Kagiso ya Lefatshe—E Tla Tla Jang?
AKAGISO ya lefatshe e atametse? Batho ba le bantsi ba kile ba akanya jalo mme gone jaanong ba a belaela. Go ya ka pego nngwe e e buang ka dikgwetlho tsa isagwe ya rona, e e gatisitsweng go Daily Mail & Guardian, ya Afrika Borwa “puso e ntšha ya boditšhabatšhaba e e neng ya bolelelwa pele dingwaga di le 10 fela tse di fetileng jaanong e bonala e solofetsa ka tsela e e kgobang marapo.”
Bakwadi ba akanya ka tsholofelo e batho ba neng ba na le yone dingwaga di le lesome fela tse di fetileng. Ntwa ya Molomo e ne e sa tswa go fela mme go lwela maatla a magolo go ne go fedile. Mo go se se neng se bonala e le tshimologo ya motlha o mosha, ba le bantsi ba ne ba lebeletse gore batho ba tla simolola go dira diphetogo tse di bonalang malebana le go rarabolola bothata jwa lehuma, bolwetse le jwa tikologo. Pego nngwe e bolela jaana: “Dilo tse di boleletsweng pele tseo di bonala e le ditoro fela gone jaanong. Go tsogile dikgotlhang tse dingwe mo mafelong a re neng re sa itse ka one; lehuma la lefatshe le ntse le oketsega. Go na le dinaga tse pedi tse disha tse di nang le maatla tse di nang le dibetsa tsa nuklea. Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le itshentse leina thata ka go palelwa ga lone go tsibogela mathata a mantsintsi a batho. Boikutlo jwa go nna le tsholofelo bo fetogile mme batho ba kgobegile marapo.”
Baithuti ba Baebele ba lemoga gore maiteko a motho, le fa a ka tswa a le molemo jang, a ka se ka a atlega le ka motlha. Ka ntlha yang? Ka gonne, jaaka Baebele e bolela, “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Fa Satane a sa ntse a na le tlhotlheletso, lefatshe le ka se ka la nna Paradaise e Modimo a le bopileng go nna yone.
Mme ka fa letlhakoreng le lengwe, go na le mabaka a go nna le tsholofelo. Jehofa Modimo o solofetsa go tlisa kagiso ya lefatshe, e seng ka go tokafatsa tsamaiso eno ya dilo mme ka go tlisa “lefatshe le lesha” le go tla nnang le “tshiamo mo go lone.” (2 Petere 3:13) Ee, ka Bogosi jwa Modimo, lefatshe la rona le tla fetoga la nna legae le le nang le kagiso le le itumetseng, le batho ba ba kutlo ba tla itumelelang botshelo le tiro ka dinako tsotlhe mo go lone. Mo godimo ga moo, Modimo o solofetsa go “phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” Ditsholofetso tseno ga di a thewa mo dipolelelopeleng tsa batho tse di sa tlhomamang. Go na le moo, di theilwe mo Lefokong le le tlhomameng la Mmopi yo o sa kakeng a aka.—Tshenolo 21:4; Tito 1:2.