng lotlhe!
Go leriwa ga maemo a tshiamo mo lefatsheng lotlhe ke go rata ga Modimo, mme a tla leriwa ka Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo ka Keresete e le Kgosi. “Morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.” (Isaia 2:4) Kagiso e e ntseng jalo e e feletseng le polokesego mo lefatsheng ke dilo tse Jesu a neng a ruta balatedi ba gagwe gore ba di lebelele le go di rapelela mo go se ka tlwaelo se bidiwang Thapelo ya Rraetsho kana Thapelo ya Morena, ba bolela jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:9, 10.
A o ka itumelela go tshela mo lefatsheng le le nang le tshiamo jaaka kwa legodimong? Eo ke tsholofetso e Baebele e e tshwaretseng mongwe le mongwe yo o batlang go itse Modimo ka pelo yotlhe le go tshela go ya ka ditsela tsa gagwe tse di siameng.