E Ile ya Busetsa Dipalamonwana Gape mo Menwaneng ya Bone
“LEBELELA menwana ya me. A o bona sengwe se se sa tlwaelegang?” Monna mongwe o ne a bontsha mosadi mongwe yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa seatla sa gagwe mme ya re a se leba, ka bonako fela a lemoga gore palamonwana ya gagwe ya lenyalo ga e yo. O ne a tlhalosa gore ene le mosadi wa gagwe ba ne ba sa tlhole ba utlwana, ka jalo ba sweditse gore ba tlhalane. Mosupi yoo o ne a re: “Nnyaa! Tsaya buka eno o e bale. E tla go thusa ka lenyalo la gago.” O ne a mo naya khopi ya buka e e theilweng mo Baebeleng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.a
Malatsinyana morago ga moo monna yole o ne a boela go Mosupi yono a itumetse. O ne a mmontsha seatla sa gagwe. Jaanong o ne a rwele palamonwana ya gagwe ya lenyalo. O ne a mmolelela gore ene le mosadi wa gagwe ba ne ba badile buka ya Kitso le gore gone jaanong ba itumetse thata. Buka eo e ile ya busetsa dipalamonwana tsa bone gape mo menwaneng ya bone ka tsela ya mmatota.
Kgakololo ya Baebele e ka thusa monna le mosadi gore ba ratane tota. Go ntse jalo ka go bo mokwadi wa Baebele ke Mmopi wa rona, yo o bolelang jaana: “Ke nna Jehofa, Modimo wa gago, yo ke go rutang go itsholegela molemo, yo ke go gogang mo tseleng e o tshwanetseng go tsamaya ka yone.”—Isaia 48:17.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.