LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w03 5/15 ts. 3
  • Pego e e Kgatlhang ya Ditiragalo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Pego e e Kgatlhang ya Ditiragalo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Pego ya ga Noa ya Ditiragalo—A e Na le Bokao mo go Rona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • A Kgang ya Morwalela wa ga Noa ke Tlhamane Fela?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tumelo ya ga Noa e Atlhola Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Araka ya ga Noa
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
w03 5/15 ts. 3

Pego e e Kgatlhang ya Ditiragalo

RICHARD E. BYRD, yo e leng mmatlisisi wa mafelo, o ile a tsaya mesepele e le metlhano go ya kwa Antarctica go tloga ka 1928 go ya go 1956. Ene le setlhopha sa gagwe ba ne ba thusiwa ke go kwala pego e e tlhomameng ya ditiragalo go lemoga metsamao ya diphefo, go dira dimmapa le go bona tshedimosetso e e botlhokwa malebana le kontinente ya Antarctica.

Mesepele ya ga Byrd e supa kafa go nna le pego ya ditiragalo go leng botlhokwa ka teng. Mo pegong eno go kwalwa rekoto ya dilo tse di diragetseng ka nako ya loeto lwa sekepe kana lwa sefofane. Moragonyana tshedimosetso eno e ka dirisediwa go bona se se neng sa direga kgotsa go sekaseka dintlha tse di ka thusang mo maetong a a latelang.

Dikwalo di na le pego e e kgatlhang malebana le Morwalela wa motlha wa ga Noa. Morwalela oo wa lefatshe lotlhe o ne wa tsaya lobaka lo lo fetang ngwaga. Noa le mosadi wa gagwe, le barwa ba bone ba bararo le basadi ba bone, ba ne ba ipaakanyetsa Morwalela ono ka go fetsa dingwaga tse 50 kana 60 ba aga araka—sekepe se segolo sa dimmetara tsa dikubita di ka nna 40 000. E ne e agelwa eng? Go namola batho bangwe le diphologolo mo Morwaleleng.—Genesise 7:1-3.

Tota re ka re buka ya Baebele ya Genesise e na le se go ka tweng ke pego ya ga Noa ya dilo tse di neng tsa direga fa Morwalela o simologa go fitlha ene le ba lelapa la gagwe ba tswa mo arakeng. A e na le bokao bongwe mo go rona gompieno?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela