Batho—A ke Diphologolo Tsa Maemo a a Kwa Godingwana Fela?
“A go a kgathalesega gore re dumela eng ka tshimologo ya botshelo?”
Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 16 wa kwa Brazil o ne a botsa potso eno fa a ne a simolola puo ya gagwe ya setlhogo se se reng “Batho—A ke Diphologolo Tsa Maemo a a Kwa Godingwana Fela?” Morutabana o ne a kopa moithuti yono gore a bue le tlelase ka kgang eno fa ene morutabana a sena go amogela khopi ya makasine wa Tsogang! wa June 22, 1998 (July 8, 1998 ka Setswana) e e buang ka setlhogo seo.
Mosupi yo mmotlana yoo o ne a gatelela kafa thuto eno, ya gore dilo di itlhageletse fela go ya kafa tlhago e kaelang ka teng, e ileng ya senya dilo tse dintsi ka teng. Ka sekai, batho ba le bantsi ba akanya gore thuto ya gore dilo di itlhageletse fela e ile ya dira gore bangwe ba tseye ntwa e le karolo nngwe ya tlholego ya go leka go falola, e e ileng ya thusa gore go nne le Bo-Fascist le Bonasi.
Moithuti yono o ne a bontsha gore go na le pharologanyo e kgolo fa gare ga batho le diphologolo. O ne a re: “Batho ke bone fela ba kgonang go nna le bomoya. Batho ke bone fela ba ka lekang go bona bokao jwa botshelo le lebaka la go bo bo le teng. Batho ke bone fela ba ba tshwenyegileng ka loso e bile ba amegile ka gore ba tswa kae e bile ke bone fela ba ba nang le keletso ya go tshelela ruri. A bo go le botlhokwa jang ne gore re iphe nako ya go sekaseka gore re tswa kae!”
Morutabana o ne a mo akgolela puo ya gagwe e ntle. O ne a bolela gore Mosupi yo mosha yono wa dingwaga tsa bolesome o kgonne go atlega go dira seno ka go bo a rata go bala. Kwa sekolong mosetsana yono o itsege e le mmadi yo o tlhoafetseng wa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di jaaka Tsogang! le Tora ya Tebelo.
Basupi ba ga Jehofa ba amegile thata ka tsela e thuto ya gore dilo di itlhageletse fela e amang dipelo le megopolo ya batho ba basha ka yone. Ka ntlha ya seno, phuthego e mosetsana yono a kopanelang le yone e ile ya kgothaletsa Basupi ba basha gore ba neele barutabana le baithutimmogo le bone khopi ya makasine wa Tsogang! wa July 8, 1998. Go ile ga tsamaisiwa dimakasine tse di ka nnang 230 mo dikolong tse di farologaneng mo motseng oo. Tlhogo ya Lephata la Saense kwa sekolong sengwe e ne ya dira peeletso ya makasine wa Tsogang!
Ee, go a kgathalesega gore re dumela eng malebana le gore botshelo bo simologile jang! Mosha yono le ditsala tsa gagwe ba ile ba bontsha gore go dumela mo Mmoping go ile ga dira pharologanyo e kgolo mo matshelong a bone.