LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w04 7/1 ts. 3
  • A Modimo ke Ene a re Bakelang Mathata?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo ke Ene a re Bakelang Mathata?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re ne Ra Leka Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ruri Modimo o a Amega ka Wena
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Ba Bolelele Gore O a Ba Rata
    Maitemogelo a Basupi ba ga Jehofa
  • A O A Itshwarela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
w04 7/1 ts. 3

A Modimo ke Ene a re Bakelang Mathata?

MARION o ne a dira se bontsi jwa rona re neng re ka se dira fa morwadie yo mogolo a ne a nna le kgobalo e e masisi ya boboko.a O ne a rapela Modimo gore a mo thuse. Marion o bolela jaana: “Ga ke gakologelwe nako e nngwe e ke neng ka ikutlwa ke tlaletswe jaana ka yone.” Moragonyana maemo a morwadie a ne a etegela mme Marion a simolola go nna le dipelaelo ka Modimo. O ne a ipotsa jaana, “Ke ka ntlha yang fa seno se diragala?” O ne a sa tlhaloganye gore go ne go tla jang gore Modimo yo o lorato le yo o amegang ka batho a mo tlhokomologe jaana.

Se se diragaletseng Marion se diragalela le batho ba bangwe ba bantsi. Batho ba le bantsi mo lefatsheng ka bophara ba ne ba ikutlwa ba tlhokomologilwe ke Modimo mo dinakong tse ba neng ba mo tlhoka tota mo go tsone. Lisa o ne a bolela jaana fa setlogolo sa gagwe se sena go bolawa: “Ke sa ntse ke sa tlhaloganye gore ‘ke ka ntlha yang fa MODIMO a letlelela dilo tse di boikepo.’ Ke sa ntse ke dumela mo Modimong mme gone ga go tshwane le pele.” Ka tsela e e tshwanang fa mosadi mongwe a sena go bona masetlapelo a a neng a wela losea lwa gagwe lwa mosimanyana, o ne a bolela jaana: “Modimo ga a ka a nkgomotsa ka se se ntiragaletseng. Ga a mpontsha boutlwelobotlhoko bope.” O ne a oketsa jaana: “Ga nkitla ke tsamaya ke itshwarela Modimo.”

Ba bangwe ba ikutlwa ba galefela Modimo thata fa ba leba lefatshe le le ba dikologileng. Ba bona dinaga tse di aparetsweng ke khumanego le tlala, batshabi ba ba se nang tsholofelo, bana ba bantsintsi ba e leng dikhutsana ka ntlha ya AIDS le dimilione tsa batho ba ba utlwisiwang botlhoko ke malwetse a mangwe. Batho ba le bantsi fa ba diragalelwa ke bomadimabe jo bo tshwanang le jono kana a mangwe ba baya Modimo molato wa gore go bonala a sa dire sepe ka gone.

Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore ga re ka ke ra pega Modimo molato ka masetlapelo a a tlhagelang batho. Totatota go na le mabaka a a utlwalang a gore re dumele gore go ise go ye kae, Modimo o tla siamisa tshenyego yotlhe e e wetseng batho. Re go kopa gore o phetle mo setlhogong se se latelang mme o bone gore ruri Modimo o a amega ka rona.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina a fetotswe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela