LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w04 2/15 ts. 32
  • Ke Eng fa Basupi ba ga Jehofa ba go Etela Gantsi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa Basupi ba ga Jehofa ba go Etela Gantsi?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
w04 2/15 ts. 32

Ke Eng fa Basupi ba ga Jehofa ba go Etela Gantsi?

GO ITSEGE mo lefatsheng lotlhe gore Basupi ba ga Jehofa ba etela batho kwa magaeng a bone ka makgetlo a mantsi fa ba le mo bodireding jwa bone jwa go tsena ka ntlo le ntlo. Bangwe ba ipotsa gore ke eng fa Basupi ba ba etela gantsi, segolobogolo fa ba ne ba sa kgatlhegele molaetsa wa Basupi mo nakong e e fetileng. Makwalo a mabedi a a tswang kwa Russia a tlhalosa lebaka.

Masha, mosetsana wa dingwaga di le 19 wa kwa Khabarovsk, a re: “Boammaaruri ke gore, mo nakong e e fetileng, ke ne ke sa rate go kopana le Basupi ba ga Jehofa gotlhelele.” Mme fa a sena go bala dikhopi di le mmalwa tsa dimakasine tse di gatisiwang ke Basupi, o ne a fetola boikutlo jwa gagwe. Masha a re: “Dilo tse ke neng ke di bala di ne di kgatlha e bile di ruta, mme sa botlhokwa le go feta di dira gore motho a lebe lefatshe ka tsela e e farologaneng. Ka bonya ka bonya ke ne ka simolola go tlhaloganya gore bokao jwa botshelo ke eng.”

Svetlana yo o tswang kwa toropong ya Ussuriysk, dikilometara di ka nna 80 kwa bokone jwa Vladivostok, o ne a kwala jaana: “Ke sa tswa go simolola go bala Tora ya Tebelo le Tsogang! Dimakasine tseno di tlhokega thata mo motlheng ono wa rona. Ke itumelela go bala ditlhogo tsotlhe tse di mo go tsone. Di a kgatlha tota, di naya tshedimosetso, e bile di a ruta. Ke a leboga! Ke lo leboga thata go bo lo le mo lefatsheng leno mme lo dira tiro e e molemo le e e botlhokwa jaana.”

Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba tsaya potso eno ya ga moaposetoloi Paulo tsia: “Gape, [batho] ba tla utlwa jang fa go se na ope yo o rerang?” (Baroma 10:14) Ke eng o sa dirise metsotso e se kae gore o reetse mo nakong e e tlang fa Basupi ba go etetse? Le wena o ka nna wa itumelela molaetsa wa kgomotso o o fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, Baebele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela