LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w03 1/1 ts. 32
  • “O Nepile, Botshelo bo Monate!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “O Nepile, Botshelo bo Monate!”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
w03 1/1 ts. 32

“O Nepile, Botshelo bo Monate!”

AO KA rata go itse gore tota re tshelela eng? Magdalena yo o nnang kwa Szczecin, Poland, yo o nang le dingwaga di le 18, e bile e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a thusa mosetsana mongwe yo o tsenang sekolo se segolo le ene e bong Katarzyna gore a dire fela jalo. Katarzyna e ne e le motho yo o ipolelang gore ke molatolamodimo, mme e rile Magdalena a buisana le ene ka Baebele, a bontsha kgatlhego tota.

Le fa Katarzyna a ne a anaanela se Magdalena a neng a se mmolelela go tswa mo Baebeleng, o ne a sa kgone go se amogela sentle. Katarzyna o kile a bolela jaana fa a ntse a bua le Magdalena ka ga go nna le ditsala tsa boammaaruri: “O na le Baebele; o itse gore ke melaometheo efe e o tshwanetseng go e latela le gore o ka bona ditsala kae. Mme go tweng ka bao jaanong ba sa kgoneng go amogela melaometheo eo?”

Go ne ga direga phetogo e kgolo fa Katarzyna a ne a tsaya loeto a ya kwa Lontone, kwa Engelane. O ne a etela ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa koo, mme a amiwa ke bopelonomi jo a neng a bo bontshiwa. O ne a kgatlhiwa ke dilo tse dinnye fela tse di jaaka gore batho ba ne ba mmulela mejako e bile ba bontsha kgatlhego ya mmatota mo go se a neng a se bua.

Fa ngwaga o mosha wa sekolo o ne o simologa ka September 2001, Katarzyna o ne a swetsa ka gore a amogele thuto ya Baebele ya ka metlha. O godisa kanaanelo ya gagwe ka melaometheo ya Baebele e bile o simolotse go e dirisa mo botshelong jwa gagwe jwa letsatsi le letsatsi. Bosheng jaana, o ne a bulela Magdalena mafatlha a re: “Ke utlwa e kete ke simolola botshelo jo bosha.” Gape o ne a mo romelela molaetsa o mokhutshwane ka founo ya selula a re: “Ke a leboga tlhe ka thuto ya rona ya gompieno! O nepile, botshelo bo monate! Go molemo go itse gore ke mang yo re tshwanetseng ra mo leboga ka seo.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela