“Sengwe se se Tshwanetseng sa Itumedisa Mongwe le Mongwe”
TUVALU, e leng naga e ntle e e nang le ditlhaketlhake di le robongwe kwa South Pacific, e na le baagi ba ka nna 10 500. Le fa go ntse jalo, e re ka Basupi ba ga Jehofa ba lefelo leno ba lemoga gore ‘thato ya Modimo ke gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri,’ ba eletsa thata go nna le dikgatiso tsa Baebele ka puo ya bone. (1 Timotheo 2:4) Seno e ne e le kgwetlho tota, e re ka go ne go se na buka e e tlhalosang mafoko ka puo ya bone. Ka 1979, morongwa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o neng a dira kwa Tuvalu o ne a dira maiteko mangwe a a rileng. Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba nna le lelapa lengwe la mo lefelong leno, ba ithuta puo ya teng, mme ka iketlo ba nna ba dira lenaane la mafoko a a tlhalosiwang ka Se-Tuvalu. Ka 1984, Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc. e ne ya gatisa buka ya O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka Se-Tuvalu.
Dr. T. Puapua, Tautona ya pele ya kwa Tuvalu, o ne a kwala lekwalo a lebogela buka ya Tshelela Ruri. O ne a kwala jaana: “Buka eno ke selo se sengwe se sesha se se botlhokwa se se oketsang ‘mahumo’ a a botlhokwa a Tuvalu. Lo tshwanetse go itumelela seabe se lo nnileng le sone—kgato e e molemo ya go aga botshelo jwa semoya jwa batho ba setšhaba seno. Ke dumela gore go tla kwalwa ka buka eno mo hisitoring ya Tuvalu malebana le go gatisiwa ga dibuka tse di rutang. . . . [Phitlhelelo] eno ke sengwe se se tshwanetseng go itumedisa mongwe le mongwe.”
Lenaane la mafoko le le neng le dirilwe ke baranodi le ne la felela ka gore go gatisiwe buka e e tlhalosang mafoko ya Se-Tuvalu le Seesemane ka 1993. E ne e le buka ya ntlhantlha e e tlhalosang mafoko e e dirisiwang ke batho botlhe ka puo eo. Bosheng jaana, Boto ya Bosetšhaba ya Thutapuo kwa Tuvalu e ne ya kopa tetla ya go e dirisa gore e tlhame buka ya ntlha e e tlhalosang mafoko ya puo eo.
Go simolola ka January 1, 1989, go ntse go gatisiwa makasine o o tswang gangwe ka kgwedi wa Tora ya Tebelo ka Se-Tuvalu. Fa e le gore o bala makasine ono ka puo e e seng ya gago, ke ka ntlha yang fa o sa lebe tsebe 2 go bona gore a puo ya gago e teng mo dipuong tse Tora ya Tebelo e gatisiwang ka tsone? Ga go na pelaelo gore go e bala ka puo ya gago go tla go tlisetsa boitumelo jo bo oketsegileng.