Kafa ba Ganang Tlhotlheletso ya Balekane ka Teng
BATHO ba le bantsi ba akanya le go itshwara jaaka balekane ba bone ka gonne ba rata go amogelwa. Basha ke bone segolobogolo ba tlhokang maatla a go gana go dira dilo tse di kotsi, tse di jaaka go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Ba ka gana tlhotlheletso ya balekane jang?
Basetsana ba le babedi ba dingwaga tsa bolesome ba kwa Poland ba ne ba kwala jaana bosheng jaana: “Moya wa lefatshe o bonala sentle mo balekaneng ba rona ba le bantsi. Ba a tsietsa mo ditlhatlhobong, ba dirisa puo e e leswe, e bile ba rata diaparo tsa feshene le mmino wa boitsholo jo bo sa siamang o o feteletsang dilo. A bo re itumela jang ne go bo re na le ditlhogo tse di buang le rona basha le tse di re sireletsang mo tlhotlheletsong ya basha ba ba sa kgotsofaleng le ba ba tsuologang!
“Ga re kgone go bolela kafa re lebogelang ditlhogo tsa Tora ya Tebelo ka teng tse di re kgothaditseng gore rona basha re tsewa re le botlhokwa e bile re a anaanelwa. Kgakololo ya Baebele e re e amogetseng e re thusitse go kaela dikgato tsa rona sentle gore re tswelele pele re itumedisa Jehofa Modimo. Re dumela gore go direla Jehofa ka boikanyegi ke yone tsela e e molemolemo ya botshelo.”
Ee, basha ba ka kgona go gana kgatelelo ya balekane. Ka go thapisa “bokgoni jwa bone jwa go lemoga,” basha ba Bakeresete ba ithuta go dira ditshwetso tse di botlhale tse di sa bontsheng “moya wa lefatshe” mme go na le moo di bontsha “moya o o tswang kwa Modimong.”—Bahebera 5:14; 1 Bakorintha 2:12.