Kaelo Ka ga Go Tlhopha Ditsala Tse di Siameng
BASHA ba batla kaelo mo balekaneng ba bone malebana le diaparo le mmino go na le gore ba e batle mo batsading ba bone, go bolela jalo pego nngwe go Reader’s Digest. Ka jalo, go botlhokwa gore batsadi ba itse gore bana ba bone ba tsalana le bomang le gone kae.
Esmé van Rensburg, yo e leng motlhatlheledi yo mogolo wa lephata la thutotlhaloganyo mo yunibesithing ya Afrika Borwa, a re: “Ke boikarabelo jwa gago gore o tlhotlhomise.” O oketsa jaana: “Go ka nna ga direga gore ngwana wa gago a go tenegele, mme ba tla ritibala.” Morago ga foo, o tlhaba batsadi matlhale. Melao e tshwanetse go nna e e utlwalang mme e nne le melaometheo e e tlhomameng; reetsa ngwana wa gago; o se ka wa feteletsa dilo, go na le moo, nna o ritibetse mme itse se o batlang go se bua. Fa ngwana wa gago a setse a na le ditsala tse o sa di rateng, tlhoma mogopolo mo boitshwarong jo bo sa tshwanelang jo bo bakilweng ke botsalano joo go na le gore o mo kganele fela gore a se tlhole a kopana le ditsala tseo.
Lefoko la Modimo e leng Baebele ga le bolo go neela batsadi kgakololo e e utlwalang. Ka sekai, le bolela jaana: “Nna bofefo kaga go utlwa, bonya kaga go bua, bonya kaga go shakgala.” (Jakobe 1:19) Dikwalo gape di neela kgakololo e ntle eno malebana le go tlhopha ditsala: “Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.” (Diane 13:20) Dikai tseno di supa botlhale jo bo ka bonwang ke batho ba ba balang Baebele ka kanaanelo le go dirisa se e se bolelang mo botshelong jwa bone jwa letsatsi le letsatsi.